LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gm kgao. 10 ts. 134-148
  • Polelelopele ya Bibela Eo O E Boneng E Diragadiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Polelelopele ya Bibela Eo O E Boneng E Diragadiwa
  • Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Polelelopele E Kgolo ya ga Jesu
  • Ntwa!
  • “Tshimologō ea Botlhoko yoa Pèlèga”
  • Ditlhaelo tsa Dijo!
  • Dithoromo tsa Lefatshe
  • “Sebetso Se Se Diphatsa”
  • “Dibatana tsa Lehatshe”
  • Go Rera Mafoko A A Molemo
  • Sotlhe Seno Se Raya Eng?
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • A o Tla Thanya lo le Tsebeng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Metlha ya Bofelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A O Tla Sekegela Tlhagiso ya Modimo Tsebe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
gm kgao. 10 ts. 134-148

Kgaolo 10

Polelelopele ya Bibela Eo O E Boneng E Diragadiwa

A o setse o kile wa ipotsa gore ke ka ntlhayang fa dilo di farologane jaana gompieno fa di bapisiwa le tsela eo di neng di le ka yone dingwaga di le lekgolo tse di fetileng? Dilo dingwe di botoka. Mo mafatsheng a le mantsi, malwetsi ao a neng a bolaya mo nakong e e fetileng jaanong a fodisiwa ka mo go tlwaelegileng, mme motho fela yo o tlwaelegileng o ipelela boemo jwa go tshela jo le bagologolo ba gagwe ba iseng ba ko ba lore ka jone. Kafa letlhakoreng le lengwe, lekgolo la rona la dingwaga le ile la bona dintwa tse di maswe go gaisa le maemo a a tsitsibanyang mmele mo hisitoring yotlhe. Go atlega ga motho—tota le eleng go tswelela ga gagwe a ntse a le gone—go ntse go tshosediwa ke go oketsega ga batho ka lebelo, bothata jwa kgotlelo, le go kokwanngwa go golo go go dirwang ke merafe yotlhe e kokoanya dibetsa tsa nuklea, tse di bolayang ka ditwatsi, le tsa dikhemikale. Ke ka ntlhayang fa lekgolo leno la bo-20 la dingwaga le farologane jaana le makgolo a mangwe a dingwaga a a fetileng?

1. (Kopanyeletsa le tsenyeletso.) (a) Lekgolo la bo-20 la dingwaga le ile la farologana jang le makgolo a a fetileng a dingwaga? (b) Ke eng seo se tla re thusang gore re tlhaloganye gore ke ka ntlhayang fa metlha ya rona e farologane le e mengwe jaana?

KARABO ya potso eno e malebana le polelelopele e e tlhomologileng ya Bibela eo o ileng wa e bona e diragadiwa. Ke polelelopele eo Jesu ka boene a neng a e bolela le eo, mo godimo ga gore e bo e neela bosupi jwa gore Bibela e tlhotlheleditswe, e bontshang gape gore re tshela gaufi thata le diphetogo tse di maatla tsa lefatshe. Polelelopele eno ke efe? Mme re itse jang gore e a diragadiwa?

Polelelopele E Kgolo ya ga Jesu

2, 3. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa potso efe, mme re fitlhela karabo ya gagwe kae?

2 Bibela e re bolelela gore ka bonako fela pele ga loso lwa ga Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba tlotla ka dikago tse dikgolo tsa tempele e e neng e le kwa Jerusalema; ba ne ba kgatlhiwa thata ke bogolo jwa tsone le ka moo di neng di bonala di le thata ka gone. Mme Jesu o ne a re: “A ga lo bone dilō cotlhe tse? Amarure kea lo raea, Ga go ketla go lesiwa lencwè lepè ha, le tlhatlhaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.”—Mathaio 24:1, 2.

3 Barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamadiwa ke mafoko ao a gagwe mme moragonyana ba tla kwa go ene go tla go utlwa tshedimosetso e e oketsegileng, ba re: “Re bolèlèle, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go [nna gone] ga gago, le sa bokhutlō yoa [tsamaiso eno ya dilo]?” (Mathaio 24:3, bapisa NW.) Karabo ya ga Jesu e fitlhelwa mo ditemaneng tse di setseng tsa Mathaio dikgaolo 24 le 25. Gape mafoko a gagwe a begilwe mo go Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21. Polelelopele eno ka mo go phepafetseng e ne e le e e botlhokwatlhokwa eo Jesu a neng a e bolela fa a ne a le mo lefatsheng.

4. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa kaga dilo dife tse di farologaneng?

4 Tota, barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa kaga dilo tse di fetang se le sengwe. Santlha, ba ne ba botsa jaana: “Dilō tse di tla dihala leñ?” ke gore, Jerusalema le tempele ya yone di tla senngwa leng? Go feta moo, ba ne ba batla go itse sesupo seo se neng se tla bontsha gore go nna gone ga ga Jesu jaaka Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo go simologile le gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi.

5. (a) Ke tiragatso efe e e neng e le ya pele ya polelelopele ya ga Jesu, mme mafoko a gagwe a ne a tla diragadiwa ka botlalo leng? (b) Jesu o ne a simolola jang fa a ne a araba potso ya barutwa?

5 Fa a ne a arabela, Jesu o ne a araba a akantse ka dintlha tseno tsoopedi. Bontsi jwa mafoko a gagwe tota bo ne jwa diragadiwa morago kwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga, ka dingwaga tseo di neng tsa gogela kwa goreng Jerusalema e senngwe mo go maswe thata ka 70 C.E. (Mathaio 24:4-22) Mme polelelopele eno ya gagwe e ne e tshwanetse ya nna le bokao jo bogolwane le eleng go feta moo moragonyana, mo metlheng ya rona tota. Jesu o ne a reng he? O ne a simolola ka go bolela mafoko ao a begilweng mo ditemaneng tsa 7 le 8: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhokō yoa pèlèga.”

6. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:7, 8 a re gakolola polelelopele efe e e tshwanang le eno?

6 Ka mo go phepafetseng, go nna gone ga ga Jesu jaaka Kgosi kwa legodimong go ne go tla tshwaiwa ke khuduego e kgolo mo lefatsheng. Seno se tlhomamisiwa ke polelelopele e e tshwanang le eno e e fitlhelwang mo bukeng ya Tshenolō: pono ya bapagami ba le bane ba dipitse ba Apokalipise. (Tshenolō 6:1-8) Mopagami wa ntlha mo bapagaming bano ba dipitse o tshwantshetsa Jesu ka boene jaaka Kgosi e e fenyang. Bapagami ba bangwe ka dipitse tsa bone tsa ntwa ba tshwantshetsa ditiragalo tsa mo lefatsheng tseo di tshwayang go simologa ga puso ya ga Jesu: eleng ntwa, tlala, le loso lo lo sa lebelelwang lo lo bakiwang ke dilo tse di farologaneng. A re bona dipolelelopele tse pedi tseno di diragadiwa gompieno?

Ntwa!

7. Ke eng seo se tshwantshediwang ka tsela ya seperofeti ke mopagami wa pitse ya bobedi ya Apokalipise?

7 A re ke re di lebelele ka kelotlhoko. Santlha, Jesu o ne a re: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” Eno e ne e bolelela ntwa pele. Mopagami wa bobedi mo bapagaming ba banè ba dipitse tsa Apokalapise ka mo go tshwanang o ne a tshwantshetsa ntwa. Re bala jaana: “Me ga cwa pitse e ñwe, e le pitse e khonou: me eo o e pagameñ a newa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a nèwa chaka e tona.” (Tshenolō 6:4) Jaanong, setho se na le diketekete tsa dingwaga se lwa dintwa. He, ke ka ntlhayang fa mafoko ano a tshwanetse a nna le bokao jo bo kgethegileng mo motlheng wa rona?

8. Ke ka ntlhayang fa re ne re ka lebelela gore ntwa e nne karolo e e tlhomologileng ya sesupo seno?

8 Gakologelwa gore ntwa ka boyone ga se sesupo sa go nna gone ga ga Jesu. Sesupo seno se dirilwe ka dintlha tsotlhe tsa polelelopele ya ga Jesu tseo di diragalang ka lobaka lo le longwe ka kakaretso lwa nako. Mme ntwa ke karolo ya ntlha eo e umakilweng, ka jalo re ka lebelela gore karolo eno e ne e tla diragadiwa ka tsela e e tlhomologileng eo e neng e tla ngoka tlhokomelo ya rona. Ebile mongwe le mongwe o tshwanetse a dumalana gore dintwa tsa lekgolo leno la bo-20 la dingwaga ga di tshwane le dipe fela mo hisitoring yotlhe ya pele.

9, 10. Dipolelelopele tse di malebana le ntwa di ne tsa simolola go diragadiwa jang?

9 Ka sekai, ga go na dintwa dipe tsa pele—tse di setlhogo le tse di bakang tshenyo jaaka bontsi jwa tsone di ne di ntse—tseo di neng di atamela dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo la bo-20 la dingwaga ka go baka tshenyo. Aitsane, ntwa ya ntlha ya lefatshe kgabagare e ne ya baka dintsho tsa batho di le dimilione di le 14, mo go fetang palo ya baagi botlhe ba dinaga di le dintsi. Eleruri, o ne “a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè.”

10 Go ya ka polelelopele eno, mopagami wa bobedi wa pitse ya ntwa ya Apokalipise o ne “a nèwa chaka e tona.” Seno se dira jang? Jaana: Dibetsa tsa ntwa e ile ya nna tse di diphatsa go gaisa. Ereka motho a itlhomeletse ka koloi ya ntwa, sefofane, gase e e botlhole e e bolayang, dikepe tsa ntwa tse di tsamayang kafa tlase ga metsi, le ditlhobolo tse di ka ragelang dithunyi sekgala sa dikilometara di le mmalwa, o kgona go bolaya moagelani wa gagwe ka matsetseleko. Ebile fa e sale ka ntwa ya ntlha ya lefatshe “chaka e tona” e ile ya baka tshenyo le go feta—ka ntlha ya go bo go ne go dirisiwa dilo tse di ntseng jaaka ditlhaeletsano ka radio, radara, dithunya tse di raraaneng thata, dibetsa tseo mo go tsone go dirisiwang dibakateria le tsa dikhemikale, mathombo a seela se se mogote, bomo ya molelo, mefuta e mesha ya dibomo, dibetsa tseo di itirisang tseo di kgonang go thuntshetsa kwa nageng e nngwe e sele, dikepe tsa nuklea tse di tsamayang kafa tlase ga metsi, difofane tsa maemo a a kwa godimo, le dikepe tse dikgolo tsa ntwa.

“Tshimologō ea Botlhoko yoa Pèlèga”

11, 12. Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e le fela “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga” jang?

11 Ditemana tsa ntlha tsa polelelopele ya ga Jesu di konela ka mafoko ano: “Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” Eleruri go ne go ntse jalo ka ntwa ya ntlha ya lefatshe. Go fela ga yone ka 1918 ga go a ka ga lere kagiso ka lobaka lo loleele. E ne ya latelwa ke dintwa tse dinnye mme e le tse di maswe thata kwa Ethiopia, Libya, Spain, Russia, India, le mafatshe a mangwe. Morago ga moo ga latela e e setlhogo thata eleng ntwa ya bobedi ya lefatshe, e e neng ya bolaya mo e ka nnang masole le baagi ba le dimilione di le 50.

12 Go feta moo, go sa kgathalesege ditumalano tsa kagiso tseo di dirwang gangwe le gape le go ikhutsa go le gonnye ka ntwa, setho se santse se lwa. Ka 1987 go ne ga begwa gore go lolwe dintwa tse dikgolo di le 81 fa e sale ka 1960, mme tsa bolaya banna, basadi, le bana ba le 12 555 000. Ka ngwaga wa 1987 go lolwe dintwa tse dintsi go feta le fa e le tsa ngwaga ope o o fetileng mo hisitoring e e begilweng.⁠1 Go feta moo, go baakanyetsa masole le ditshenyegelo tseo di dirisiwang mo sesoleng, tseo tsotlhe jaanong di fitlhelelang mo e ka nnang R255 000 000 000 000 ngwaga le ngwaga di senya ekonomi ya lefatshe.⁠2 Polelelopele ya ga Jesu ya ‘morafe o tsogologela morafe le bogosi bo tsogologela bogosi’ eleruri e a diragadiwa. Pitse e khibidu ya ntwa e tsweletsa lobelo lwa yone lo lo boitshegang go ralala lefatshe. Mme go tweng ka karolo ya bobedi ya sesupo seno?

Ditlhaelo tsa Dijo!

13. Jesu o ne a bolelela ditiragalo dife pele tse di utlwisang botlhoko, mme pono ya mopagami wa pitse ya boraro ya Apokalipise e ne e tshegetsa polelelopele ya gagwe jang?

13 Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Me go tla nna [le ditlhaelo tsa dijo], . . . mo maheloñ mañwe le mañwe.” (Bapisa NW.) Tlhokomela ka moo seno se utlwalang ka gone le go pagangwa ga pitse ya boraro mo bapagaming ba tse nnè tsa Apokalipise. Re bala jaana ka ene: “Me ka leba, me bōnañ, ga bo go le pitse e le ncho; me eo o e pagameñ a bo a chotse selekanyō sa pègō ka seatla. Me ka utlwa ekete lencwe mo gare ga ditshedi tse nne, le re, Seèlwanyana sa mabèlè ke tushiliñ, le dièlwanyana di le tharo tsa barele ke tushiliñ; me u se ka ua senya loukwane le boyalwa.” (Tshenolō 6:5, 6) Ee, ditlhaelo tse dikgolo tsa dijo!

14. Ke ditlala dife tse dikgolo tsa fa esale ka 1914 tseo di neng tsa diragatsa polelelopele ya ga Jesu?

14 A go ka kgonagala gore polelelopele eno e bo e diragadiwa gompieno, fa mafatshe mangwe a tshela ka tsela ya maemo a a kwa godimo jaana? Fa re lebelela lefatshe lotlhe re bona karabo e e sa belaetseng ka gope. Go ya ka hisitori, ditlala di ile tsa bakiwa ke dintwa le matlhotlhapelo a tlholego. Ka gone, he, ga go gakgamatse go bo lekgolo la rona la dingwaga, leo le nnileng le matlhotlhapelo a mantsi jaana le dintwa, le bo le tshwenngwa gantsintsi jaana ke go bolawa ke tlala. Dikarolo di le dintsi tsa lefatshe di ile tsa nna le matlhotlhapelo a a ntseng jalo fa e sale ka 1914. Pego nngwe e neela lenaane la go bolawa ke tlala mo gogolo go go ka fetang 60 fa esale ka 1914, mo mafatsheng a a katologaneng thata a a jaaka Greece, Netherlands, U.S.S.R., Nigeria, Chad, Chile, Peru, Bangladesh, Bengal, Kampuchea, Ethiopia, le Japane.⁠3 Go gongwe ga go bolawa ke tlala gono go ile ga nna lobaka lwa dingwaga di le mmalwa mme ga bolaya dimilione tsa batho.

15, 16. Ke go tlhaela gofe ga dijo go gongwe goo go lalaanyang eleruri gompieno?

15 Lemororo go bolawa ke tlala mo go botlhoko ka gale go anamisiwa thata, morago ga nakwana go a feta mme bao ba falotseng ba boela ka iketlo ba tshela ka tsela e e batlang e tlwaelegile. Lefa go le jalo, mofuta o mongwe gape o o tshosang thata wa tlhaelo ya dijo o ile wa nna gone ka lekgolo leno la bo-20 la dingwaga. Mofuta ono ga o a tlhomologa mo go kalo mme ka jalo gantsi o tlodisiwa matlho. Mme o tswelela pele ngwaga le ngwaga. One ke thupa e e botlhoko ya phepelotlase e e amang mo e ka nnang nngwe-tlhanong ya batho ba polanete ya rona mme e bolaya batho ba ba ka nnang fa gare ga dimilione di le 13 le di le 18 ngwaga le ngwaga.⁠4

16 Ka mafoko a mangwe, mofuta ono wa tlhaelo ya dijo ka metlha mo malatsing a mabedi o bolaya mo e ka nnang bontsi jwa batho bao ba neng ba bolawa kwa Hiroshima ke bomo ya atomiki. Eleruri, dingwaga dingwe le dingwe tse pedi, go na le batho ba le bantsi bao ba bolawang ke tlala go gaisa masole ao a neng a bolawa ke Ntwa ya Lefatshe I le Ntwa ya Lefatshe II di kopantswe. A go ile ga nna le “[ditlhaelo tsa dijo] . . . mo maheloñ mañwe le mañwe” fa esale ka 1914? Ee, eleruri!

Dithoromo tsa Lefatshe

17. Ke thoromo efe ya lefatshe e e bakang tshenyo e e neng ya diragala morago fela ga 1914?

17 Ka January 13, 1915, fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e santse e na le dikgwedi di sekaenyana fela e ntse e tsweletse, Abruzzi, kwa Italy, e ne ya padimolwa ke thoromo ya lefatshe, mme ga swa batho ba le 32 610. Matlhotlhapelo ano a magolo a re gakolola gore dintwa le tlhaelo ya dijo ka nako ya go nna gone ga ga Jesu di ne di tla patiwa ke sengwe se sele: “Me go tla nna . . . le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe.” Fela jaaka fa go ne go ntse ka dintwa le leuba, thoromo ya lefatshe ya kwa Abruzzi e ne e le “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga” fela.a

18. Polelelopele ya ga Jesu e e malebana le dithoromo tsa lefatshe e ile ya diragadiwa jang?

18 Lekgolo leno la bo-20 la dingwaga e nnile lekgolo la dingwaga le le tletseng ka dithoromo tsa lefatshe, mme re leboga metswedi ya dikgang go bo e le teng, setho sotlhe jalo se itse sentle kaga tshenyo eo dithoromo tseno di e bakileng. Fa re umaka di sekae fela, ka 1920 go ne ga nna le ba le 200 000 bao ba neng ba bolawa ke thoromo ya lefatshe ya kwa China; ka 1923, ba ba ka nnang 99 300 ba ne ba bolawa ke thoromo ya kwa Japane; ka 1935, thoromo e nngwe e ne ya bolaya ba le 25 000 mo lefelong leo jaanong le bidiwang Pakistan, mme ba le 32 700 ba ne ba swa kwa Turkey ka 1939. Go ne ga swa ba le 66 800 ka thoromo ya lefatshe ya kwa Peru ka 1970. Mme ka 1976, ba ka nna 240 000 (kana, go ya ka metswedi mengwe ya tshedimosetso, 800 000) ba ne ba swa kwa Tangshan, China. Bosheng fela jaana, ka 1988, go ne ga nna le ba le 25 000 bao ba neng ba swa ba bolawa ke thoromo ya lefatshe e e maatla kwa Armenia.b Eleruri, “dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe”!⁠6

“Sebetso Se Se Diphatsa”

19. Ke dintlha dife tse di oketsegileng tsa sesupo tseo di neng tsa bolelelwa pele ke Jesu mme tsa tshwantshediwa ke mopagami wa pitse ya bonè ya Apokalipise?

19 Ntlha e nngwe e e mo polelelongpele ya ga Jesu e malebana le bolwetsi. Moefangele Luke, mo pegong ya gagwe, o bega gore Jesu o ne a bolelela pele gore “mo maheloñ mañwe le mañwe go nne . . . dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11) Seno le sone se dumalana le pono ya boperofeti ya bapagami ba banè ba dipitse tsa Apokalipise. Mopagami wa pitse ya bonè o bidiwa Loso. O tshwantshetsa loso lo lo tlang pele ga nako lo lo bakiwang ke dilo di le mmalwa, go akareletsa le “[sebetso se se diphatsa,] le . . . dibatana tsa lehatshe.”—Tshenolō 6:8, bapisa NW.

20. Ke leroborobo lefe la bolwetsi le le tlhomologileng leo e neng e le bontlhabongwe jwa tiragatso ya polelelopele ya ga Jesu e e malebana le dikgogodi tsa malwetsi?

20 Morago kwa ka 1918 le ka 1919, go feta batho ba le 1 000 000 000 ba ne ba tshwarwa ke bolwetsi jwa letshoroma la Spain, mme ba feta 20 000 000 ba ne ba swa. Bolwetsi jono bo ne jwa bolaya batho ba le bantsi go feta ba ba neng ba bolawa ke ntwa e kgolo eo ka boyone.⁠7 Mme “sebetso se se diphatsa,” kana ‘dikgogodi tsa bolwetsi,’ se santse se utlwisa losika lono botlhoko se sa kgaotse, go sa kgathalesege dikgatelopele tse di tlhomologileng tse di dirwang mo go tsa kalafi. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ka ntlha ya selo se le sengwe fela, mafatshe ao a humanegileng ga a ipelele ka metlha melemo ya tswelelopele ya saense. Batho ba ba humanegileng baa lwala ba bo ba bolawe ke malwetsi ao a ka bong a ile a fodisiwa fa ba ne ba ka bo ba neilwe madi a a lekaneng.

21, 22. Batho bao ba tshelang mo mafatsheng a a humileng gammogo le ba mo go ao a humanegileng ba ile ba bogisiwa jang ke “sebetso se se diphatsa”?

21 Ka jalo, batho ba ka nna dimilione di le 150 lefatshe ka bophara ba tshwarwa ke malaria. Ba ka nna dimilione di le 200 ba tsenwe ke letshoroma la kgopa. Bolwetsi jwa Chagas bo tshwara mo e ka nnang batho ba le dimilione di le lesome. Mo e ka nnang dimilione di le 40 tsa batho ba tshwarwa ke bofofu jo bo bakiwang ke ditshenekegi tsa kwa nokeng. Malwetsi a a maswe thata a letshololo a bolaya dimilione tsa bana ngwaga le ngwaga.⁠8 Bolwetsi jwa mafatlha a magolo le lepera e santse e le mathata a magolo a pholo. Ka mo go tlhomologileng, batho ba ba humanegileng ba lefatshe leno ba bogisiwa ke ‘dikgogodi tsa malwetsi mo mafelong mangwe le mangwe.’

22 Mme tota le eleng le bone bahumi. Ka sekai, letshoroma le tshwara ba ba humileng le ba ba humanegileng ka go tshwana. Ka 1957 bolwetsi bongwe jwa letshoroma bo ne jwa bolaya ba le 70 000 kwa United States e le yosi fela. Kwa Jeremane go lekanyediwa gore motho a le mongwe mo go ba le barataro kgabagare o tlile go tshwarwa ke kankere.⁠9 Malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo le one a tshwara ba ba humileng le ba ba humanegileng. Gonorrhea, eleng bolwetsi jo bo begiwang gangwe le gape jo bo anamang ka bonako kwa United States, bo tshwara mo e ka nnang 18,9 lekgolong ya batho ba dikarolo dingwe tsa Afrika.⁠10 Megare e e bakang syphilis, chlamydia, le bolwetsi jwa dirwe tsa sephiri ke mangwe a ‘malwetsi’ a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo ao a tumileng.

23. Ke “sebetso” sefe “se se diphatsa” sa bosheng jaana se se ileng sa fitlha kwa setlhoeng?

23 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ‘sebetso se se diphatsa’ sa AIDS le sone se tsene mo lenaneng la ‘dikgogodi tsa bolwetsi.’ AIDS ke bolwetsi jo bo maswe thata ka gonne, go fitlhelela ka nako ya fa go ne go kwalwa buka eno, ga go ise go bonwe tsela eo bo ka fodisiwang ka yone, mme palo ya batho ba ba tshwerweng ke bolwetsi jono e ntse e oketsega. Dr. Jonathan Mann, ebong mokaedi wa Thulaganyo E E Kgethegileng E E Malebana le AIDS ya WHO (Lekgotla la Pholo la Lefatshe Lotlhe), o ne a re: “Gape re lekanyetsa gore go na le batho ba le dimilione tse tlhano kana di le 10 mo lefatsheng gompieno bao ba tshwerweng ke human immunodeficiency virus (HIV).”⁠11 Go ya ka tekanyetso nngwe e e ileng ya gatisiwa, bokwanatlhoko ya AIDS e tlhasela motho yo mosha motsotso mongwe le mongwe. Ke “sebetso se se diphatsa” eleruri! Mme go tweng ka polelelopele ya loso loo lo bakiwang ke dibatana?

“Dibatana tsa Lehatshe”

24, 25. (a) Moperofeti Esekiele o ne a bua ka mofuta ofe wa ‘sebatana’? (b) Jesu o ne a reng malebana le “dibatana” tseo di neng di tla nna gone mo lefatsheng ka nako ya go nna gone ga gagwe?

24 Boammaaruri ke gore, fa go umakiwa dibatana mo malatsing ano mo makwalo-dikgannyeng, e a bo e le fa mefuta mengwe ya tsone e tshosediwa kana e batla e fedisiwa gotlhelele. “Dibatana tsa lehatshe” di tshosediwa thata ke batho go feta kafa tsone di tshosetsang batho ka gone. Go sa kgathalesege seno, mo mafatsheng mangwe diphologolo tsa naga, tse di jaaka dinkwe tsa kwa India, di santse di tsweletse ka go bolaya batho di sa kgaotse.

25 Lefa go le jalo, Bibela e re tlhokomedisa mofuta o mongwe wa sebatana sengwe se se ileng sa baka matshosetsi a magolo mo dingwageng tsa bosheng jaana. Moperofeti Esekiele o ne a bapisa banna ba ba dirisang dikgoka le diphologolo tsa naga fa a ne a bua jaana: “Dikgōsana tsa yeōna mo gare ga yeōna di nntse yaka diphiri tse di garolañ phōlōhōlō: ba cholola madi, ba senya meōea ea batho, e le gore ba bōnè papadi ea pherekanō.” (Esekiele 22:27) Fa Jesu a ne a bolelela pele ka ‘go ntsifala ga boikepo,’ tota o ne a bolela gore “dibatana” tseno di ne di tla bo di le gone mo godimo ga lefatshe ka nako ya go nna gone ga gagwe. (Mathaio 24:12) Mokwadi wa Bibela ebong Paulo o oketsa ka gore “mo metlheñ ea bohèlō” batho e tla nna “barati ba madi, . . . ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè.” (2 Timotheo 3:1-3) A go ne ga diragala jalo fa esale ka 1914?

26-28. Ke dipego dife tseo di tswang go dikologa lefatshe tseo di bontshang gore “dibatana” tsa dikebekwa di a sasanka mo lefatsheng?

26 Eleruri go ile ga diragala jalo. Fa o nna mo e ka nnang mo toropong epe fela e kgolo mo lefatsheng, o setse o itse seno. Mme fa o belaela seno, a o ke o tlhokomele fela seo se tsopotsweng mo makwalo-dikgannyeng a bosheng jaana a a latelang. Go tswa kwa Colombia: “Ngogola mapodisi a ne a bega . . . dipolao di ka nna 10 000 le go tseela ba bangwe di tsa bone go tlhometswe ka dibetsa go go fitlhang go 25 000.” Go tswa kwa Victoria, Australia: “Go Gola Go Go Golo ga Bonokwane Jo Bogolo.” Go tswa kwa United States: “Dipolao kwa New York Di Ya Di Lebile Rekoto E E kwa Godimodimo.” “Ngogola Detroit e ne ya gaisa Gary, Indiana, jaaka one motse o mogolo o o nang le palo e e kwa godimo thata ya dipolao mo morafeng oo—eleng baagi ba le 58 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000.”

27 Go tswa kwa Zimbabwe: “Go bolawa ga masea go ile ga nna ka dipalo tse di kwa godimodimo.” Go tswa kwa Brazil: “Go na le bokebekwa jo bontsi jaana mono, le go tsholwa ga dibetsa, mo eleng gore dikgang tsa tiriso-dikgoka ga di tlhole di gakgamatsa ka gope.” Go tswa kwa New Zealand: “Go betelela le go dirwa ga bokebekwa ka tiriso-dikgoka ke dilo tseo mapodisi a amegileng thata ka tsone.” “Selekanyo sa thubakanyo e e leng gone magareng ga batho ba New Zealand ka bobone e ka tlhalosiwa fela jaaka ya batho ba ba sa tlhabologang.” Go tswa kwa Spain: “Spain e lwantshana le mathata a a ntseng a gola a bokebekwa.” Go tswa kwa Italy: “Mokgatlho wa Ma-Mafia wa kwa Sicily, morago ga gore o fenngwe, o tsoga gape ka dipolao tse di seng kana ka sepe.”

28 Tseno ke dikai tse dinnye fela tsa dipego tse di tswang mo makwalo-dikgannyeng tseo di ileng tsa tlhaga pelenyana fela ga buka eno e gatisiwa. Eleruri “dibatana” di a sasanka mo lefatsheng, di dira gore batho ba boife ka ntlha ya polokesego ya bone.

Go Rera Mafoko A A Molemo

29, 30. Boemo jwa bodumedi bo ntse jang mo go La-Bodumedi, go diragatsa polelelopele ya ga Jesu?

29 Bodumedi bo ne bo tla itshwara jang ka nako eno e e botlhoko ya go nna gone ga ga Jesu? Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a bolelela pele gore ditiro tsa bodumedi di ne di tla oketsega: “Me baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tla coga, me ba tla timetsa batho ba le bantsi.” (Mathaio 24:11) Kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a bolelela pele gore mo go La-Bodumedi ka kakaretso, go ne go se kitla go nna le kgatlhego e e kalokalo mo Modimong. “Loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.”—Mathaio 24:12.

30 Seno eleruri se tlhalosa seo se diragalang gompieno mo go La-Bodumedi. Kafa letlhakoreng le lengwe, dikereke tse dikgolo gongwe le gongwe di a wa ka ntlha ya go bo di sa tshegediwe. Mo mafatsheng ao a kileng a bo e le one a magolo a Porotesetanta a Yuropa bokone le Engelane, bodumedi ga bo thuse sepe. Mo godimo ga moo, Kereke ya Katoliki e na le bothata jwa go tlhoka baruti le jwa go ngotlega ga batho ba ba e tshegetsang. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ile ga nna le go gola ga dikereke tse di tswang mo go tse dingwe. Mefuta ya dikobamelo eo e theilweng mo madumeding a Botlhaba e ntse ea ata, fa baefangele ba ba digagapa ba thelebishene bone ba gapa dimilione-milione tsa diranta ka patiko.

31. Ke eng seo Jesu a neng a se bolelela pele seo se thusang gore go bonwe Bakeresete ba boammaaruri gompieno?

31 Lefa go le jalo, go tweng ka Bokeresete jwa boammaaruri, ebong bodumedi jo bo ileng jwa simololwa ke Jesu ebile e le jo baaposetoloi ba gagwe ba neng ba rera ka jone? Bo ne bo santse bo tla bo bo le gone fa Jesu a nna gone, mme bo ne bo tla bonwa ka eng? Go na le dilo di le mmalwa tseo di tshwayang Bokeresete jwa boammaaruri, mme nngwe ya tsone e umakilwe mo polelelongpele eno e kgolo ya ga Jesu. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla nna ba tshwaregile mo tirong ya go rera ya lefatshe ka bophara. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe, hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.

32. Ke setlhopha sefe se le sengwe seo se ileng sa diragatsa polelelopele ya ga Jesu eo e begilweng mo go Mathaio 24:14?

32 Go rerwa gono jaanong go diragala ka botlalo! Gompieno, selekanyo se se boitshegang sa setlhopha sa bodumedi se se bidiwang Basupi ba ga Jehofa se tshwaregile mo tirong ya go rera e kgolo thata mo hisitoring ya Bokeresete. (Isaia 43:10, 12) Morago kwa ka 1919, fa madumedi a magolo a a ratang dipolotiki a La-Bodumedi a ne a buelela Lekgotla la Selekane sa Merafe le le sa kang la atlega, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba siamisetswa tlhabano eno ya go rera ya lefatshe lotlhe.

33, 34. Mafoko a a molemo a Bogosi a ile a rerwa go ya bokgakaleng bofe go ralala lefatshe lotlhe?

33 Ka nako eo go ne go na le Basupi ba ka nna 10 000 fela, mme ba ne ba itse tiro eo ba neng ba tshwanetse go e dira. Ba ne ba simolola tiro ya go rera ka bopelokgale. Ba ne ba lemoga gore go nna go kgaoganngwa batho ka ba eleng baruti le bao e seng baruti go ne go le kgatlhanong le melao ya Bibela gammogo le sekao seo se neng sa tlhomiwa ke baaposetoloi. Ka jalo botlhe fela, go akareletsa le wa bofelo, ba ne ba ithuta go buisana le baagelani ba bone kaga Bogosi jwa Modimo. E ne ya nna mokgatlho wa bareri.

34 Fa nako e ntse e ya, bareri bano ba ne ba itshokela go bogisiwa go go botlhoko. Kwa Yuropa, ba ne ba ganediwa ke mefuta e e farologaneng ya dipuso tsa bobusaesi. Kwa United States le Canada, ba ne ba lebana le dikgwetlho tsa semmuso le go tlhaselwa ka digopa tsa batho. Kwa mafatsheng a mangwe, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba fenye go tlhaolwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone go go maatla le pogiso e e makgwakgwa e e neng e dirwa ke babusaesi ba ba setlhogo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba ne ba tshwanelwa gape ke gore ba lebane le moya wa go belaelwa le wa boitlhapediso o o setseng o le teng. Mme ba ile ba itshoka go ya ntlheng ya gore, gompieno, go na le ba ba fetang dimilione di le tharo le sephatlho ba bone mo mafatsheng a le 212. Mafoko a a molemo ano a Bogosi ga ise a ke a tsamaye a rerwe thata jaana pele—eleng tiragatso e e tlhomologileng ya karolo eno ya sesupo!

Sotlhe Seno Se Raya Eng?

35. (a) Go diragadiwa ga polelelopele gompieno go thusa jang go bontsha gore Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo? (b) Tiragatso ya sesupo seo Jesu a se neetseng e raya eng mo motlheng wa rona?

35 Kwantle ga pelaelo epe re bona sesupo se segolo seo Jesu a neng a se neela se diragadiwa. Ntlha eno e oketsa bosupi jwa gore eleruri Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo. Ga go na motho ope yo o neng a ka bolelela ditiragalo pele tseo di neng di tla diragala mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga a di bolela e sa le pele thata jaana. Go feta moo, go diragadiwa ga sesupo seno go raya gore re tshela mo metlheng ya go nna gone ga ga Jesu le ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:3) Seno se raya eng? Go kopanyelediwang mo go nneng gone ga ga Jesu? Mme tsamaiso ya dilo e e felang ke eng? Gore re arabe dipotso tseno, go tlhokega gore re sekaseke bosupi jo bongwe jo bo maatla jo bo bontshang gore Bibela e tlhotlheleditswe: tsela eo e utlwanang mo teng ka yone ka mo go gakgamatsang. Re tlile go tlotla ka seno mme re tla bona ka moo setlhogo se segolo sa Bibela jaanong se bileng se atamela setlhoa sa sone se segolo ka gone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ne go na le bobotlana dithoromo tsa lefatshe di le tlhano mo gare ga 1914 le 1918 tseo di neng di bega 8 kana go feta mo sekaleng sa Richter—tseo di neng di le maatla go gaisa thoromo ya lefatshe ya kwa Abruzzi. Lefa go le jalo, dithoromo tseno tsa lefatshe di ne di le mo dikarolong tse dinnye thata tsa kgolokwe eno, mme ka jalo ga di a ka tsa ngoka tlhokomelo e e kalokalo jaaka fa thoromo ya Italy e ne ya dira.⁠5

b Go ile ga begiwa dipalo tse di farologaneng tsa dipalo tsa bao ba neng ba tswa setlhabelo mo go mangwe a matlhotlhapelo ano. Lefa go le jalo, tsotlhe fela e ne e le tse di bakang tshenyo e eseng kana ka sepe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela