A o Tla Thanya lo le Tsebeng?
JESU o ne a tshwere ka natla mo Jerusalema malatsi a le mararo pele ga loso lwa gagwe, lone letsatsi leo le neng la itshupa le le botlhokwa go gaisa mo Bakereseteng ba ba tshelang jaanong. O ne a ruta mo tempeleng, a araba dipotso tse dintsi tsa bonokwane tseo baeteledipele ba tumelo ya Sejuda ba neng ba leka go mo tshwara ka tsone. Kgabagare, o ne a kgala bakwadi le Bafarasai ka mafoko a a neng a ba supa fa e le baitimokanyi le dinoga tseo di neng di tla felela mo Gehenna.—Mathaio, dikgaolo 22, 23.
Fa a tswa mo lefelong le tempele eleng mo go lone, mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a mo raya a re: “Moruti, Bōna mayè a, kaha a nntseñ ka gōna, le dikagō tse, kaha di nntseñ ka gōna.” Jesu o ne a bua le ene jaana, go sena sepe se se mo kgatlhileng: “A ua di bōna dikagō tse di kgolo tse? Ga go ketla go tlogèlwa ha lencwè lepè le tlhatlaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.” (Mareko 13:1, 2) Jesu jaanong o ne a tswa mo tempeleng e le lekgetlo la bofelo, mme a fologela mo Mokgatšheng wa Kiderona, a o tshela, a bo a tlhatloga mokgokolosa wa Thaba ya Motlhware.
Fa a ntse a ntse mo letsatsing la thapama mo thabeng, a lebile tempele mo Thabeng ya Moria e e moseja ole wa mokgatšha, Petere, Jakobe, le Johane, le Anderea ba ne ba tla kwa go ene ka sephiri. Mafoko ao a neng a a bua a go digwa ga tempele a imetse ditlhaloganyo tsa bone. Ba ne ba mmotsa jaana: “Re bolèlèlè, go re, dilō tse di tla dihala leñ? Le seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3; Mareko 13:3, 4) Karabo e a neng a araba potso ya bone ka yone mo thapameng eo kwa Thabeng ya Motlhware e botlhokwa thata mo go rona gompieno. E ka thusa go re thibela go nna lobaka lo loleele pele re akanya ka “bokhutlō yoa lehatshe.”
Potso ya bone e ne e menagane sebedi. Karolo e nngwe e ne e le kaga bokhutlo jwa tempele le tsamaiso ya Sejuda; e nngwe e ne e le kaga go nna gone ga ga Jesu jaaka Kgosi mo isagweng le bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo. Dipotso tseno tsoopedi di ne tsa akarediwa mo karabong ya ga Jesu, jaaka a ne a araba mo go Mathaio 24 le 25, Mareko 13, le Luke 21. (Bona gape Tshenolō 6:1-8.) Jesu o ne a tlhalosa dikarolo di le mmalwa tseo fa di kopanngwa di dirang sesupo se se dikarolo dintsi seo se supang metlha ya bofelo seo se neng se le kaga bokhutlo jwa lefatshe la jaanong kana tsamaiso ya jaanong ya dilo. A sesupo seo se se dikarolo dintsi se a diragadiwa? A se kaya fa re le mo metlheng ya bofelo e go buiwang ka yone mo Bibeleng? A go diragadiwa ga sone go re tlhagisa gore re thantse le le tsebeng?
Karolo e nngwe ya sesupo se se dikarolo dintsi sa ga Jesu ke eno: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” (Mathaio 24:7) Ntwa ya Lefatshe I e ne ya simolola ka 1914. Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela ka nako ya dingwaga tse di lesome tseo ba ne ba tsiboga ka bonako. Mme ka ntlha yang? Makasine wa Watch Tower o ne o kile wa bolela dingwaga tse di ka nnang 35 pele ga foo, ka December 1879, o ikaegile ka tlhatlhamano ya Bibela gore 1914 e tla nna ngwaga o o botlhokwatlhokwa thata mo hisitoring ya motho. A ntwa eno, ntwa ya ntlha e e kileng ya akaretsa lefatshe lotlhe, eo e neng e kopanyeletsa merafe e le 28 le eo mo go yone go neng ga swa batho ba le dimilione di le 14, e ka nna yone e simolotseng ditiragalo tse di diragatsang sesupo se se dikarolo dintsi sa ga Jesu se se kaga bokhutlo? A dikarolo tse dingwe tsa sesupo di ne di tla latela?
Tshololo eno e kgolo ya madi e bolelelwa pele gape mo go “tshenolō ea ga Yesu Keresete.” Mo go yone pitse e khunou le mopagami wa yone ba ‘tlosa kagiso mo lefatsheng.’ (Tshenolō 1:1; 6:4) Seno eleruri se ne sa diragala go tloga ka 1914 go fitlha ka 1918. Mme Ntwa ya Lefatshe I e ne e le tshimologo fela. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola ka 1939. Merafe e le 59 e ne e lwa mo ntweng eo, mme go ne ga bolawa batho ba ka nna dimilione di le 59. Mo dingwageng tse 45 tse di neng tsa latela Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga lowa dintwa tse di fetang 125, tse di neng tsa bolaya batho ba ba fetang dimilione di le 20.
Karolo e nngwe ya sesupo ke eno: “Go tla nna meshwele.” (Mathaio 24:7) Go ne go na le mauba gongwe le gongwe fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e lowa le morago ga yone. Pego nngwe e supa mauba a a fetang 60 a magolo go tloga ka 1914, ao a neng a bolaya dimilione tse dintsi tsa matshelo. Mo godimo ga moo, le eleng jaanong go swa bana ba le 40 000 letsatsi le letsatsi ka ntlha ya phepelotlase le malwetsi a mangwe a a ka kgonwang go thibelwa.
“Go tla nna le dithoromō tse di kgolo tsa lehatshe.” (Luke 21:11) Di ne tsa tshikinya lefatshe fa Ntwa ya Lefatshe I e sena go simolola. Ka 1915, thoromo ya lefatshe e ne ya bolaya batho ba le 32 610 kwa Italy; ka 1920, e nngwe e ne ya bolaya ba le 200 000 kwa China; ka 1923, go ne ga swa ba le 99 300 kwa Japane; ka 1935, go ne ga swa ba le 25 000 koo jaanong go bidiwang Pakistan; kwa Turkey ka 1939 go ne ga swa ba le 32 700; go ne ga swa ba le 66 800 kwa Peru ka 1970; ka 1976, go ne ga swa ba le 240-000 (bangwe ba re 800 000) kwa China; ka 1988, kwa Armenia, go ne ga swa ba le 25 000. Eleruri, go ile ga nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe go tloga ka 1914!
“Mo maheloñ mañwe le mañwe go nne mebopamō.” (Luke 21:11) Ka 1918 le ka 1919, batho ba ba ka nnang 1 000 000 000 ba ne ba tshwerwe ke letshoroma la Sepanishe, mme go ne ga swa ba ba fetang 20 000 000. Mme seo e ne e le tshimologo fela. Mo mafatsheng a a tlhabologang, malaria, letshoroma la kgopa, bofofu jwa noka, letshoroma le legolo la mala, le malwetsi a mangwe, di tswelela go golafatsa le go bolaya batho ba ba dimilione tse di makgolokgolo. Malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a tlhasetse batho. Jo bo tshosang thata gompieno ke sebetso se se bolayang sa AIDS, eo go fopholediwang gore e tshwara motho mongwe yo mosha motsotso mongwe le mongwe, mme ga go na tsholofelo ya kalafi.
“Boikèpō bo tla bo bo ntsihetse.” (Mathaio 24:12) Boikepo bo ne jwa oketsega fela thata go tloga ka 1914, mme gompieno bo oketsega tota. Dipolao, dipetelelo, thubakanyo, le dintwa tsa digopa—ke ditlhogo tsa dikgang le tsa dipampiri tsa dikgang le tsa radio le thelebishene. Kwa United States, monna yo o tshotseng sethunya o thuntsha bana ba sekolo ka makgetlo a a lekgolo ka sethunya se se ntshang marumo ka bonako sa go tlhasela—go ne ga swa ba le 5, ga gobala ba le 29. Monna mongwe kwa Canada yo o tlhakaneng tlhogo kwa Engelane o bolaya batho ba le 16 ka sethunya sa go tlhasela sa AK-47. Monna mongwe yo o ilang basadi o ya kwa Unibesithing ya Montreal mme o bolaya ba le 14 ba bone. Batho ba ba ntseng jalo ba tshwana le diphiri, ditau, dibatana, diphologolo tse di senang tlhaloganyo tse di tshwanetseng fela go tshwarwa le go senngwa.—Bapisa Esekiele 22:27; Sefania 3:3; 2 Petere 2:12.
“Batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” (Luke 21:26) Ka bonako fela morago ga go thunya ga bomo ya ntlha ya atomo, rasaense yo o ithutang ka diatomo Harold C. Urey o ne a bolela jaana ka isagwe: “Re tlile go ja ka poifo, re robala ka poifo, re tshela re boifa le go swa re ntse re boifa.” Go boifa nuklea go okeditswe ke go boifa bonokwane, mauba, go sa tlhomamang ga ikonomi, go wa ga boitsholo, go senyega ga lelapa, go kgotlelwa ga lefatshe. Ebile tota, metlha e e maswe eo re e bontshiwang letsatsi le letsatsi ke dipampiri tsa dikgang le thelebishene e ntse e anamisetsa poifo kwa mafelong a mangwe.
Moaposetoloi Paulo le ene o ne a kwala ka maemo a a neng a tla nna gone mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Fa o bala mafoko a gagwe go tshwana fela le fa o bala dikgang tsa letsatsi. “Me itse seo se,” o ne a kwala jaana, “go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.”—2 Timotheo 3:1-5.
A Dilo Tsotlhe Di Ntse Di Tswelela “Yaka Di Nntse Di Nntse le mo Tshimologoñ ea Popō”?
Moaposetoloi Petere o ne a bolelela pele sengwe gape se se tla bonwang mo metlheng ya bofelo: “Mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.”—2 Petere 3:3, 4.
Gompieno, fa kgang ya metlha ya bofelo e tsoga, batho ba bantsi ba diragatsa mafoko a Petere a neng a a bolelela pele ba bolela jaana ka tshotlo: ‘Dilo tseo tsotlhe di kile tsa diragala. Hisitori e ntse e ipoeletsa.’ Ka jalo ba tlhokomologa ditlhagiso mme ba tswelela “go dira go ya kafa ba ratang ka gone.” Ba kgaphela kwa thoko go diragadiwa ga boperofeti joo bo supang metlha ya bofelo ka phepafalo “go ya ka keletso ya bone.”—2 Petere 3:5, NW.
Lefa go ntse jalo, dikarolo tse di farologaneng tsa sesupo se se dikarolo dintsi seno seo se neng sa bolelelwa pele ke Jesu ga di ise di diragadiwe di le mmogo mo lobakeng lo lokhutshwane jaana gape le ka maatla le ka diphelelo tse dikgolo jaana jaaka pele. (Ka sekai, boeletsa Mathaio 24:3-12; Mareko 13:3-8; Luke 21:10, 11, 25, 26.) Mme segolobogolo re rata go go tlhokomedisa karolo e nngwe gape e e boleletsweng pele ya metlha ya bofelo e e tlhalosiwang mo go Tshenolō.
A re buleng Tshenolō 11:18. E bolela gore fa Bogosi jwa ga Keresete bo simolola go busa le merafe e shakgala le nako ya go atlhola e goroga, Jehofa ka nako eo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” A kgotlelo ga e senye tikogolo gompieno? Ka boammaaruri, batho ga ba bolo go dirisa dikungwa tsa lefatshe go ikhumisa ka tsone. Mme lefa ba ne ba dira jalo, ga ba ise ba ko ba nne mo boemong jwa go le senya gore go se ka ga agiwa mo go lone. Jaanong, ka ntlha ya go tlhabologa ga boranyane jwa saense go tloga ka 1914, batho ba na le maatla ao, mme ka go gwalalela ga bone ka bogagapa go huma, eleruri ba senya lefatshe, ba kgotlela tikologo le go baya nonofo ya lefatshe ya go tshegetsa botshelo mo kotsing.
Lotso lwa motho lo lo ratang go ikgobokanyetsa dikhumo, le le ratang dikhumo thata, jaanong lo dira seno ka selekanyo se se boifisang. Masetlapelo a mangwe a a diregang ke ano: pula ya asiti, go gotela ga kgolokwe, diphatlha go ozone, go tlalatlala ga matlakala, dithothobolo tsa matlakala a dikhemikale, dibolayadijalo le ditshenekegi tse di kotsi tota, matlakala a nuklea, go tshologa ga ole, go tshololwa ga mantle, go tshosediwa ga mefuta mengwe ya ditshedi, matsha a a suleng, go kgotlelwa ga metsi a a kafa tlase ga lefatshe, dikgwa tse di sentsweng, mmu o o kgotletsweng, kgogolego ya mmu, le semoko di senya ditlhare le dijalo mmogo le boitekanelo jwa motho.
Porofesa Barry Commoner o bolela jaana: “Ke dumela gore fa go kgotlelwa ga lefatshe go ntse go tswelela fela mme go sa tlhokomelwe, kgabagare batho ba tla retelelwa ke go nna mo polaneteng eno. . . . Bothata ga se go bo borasaense ba itlhokomolosa seno, mme go na le moo ke bogagapa.” Buka State of the World 1987 e bolela jaana mo tsebeng ya botlhano: “Selekanyo sa ditiro tsa motho se simolotse go tshosetsa go kgonwa go nniwa ga lefatshe ka bolone.” Motseletsele mongwe o o neng wa gasiwa mo thelebisheneng ya botlhe kwa United States ka 1990 o ne o na le setlhogo se se reng “Kgaisano ya Lobelo ya go Boloka Polanete.”
Motho ga a kitla a tlogela go kgotlela; Modimo o tla go khutlisa fa a senya bao ba senyang lefatshe. Modimo le Mojenerale wa gagwe yo Mogolo, Keresete Jesu, ba tla dira seno ka go diragatsa katlholo mo merafeng eno e e ratang dilo tse di bonalang ka ntwa ya makgaolakgang ya HaraMagedona.—Tshenolō 16:14, 16; 19:11-21.
Kwa bokhutlong, tlhokomela karolo e e tlhomologileng eno ya boperofeti jwa ga Jesu kaga malatsi a bokhutlo: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe.” (Mathaio 24:14) Mafoko a a molemo ano a bolela gore Bogosi jwa Modimo jaanong bo a busa kwa legodimong mme ka bonakonyana fela bo tla tsaya kgato ya go senya tsamaiso e e boikepo eno mme bo dire lefatshe go nna Paradaise. Efangele e kile ya reriwa pele mme e ne e sa akaretse lefatshe lotlhe. Lefa go ntse jalo, fa esale go tloga ka 1914, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira seo, lemororo ba bogisiwa fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele—go thibelwa ke dipuso, go tlhaselwa ke digopa, go tsenngwa mo kgolegelong, go bogisiwa, le go bolawa thata.
Mafoko ano a a molemo a ne a rerwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le 4 000 ka 1919. Dipalo tsa bone di ne tsa nna tsa tlhatloga, mo e leng gore mo ngwageng o o fetileng a ne a rerwa ke ba ba fetang 4 000 000 mo dinageng di le 212, ka dipuo tse di ka nnang 200, ba anamisa makgolokgolo a Dibibela, dibuka, le dimakasine, ba tsamaisa dithuto di le dimilione tsa Bibela mo magaeng a batho, ba tshwara dikopano mo ditadiamong tse dikgolo mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Efangele e ne e ka se ka ya kgonwa go rerwa ka selekanyo se segolo seno pele ga 1914. Go e rera ka selekanyo sa jaanong go ne go batla metšhine ya go gatisa e e lobelo tota ya segompieno, ditsamaiso tsa dipalangwa, dikhomputara, metšhine ya fax, le didirisiwa tsa go romela le tsa ditlhaeletsano tseo di kgonwang go bonwa fela mo motlheng ono wa rona.
Jerusalema wa motlha wa ga Jeremia o ne a tlhagisiwa ka go senngwa ga one go go neng go tla; baagi ba yone ba ne ba sotla, mme ba ne ba thanya lo le tsebeng. Gompieno, tlhagiso e kgolo go gaisa eo ya tshenyego e e tlang ka Hara–Magedona e a itsisiwe, e na le bosupi jo bogolo jo bo e tshegetsang. (Tshenolō 14:6, 7, 17-20) Bontsi ga bo reetse. Mme nako yone e ntse e a fela; ba ne ba thanya lo le tsebeng. A o tla thanya lo le tsebeng?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mo motlheng wa ga Jeremia ba ne ba thanya lo le tsebeng