LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 37 ts. 267-271
  • Go Hutsafalela le go Ipelela Bokhutlo Jwa Babelona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Hutsafalela le go Ipelela Bokhutlo Jwa Babelona
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lela le go Hutsafala ga Bagwebi
  • Go Itumelela go Nyelediwa ga Gagwe
  • Go Thabuetsa Lelwala le Legolo
  • Molato o o Boitshegang wa Madi
  • Go Senngwa ga Motse o Mogolo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Babelona yo Mogolo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Babelona o Mogolo—O Ole Ebile o Atlhotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Bodumedi Jwa Maaka—Bokhutlo Jwa Jone jo bo Gakgamatsang bo Bonelwa Pele
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 37 ts. 267-271

Kgaolo 37

Go Hutsafalela le go Ipelela Bokhutlo Jwa Babelona

1. “Dikgosi tsa lefatshe” di tla itshwara jang fa Babelona o Mogolo a senngwa ka tshoganyetso?

BOKHUTLO jwa Babelona ke dikgang tse di molemo mo bathong ba ga Jehofa, mme ditšhaba tsone di bo leba jang? Johane o a re bolelela: “Mme dikgosi tsa lefatshe tse di neng tsa dira kgokafalo le ene e bile di tshelela mo manobonobong a a sa a tlhabelweng ke ditlhong di tla lela di ba di ititaya ka go hutsafala ka ntlha ya gagwe, fa di leba mosi wa go sha ga gagwe, di emetse kgakajana ka ntlha ya go bo di boifa tlhokofatso ya gagwe mme di re, ‘Ijoo, ijoo wee, wena motse o mogolo, Babelona wena motse o o nonofileng, ka gonne katlholo ya gago e gorogile mo nakong e le nngwe!’”—Tshenolo 18:9, 10.

2. (a) E re ka jaana dinaka tse di lesome tsa tshwantshetso tsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo di senya Babelona o Mogolo, ke ka ntlha yang fa “dikgosi tsa lefatshe” di hutsafalela go fedisiwa ga gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa dikgosi tse di hutsafetseng di emetse kgakala le motse o o atlhotsweng?

2 Tsela e ditšhaba di itshwarang ka yone e ka nna ya bonala e gakgamatsa fa re akanya gore Babelona o ne a senngwa ke dinaka tse di lesome tsa tshwantshetso tsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo. (Tshenolo 17:16) Mme fa Babelona a sena go nyelela, “dikgosi tsa lefatshe” ka phepafalo di tla lemoga kafa a neng a le mosola ka gone mo go bone gore a boloke batho ba ritibetse le go nna mo taolong. Baruti ba ile ba kaya fa dintwa di le boitshepo, ba direla jaaka barotloetsi, le go kgothaletsa basha go ya ntweng. Bodumedi bo ile jwa dira lesire la boitshepo le babusi ba ba bodileng ba ileng ba iphitlha ka lone fa ba ntse ba gateletse batho ba maemo a a kwa tlase. (Bapisa Jeremia 5:30, 31; Mathaio 23:27, 28.) Le fa go le jalo, ela tlhoko gore dikgosi tseno tse di hutsafetseng jaanong di emela kgakala le motse o o atlhotsweng. Ga di batle go atamela thata mo di ka mo thusang. Di hutsafaletse go mmona a nyelela mme e seng ka khutsafalo e kgolo e e dirang gore ba dire sepe fela go leka go mo thusa.

Go Lela le go Hutsafala ga Bagwebi

3. Ke bomang gape ba ba tlhokofaditsweng ke go nyelediwa ga Babelona o Mogolo, mme ke mabaka afe a Johane a a fang?

3 Dikgosi tsa lefatshe ga se tsone fela tse di tlhokofaditsweng ke go nyelela ga Babelona o Mogolo. “Gape, bagwebi ba ba tsamayang ba lefatshe ba a mo lelela ba bo ba mo hutsafalela, ka gonne ga go na ope yo o ka tlholang a reka dithoto tsotlhe tsa bone, dithoto tsotlhe tsa gouta le selefera le leje le le tlhokegang le diperela le leloba le le boleta le bobududu jo bo mokgona le sei le bohibidu jo bo letlhololo; le sengwe le sengwe sa logong lo lo nang le lonko lo lo monate le mofuta mongwe le mongwe wa selo sa lonaka lwa tlou le mofuta mongwe le mongwe wa selo se se tswang mo logonnyeng lo lo tlhokegang thata le wa kgotlho le wa tshipi le wa mmabole; le sinamone le setswaiso sa India le maswalo le lookwane lo lo nkgang monate le lebano le beine le lookwane lwa motlhware le bupi jo bo boleta le korong le dikgomo le dinku, le dipitse le dikolotsana le batlhanka le meya ya batho. Ee, leungo le le molemo le moya wa gago o neng o le eletsa le tlogile mo go wena [Babelona o Mogolo], le dilo tsotlhe tsa menate le dilo tse di manyedinyedi di nyeletse mo go wena, mme batho ga ba kitla ba di bona gape.”—Tshenolo 18:11-14.

4. Ke ka ntlha yang fa “bagwebi ba ba tsamayang” ba lela le go hutsafalela bokhutlo jwa Babelona o Mogolo?

4 Ee, Babelona o Mogolo e ne e le tsala e kgolo le moreki yo mogolo wa bagwebi ba ba humileng. Ka sekai, ka makgolokgolo a dingwaga, matlo a baitlami le dikereke tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ile tsa bapala gouta, selefera, majana a a tlhokegang, logong lo lo tlhokegang, le mefuta e mengwe ya dikhumo tsa dilo tse di bonalang, di di bapala ka bontsi thata. Gape, bodumedi bo ile jwa ema nokeng phasogo e kgolo ya go reka le maitlhapediso a dino tse di tsamaisanang le go ketekiwa ga Keresemose e e tlontlololang Keresete le malatsi a mangwe a go tweng ke a a boitshepo. Barongwa ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ile ba fitlha kwa dinageng tse di kgakala ba bulela “bagwebi” ba lefatshe leno marekisetso a masha. Bokatoliki jo bo neng bo tlile le bagwebi mo Japane mo lekgolong la bo17 la dingwaga, bo ne jwa kopanela mo lesukasukeng la ntwa. Fa e ne e bega ka tlhabano e kgolo e e neng ya diragala mo teng ga ntlo ya segosi ya Osaka, The Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Masole a Tokugawa a ne a iphitlhela a tlhabana le mmaba yo o tshotseng mekgele e e tshwantshitsweng sefapaano le ditshwantsho tsa Mmoloki le Moitshepi James, moitshepimogolo wa Spain.” Lekoko le le neng la fenya le ne la bogisa la bo la nyeletsa Bokatoliki gotlhelele mo nageng eo. Go kopanela ga dikereke mo dikgannyeng tsa lefatshe gompieno ga go na go di leretse masego ape fela ka tsela e e tshwanang.

5. (a) Lentswe le le tswang kwa legodimong le tswelela ka go tlhalosa jang khutsafalo ya “bagwebi ba ba tsamayang”? (b) Ke ka ntlha yang fa bagwebi ba ‘emetse kgakajana’?

5 Lentswe le le tswang kwa legodimong le ne la tswelela ka go re: “Babapatsi [bagwebi] ba ba tsamayang ba dilo tseno, ba ba neng ba huma ka ene, ba tla emela kgakajana ka ntlha ya go bo ba boifa tlhokofatso ya gagwe mme ba tla lela ba bo ba hutsafala, ba re, ‘Ijoo, ijoo wee—motse o mogolo, o o apereng leloba le le boleta le bobududu jo bo mokgona le bohibidu jo bo letlhololo, e bile o kgabile thata ka mokgabiso wa gouta le leje le le tlhokegang le perela, ka gonne dikhumo tse dikgolo mo go kalo di senyeditswe ruri mo nakong e le nngwe.’” (Tshenolo 18:15-17a) Fa Babelona o Mogolo a sena go senngwa, “bagwebi” ba hutsafadiwa ke go latlhegelwa ke tsala ya bone mo kgwebong. Tota ruri, go a tshwanela gore ba re “Ijoo, ijoo wee.” Le fa go le jalo, tlhokomela gore mabaka a go hutsafala ga bone ke a bogagapa gotlhelele le gore—fela jaaka dikgosi—“ba tla emela kgakajana.” Ga ba atamele thata gore ba ka thusa Babelona o Mogolo ka gope.

6. Lentswe le le tswang legodimong le tlhalosa jang khutsafalo ya beng ba dikepe le bapalami ba tsone, mme ke ka ntlha yang fa ba lela?

6 Polelo e tswelela jaana: “Mme molaodi mongwe le mongwe wa sekepe le motho mongwe le mongwe yo o tsayang loeto ka sekepe a ya le fa e le kae fela, le batsamayakadikepe le botlhe ba ba itshedisang mo lewatleng, ba emela kgakajana mme ba goa jaaka ba ne ba lebile mosi wa go sha ga gagwe mme ba re, ‘Ke motse ofe o o tshwanang le motse o mogolo ono?’ Mme ba itshela lorole mo ditlhogong ba bo ba goa, ba lela e bile ba hutsafetse, ba re, ‘Ijoo, ijoo wee—motse o mogolo, o botlhe ba ba nang le mekoro mo lewatleng ba neng ba huma ka ntlha ya dikhumokhumo tsa one, ka gonne o sentswe ka nako e le nngwe!’” (Tshenolo 18:17b-19) Babelona wa bogologolo e ne e le motse o mogolo wa kgwebo e bile o na le dikepe di le dintsi. Ka tsela e e tshwanang, Babelona o Mogolo o gwebisanya thata le ‘metsi a mantsi’ a batho ba gagwe. Seno se dira gore babusiwa ba gagwe ba bodumedi ka bontsi ba bone tiro. A bo e tla bo e le sebetso se segolo sa itsholelo jang ne se bano ba tla se bonang ka ntlha ya go senngwa ga Babelona o Mogolo! Ga go kitla go nna le motswedi ope o mongwe o ba ka itshedisang ka one o o tshwanang le ene.

Go Itumelela go Nyelediwa ga Gagwe

7, 8. Lentswe le le tswang kwa legodimong le digela molaetsa wa lone jang mabapi le Babelona o Mogolo, mme ke mang yo o tla arabelang mafoko ao?

7 Fa Babelona wa bogologolo a ne a fenngwa ke Bameda le Baperesia, Jeremia o ne a bua jaana ka tsela ya polelelopele: “Mme magodimo le lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go one se tla goa ka boipelo ka ntlha ya Babelona.” (Jeremia 51:48) Fa Babelona o Mogolo a senngwa, lentswe le le tswang kwa legodimong le digela molaetsa wa lone, ka go bua jaana ka Babelona o Mogolo: “Itumele ka ntlha ya gagwe, wena legodimo, le lona baitshepi le lona baaposetoloi le lona baporofeti, ka gonne Modimo o lo mo otlhaetse ka katlholo.” (Tshenolo 18:20) Jehofa le baengele ba tla itumelela go bona mmaba wa bogologolo wa Modimo a nyelediwa, fela jaaka baaposetoloi le baporofeti ba Bakeresete ba pele, ba gone jaanong jaana ba tsositsweng mme e bile ba le mo mannong a bone mo thulaganyong ya bagolwane ba ba 24.—Bapisa Pesalema 97:8-12.

8 Tota ruri, “baitshepi” botlhe—e ka ne e le ba ba tsoseditsweng go ya legodimong kana ba sa ntse ba le mo lefatsheng—ba tla goa ka boitumelo, fela jaaka ba bangwe ba boidiidi jwa dinku tse dingwe. Morago ga moo, batho botlhe ba ba ikanyegang ba bogologolo ba tla tsosediwa mo tsamaisong e ntšha ya dilo, mme le bone ba tla kopanela mo boipelong. Batho ba Modimo ga ba a leka go ipusolosetsa mo babogising ba bone ba bodumedi ba maaka. Ba ile ba gakologelwa mafoko a ga Jehofa a a reng: “Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.” (Baroma 12:19; Duteronome 32:35, 41-43) Ee, Jehofa jaanong o setse a duetse. Madi otlhe a a tsholotsweng ke Babelona o Mogolo a tla bo a busoloseditswe.

Go Thabuetsa Lelwala le Legolo

9, 10. (a) Ke eng se moengele yo o nonofileng jaanong a se dirang le go se bolela? (b) Ke kgato efe e e tshwanang le e e neng ya tsewa ke moengele yo o nonofileng wa Tshenolo 18:21 e e neng e diragala mo motlheng wa ga Jeremia, mme e ne e tiisetsa eng? (c) Ke eng se kgato e e neng ya tsewa ke moengele yo o nonofileng yo o bonweng ke Johane e se tiisetsang?

9 Se Johane a tswelelang go se bona se tiisetsa katlholo ya ga Jehofa mo go Babelona o Mogolo gore ke ya bofelofelo: “Mme moengele yo o nonofileng a tsholetsa leje le le tshwanang le lelwala le legolo mme a le thabuetsa mo lewatleng, a re: ‘Babelona motse o mogolo o tla piriganyediwa kwa tlase jalo a latlhelwa ka bofefo, mme ga a kitla a tlhola a bonwa gape.’” (Tshenolo 18:21) Mo motlheng wa ga Jeremia, go ne ga dirwa sengwe se se tshwanang le seno se se nang le bokao jo bo nonofileng jwa boporofeti. Jeremia o ne a tlhotlhelediwa go kwala mo bukeng kaga “masetlapelo otlhe a a neng a tla tlela Babelona.” O ne a fa Seraia buka eo mme a mo raya a re a ye kwa Babelona. Fa a fitlha koo, ka go utlwa ditaelo tsa ga Jeremia, Seraia o ne a bala mafoko a a neng a le kgatlhanong le motse: “Ao tlhe Jehofa, wena ka bowena o buile kgatlhanong le lefelo leno, gore o tle o le fedise gore go se ka ga nna le monni ope mo go lone, le fa e le motho kgotsa seruiwa, mme gore le nne kgakgabalo ka bosakhutleng.” Go tswa foo Seraia o ne a bofelela lentswe mo bukeng mme a e latlhela mo nokeng ya Euferatese, a re: “Babelona o tla nwelelela kwa tlase ka tsela eno mme ga a kitla a tlhola a ema gape ka ntlha ya masetlapelo a ke a mo tlisetsang.”—Jeremia 51:59-64.

10 Go latlhelwa ga buka e e neng e bofeletswe lentswe mo nokeng e ne e le tlhomamisetso ya gore Babelona o tla thabuediwa gore a se ka a tlhola a gopolwa, a se ka a tlhola a boa gape. Go bona ga ga Johane moengele yo o nonofileng a dira tiro e e tshwanang le eno ke tlhomamisetso e e nonofileng ya gore boikaelelo jwa ga Jehofa tebang le Babelona o Mogolo bo tla diragadiwa. Boemo jo bo senyegileng gotlhelele jwa Babelona wa bogologolo gompieno bo supela ka maatla go se se tla welang bodumedi jwa maaka mo isagweng e e fa gaufi.

11, 12. (a) Moengele yo o nonofileng jaanong o bua kaga Babelona o Mogolo a reng? (b) Jeremia o ne a bolelela pele eng mabapi le Jerusalema wa botlhanogi, mme seo se ne se tshwantshetsa eng mo motlheng wa rona?

11 Moengele yo o nonofileng jaanong o raya Babelona o Mogolo, a re: “Le modumo wa baopedi ba ba opelang le harepa le wa diopedi le wa baletsafolutu le wa baletsaterompeta ga o kitla o tlhola o utlwiwa gape mo go wena, mme ga go na modiri yo o setswerere wa tiro le fa e le efe ya diatla yo o tla tlholang a fitlhelwa mo go wena gape, mme ga go na modumo ope wa lelwala o o tla tlholang o utlwiwa mo go wena gape, mme ga go na lesedi la lobone lo lo tla tlholang lo phatsima mo go wena gape, mme ga go na lentswe la monyadi le la monyadiwa le le tla tlholang le utlwiwa mo go wena gape; ka gonne babapatsi ba gago ba ba tsamayang e ne e le banna ba maemo a a kwa godimo ba lefatshe, gonne ditšhaba tsotlhe di ne tsa tsiediwa ke go dirisana le meya ga gago.”—Tshenolo 18:22, 23.

12 Ka mantswe a a tshwanang, Jeremia o ne a bolelela pele kaga Jerusalema wa motlhanogi a re: “Mo go bone ke tla senya modumo wa boitumelo le modumo wa boipelo, lentswe la monyadi le lentswe la monyadiwa, modumo wa lelwala le lesedi la lobone. Mme lefatshe leno lotlhe e tla nna lefelo le le swafetseng, selo sa go akabalelwa.” (Jeremia 25:10, 11) Jaaka karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo, ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di tla nna marope fela di se na botshelo, jaaka go tshwantsheditswe ka phepafalo ke boemo jo bo swafetseng jwa Jerusalema morago ga 607 B.C.E. Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete tse pele di neng di ipela thata le go tlala modumo ka malatsi otlhe di tla iphitlhela di fentswe e bile di latlhilwe.

13. Ke phetogo efe ya tshoganyetso e e welang Babelona o Mogolo, mme ke eng se se diragalelang “bagwebi ba ba tsamayang”?

13 Tota ruri, fela jaaka moengele fano a bolelela Johane, Babelona o Mogolo otlhe o tla fetoga mo go nneng mmuso o mogolo o o nonofileng wa ditšhaba tsotlhe, mme o tla nna naga fela e e omeletseng, e e swafetseng jaaka sekaka. ‘Bagwebi ba gagwe ba ba tsamayang,’ go akareletsa le bahumi ba bagolo ba madi ba ba kwa godimo, ba ile ba dirisa bodumedi jwa gagwe go bona poelo kana go ipipa ka ene, mme baruti ba ile ba bona go ba solegela molemo gore ba tlhakanele kgalaletso le bone. Mme bagwebi bao ga ba kitla ba bona Babelona o Mogolo jaaka mothusi wa bone. Ga a kake a tlhola a tsietsa ditšhaba tsa lefatshe ka ditlwaelo tsa gagwe tsa bodumedi tsa boloi.

Molato o o Boitshegang wa Madi

14. Ke lebaka lefe le moengele yo o nonofileng a le fang malebana le katlholo e e botlhoko ya ga Jehofa, mme ke eng se Jesu a neng a se bua ka tsela e e tshwanang fa a ne a le mo lefatsheng?

14 Kwa bokhutlong, moengele yo o nonofileng o bolela gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a atlhola Babelona o Mogolo ka tsela e e botlhoko jaana. Moengele a re: “Ee, go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi mo Jerusalema gore ba ne ba na le molato wa “madi otlhe a a siameng a a tsholotsweng mo lefatsheng . . . go tloga ka madi a ga Abele yo o siameng” go ya pele. Ka jalo, losika loo lo lo kgopo lo no lwa senngwa ka 70 C.E. (Mathaio 23:35-38) Gompieno, losika lo longwe lwa batho ba bodumedi lo na le molato wa go bogisa batlhanka ba Modimo.

15. Kereke ya Katoliki kwa Jeremane wa Bonasi e ne ya nna le molato wa madi jang gabedi?

15 Mo bukeng ya gagwe ya The Catholic Church and Nazi Germany, Guenter Lewy o kwala jaana: “Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhorontshiwa kwa Bavaria ka April 13 [1933] Kereke e ne ya bo ya amogela kabelo go tswa mo Lephateng la Thuto le Bodumedi gore e bege maloko ape fela a lekoko leo a a sa ntseng a dirisa bodumedi jo bo ilediwang.” Ka jalo Kereke ya Katoliki e na le seabe mo boikarabelong jwa go romela diketekete tsa Basupi kwa dikampeng tsa pogisetso; diatla tsa bone di tladikilwe ka madi a makgolokgolo a Basupi ba ba neng ba bolawa. Fa Basupi ba babotlana, jaaka Wilhelm Kusserow, ba ne ba supa gore ba ne ba ka swa ka bopelokgale le fa ba ne ba thuntshiwa ke masole ka tlhobolo, Hitler o ne a bona gore masole a a fulang ka tlhobolo a ne a sa tshose batho bano ka gope ba ba neng ba gana go ya bosoleng ka ntlha ya digakolodi tsa bone; jalo morwarraagwe Wilhelm e bong Wolfgang, a le dingwaga tse 20, o ne a swa ka go kalediwa. Ka nako yone eo, Kereke ya Katoliki e ne e ntse e kgothatsa makawana a Katoliki a Jeremane go ya go swa mo mephatong ya sesole ya lefatshe la borraabo. Molato wa madi wa kereke ruri o bonwa ke mongwe le mongwe!

16, 17. (a) Ke molato ofe wa madi o o tshwanetseng go pegwa Babelona o Mogolo, mme Vatican e ne ya nna le molato wa madi jang mabapi le Bajuda ba ba neng ba swela mo dikganyaolong tsa batho tsa Bonasi? (b) Ke tsela efe e nngwe e bodumedi jwa maaka bo ka pegwang molato ka yone ka ntlha ya dimilione tsa batho ba ba bolailweng mo makgolokgolong a dintwa tsa metlha e re mo go yone?

16 Le fa go ntse jalo, polelelopele e bolela gore madi a “botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng” a tshwanetse go lopiwa mo go Babelona o Mogolo. Seo ruri se ile sa nna jalo mo metlheng ya segompieno. Ka sekai, e re ka jaana maretshwa a Katoliki a ile a thusa Hitler go bona puso mo Jeremane, Vatican e na le seabe mo molatong wa madi o o boitshegang mo Bajudeng ba le dimilione tse thataro ba ba neng ba swela mo dikganyaolong tsa batho tse dikgolo tsa Bonasi. Gape, mo metlheng e re mo go yone, batho ba feta dimilione di le lekgolo ba ile ba bolaelwa mo makgolokgolong a dintwa. A bodumedi jwa maaka bo na le molato mo go seno? Ee, ka ditsela di le pedi.

17 Tsela e nngwe ke gore dintwa di le dintsi di amana le dikgotlhang tsa bodumedi. Ka sekai, thubakanyo e e neng ya nna kwa India ya Bamoselema le Bahindu ka 1946-48 e ne e tlhotlheleditswe ke bodumedi. Go ne ga swa diketekete tsa batho. Ntwa ya Iraq le Iran ka bo1980 e ne e amana le dikgotlhang tsa makoko, moo go suleng diketekete tsa batho. Go thubakana ga Bakatoliki le Baporotesetanta kwa Ireland Bokone go bolaile diketekete tsa batho. Fa a kanoka karolo eno, mokwadi wa dikgang C. L. Sulzberger o ne a bolela jaana ka 1976: “Ke boammaaruri jo bo kotlomanyang pelo gore mo e ka nnang sephatlo kana dintwa tsotlhe tse di lowang jaanong jaana go dikologa lefatshe ke dikgotlhang tse di tlhamaletseng tsa bodumedi kgotsa ke dithulano tse di amanang le bodumedi.” Tota ruri, go ile ga nna jalo mo botshelong jwa Babelona o Mogolo jwa dikgoberego.

18. Ke tsela efe ya bobedi e ditumelo tsa lefatshe di nang le molato wa madi ka yone?

18 Tsela ya bobedi ke efe? Go ya kafa ponong ya ga Jehofa, ditumelo tsa lefatshe di na le molato wa madi ka go bo ga di a ruta balatedi ba tsone ka tsela e e papametseng kaga dilo tse totatota Jehofa a di batlang mo batlhankeng ba gagwe. Ga di a ruta batho ka mo go papametseng gore baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ba tshwanetse go etsa Jesu Keresete mme ba bontshanye lorato go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba sefe. (Mika 4:3, 5; Johane 13:34, 35; Ditiro 10:34, 35; 1 Johane 3:10-12) Ka go bo ditumelo tsa Babelona o Mogolo di sa ruta dithuto tseno, ba ba di tsenang ba ile ba tsena mo lesukasukeng la ntwa ya ditšhaba tse di farologaneng. A bo seno se ne sa phepafala jang ne mo dintweng tse pedi tsa lefatshe tsa sephatlo sa ntlha sa lekgolo leno la bo20 la dingwaga, tse ka bobedi jwa tsone di simologileng mo Dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete mme tsa felela ka gore badumedi boorammogo ba bolaane! Fa botlhe ba ba iphakang gore ke Bakeresete ba ka bo ba inaakantse le melaometheo ya Baebele, dintwa tseo di ka bo di sa ka tsa diragala.

19. Ke molato ofe o mogolo wa madi oo Babelona o Mogolo a nang le one?

19 Jehofa o pega molato otlhe wa tshololo ya madi mo go Babelona o Mogolo. Fa baeteledipele ba bodumedi, mme segolo bogolo ba ba mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba ka bo ba rutile batho boammaaruri jwa Baebele, tshololo e e kalokalo ya madi e ka bo e sa diragala. Tota ka boammaaruri, e le ka tlhamalalo kana e seng jalo, Babelona o Mogolo—seaka se segolo le mmuso o mogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka—o tshwanetse go ikarabelela mo go Jehofa e seng fela ka ntlha ya “madi a baporofeti le a baitshepi” ba a ileng a ba bogisa le go ba bolaya mme e leng a “botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” Babelona o Mogolo o na le molato fela o o seng kana ka sepe wa madi. A bo go le matshwanedi jang ne gore a bone tshenyego ya bofelofelo!

[Lebokoso mo go tsebe 270]

Maduo A go Sa Ikanyege

Guenter Lewy o kwala jaana mo bukeng ya gagwe The Catholic Church and Nazi Germany: “Fa Bakatoliki ba Jeremane go tswa fela kwa tshimologong ba ka bo ba ineetse mo maitlamong a go ganetsa puso ya Bonasi gotlhelele, ditiragalo tsa lefatshe di ka bo di tsere tsela e sele. Le eleng fa kgaratlho eno e ka bo e ile ya palelwa ke go fenya Hitler le go kganela bosetlhogo jotlhe jwa gagwe, e le ruri seno se ka bo se ile sa goletsa tlotlomalo ya Kereke ka tsela e kgolwane. Dilo tse di ka bong di diragaletse batho ka ntlha ya kganano eo ruri di ka bo di nnile dikgolo, mme go intsha setlhabelo mono go ka bo go ile ga dirwa ka ntlha ya molemo o mogolo go e feta yotlhe. Fa e ka bo mo gae ba ile ba se ka ba ikanyega mo go Hitler, o ka bo a sa kgona go lekeletsa go ya kwa ntweng mme dimilione tsa batho di ka bo di falotse loso. . . . Fa diketekete tsa baganetsi ba Bonasi ba Bajeremane ba ne ba bogisiwa gore ba bo ba swe mo dikampeng tsa pogisetso tsa ga Hitler, fa barutegi ba Poland ba ne ba bolawa, fa diketekete tsa Ba-Russia ba ne ba bolaelwa gore ke Untermenschen [batho ba ba sa felelang] ba Ba-Slav, le fa batho ba le 6 000 000 ba ne ba bolaelwa gore ke ba e seng ba ‘lotso lwa Yuropa,’ bagolwane ba Kereke ya Katoliki mo Jeremane ba ne ba tiisa puso e e neng e dira bosetlhogo jono. Mopapa mo Roma, tlhogo ya semoya le morutisi wa maitsholo wa Kereke ya Roma Katoliki, o ne a itidimalela fela.”—Ditsebe 320, 341.

[Setshwantsho mo go tsebe 268]

Babusi ba re, “Ijoo, ijoo wee”

[Setshwantsho mo go tsebe 268]

Bagwebi ba re, “Ijoo, ijoo wee”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela