Kgaolo 39
Kgosi ya Motlhabani e a Fenya ka Haramagedona
Ponatshegelo 13—Tshenolo 19:11-21
Setlhogo: Jesu o etelela pele mephato ya legodimo go senya tsamaiso ya dilo ya ga Satane
Nako ya go diragadiwa: Morago ga go senngwa ga Babelona o Mogolo
1. Haramagedona ke eng, mme ke eng se se gogelang kwa go yone?
HARAMAGEDONA—lefoko le le tshosang batho ba le bantsi! Mme mo go ba ba ratang tshiamo, le kaya letsatsi le le saleng le letelwa la fa Jehofa a tla diragatsa katlholo ya bofelo mo ditšhabeng. Ga se ntwa ya batho mme ke ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’—letsatsi la go ipusolosetsa ga gagwe mo babusing ba lefatshe. (Tshenolo 16:14, 16; Esekiele 25:17) Morago ga go swafadiwa ga Babelona o Mogolo, pitlagano e kgolo e tla bo e setse e simologile. Mme jaanong, ka go tlhotlhelediwa ke Satane, sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo le dinaka tsa sone tse di lesome se tla itebaganya le go tlhasela batho ba ga Jehofa. Diabolo, a gakaletse phuthego ya sekamosadi ya Modimo go feta le e leng pele, o ikemiseditse go dirisa bathusi ba gagwe mo go tlhabaneng go ya kwa bofelong le ba ba setseng ba losika lwa mosadi yono. (Tshenolo 12:17) Eno ke paka ya bofelo e e saletseng Satane!
2. Gogo wa lefatshe la Magogo ke mang, mme Jehofa o tsamaisa dilo jang gore a tle a dire gore Gogo a tlhasele batho ba ga Jehofa?
2 Tlhaselo e e setlhogo ya ga Diabolo e tlhalosiwa ka phepafalo mo go Esekiele kgaolo 38. Moo, Satane yo o isitsweng kwa tlase o bidiwa “Gogo wa lefatshe la Magogo.” Jehofa o tsenya dikgoge tsa tshwantshetso mo ditlhaeng tsa ga Gogo, a mo goga ene le bontsintsi jwa mephato ya gagwe ya masole gore ba tlhasele. O dira seno jang? Ka go dira gore Gogo a bone Basupi ba Gagwe e kete ke batho ba ba sa sireletsegang e le “batho ba ba phuthilweng mmogo go tswa mo ditšhabeng, ba ba kokoanyang khumo le thoto, ba ba nnang fa gare ga lefatshe.” Bano ke batho ba ba tlhaolesegileng mo lefatsheng jaaka bone fela ba ba ganneng go obamela sebatana le setshwantsho sa sone. Nonofo ya bone ya semoya le go atlega ga bone di gakatsa Gogo. Jalo Gogo le mephato ya gagwe e mentsintsi ya batlhabani, go akareletsa le sebatana se se tlhatlogang mo lewatleng se se dinaka tse some, di sailela go ya go ba bolaya. Le fa go ntse jalo, ka go sa tshwane le Babelona o Mogolo, batho ba ba phepa ba Modimo ba ipelela tshireletso ya Modimo!—Esekiele 38:1, 4, 11, 12, 15; Tshenolo 13:1.
3. Jehofa o fedisa jang maatla a sesole a ga Gogo?
3 Jehofa o nyeletsa jang Gogo le bontsintsi jwa gagwe? Reetsa! “Ke tla mmiletsa tšhaka mo kgaolong ya me yotlhe e e dithaba,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Tšhaka ya mongwe le mongwe e tla tsogologela morwarraagwe.’” Mme ga go dibetsa dipe tsa nuklea kana tse di tlwaelesegileng tse di tla thusang mo tlhabanong eo ka go bo Jehofa o bua jaana: “Ke tla tsena mo katlholong le ene, ka bolwetse jwa leroborobo le ka madi; mme ke tla nesetsa pula e kgolo ya morwalela le sefako, le molelo le sulefera mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo ditšhabeng tse dintsi tse di tla bong di na le ene. Mme ke tla ikgodisa ke bo ke iitshepisa ke dira gore ke itsiwe fa pele ga matlho a ditšhaba di le dintsi; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.”—Esekiele 38:21-23; 39:11; bapisa Joshua 10:8-14; Baatlhodi 7:19-22; 2 Ditiragalo 20:15, 22-24; Jobe 38:22, 23.
Yo o Bidiwang “Boikanngo le Boammaaruri”
4. Johane o tlhalosa jang Jesu Keresete fa a le mo ntweng?
4 Jehofa o bitsa tšhaka. Ke mang yo o kgadikanyang tšhaka eno? Fa re boela gape kwa go Tshenolo, re fitlhela karabo mo ponatshegelong e nngwe gape e e itumedisang. Fa pele ga matlho a ga Johane magodimo a a bulega go senola sengwe se ruri se boifisang—Jesu Keresete ka boene a ikemiseditse ntwa! Johane o re bolelela jaana: “Mme ka bona legodimo le bulega, mme, bona! pitse e tshweu. Mme yo o ntseng mo go yone o bidiwa Boikanngo le Boammaaruri, mme o atlhola a ba a tswelela a lwa ka tshiamo. Matlho a gagwe ke kgabo e e tukang, mme mo tlhogong ya gagwe go na le dirwalo tsa segosi di le dintsi.”—Tshenolo 19:11, 12a.
5, 6. Ke eng se se supiwang ke (a) ‘pitse e tshweu’? (b) leina le le reng “Boikanngo le Boammaaruri”? (c) matlho a a tshwanang le “kgabo e e tukang”? (d) “dirwalo tsa segosi di le dintsi”?
5 Fela jaaka mo ponatshegelong ya pelenyana ya bapalami ba dipitse ba le banè, ‘pitse e tshweu’ eno ke tshwantshetso e e tshwanetseng ya ntwa ya tshiamo. (Tshenolo 6:2) Mme ke mang mo baneng ba Modimo yo o ka siamang go feta Motlhabani yono yo o maatla? Ka go bo a bidiwa “Boikanngo le Boammaaruri,” o tshwanetse a bo a le “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri,” Jesu Keresete. (Tshenolo 3:14) O a tlhabana gore a tle a diragatse dikatlholo tsa tshiamo tsa ga Jehofa. Ka jalo, o dira mo maemong a gagwe a go nna Moatlhodi, “Modimo Mothata” yo o tlhophilweng ke Jehofa. (Isaia 9:6) Matlho a gagwe ke a a boifisang, jaaka “kgabo e e tukang,” a lebile mo tshenyegong ya molelo e e tlelang baba ba gagwe.
6 Dirwalo tsa segosi di mo tlhogong ya Kgosi eno ya Motlhabani. Sebatana se Johane a neng a se bona se tlhatloga mo lewatleng se ne se na le dirwalo tsa segosi di le lesome, tse di neng di tshwantshetsa puso ya tsone ya nakwana mo lefatsheng. (Tshenolo 13:1) Le fa go le jalo, Jesu o na le “dirwalo tsa segosi di le dintsi.” Puso ya gagwe e e galalelang ga e tshwane le epe, e re ka jaana e le “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.”—1 Timotheo 6:15.
7. Leina le le kwadilweng la ga Jesu ke eng?
7 Tlhaloso ya ga Johane e tswelela jaana: “O kwadilwe leina le go seng ope yo o le itseng fa e se ene ka boene.” (Tshenolo 19:12b) Baebele e setse e bitsa Morwa Modimo ka maina a a jaaka Jesu, Imanuele le Mikaele. Mme “leina” leno le le sa tlhalosiwang go bonala le emela boemo le ditshiamelo tse Jesu a di ipelelang mo letsatsing la Morena. (Bapisa Tshenolo 2:17.) Fa Isaia a tlhalosa Jesu fa e sa le ka 1914, a re: “O tla tewa leina go twe Mogakolodi yo o Gakgamatsang, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6) Moaposetoloi Paulo o ne a kopanya leina la ga Jesu le ditshiamelo tsa Gagwe tsa tirelo e e kwa godimo fa a ne a kwala a re: “Modimo o ne a . . . godisetsa [Jesu] kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame.”—Bafilipi 2:9, 10.
8. Ke ka ntlha yang fa e le Jesu fela yo o ka itseng leina le le kwadilweng, mme o itumelela le bomang dingwe tsa ditshiamelo tsa gagwe tse dikgolo?
8 Ditshiamelo tsa ga Jesu ke tsa mofuta wa tsone fela. Kwantle ga Jehofa ka boene, ke Jesu fela yo o ka lemogang gore go nna le maemo a a ntseng jalo go ntse jang. (Bapisa Mathaio 11:27.) Ka jalo, mo dibopiweng tsotlhe tsa Modimo, ke Jesu a le esi fela yo o ka tlhaloganyang ka botlalo leina leno. Le fa go le jalo, Jesu o akareletsa monyadiwa wa gagwe mo go dingwe tsa ditshiamelo tseno. Jalo o solofetsa jaana: “Yo o fenyang . . . ke tla kwala mo go ene . . leina le lesha leo la me.”—Tshenolo 3:12.
9. Ke eng se se supiwang ke (a) go bo Jesu a “apere seaparo sa kafa ntle se se kgatšhitsweng ka madi”? (b) go bo Jesu a bidiwa “Lefoko la Modimo”?
9 Johane o oketsa a re: “Mme o apere seaparo sa kafa ntle se se kgatšhitsweng ka madi, mme leina le a bidiwang ka lone ke Lefoko la Modimo.” (Tshenolo 19:13) Ke “madi” a ga mang ano? E ka nna ya bo e le madi a botshelo jwa ga Jesu, a a tshololetsweng batho. (Tshenolo 1:5) Mme, mo kgannyeng eno, go bonala go ka tewa madi a baba ba gagwe a a tshologang fa dikatlholo tsa ga Jehofa di diragadiwa mo go bone. Re gakololwa ponatshegelo e e kwa pelenyana e mo go yone mofine wa lefatshe o kgaolwang le go gatakelwa mo segatisetsong sa bojalwa jwa bogale jwa Modimo go fitlhelela madi a fitlha “kwa godimo go fitlha fela kwa ditomong tsa dipitse,”—e le se se tshwantshetsang go fenya baba ba Modimo ka tsela e e feletseng. (Tshenolo 14:18-20) Ka tsela e e tshwanang, madi a a kgatshegetseng mo diaparong tse di kafa ntle tsa ga Jesu a tiisetsa gore phenyo ya gagwe ke ya makgaolakgang le e e feletseng. (Bapisa Isaia 63:1-6.) Johane jaanong o bolela gape gore Jesu o bidiwa ka leina. Jaanong ke leina le le itsegeng thata—“Lefoko la Modimo”—le le tlhaolang Kgosi eno ya Motlhabani jaaka Mmueledi yo Mogolo wa ga Jehofa le Motshegetsi wa boammaaruri.—Johane 1:1; Tshenolo 1:1.
Batlhabanimmogo le Jesu
10, 11. (a) Johane o bontsha jang gore Jesu ga a nosi fela mo tlhabanong? (b) Ke eng se se supiwang ke go bo dipitse di le ditshweu le bapalami ba tsone ba “apere leloba le lesweu, le le phepa, le le boleta”? (c) Ke bomang ba ba bopang “masomo” a selegodimo?
10 Jesu ga a nosi fela mo ntweng eno. Johane o re bolelela jaana: “Gape, masomo a a neng a le kwa legodimong a ne a mo setse morago ka dipitse tse ditshweu, mme a ne a apere leloba le lesweu, le le phepa, le le boleta.” (Tshenolo 19:14) Lebaka la go bo dipitse di le “ditshweu” le supa ntwa ya tshiamo. ‘Leloba le le boleta’ le tshwanela bapalami ba dipitse ba Kgosi, mme go galalela ga lone mo go sweu ga bophepa go supa boemo jo bo itshekileng, jwa tshiamo fa pele ga ga Jehofa. Ke bomang he, ba ba mo ‘masomong’ ano? Kwantle ga pelaelo, ke baengele ba ba boitshepo. E ne e le masimologong a letsatsi la Morena fa Mikaele le baengele ba gagwe ba digela Satane le badimona ba gagwe fa fatshe go tswa kwa legodimong. (Tshenolo 12:7-9) Gape, “baengele botlhe” ba tla direla Jesu jaaka a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang mme a ntse a atlhola ditšhaba le batho mo lefatsheng. (Mathaio 25:31, 32) Tota ruri, mo ntweng eno ya makgaolakgang, fa dikatlholo tsa Modimo di diragadiwa go ya bofelong, Jesu gape o tla patiwa ke baengele ba gagwe.
11 Ba bangwe le bone ba tla kopanyelediwa. Fa a ne a romela molaetsa wa gagwe kwa phuthegong ya Thiatira, Jesu o ne a solofetsa a re: “Yo o fenyang a ba a boloka ditiro tsa me go fitlha kwa bokhutlong ke tla mo naya taolo godimo ga ditšhaba, mme o tla disa batho ka thobane ya tshipi mo ba tla thubegang dikarolwana jaaka dijana tsa letsopa, fela jaaka ke amogetse mo go Rre.” (Tshenolo 2:26, 27) Kwantle ga pelaelo, e tla re fa nako e tla, bomonnawe Keresete ba ba setseng ba le kwa legodimong ba tla nna le seabe mo go buseng batho le ditšhaba ka thobane eo ya tshipi.
12. (a) A batlhanka ba Modimo mo lefatsheng ba tla nna le seabe mo go tlhabaneng ka Haramagedona? (b) Batho ba ga Jehofa mo lefatsheng ba kopanyelediwa jang mo Haramagedona?
12 Go tweng he, ka batlhanka ba Modimo mo lefatsheng? Setlhopha sa Johane ga se na go nna le seabe ka gope mo go tlhabaneng ka Haramagedona; tota le bone ditsala tsa bone tse di ikanyegang, batho ba ditšhaba ba ba ileng ba thologela kwa ntlong ya kobamelo ya semoya ya ga Jehofa. Batho bano ba ba kagiso ba setse ba thudile ditšhaka tsa bone go nna megoma. (Isaia 2:2-4) Le fa go le jalo, ba kopanyelediwa thatathata! Jaaka fa re setse re tlhokometse, ke batho ba go bonalang ba sa sirelediwa ba ga Jehofa ba ba tlhaselwang ka mabetwaepelo ke Gogo le lesomo lotlhe la gagwe. Seo ke sesupo se se bolelelang Kgosi ya Motlhabani ya ga Jehofa, yo o thusiwang ke mephato ya gagwe ya selegodimo, go simolola ntwa ya go nyeletsa ditšhaba tseo. (Esekiele 39:6, 7, 11; bapisa Daniele 11:44–12:1.) Jaaka babogedi, batho ba Modimo mo lefatsheng ba tla kgatlhega thata go bona seo se direga. Haramagedona e tla raya poloko mo go bone, mme ba tla tshelela ruriruri jaaka batho ba ba ileng ba iponela ka matlho ntwa e kgolo ya go tlotlomatsa Jehofa.
13. Re itse jang gore Basupi ba ga Jehofa ga ba kgatlhanong le mebuso?
13 A seno se raya gore Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhanong le mebuso yotlhe? Le eseng! Ba utlwa taolo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” Ba itse gore fa fela tsamaiso ya jaanong ya dilo e sa ntse e le gone, “balaodi ba bagolo” bao ba gone ka tetlelelo ya Modimo go boloka taolo mo bathong. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba duela makgetho a bone, ba utlwa melao, ba tlotla melao ya ditsela, ba ikwadisa fa go tlhokega, jalo le jalo. (Baroma 13:1, 6, 7) Mme gape, ba latela melaometheo ya Baebele ka go bua boammaaruri le go ikanyega; ba bontsha baagelani ba bone lorato; ba aga lelapa le le nonofileng, le boitsholo jo bo siameng; le go thapisa bana ba bone go nna batho ba ba molemo. Ka tsela eno ga ba duele fela ‘Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme gape Modimo dilo tse e leng tsa Modimo.’ (Luke 20:25; 1 Petere 2:13-17) E re ka jaana Lefoko la Modimo le bontsha gore mebuso ya bogoromente ba lefatshe leno ke ya nakwana, Basupi ba ga Jehofa ba ipaakanyetsa gone jaanong jaana go bona botshelo jo bo itumedisang, jwa mmannete, jo ba tla akofang ba bo bona fa go busa Bogosi jwa ga Keresete. (1 Timotheo 6:17-19) Le mororo ba se kitla ba nna le seabe mo go fediseng mebuso ya lefatshe leno, Basupi ba sisimoga thatathata se Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, Baebele e e Boitshepo, le se buang kaga katlholo ya ga Jehofa e a tlogang a e diragatsa ka Haramagedona.—Isaia 26:20, 21; Bahebera 12:28, 29.
Go ya Kwa Ntweng ya Bofelo!
14. Ke eng se se tshwantshediwang ke “tšhaka e e bogale” e e tswang mo leganong la ga Jesu?
14 Jesu o digela phenyo ya gagwe ka taolo ya ga mang? Johane o a re itsise: “Mme mo molomong wa gagwe go tswa tšhaka e e bogale e telele, gore a tle a iteye ditšhaba ka yone, mme o tla e disa ka thobane ya tshipi.” (Tshenolo 19:15a) “Tšhaka e e bogale e telele” eo e emela taolo e Jesu a e tsayang mo Modimong go bolaya botlhe ba ba ganang go tshegetsa Bogosi jwa Modimo. (Tshenolo 1:16; 2:16) Setshwantsho seno se se phepafetseng se dumalana le mafoko a ga Isaia: “[Jehofa] a dira molomo wa me jaaka tšhaka e e bogale. O mphitlhile mo moriting wa seatla sa gagwe. Mme ka iketlo o ne a ntira motswi o o phatsimisitsweng.” (Isaia 49:2) Fano Isaia o ne a bolelela pele kaga Jesu, yo o bolelang dikatlholo tsa Modimo le go di diragatsa, jaaka e kete ka motswi o o se keng o fosa.
15. Mo lobakeng lono, ke bomang ba ba tla bong ba setse ba senotswe le go atlholwa gore ba tle ba tshwaye go simologa ga eng?
15 Mo lobakeng lono, Jesu o tla bo a setse a tsere kgato e le fa a diragatsa mafoko a ga Paulo a a reng: “Go tswa foo, eleruri, yo o se nang molao o tla senolwa, yo Morena Jesu o tla mo tlosang ka moya wa molomo wa gagwe a ba a mo nyeletsa ka go bonatshega ga go nna gone ga gagwe.” Ee, go nna gone ga ga Jesu (Segerika, pa·rou·siʹa) go ile ga bonala go simologa ka 1914 go ya pele ka go senola le go atlhola yo o se nang molao, baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Go nna gone moo go tla itshupa thata fa dinaka tse di lesome tsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo di diragatsa katlholo eo le go senya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, mmogo le Babelona o Mogolo ka kakaretso. (2 Bathesalonika 2:1-3, 8) Seo e tla bo e le tshimologo ya pitlagano e kgolo! Morago ga moo, Jesu o tla itebaganya le tsamaiso e e sa ntseng e saletse ya ga Satane, tumalanong le polelelopele e e reng: “O tla itaya lefatshe ka thobane ya molomo wa gagwe; mme o tla bolaya moikepi ka moya wa dipounama tsa gagwe.”—Isaia 11:4.
16. Dipesalema le Jeremia ba tlhalosa jang seabe sa Kgosi ya Motlhabani yo o tlhomilweng ke Jehofa?
16 Kgosi ya Motlhabani, yo o tlhophilweng ke Jehofa, o tla tlhaola ba ba tla falolang mo go ba ba tla swang. Jehofa, a bua ka tsela ya boporofeti le Morwa yono wa Modimo, a re: “O tla . . . thubaganya [babusi ba lefatshe] ka lore lwa segosi lwa tshipi, o tla ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi wa letsopa.” Mme Jeremia o bua jaana ka baeteledipele ba ba bosula bao ba mebuso le malata a bone a re: “Bokolelang, lona badisa, lo bo lo goe! Mme lo bidikame, lona ba lo tlotlometseng ba letsomane, ka gonne malatsi a lona a go bolawa le a go gasamisiwa a wetse, mme lo tla wa jaaka sejana se se rategang!” Le fa babusi bao ba ka tswa ba ne ba eletsega go le kana kang mo lefatsheng le le boikepo, thobane ya tshipi ya Kgosi e tla ba thubaganya, jaaka e kete e phatlakanya sejana se se kgabisang. Go tla nna fela jaaka Dafide a ne a bolelela pele mabapi le Morena Jesu fa a re: “Jehofa o tla romela thobane ya nonofo ya gago e tswa Siona, a re: ‘Tsamaya o fenye mo gare ga baba ba gago.’ Jehofa ka boene a le kafa seatleng sa gago sa moja ruri o tla thubaganya dikgosi mo letsatsing la bogale jwa gagwe. O tla diragatsa katlholo mo ditšhabeng; o tla dira gore go tlale ditopo.”—Pesalema 2:9, 12; 83:17, 18; 110:1, 2, 5, 6; Jeremia 25:34.
17. (a) Johane o tlhalosa jang polao e e dirwang ke Kgosi ya Motlhabani? (b) Anela dingwe tsa dipolelelopele tse di bontshang kafa letsatsi la bogale jwa Modimo la masetlapelo le tla nnang ka gone mo ditšhabeng?
17 Kgosi eno ya Motlhabani e e nonofileng e bonala gape mo ponatshegelong: “Gape o gatisa segatisetso sa beine ya bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 19:15b) Mo ponatshegelong nngwe e e fetileng, Johane o ne a setse a bone go gatakiwa ga “segatisetso sa beine ya bogale jwa tšhakgalo ya Modimo.” (Tshenolo 14:18-20) Isaia gape o tlhalosa segatisetso sa bojalwa sa polao, mme baporofeti ba bangwe ba bolela kafa letsatsi la bogale jwa Modimo le tla nnang la masetlapelo ka gone mo ditšhabeng tsotlhe.—Isaia 24:1-6; 63:1-4; Jeremia 25:30-33; Daniele 2:44; Sefania 3:8; Sekarea 14:3, 12, 13; Tshenolo 6:15-17.
18. Moporofeti Joele o tlhalosa jang tsela e Jehofa a atlholang ditšhaba tsotlhe ka yone?
18 Moporofeti Joele o kopanya segatisetso sa beine le go tla ga ga Jehofa go “atlhol[a] ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong.” Mme ke Jehofa yo o ntshang taelo eno, mme kwantle ga pelaelo a e ntshetsa Moatlhodi mmogo le Ene, e bong Jesu, le masomosomo a gagwe a selegodimo: “Sotlhometsang sekele, gonne thobo e budule. Tlang, fologang, gonne segatisetso sa beine se tletse. Tota ditshekega tsa segatisetso sa beine di a penologa; gonne bosula jwa yone bo setse bo le bogolo. Boidiidi, boidiidi bo mo lebaleng le le kwa tlase la katlholo, gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi mo lebaleng le le kwa tlase la katlholo. Letsatsi le ngwedi ka botsone di tla fifala, le tsone dinaledi di tla busa phatsimo ya tsone. Mme Jehofa ka boene o tla kurutla go tswa mo Siona, o tla ntsha lentswe la gagwe go tswa mo Jerusalema. Mme ruri legodimo le lefatshe di tla reketla; mme Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe, le kago ya phemelo mo go bomorwa Iseraele. Mme lo tla itse fa ke le Jehofa Modimo wa lona.”—Joele 3:12-17.
19. (a) Potso e e bodiwang mo go 1 Petere 4:17 e tla arabiwa jang? (b) Ke leina lefe le le kwadilweng mo seaparong sa ga Jesu, mme ke ka ntlha yang fa le tla itshupa le tshwanela?
19 Ruri leo e tla bo e le letsatsi la katlholo, mo ditšhabeng tse di sa utlweng le batho mme e le letsatsi la kgololo mo go botlhe ba ba dirileng Jehofa le Kgosi ya gagwe ya Motlhabani botshabelo jwa bone! (2 Bathesalonika 1:6-9) Katlholo e e simolotseng mo ntlong ya Modimo ka 1918 e tla bo e ile ya ya fela kwa setlhoeng sa yone, e araba potso ya 1 Petere 4:17: “Bokhutlo e tla nna eng jwa ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo tsa Modimo?” Mofenyi yo o galalelang yoo o tla bo a gataketse segatisetso sa beine go ya bofelong, a supa gore ke Ene yo o goleditsweng yoo Johane a reng ka ene: “Mme mo seaparong sa gagwe sa kafa ntle, le mo seropeng sa gagwe, o kwadilwe leina, Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena.” (Tshenolo 19:16) O itshupile a nonofile thatathata go feta le fa e le mmusi ope wa lefatshe, le fa e le kgosi epe kana morena ope. Tlotlomalo ya gagwe le kgalalelo ke tse di se nang bolekanngo. O ile a palama “ka ntlha ya boammaaruri le boikokobetso le tshiamo,” mme o bone phenyo ya go ya go ile! (Pesalema 45:4) Mo diaparong tsa gagwe tse di kgatshegileng madi go kwadilwe leina le a le filweng ke Jehofa Morena wa Lobopo, yo a leng Motlotlomatsi wa gagwe!
Dijo Tse Dikgolo Tsa Maitseboa Tsa Modimo
20. Johane o tlhalosa jang ‘dijo tse dikgolo tsa maitseboa tsa Modimo,’ mme seno se gakolola motho ka polelelopele efe ya pelenyana, mme e bile e le e e tshwanang?
20 Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, morago ga go senngwa ga masomosomo a ga Gogo, dinonyane le diphologolo tsa naga di lalediwa go tla moletlong! Di tlosa ditoto mo lefatsheng ka go ja nama ya baba ba ga Jehofa. (Esekiele 39:11, 17-20) Mafoko a a latelang a ga Johane a gakolola motho ka polelelopele eno ya pelenyana ka phepafalo: “Gape ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a goa ka lentswe le le kwa godimo a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang mo gare ga legodimo a re: ‘Tlang kwano, phuthegelang kwa dijong tse dikgolo tsa maitseboa tsa Modimo, gore lo je dikarolo tse di dinama tsa dikgosi le dikarolo tse di dinama tsa balaodi ba sesole le dikarolo tse di dinama tsa banna ba ba nonofileng le dikarolo tse di dinama tsa dipitse le tsa ba ba di pagameng, le dikarolo tse di dinama tsa botlhe, tsa bagololesegi mmogo le tsa batlhanka le tsa ba bannye le ba bagolo.’”—Tshenolo 19:17, 18.
21. Ke eng se se supiwang ke (a) ‘go ema mo letsatsing’ ga moengele? (b) lebaka la go bo baswi ba tlogelwa ba koame mo godimo ga lefatshe? (c) lenaane la batho ba go tweng ditoto tsa bone di tla tlogelwa di koame mo lefatsheng? (d) tlhaloso e e reng ‘dijo tse dikgolo tsa maitseboa tsa Modimo’?
21 Moengele o ‘eme mo letsatsing,’ e bong lefelo le le siametseng go oka dinonyane. O di laletsa gore di ipaakanyetse go ikgorisa ka nama ya ba ba bolailweng ke Kgosi ya Motlhabani le masomosomo a gagwe a selegodimo. Lebaka la go bo ba ba suleng ba tla bo ba koame fela fa fatshe le supa gore ba tla swa loso lo lo tlhabisang ditlhong. Fela jaaka Jesebele wa bogologolo, ga ba na go fitlhwa ka tsela e e tlotlegang. (2 Dikgosi 9:36, 37) Lenaane la batho ba go tweng ditoto tsa bone di tla bo di koame mo lefatsheng le supa kaga bogolo joo tshenyego e tla bong e ntse ka jone: dikgosi, balaodi ba sesole, banna ba ba nonofileng, bagololesegi, le batlhanka. Ga go ope yo o tlogelwang. Mongwe le mongwe fela yo o leng karolo ya batsuolodi ba ba mo lefatsheng ba ba kgatlhanong le Jehofa o tla nyelediwa. Morago ga seno, go tla bo go sa tlhole go na le lewatle lepe le le kgaphaselang la batho ba ba tlhakaneng tlhogo. (Tshenolo 21:1) Seno ke ‘dijo tse dikgolo tsa maitseboa tsa Modimo,’ e re ka jaana e le Jehofa yo o laletsang dinonyane go tla go ja.
22. Johane o konela jang ditiragalo tsa ntwa ya bofelo?
22 Johane o konela ditiragalo tsa ntwa ya bofelo a re: “Mme ka bona sebatana le dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone a phuthegetse go lwa ntwa le yo o pagameng pitse le masole a gagwe. Mme sebatana sa tshwarwa, mme mmogo le sone ga tshwarwa moporofeti wa maaka yo o neng a dira ditshupo fa pele ga sone tse a neng a tsietsa ba ba neng ba amogela letshwao la sebatana ka tsone le ba ba obamelang setshwantsho sa sone. Ba piriganyediwa ka bobedi mo bodibeng jo bo molelo jo bo tukang ka sulefera, ba ntse ba tshela. Mme ba bangwe botlhe ba ne ba bolawa ka tšhaka e telele ya yo o pagameng pitse, e leng tšhaka e e tswang mo molomong wa gagwe. Mme dinonyane tsotlhe tsa kgora dikarolo tse di dinama tsa tsone.”—Tshenolo 19:19-21.
23. (a) Ke ka tsela efe ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e lwelwang kwa “Haramagedona”? (b) Ke tlhagiso efe e “dikgosi tsa lefatshe” di paletsweng ke go e reetsa, mme ka diphelelo dife?
23 Morago ga go tshololwa ga mogopo wa borataro wa bogale jwa ga Jehofa, Johane o ne a bega gore ‘dikgosi tsa lefatshe’ di ne tsa phuthelwa ke tlhotlheletso ya badimona kwa “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” Eno e lwelwa kwa Haramagedona—e seng lefelo la mmatota mo lefatsheng, mme seemo sa lefatshe lotlhe se se dirang gore Jehofa a diragatse katlholo ya gagwe. (Tshenolo 16:12, 14, 16) Go tswa foo Johane jaanong o bona batlhabani ba eme sentle. Ba ba emeng kgatlhanong le Modimo, ke “dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone.” Ka botlhogoethata ba ganne go ineela mo Kgosing ya ga Jehofa. O ne a ile a ba fa tlhagiso e e tshwanetseng ka molaetsa wa gagwe o o tlhotlheleditsweng: “Atlang morwa, gore [Jehofa] a se ka a tuka bogale, le gore lo se ka lwa nyelela mo tseleng.” Ka go bo ba sa ineela mo pusong ya ga Keresete, ba tshwanetse go swa.—Pesalema 2:12.
24. (a) Ke katlholo efe e e newang sebatana le moporofeti wa maaka, mme go tewa ba sa ntse ba “tshela” ka tsela efe? (b) Ke ka ntlha yang, fa ‘bodiba jo bo molelo’ e le jwa tshwantshetso?
24 Sebatana se se ditlhogo di supa, le dinaka di some se se tlhatlogang mo lewatleng, se se emelang tsamaiso ya sepolotiki ya ga Satane, se nyelediwa gotlhelele, mme se fedisiwa le moporofeti wa maaka, mmusomogolo wa lefatshe wa bosupa. (Tshenolo 13:1, 11-13; 16:13) Fa ba “ntse ba tshela,” kana ba sa ntse ba ikopantse mo go ganetseng batho ba Modimo mo lefatsheng, ba latlhelwa mo “bodibeng jo bo molelo jo bo tukang.” A jono ke bodiba jo bo molelo jwa mmatota? Nnyaa, fela jaaka le sone sebatana le moporofeti wa maaka e se diphologolo tsa mmatota. Go na le moo, ke tshwantshetso ya tshenyego e e feletseng, ya bofelofelo, lefelo le go se nang go boa ope mo go lone. Fano, ke gone koo moragonyana loso le Hadese mmogo le Diabolo ka boene, di latlhelwang gone. (Tshenolo 20:10, 14) Ruri ga se bokepiso jwa molelo kana tlhokofatso ya bosakhutleng ya baikepi, e re ka jaana one mogopolo wa lefelo le le ntseng jalo o le makgapha mo go Jehofa.—Jeremia 19:5; 32:35; 1 Johane 4:8, 16.
25. (a) Ke bomang ba ba ‘bolawang ka tšhaka e telele ya yo o pagameng pitse’? (b) A re tshwanetse go lebelela gore ba ba ‘bolawang’ ba tla tsosiwa?
25 Botlhe ba bangwe ba ba neng ba sa amane ka tlhamalalo le mebuso mme le fa go le jalo ba le karolo e e sa fetogeng ya batho ba lefatshe leno le le bodileng le bone ba “bolawa ka tšhaka e telele ya yo o pagameng pitse.” Jesu o tla ba bolela ba tshwanelwa ke loso. E re ka mo go bone go sa umakiwe bodiba jwa molelo, a re tshwanetse go lebelela gore ba tla tsosiwa? Ga go na gope moo re bolelelwang gore ba ba bolailweng ke Moatlhodi wa ga Jehofa ka nako eo ba tla tsosiwa. Fela jaaka Jesu ka boene a ne a tlhalosa, botlhe ba e seng “dinku” ba ya “molelong o o sa khutleng o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe,” ke gore, “kwa go kgaolweng ga bosakhutleng.” (Mathaio 25:33, 41, 46) Seno se konela ‘letsatsi la katlholo le la go senngwa ga baikepi.’—2 Petere 3:7; Nahume 1:2, 7-9; Malaki 4:1.
26. Tlhalosa ka bokhutshwane se se tla diragalang morago ga Haramagedona.
26 Ka tsela eno, phuthego yotlhe ya selefatshe ya ga Satane e a khutla. “Legodimo la pele” la puso ya sepolotiki le fetile. “Lefatshe,” e leng tsamaiso e e bonalang e kete e nnetse ruri eo Satane a tsereng makgolo a dingwaga a ntse a e kokotletsa, jaanong le senngwa gotlhelele. “Lewatle,” bontsintsi jwa batho ba ba boikepo ba ba ganetsang Jehofa, ga le tlhole le le teng. (Tshenolo 21:1; 2 Petere 3:10) Le fa go le jalo, ke eng se Jehofa a se tshwaretseng Satane ka boene? Johane o tswelela go re bolelela.