Bibela
Tlhaloso: Lefoko la ga Jehofa Modimo je le kwaletsweng setho. O ne a dirisa bakwadi ba batho ba ba ka nnang 40 ka lobaka lwa makgolo a dingwaga a le 16 go e kwala, mme Modimo ka boene o ne a kaela ka tlhagafalo go kwalwa ga yone ka moya wa gagwe o o boitshepo. Ka gone e tlhotlheleditswe ke Modimo. Karolo e kgolo ya pego e dirilwe ka mafoko a a builweng ke Jehofa ka tlhamalalo le ka ditlhaloso tse di tletseng ka dithuto le ditiro tsa ga Jesu Keresete, Morwa Modimo. Mo go tseno re fitlhela dipolelo tsa dipatlafalo tsa Modimo go batlhanka ba gagwe le seo a tla se dirang go wetsa boikaelelo jwa gagwe jo bogolo ka lefatshe. Go nonotsha kanaanelo ya rona ka dilo tseno, Jehofa gape o bolokile mo Bibeleng pego e e supang seo se tla diragalang fa batho ka bongwe le merafe ba reetsa Modimo mme ba dira tumalanong le boikaelelo jwa gagwe, ga mmogo le matswela ao a nnang gone fa ba itseela tsela ya bone. Ka pego eno e e ikanyegang ya ditso Jehofa o re tlwaelanya le ditirisanyo tsa gagwe le setho mme ka gone le botho jwa gagwe jo bo gakgamatsang.
Mabaka a go akanyetsa Bibela
Bibela ka boyone e re e tswa Modimong, Mmopi wa setho
2 Tim. 3:16, 17: “Lokwalō loñwe lo loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalèmèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”
Tshen. 1:1: “Tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ, gore a e bōntshè batlhanka ba gagwè, eboñ ea dilō tse di tla akohañ di dihala.”
2 Sam. 23:1, 2: “Dafide morwa Yese a bua, . . . Mōea oa ga Yehofa o no oa bua ka nna, lehoko ya gagwè le ne le le mo lolemeñ loa me.”
Isa. 22:15: “Yehofa, Yehofa oa mashomōshomō, o bua yana.”
Re ka lebelela gore molaetsa wa Modimo go setho sotlhe o nne gone go dikologa kgolokwe. Bibela, e le yotlhe kana bontlhanngwe jwa yone, e ile ya ranolelwa mo dipuong tse di batlileng di nna 1 800. Kanamiso ya yone e fitlhelela go dimilione. Go bolela jaana The World Book Encyclopedia: “Bibela ke buka e e badilweng fela thata mo ditsong. Ka gongwe ebile gape e le e e tlhotlheletso e kgolo thata. Dikaelo tse dintsi tsa Bibela di ile tsa abiwa go na le buka lefa e ka nna efe. Gape e ile ya ranolelwa makgetlo a le mantsi mo dipuong tse dintsi go na le buka epe fela.”—(1984), Bol. 2, ts. 219.
Boperofeti jwa Bibela bo tlhalosa bokao jwa maemo a lefatshe
Baetapele ba bantsi ba lefatshe ba dumela gore setho jaanong se mo losing lwa masetlapelo. Bibela e boleletse pele ka maemo ano bogologolo tala; e tlhalosa bokao jwa one le seo matswela a tla nnang sone. (2 Tim. 3:1-5; Luke 21:25-31) E re bolelela seo re tshwanetseng go se dira e le gore re tle re falole tshenyego ya lefatshe e e atamelang, ka sebaka sa go bona botshelo jo bo sa feleng tlaseng ga maemo a tshiamo mono mo lefatsheng.—Sefa. 2:3; Yoh. 17:3; Pes. 37:10, 11, 29.
Bibela e re kgonisa go tlhaloganya boikaelelo jwa botshelo
E araba dipotso tse di jaaka: Botshelo bo tswa kae? (Dit. 17:24-26) Ke goreng re le mono? A ke go tshela ka dingwaga di se kae, go bona se re ka se bonang mo botshelong, mme go tswa foo re bo re e swa?—Gen. 1:27, 28; Bar. 5:12; Yoh. 17:3; Pes. 37:11; Pes. 40:8.
Bibela e bontsha kafa re ka nnang le tsone dilo tseo tota di elediwang thata ke barati ba tshiamo
E re bolelela koo re ka bonang balekane ba ba phepa bao ka boammaaruri ba ratanang (Yoh. 13:35), seo se tla re neelang tlhomamisetso ya gore re tla nna le dijo tse di lekanetseng go rona le malapa a rona (Math. 6:31-33; Dia. 19:15; Baef. 4:28), kafa re ka itumelang ka teng go sa kgathalesege maemo a a bokete ao a re dikaganyeditseng.—Pes. 1:1, 2; 34:8; Luke 11:28; Dit. 20:35.
E re tlhalosetsa gore Bogosi jwa Modimo, goromente wa gagwe, o tla tlosa tsamaiso e e boikepo ya jaanong (Dan. 2:44), mme tlaseng ga puso ya yone setho se tla kgona go ipelela botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng.—Tshen. 21:3, 4; bapisa Isaia 33:24.
Eleruri buka eo e e iphakang go tswa go Modimo, eo e tlhalosang ka bobedi bokao jwa maemo a lefatshe le boikaelelo jwa botshelo, ebile e supa kafa mathata a rona a tla rarabololwang ka gone e tshwanelwa ke kakanyetso tota.
Ditshupo tsa tlhotlheletso
E tletse ka dipolelo-pele tseo di supang go nna le kitso e e tletseng ka isagwe—sengwe seo se sa kgonweng ke batho
2 Pet. 1:20, 21: “Ga go na polèlèlō pele epè ea dikwalō e e iphuthololèlwañ ke motho a le moñwe hèla. Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.”
◼ Boperofeti: Isa. 44:24, 27, 28; 45:1-4: “Yehofa . . .Eo ke raeañ lediba ye le boteñ ke re, Cha, me ke tla kgadisa dinoka tsa gago: Eo ke buañ kaga Kurose, ke re, Ke motho oa me eo o disañ, me o tla dihatsa go kgatlhèga ga me gotlhe hèla: eo ke raeañ Yerusalema, ke re, O tla agiwa; le tempela; ke re, Motheo oa gago o tla thaiwa. Yehofa o bua yana le motlodiwa oa gagwè, a raea Kurose, eo lecōgō ya gagwè ke le tshegeditseñ go tla ke henya merahe ha pele ga gagwè, me ke tla repisa dithèka tsa dikgosi; go tla ke bula meyakō ha pele ga gagwè, me dikgōrō ga di ke tla di cwalwa: A re, Ke tla gu ètèlèla pele, ke tla papana mahelō a a makgawekgawe; ke tla thubaganya dicwalō tsa kgōtlhō, ke tla pomaganya mephakalègō ea tshipi . . . Ke ka ntlha ea ga Yakoba motlhanka oa me, le Iseraela moitshenkedwi oa me, ha ke gu biditse ka leina ya gago.” (Mokwalo wa ga Isaia o ne wa wediwa mo e ka nnang ka 732 B.C.E.)
◻ Tiragatso: Kurose o ne a ise a tsalwe fa boperofeti bo ne bo kwalwa. Bajuda ba ne ba se ka ba isiwa kwa botshwarong kwa Babelona go fitlhelela 617-607 B.C.E., mme Jerusalema le tempele di ne tsa senngwa fela ka 607 B.C.E. Boperofeti bo ne jwa diragadiwa ka botlalo go simololeng ka 539 B.C.E. Kurose o ne a faposetsa metsi a Noka ya Efuretese mo letšheng la maitirelo, dikgoro tsa noka tsa Babelona di ne tsa tlogelwa di butswe ka botlhaswa fa go ne go jewa moletlo mo motseng, mme Babelona a wela go Bameda le Baperesia tlaseng ga Kurose. Morago ga foo, Kurose a golola batshwarwa ba Bajuda mme a ba busetsa morago kwa Jerusalema ka ditaelo tsa go aga tempele ya ga Jehofa koo.—The Encyclopedia Americana (1956), Bol. III, ts. 9; Light From the Ancient Past (Princeton, 1959), Jack Finegan, dits. 227-229; “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial” (New York, 1983), dits. 282, 284, 295.
◼ Boperofeti: Yer. 49:17, 18: “Me Edoma o tla nna segakgamaco; moñwe le moñwe eo o hetañ ka èna o tla gakgamala, me o tla otsetsa dipecō cotlhe tsa gagwè. Yaka mo go ribegediweñ ga Sodoma le Gomora le metse e e neñ e bapile naeō, go bua Yehofa, ga go ketla go nna motho opè gōna.” (Go kwalwa ga dipolelelo pele tsa ga Jeremia go ne ga wediwa ka 580 B.C.E.)
◻ Tiragatso: “[Baedoma] ba ne ba lelekiwa mo Palasitina mo lekgolong la bo-2 la dingwaga B.C. ke Judas Maccabæus, mme ka 109 B.C. John Hyrcanus, moetapele wa ba “Maccabees,” o ne a atolosetsa bogosi jwa Juda go akareletsa le karolo ya bophirima ya dinaga tsa Se-Edoma. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C. katologo ya Baroma e ne ya gogopa masalelanyana a bofelo a boipuso jwa Se-Edoma . . . Morago ga go senngwa ga Jerusalema ke Baroma ka 70 A.D. . . . leina Idumæa [Edoma] le ne la nyelela mo ditsong.” (The New Funk & Wagnalls Encyclopedia, 1952, Bol. 11, ts. 4114) Elatlhoko gore tiragatso e fitlha le eleng motlheng wa rona. Ga go ka tsela epe e go ka ganediwang ga twe boperofeti jono bo ne jwa kwalwa morago ga ditiragalo di sena go diragala.
◼ Boperofeti: Luke 19:41-44; 21:20, 21: “Me ea re [Jesu Keresete] a atamèla, a bōna motse, a o lelèla, a re, . . . Gonne metlha e tla tla mo go wèna, ea go re, baba ba gago ba tla tlhatlosa lomōta tikologoñ ea gago, ba tla gu dika, ba gu kganèlèla ka ntlha cotlhe, Me ba tla gu piriganyetsa ha hatshe, le bana ba gago ba le mo teñ ga gago; me ga ba ketla ba tlogèla mo go wèna lencwè lepè le tlhatlaganye le ye leñwe; ka gonne u nu u sa itse motlha oa go lekolwa ga gago.” Malatsi a mabedi moragonyana, o ne a laya barutwa ba gagwe ka gore: “Me e tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè.” (Boperofeti jo bo neng jwa buiwa ke Jesu Keresete ka 33 C.E.)
◻ Tiragatso: Jerusalema o ne a tsuologela Roma mme, ka 66 C.E., masole a Roma a eteletswe ke Cestius Gallus a tlhasela motse. Mme, jaaka raditiragalo wa Mojuda Josephus a bega, moetapele wa Roma “ka tshoganetso o ne a bitsa banna ba gagwe, a felelwa ke tsholofelo lemororo a ne a se ka a fenngwa ka gope, mme ka go tlhokomologa ditlhagiso tsotlhe a tswa mo Motseng.” (Josephus, the Jewish War, Penguin Classics, 1969, ts. 167) Seno se ne sa baakanyetsa ka sebaka sa Bakeresete go tshaba mo motseng, seo ba neng ba se dira, ba tsamaela kwa Pella, go pota Jorodane ka kwa, go ya ka Eusebius Pamphilus mo go Ecclesiastical History. (E ranotswe ke C. F. Crusé, London, 1894, ts. 75) Go tswa foo ka nako ya Tlolaganyo ya ngwaga wa 70 C.E. General Titus a dikaganyetsa motse, go ne ga tlhomiwa terata e e dikaganyetsang ya dimmaele tse 4.5 ka boleele (7.2 km) mo malatsing a le mararo fela, mme morago ga dikgwedi tse tlhano, Jerusalema a wa. “Jerusalema ka boene o ne a senngwa fela gone foo mme Tempele ya tlogelwa e le matlotla. Tiro ya bofatolodi e re bontsha gompieno kafa go senngwa ga dikago tsa Bajuda go neng go le gogolo ka teng mo lefatsheng leo lotlhe.”—The Bible and Archaeology (Grand Rapids, Mich.; 1962), J. A. Thompson, ts. 299.
Diteng tsa yone di a utlwala kafa boitseanapeng mo dikgannyeng tseo babatlisisi ba batho ba ileng ba di bona moragong jaana
Tshimologo ya Lobopo: Genesise 1:1: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” Ka 1978, molepa-dinaledi Robert Jastrow o ne a kwala ka gore: “Re bona jaanong kafa bosupi jwa tepo-dinaledi bo gogelang kwa ponong ya Bibela ya tshimologo ya lefatshe. Ditlhaloso di a farologana, mme dintlha tse di leng botlhokwa mo tepo-dinaleding le dipolelo tsa Bibela tsa ga Genesise di a tshwana: tlhomagano ya ditiragalo e e gogelang kwa mothong e simologa ka tshoganyetso mme ka bofefo ka motsotso o o beilweng wa nako, ka go phatsima ga lesedi le ka maatla.”—God and the Astronomers (New York, 1978), ts. 14.
Sebopego sa Polanete Lefatshe: Isaia 40:22, NW: “Go na le Ene yo o okameng kgolokwe ya lefatshe.” Mo metlheng ya bogologolo, kgopolo e e tlwaelegileng e ne e le gore lefatshe le sephara. Morago ga dingwaga tse di fetang 200 temana eno ya Bibela e sena go kwalwa, e ne ya nna gone setlhopha sengwe sa boramatlhale ba Bagerika se lemogang gore lefatshe le ka nna la bo le le kgolokwe, mme mo e ka nnang mo dingwageng tse dingwe gape tse 300 moithutadinaledi mongwe wa Mogerika o ne a kgona go bala gore kgolokwe yotlhe ya lefatshe e bogolo bo kae. Tota le ka yone nako eo, batho ba bantsi ba ne ba sa dumele gore lefatshe le kgolokwe. E ne ya nna fela go fitlha ka lekgolo la dingwaga la bo-20 go ileng ga kgonega ka batho go ka tsamaya ka sefofane, go tswa foo mo lefaufaung le eleng kwa ngweding, ka gone go ba neela pono e ntle ya ‘kgolokwane’ ya go kwetoga ga lefatshe.
Diphologolo: Lefi. 11:6: “Le mmutla, . . . gonne oa ōtla.” Lemororo seno se ile sa tlhaselwa ka boleele ke baganetsi bangwe, go otla ga mmutla go ne ga lemogiwa kgabagare ke monna wa Moesemane William Cowper mo lekgolong la dingwaga la bo-18. Tsela e e sa tlwaelegang eo go dirwang ka yone e ne ya tlhalosiwa ka 1940 go Proceedings of the Zoological Society of London, Bol. 110, Series A, dits. 159-163.
Kutlwano ya yone ya moteng ke e e tshwaegang
Seno se ntse jalo segolo bogolo ponong ya lebaka la gore dibuka tsa Bibela di ne tsa kwalwa ke banna ba ba ka nnang 40 ba ba farologanang thata jaaka kgosi, moperofeti, modisa, mokgethisi, le ngaka. Ba ne ba kwala ka lobaka lo lo fetang dingwaga tse 1 610; ka jalo go ne go se na sebaka sa go loga mmogo leano la tsietso. Lefa go le jalo mekwalo ya bone e a dumalana, le eleng mo dikgannyeng tse dipotlanyana. Go lemoga bokgakala joo ka jone dikarolo tse di farologaneng tsa Bibela di tshwaraganeng sentle ka kutlwano ka gone, o tshwanetse go e bala le go e ithuta ka sebele.
Re ka tlhomamisega jang gore Bibela ga e ise e fetolwe?
“Mo mekwalong ya bogologolo e le mentsi ya MSS. [manuscripts] e e rurifatsang go kwalwa, le mo palong ya dingwaga e e neng ya feta magareng ga mekwalo ya MSS ya tshimologo le e e rurifatsang, Bibela e ipelela phenyo e kgolwane mo godimo ga mekwalo ya bogologolo [jaaka eo ya bo Homer, Plato le ba bangwe]. . . . Mekwalo ya bogologolo ya MSS ke e mebotlanyana fela thata fa e bapisiwa le ya Bibela. Ga go buka epe ya bogologolo e e rurifadiwang go le kalo jaaka Bibela.”—The Bible From the Beginning (New York, 1929), P. Marion Simms, dits. 74, 76.
Pego ngwe e e phasaladitsweng ka 1971 e bontsha gore go ka tswa go na le dikaelo tsa yone tse di kwadilweng ka seatla di le 6 000 tse di nang le dikarolo tsotlhe tsa Dikwalo tsa Sehebera; tse di kgologolo go di feta tsotlhe ke tsa lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. Tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tsone di 5 000 ka Segerika, mme tse di kgologolo go di feta tsotlhe ke tsa go simologa ga lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. E bile gape go na le dikaelo di le dintsi tsa dithanolo tsa ntlhantlha tse di neng tsa ranolelwa mo dipuong tse dingwe.
Mo ketapeleng ya dibolumo tse supa tsa gagwe go The Chester Beatty Biblical Papyri, Sir Frederic Kenyon o ne a kwala ka gore: “Phetso ya ntlha ebile e le e e botlhokwa thata e e ntshiwang mo tlhatlhobisong ya tsone [papyri] ke e e kgotsofatsang ya gore di netefatsa tlhaloso e e tlhokafalang ya mekwalo e e ntseng e le teng. Ga go pharologano epe e e tshosang kana ya konokono e e bontshiwang e ka tswa e le mo Testamenteng e Kgologolo kana e Ntšha. Ga go a tlogelwa sepe se se botlhokwa-tlhokwa kana ga okediwa dikarolo, mme ga go na dipharologano tse di amang dintlha tse di botlhokwa kana dithuto tsa motheo. Dipharologanyo tsa mokwalo di ama dikgang tse eseng tsa sepe, jaaka thulaganyo ya mafoko kana mafoko a tota a neng a dirisiwa . . . Mme seo se tshwaegang thata-thata mo go tsone ke go tiisetsa ga tsone, ka bosupi jwa bogologolo jwa tsone jo bo neng bo ise bo lemogiwe le jaanong, gore mekwalo ya rona e e gone e boikanngo.”—(Lontone, 1933), ts. 15.
Go boammaaruri gore dithanolo dingwe tsa Bibela di ngaparela thata-thata go seo eleng dipuo tsa kwa tshimologong go na le tse dingwe. Dibibela tsa bosheng tse di tlhabanyetsang di ile tsa itshegela mogodu mo ka dinako tse dingwe di neng tsa fetola bokao jwa kwa tshimologong. Baranodi bangwe ba ile ba letlelela ditumelo tsa bone tsa botho go tlhotlheletsa diphetolelo tsa bone. Mme makoa ano a ka lemogiwa ka go bapisiwa ga dithanolo tse di farologaneng.
Fa Mongwe A Re—
‘Ga ke dumele mo Bibeleng’
O ka nna wa araba ka go re: ‘Mme o dumela gore go na le Modimo, a gago jalo? . . . A ke ka botsa gore ke eng se se leng gone mo Bibeleng seo o se bonang go le bokete go se amogela?’
Kana o ka nna wa re: ‘A ke ka botsa, A o ikutlwile jalo ka metlha? . . . Ke utlwile ba bangwe ba rialo, lemororo ba se ka ba tlhatlhobisa Bibela ka botlalo. Mme ereka Bibela ka papamalo e bolela gore molaetsa wa yone o tswa go Modimo ka sebele mme le gore o tla re neela botshelo jo bo sa khutleng fa re dumela le go tshela kafa a bolelang ka teng, a ga o ka ke wa dumela gore bobotlana e tshwanetse ya tlhatlhobisiwa go bona gore a dipolelo tsa yone di boammaaruri kana nnyaa?’ (Dirisa boikitsiso jo bo mo ditsebeng 64-67.)
‘Bibela e a ikganetsa’
O ka nna wa araba ka go re: ‘Ke utlwile batho ba bangwe ba mpolelela seo, mme ga go ope wa bone yo o ileng a kgona go mpontsha se tota se ikganetsang. Mme mo go baleng Bibela ga me ka sebele ga ke ise ke bone sepe. A o ka mpha sekai?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Seo ke se boneng ke gore batho ba le bantsi ga ba kgone go bona dikarabo tsa dipotso tseo Bibela e dirang gore ba di akanyetse. Ka sekai, Kaene o tsere mosadi wa gagwe kae? (Dirisa kgang e e mo ditsebeng 158, 159.)’
‘Bibela e kwadilwe ke batho’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Go boammaaruri. Ba ba ka nnang 40 ba ne ba nna le karolo mo go yone. Mme e ne ya tlhotlhelediwa ke Modimo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Seo se rayang? Gore Modimo o kaetse go kwalwa ga yone, fela jaaka rakgwebo a ka dirisa mokwaledi go kwala dikwalo tsa gagwe.’ (2) ‘Mogopolo wa go amogela melaetsa go tswa go mongwe mo loaping ga o a tshwanela go re gakgamatsa. Le eleng batho ba ile ba romela melaetsa le ditshwantsho go tswa ngweding. Ba ile ba go dira jang? Ka go dirisa melao e e sa leng e tlholwa ke Modimo ka sebele bogologolo.’ (3) ‘Mme re ka tlhomamisega jang gore seo Bibela e se tshotseng eleruri se tswa go Modimo? E tshotse boikitsiso jo gotlhelele bo ka se tsweng mo motsweding wa motho. Wa mofuta ofe? Ditlhaloso kaga isagwe; mme tseno ka metlha di ile tsa itshupa di tlhomame eleruri. (Go bona dikai, bona ditsebe 64-66, gape le ditsebe 274-279, tlaseng ga setlhogo “Metlha ya Bofelo.”)’
‘Mongwe le mongwe o na le tlhaloso ya gagwe ya Bibela’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme tota ga se gore tsotlhe di siame.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Go sokamisa Dikwalo go tshwanela megopolo ya rona fela go ka felela ka kgobalo ya bosakhutleng. (2 Pet. 3:15, 16)’ (2) ‘Go na le dilo tse pedi tse di ka re thusang go tlhaloganya Bibela sentle. Santlha, akanyetsa mokwalo (ditemana tse di dikologileng) wa polelwana epe fela. Go tswa foo, bapisa mekwalo le dipolelo tse dingwe mo Bibeleng tse di dirisanang le kgang e e tshwanang. Ka tsela eo re letlelela Lefoko ja Modimo go kaela go akanya ga rona, mme tlhaloso ga se ya rona mme ya gagwe. E ke tsela eo dikgatiso tsa Watch Tower di e tsayang.’ (Bona tsebe 58, tlaseng ga setlhogo “Basupi ba ga Jehofa.”)
‘Ga e na mosola mo motlheng wa rona’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Mme re kgatlhegela dilo tse di mosola gompieno, ga go jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o ne o ka dumela gore go khutlisa ntwa go ne go tla bo go le mosola? . . . A ga o dumele gore fa batho ba ne ba ka ithuta go tshela mmogo ka kagiso le bao ba merafe e mengwe, seno e ne e tla bo e le tshimologo e e molemo? . . . Bibela e boleletse pele sone seo fela. (Isa. 2:2, 3) Ka ntlha ya thuto ya Bibela, go a diragala gompieno gareng ga Basupi ba ga Jehofa.’ (2) ‘Go na le sengwe se segolwane se se tlhokafalang—go tlosiwa ga batho le merafe e e tsalang dintwa. A selo se se ntseng jalo le ka motlha se tla diragala? Ee, mme Bibela e tlhalosa gore jang. (Dan. 2:44; Pes. 37:10, 11)’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke anaanela kamego ya gago. Fa e le gore buka e e kaelang e ne e se mosola, re ne re tla bo re le boeleele go e dirisa, a gago jalo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘A o ne o tla dumela gore buka e e baakanyetsang ka kgakololo e e utlwalang e e ka re kgonisang go nna le botshelo jwa lelapa je le itumetseng e mosola? . . . Matlhajana le ditlwaelo tse di kopanyeletsang botshelo jwa lelapa di ile tsa fetoga ka makgetlo a mantsi, mme diphelelo tse re di bonang gompieno ga se tse di molemo. Mme bao ba itseng ba bo ba dirisa seo Bibela e se bolelang, ba na le malapa a a ritibetseng, a a itumetseng. (Bakol. 3:12-14, 18-21)’
‘Bibela ke buka e e molemo, mme ga go na selo seo go ka tweng ke boammaaruri tota-tota’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Go boammaaruri gore mongwe le mongwe o lebega a na le kgopolo e e farologaneng. Mme le eleng fa mongwe a akanya gore o tshwere selo sentle, gantsi o iphitlhela gore bobotlana go na le kgang e nngwe e a se kang a e akanyetsa. Mme go na le mongwe yo o se nang tlhaelo e e ntseng jalo. E ka nna mang? . . . Ee, Mmopi wa lobopo.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) Ke ka gone moo Jesu a neng a re ka ga gagwe: “Lehoko ya gago ke boamarure.” (Yoh. 17:17) Boammaaruri joo bo mo Bibeleng. (2 Tim. 3:16, 17)’ (2) ‘Modimo ga a batle gore re kaile mo lefifing; o boletse gore thato ya gagwe ke gore re tle mo kitsong e e tlhomameng ya boammaaruri. (1 Tim. 2:3, 4) Ka mokgwa o o kgotsofatsang fela thata Bibela e arabela dipotso tse di jaaka . . . ’ (Go thusa batho ba bangwe, go ka tlhokafala lantlha gore o tlhalose bosupi jwa go dumela gore Modimo o gone. Bona ditsebe 287-294, tlaseng ga setlhogo “Modimo.”)
‘Bibela ke buka ya makgoa’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Eleruri go boammaaruri gore ba ile ba gatisa dikaelo tse dintsi tsa Bibela. Mme Bibela ga e bolele gore morafe o mongwe o botoka mo go o mongwe.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Bibela e tswa go Mmopi wa rona, mme ga a lebe bomang-mang jwa ga ope. (Dit. 10:34, 35)’ (2) ‘Lefoko ja Modimo le solofetsa batho ba merafe yotlhe le ditso sebaka sa go tshelela ruri mono mo lefatsheng tlaseng ga Bogosi jwa gagwe. (Tshen. 7:9, 10, 17)’
Kana o ka nna wa re: ‘Gotlhelele nnyaa! Mmopi wa setho e ne e le ene a neng a kgetha banna bao a tla ba tlhotlheletsang go kwala dibuka tse 66 tsa Bibela. Mme fa e le gore o ile a ikgethela go dirisa batho ba mmala o moswaanyana, moo e ne e le boikarabelo jwa gagwe. Mme molaetsa wa Bibela o ne o sa beelwa batho ba basweu fela.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Elatlhoko seo Jesu a neng a se bolela . . . (Yoh. 3:16) “Leha e le mañ” go akareletsa batho ba mmala lefa e ka tswa e le ofe. Gape, pele ga a ka tlhatlogela legodimong, Jesu o ne a sadisa barutwa ba gagwe sentle ka mafoko ano . . . (Math. 28:19)’ (2) ‘Ka mo go kgatlhisang, Ditihō 13:1 e bua kaga monna mongwe yo a neng a bidiwa Nigere, e le leina leo le rayang “bontsho.” E ne e le mongwe wa baperofeti le barutisi ba phuthego ya Antioka, mo Asiria.’
‘Le na le Bibela ya lona’
Bona setlhogo se segolo se se reng “‘New World Translation.’”