Basupi ba ga Jehofa
Tlhaloso: Mokgatlho wa lefatshe ka bophara wa batho bao e leng Bakeresete ba ba tlhagafaletseng go neela bosupi ka ga Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe a a amang setho. Dilo tse ba di dumelang ke tse di tswang mo Bibeleng gotlhelele.
Ke dilo dife tseo di dumelwang ke Basupi ba ga Jehofa tseo di ba tlhaolang jaaka ba ba farologaneng le ditumelo tse dingwe?
(1) Bibela: Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Bibela yotlhe ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng mme, go na le go ngaparela thuto nngwe ya borapedi e e theilweng mo dingwaong tsa batho, ba tsaya Bibela jaaka tekanyetso ya dilo tsotlhe tse ba di dumelang.
(2) Modimo: Ba obamela Jehofa jaaka Modimo o o osi wa boammaaruri mme ba bua le ba bangwe ka ga gagwe ba gololesegile le ka maikaelelo a gagwe a a lorato tebang le setho. Mongwe le mongwe yo o supang phatlalatsa ka Jehofa gantsi o lemogiwa jaaka yo o tswang mo setlhopheng se le sengwe—sa “Basupi ba ga Jehofa.”
(3) Jesu Keresete: Ga ba dumele gore Jesu Keresete ke karolo ya Tharo-nngwe, mme gore, jaaka Bibela e bolela, ke Morwa Modimo, motsalwa-pele mo dibopiweng tsa Modimo; gore o nnile gone pele ga a nna motho le gore botshelo jwa gagwe bo ne jwa fudusiwa go tswa kwa legodimong go tsena mo sebopelong sa kgarebane, Maria; gore botshelo jwa gagwe jwa botho jo bo itekanetseng jo bo neng jwa ntshiwa setlhabelo bo kgonagatsa poloko go ya botshelong jo bosakhutleng go bao ba bontshang tumelo; gore Keresete o tsweletse go busa jaaka Kgosi, ka taolo e a e neetsweng ke Modimo mo lefatsheng lotlhe fa e sale ka 1914.
(4) Bogosi jwa Modimo: Ba dumela gore Bogosi jwa Modimo ke jone tsholofelo fela ya setho; gore ke goromente wa mmatota; gore bo tla tloga bo nyeletsa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo, go akareletsa bogoromente botlhe ba batho, le gore bo tla tlhagisa tsamaiso e ntšha e mo go yone tshiamo e tla renang.
(5) Botshelo jwa selegodimo: Ba dumela gore Bakeresete ba ba 144 000 ba ba tloditsweng ka moya ba tla arola le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo, ba busa jaaka dikgosi le ene. Ga ba dumele gore legodimo ke tuelo go mongwe le mongwe yo o “siameng.”
(6) Lefatshe: Ba dumela gore boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka lefatshe bo tla diragadiwa; gore lefatshe le tla nniwa ka mo go feletseng ke baobamedi ba ga Jehofa le gore bano ba tla nna le gore ba itumelele botshelo jo bosakhutleng mo boitekanelong jwa botho; gore le eleng baswi ba tla nna le letlhogonolo la go tsosiwa go tla go arola mo masegong ano.
(7) Loso: Ba dumela gore baswi ga ba itse sepe gotlhelele; gore ga ba utlwe botlhoko le fa e le boipelo mo sebakeng sengwe sa moya; ga bayo gope fela fa e se mo kgopolong ya Modimo, mme jalo tsholofelo ya bone ya botshelo jwa isagwe e ikaegile mo tsogong go tswa mo baswing.
(8) Metlha ya bofelo: Ba dumela gore jaanong jaana, fa e sa le ka 1914, re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo; gore bangwe ba ba ba boneng ditiragalo tsa 1914 ba tla bona gape tshenyego e e feletseng ya lefatshe la gompieno le le boikepo; gore barati ba tshiamo ba tla falolela mo lefatsheng le le phepafaditsweng.
(9) Ba kgaogane le lefatshe: Ba leka ka natla go sa nne karolo ya lefatshe, jaaka Jesu a buile gore go tla nna jalo ka balatedi ba gagwe. Ba bontsha lorato lwa sebele lwa Bokeresete go baagelani ba bone, mme ga ba arole mo dipolotiking kana mo dintweng tsa morafe lefa e ka nna ofe. Ba baakanyetsa ka ditlhokafalo tse di bonalang go malapa a bone mme ba gana telekiso e e bogagapa ya lefatshe ya dilo tse di bonalang le go itumisa ga mmogo le go itlhapedisa mo go feteletseng mo menateng.
(10) Ba dirisa kgakololo ya Bibela: Ba dumela gore go botlhokwa go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jaanong—mo gae, mo sekolong, mo kgwebong, mo phuthegong ya bone. Go sa kgathalesege tsela ya motho ya go tshela e e fetileng, o ka nna a fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa a latlha ditlwaelo tse di nyadiwang ke Lefoko la Modimo mme a dirisa kgakololo ya lone ya bomodimo. Mme fa mongwe morago ga foo a ka nna le tlwaelo ya go dira boaka, kgokafalo, bosodoma, kgobololo ya diokobatsi, botagwa, maaka kana bogodu, o tla kgaolwa mo phuthegong.
(Lenaneo le le fa godimo le tlhalosa fela ka bokhutshwane dilo dingwe tse di dumelwang ke Basupi ba ga Jehofa mme ga se gore ke tsone dintlha tsotlhe tseo di farologanyang seo ba se dumelang le se se dumelwang ke ditlhopha tse dingwe. Motheo wa Dikwalo wa dilo tse di fa godimo tseno tse di dumelwang o ka fitlhelwa mo karolong ya Ditlhogo tsa Dithuto mo bukeng eno.)
A Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jwa Amerika?
Ke babueledi ba Bogosi jwa Modimo, eseng ba tsamaiso nngwe ya bopolotiki, itsholelo kana loago mo morafeng ope wa lefatshe leno le legologolo.
Go boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba nnile le tshimologo ya bone ya bosheng mo United States. Lefelo la ntlo-kgolo ya bone ya lefatshe lotlhe ya koo le thusitse gore go kgonagale gore go gatisiwe le go romela dibuka tsa Bibela kwa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Mme Basupi ga ba rate morafe o mongwe go na le o mongwe; ba fitlhelwa mo e ka nnang mo morafeng mongwe le mongwe, mme ba na le diofisi mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe go laola tiro ya bone mo dikarolong tseo.
Akanyetsa seno: Jesu o ne a tsalelwa kwa Palasetina jaaka Mojuda, mme Bokeresete ga se bodumedi jwa Palasetina, a ga go jalo? Lefelo la botsalelo jwa ga Jesu jaaka motho ga se lebaka je le botlhokwa thata go le akanyetsa. Se Jesu a se rutileng se ne se tswa kwa go Rraagwe, Jehofa Modimo, yo o dirisanang ka tekatekanyo le batho ba merafe yotlhe.—Yoh. 14:10; Dit. 10:34, 35.
Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e duelelwa jang?
Ka meneelo ya boithatelo, jaaka go ne go ntse ka Bakeresete ba pele. (2 Bakor. 8:12; 9:7) Ga go na dikoleke dipe tse di tsewang kwa dipokanong tsa bone; ga ba ke ba lopa madi mo bathong. Meneelo ya dibuka tsa Bibela ke go emisetsa ditshenyegelo tsa kgatiso le thomelo.
Basupi ga ba duelelwe go tsamaya ka ntlo le ntlo kana go neela ka dibuka tsa Bibela mo mebileng. Lorato go Modimo ga mmogo le go moagelani le ba tlhotlheletsa go bua ka dipaakanyetso tse di lorato tsa Modimo go setho.
Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, lekgotla la sedumedi le le ka fa molaong le le dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, le ne la tlhomiwa semolao ka 1884 tumalanong le Molao wa Makgotla a e seng a Papadi a “Commonwealth of Pennsylvania,” U.S.A. Ka gone, kafa molaong, le ka se nne, mme ebile ga se la kgwebo ya papadi gape ga go na batho bape ba ba bapalang ka Lekgotla leno. Maitlamo a Mokgatlho a tlhalosa jaana: “Ga o [Mokgatlho] rulaganyetse go bapalela maloko a one, batsamaisi ba one kana badiri ba one poelo ya madi, ka go sa ikaelela kana ka tsela nngwe fela.”
A Basupi ba ga Jehofa ke lekoko kana ngwao nngwe ya kobamelo?
Bangwe ba tlhalosa lekoko go raya setlhopha sengwe se se intshitseng mo tumelong e e tlhomilweng gale. Bangwe ba dirisa lereo leno go kaya setlhopha se se latelang moeteledi-pele mongwe yo o rileng wa motho kana moruti. Gantsi lereo leo le dirisiwa ka tsela ya go kgoba. Basupi ba ga Jehofa ga se letlhogelwa la kereke nngwe mme ke batho ba ba tswang methaleng e e farologaneng ya botshelo le go tswa mefuteng e e farologaneng ya ditumelo. Ga ba lebe go motho ope, mme go na le moo ba leba go Jesu Keresete, jaaka moetapele wa bone.
Ngwao ya kobamelo ke bodumedi jo go tweng ga se jwa motheo kana jo bo gatelelang boineelo go ya kafa mokgweng o o laotsweng. Dingwao tsa kobamelo di le dintsi di latela moetapele wa motho yo o sa ntseng a tshela, mme gantsi batseni ba tsone ba nna ba ikgaogantse ka ditlhopha mo bathong ka kakaretso. Lefa go ntse jalo, tekanyetso ya seo e leng sa motheo e tshwanetse go nna Lefoko la Modimo, mme Basupi ba ga Jehofa ba ngaparela Bibela thata-thata. Kobamelo ya bone ke tsela ya botshelo, eseng mokgwa fela wa boineelo. Ga ba latele motho kana go itlhaola mo bathong botlhe. Ba tshela le go dirisanya le batho ba bangwe.
Bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa bo na le lobaka lo lo kae?
Go ya ka Bibela, tatelano ya basupi ba ga Jehofa e simolola fela kwa go Abele yo o neng a ikanyega. Bahebera 11:4-12:1 e re: “Ka tumèlō Abele a isetsa Modimo setlhabèlō se se gaisañ sa ga Kaine; . . . Ka tumèlō Noa, e rile a tlhagisicwe ke Modimo kaga dilō tse di e señ di bōnale, me a shutelediwa ke poihō ea Modimo, . . . Ka tumèlō Aberahame, e rile a bidiwa a utlwa, a huduga a ea kwa heloñ ha o na a tla amogèla go nna boshwa; . . . Ka tumèlō Moshe, e rile a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Farwe; A itshenkèla go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka; . . . Me ke gōna, ereka re dikanyedicwe ke boidiidi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.”
Ka go lebisa go Jesu Keresete, Bibela e tlhalosa ka gore: “Eo o leñ Amen, eo e leñ moshupi eo o boikañō le boamarure, tshimologō ea lobopō loa Modimo, o bua dilō tse.” E ne e le mosupi wa ga mang? Ene ka boene o rile o bontshitse batho leina la ga Rraagwe. E ne e le mosupi yo mogolo wa ga Jehofa.—Tshen. 3:14; Yoh. 17:6.
Ka mo go tshwaegang, Bajuda bangwe ba ne ba botsa fa e le gore tiro ya ga Jesu Keresete e ne e le “thutō e ncha.” (Mar. 1:27) Moragonyana, Bagerika bangwe ba ne ba gopola gore moaposetoloi Paulo o ne a lerile “thutō e ncha.” (Ditihō 17:19, 20) E ne e le ntšha mo ditsebeng tsa ba ba neng ba e utlwa, mme selo se se botlhokwa ke gore e ne e le boammaaruri, e le mo tumalanong e e tletseng le Lefoko la Modimo.
Ditso tsa motlha wa segompieno tsa Basupi ba ga Jehofa di simologile ka go tlhongwa ga setlhopha sa thuto ya Bibela mo Allegheny, Pennsylvania, U.S.A., kwa tshimologong ya bo 1870. Lantlha ba ne ba itsewe fela jaaka Baithuti ba Bibela, mme ka 1931 ba ne ba nna le leina le le kafa Dikwalong la Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) Dilo tse ba di dumelang le ditlwaelo tsa bone ga di disha mme ke tsosoloso ya Bokeresete jwa lekgolo lantlha la dingwaga.
A Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore bodumedi jwa bone ke jone fela jo bo siameng?
Bibela ga e dumalane le pono ya motlha wa segompieno ya gore go na le ditsela di le dintsi tse di amogelesegang tsa go obamela Modimo. Baefesia 4:5 e re: “Go Morèna a le moñwe hèla, tumèlō e le ñwe hèla.” Jesu o tlhalositse ka gore: “Kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi. . . . Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ.”—Math. 7:13, 14, 21; bona gape 1 Bakorintha 1:10.
Dikwalo di nna gangwe le gape di lebisa go kakaretso yotlhe ya dithuto tsa Bokeresete tsa nnete jaaka “boamarure,” mme Bokeresete jaaka “tsela ea boamarure.” (1 Tim. 3:15; 2 Yoh. 1; 2 Pet. 2:2) Ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba theile dilo tsotlhe tse ba di dumelang, ditekanyetso tsa bone tsa boitshwaro le ditsamaiso tsa phuthego mo Bibeleng, tumelo ya bone mo Bibeleng ka boyone gore ke Lefoko la Modimo e ba tlhatswa pelo gore seo ba nang naso ruri ke boammaaruri. Jalo he boemo jwa bone ga se jwa boikgogomoso mme bo supa boikanyo jwa bone jwa gore Bibela ke tekanyetso e e siameng e e ka tlhatlhobang bodumedi jwa motho. Ga ba a iteba ba le nosi mme ba tlhagafaletse go abalana dilo tse ba di dumelang le ba bangwe.
A ditumelo tse dingwe le tsone ga di latele Bibela?
Bontsi bo e dirisa go ya selekanyong sengwe se se rileng. A mme tota di ruta le go dira se e se tshotseng? Akanyetsa seno: (1) Go tswa dithanolong tsa bone tse dintsi tsa Bibela ba tlositse leina la Modimo wa boammaaruri gantsintsi. (2) Thuto ya motheo ya Tharo-nngwe, mogopolo wa bone ka Modimo, e tserwe mo metsweding ya boheitane mme ya fetolelwa mo sebopegong sa yone sa motlha wa gompieno makgolo a dingwaga morago ga go kwalwa ga Bibela go se na go wediwa. (3) Tumelo ya bone ya go sa swe ga moya wa motho jaaka motheo wa botshelo jo bo tswelelang ga e a tsewa mo Bibeleng; e tlholegile kwa Babelona wa bogologolo. (4) Setlhogo sa thero ya ga Jesu e ne e le Bogosi jwa Modimo, mme o ne a roma barutwa ba gagwe go bua le batho ka sebele kaga jone; mme dikereke gompieno di umaka Bogosi joo ka sewelo mme maloko a tsone ga a dire tiro ya go rera “Mahoko a a Molemō.” (Math. 24:14) (5) Jesu o rile balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla lemogiwa ka bofefo fela ka lorato lwa go intsha setlhabelo mongwe mo go yo mongwe. A go ntse jalo ka ditumelo tsa La-Bodumedi fa merafe e ya ntweng? (6) Bibela ya re barutwa ba ga Keresete ga ba ketla ba nna karolo ya lefatshe, mme e tlhagisa gore mongwe le mongwe yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo; mme dikereke tsa La-Bodumedi le maloko a tsone di tseneletse thata mo dikgannyeng tsa bopolotiki tsa merafe. (Yak. 4:4) Mo ponong ya pego e e ntseng jalo, a ka boikanyegi go ka twe ruri ba ngaparela Bibela?
Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelela tlhaloso ya bone ya Bibela jang?
Lebaka la popota ke gore Basupi ba dumela tota gore Bibela ke Lefoko la Modimo le gore se e se tshotseng ke se se re layang. (2 Tim. 3:16, 17; Bar. 15:4; 1 Bakor. 10:11) Jalo he ga ba ineele mo megopolong ya matlhajana go tila dipolelo tsa yone tse di phepafetseng tsa boammaaruri kana go siamisa tsela ya botshelo ya batho bao ba latlhileng ditekanyetso tsa yone tsa boitsholo.
Fa ba supa se se kaiwang ke puo ya tshwantshetso mo Bibeleng, ba letla Bibela go baakanyetsa ka tlhaloso ya yone, go na le go itlhamela dikakanyo tsa bone gore di rayang. (1 Bakor. 2:13) Ditlhaloso tsa gore mareo a tshwantshetso a kayang gantsi di fitlhelwa mo dikarolong tse dingwe tsa Bibela. (Jaaka ka sekai, bona Tshenolō 21:1; go tswa foo, malebana le tlhaloso ya “lewatlè,” bala Isaia 57:20. Go kgetholola “Kwana” e go buiwang ka yone go Tshenolō 14:1, bona Yohane 1:29 le 1 Petere 1:19.)
Fa e le kaga tiragatso ya boperofeti, ba dira se Jesu a buileng ka ga sone eleng go nna podi-matseba go ditiragalo tse di dumalanang le se se boleletsweng pele. (Luke 21:29-31; bapisa 2 Petere 1:16-19.) Ka kelotlhoko ba tlhalosa kaga ditiragalo tseo le go lere tlhokomelo go se Bibela e supang gore di a se kaya.
Jesu o ne a re o tla nna le “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” (balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng bao ba tsewang jaaka setlhopha), mo lefatsheng, yoo ka boemedi jwa gagwe a neng a tla baakanyetsa bao e leng ba ntlo ya tumelo dijo tsa semoya. (Math. 24:45-47) Basupi ba ga Jehofa ba dumalana le thulaganyo e. Jaaka go ne go ntse ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba leba go setlhopha se se laolang sa “motlhanka” yoo go rarabolola dipotso tse di thata—e seng mo motheong wa botlhale jwa batho, mme ka go dirisa kitso ya bone ya Lefoko la Modimo le ditirisano tsa gagwe le batlhanka ba gagwe, le ka thuso ya moya wa Modimo, o ka tlhoafalo ba o rapelelang.—Dit. 15:1-29; 16:4, 5.
Ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le diphetogo mo dithutong tsa Basupi ba ga Jehofa fa dingwaga di ntse di feta?
Bibela e bontsha gore Jehofa o kgonisa batlhanka ba gagwe go tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe kgato ka kgato. (Dia. 4:18; Yoh. 16:12) Ka gone, baperofeti ba ba neng ba tlhotlheleditswe ke Modimo go kwala dikarolo tsa Bibela ba ne ba sa tlhaloganye tlhaloso ya sengwe le sengwe se ba neng ba se kwala. (Dan. 12:8, 9; 1 Pet. 1:10-12) Baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba lemoga gore go ne go na le mo gontsi mo ba neng ba sa go tlhaloganye mo nakong ya bone. (Dit. 1:6, 7; 1 Bakor. 13:9-12) Bibela e bontsha gore go ne go tla nna le koketsego e kgolo ya kitso ya boammaaruri mo “motlheñ oa bokhutlō.” (Dan. 12:4) Kitso e e oketsegileng gantsi e tlhoka dipaakanyo mo go akanyeng ga motho. Basupi ba ga Jehofa ka boikokobetso ba ikemiseditse go dira dipaakanyo tse di ntseng jalo.
Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba rera ka ntlo le ntlo?
Jesu o ne a bolelela-pele ka tiro eno ya mo motlheng wa rona: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Gape o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.”—Math. 24:14; 28:19.
Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe ba pele, o ne a ba laela go ya kwa magaeng a batho. (Math. 10:7, 11-13) Moaposetoloi Paulo o ne a re malebana le bodihedi jwa gagwe: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo.”—Dit. 20:20, 21; bona gape Ditihō 5:42.
Molaetsa o Basupi ba o bolelang o kopanyeletsa matshelo a batho; ba batla go nna kelotlhoko gore ba se ka ba tlola ope. (Sefa. 2:2, 3) Maeto a bone a tlhotlhelediwa ke lorato—pele go Modimo, mme go moagelani wa bone.
Pitso ya baeteledi-pele ba dikereke kwa Spain e ne ya elatlhoko seno: “Gongwe [dikereke] di tlhokomologa thata se ka tlhomamo se bopang tiro e kgolo ya Basupi—ketelo ya magae, e e tshwanang fela le ya baaposetoloi ba kereke ya segologolo. Fa dikereke, mo mabakeng a le mantsi, di felela mo go ageng ditempele tsa tsone, mo go iteyeng ditshipi tsa tsone go bitsa batho go tla go ba rerela mo mafelong a tsone a bokopanelo, [Basupi] ba latela mofuta wa baaposetoloi wa go ya ka ntlo le ntlo le go dirisa sebaka sengwe le sengwe go neela bosupi.”—El Catolicismo, Bogotá, Colombia, September 14, 1975, p. 14.
Mme ke ka ntlha yang fa Basupi ba etela gangwe le gape kwa magaeng a batho ba ba sa dumalaneng le tumelo ya bone?
Ga ba pateletse ba bangwe molaetsa wa bone. Mme ba itse gore batho ba fudugela kwa mafelong a masha le gore maemo a batho a a fetoga. Gompieno motho o ka nna a bo a tshwaregile thata go ka reetsa; nako e nngwe o ka nna a itumelela go ipha nako. Leloko lengwe la lelapa le ka nna la se ka la kgatlhega, mme ba bangwe ba ka kgatlhega. Batho ka bobone ba a fetoga; mathata a a masisi mo botshelong a ka nna a tsosa tlhologelelo ya patlafalo ya semoya.—Bona gape Isaia 6:8, 11, 12.
Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa le go buiwa leswe?
Jesu o ne a re: “Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.” (Yoh. 15:18, 19; bona gape le 1 Petere 4:3, 4.) Bibela e bontsha gore lefatshe lotlhe le namaletse kafa tlase ga taolo ya ga Satane; ke ene motlhotlheletsi yo mogolo wa pogiso.—1 Yoh. 5:19; Tshen. 12:17.
Jesu gape o ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Me lo tla ilwa ke batho botlhe ka ntlha ea leina ya me.” (Mar. 13:13) Lefoko “leina” fano le raya se Jesu ka maemo a leng sone, Kgosi ya Bomesia. Pogiso e nna gone ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba baya ditaolo tsa gagwe kwa pele ga tsa mmusi ope fela wa selefatshe.
Fa Mongwe A Re—
‘Ke eng fa lo sa tsenelele mo go direng dilo tseo lo ka thusang gore lefatshe (setšhaba) e nne lefelo je le botoka go nniwa?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Maemo mo setšhabeng ka phepafalo a botlhokwa go wena, mme le mo go nna gape. Mme mma ke go botse jaana, Ke bothata bofe jo o bonang bo tshwanetse go nna gareng ga dilo tsa ntlha go tlhokomelwa?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Ke eng fa o ikutlwa gore seno e nnile tlhokafalo e kgolo? . . . Ka phepafalo, kgato ya potlako mo kgannyeng eno e ka nna mosola, mme ke tlhomamisega gore o tla dumela gore re ka rata go bona tokafatso mo motheong wa nako e telele. Eo ke tsela eo rona jaaka Basupi ba ga Jehofa re tsayang kgang eno ka yone. (Tlhalosa se re se dirang go thusa batho go dirisa melao-metheo ya Bibela mo matshelong a bone e le gore re fitlhe kwa moding wa kgang mo mothong-ka-mongwe; gape, le se Bogosi jwa Modimo bo tla se dirang, le gore ke eng fa seno se tla rarabololela bothata ruri.)’
Kana o ka nna wa re: ‘(Morago ga go akaretsa dingwe tsa dintlha mo phetolong e e sa tswang go neelwa . . .) Batho bangwe ba neelana ka sengwe tebang le ditlhabololo tsa setšhaba ka go baakanyetsa ka madi; ba bangwe ba dira se ka go dira ditiro tsa boithaopo. Basupi ba ga Jehofa ba dira tseno tsotlhe. Mma ke tlhalose.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, motho o tshwanetse go duela makgetho a gagwe ka boikanyego; seo se baakanyetsa ka madi ao goromente a a dirisang mo ditirong tse di tlhokafalang.’ (2) ‘Re dira mo go fetang moo, re etela kwa magaeng a batho, re ba laleletsa go ithuta Bibela le bone mahala. Fa ba se na go tlwaelana le se Bibela e se buang, ba ithuta go dirisa melao-metheo ya Bibela mme jalo ba fenye mathata a bone.’
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Ke itumelela go bo o tlhagisitse kgang e. Batho ba le bantsi ga ba ise ba ke ba tlhotlhomise go bona gore Basupi ba dirang tota ka dikgang tse di amang setšhaba. Ka phepafalo go na le ditsela tse dintsi go neelana ka thuso.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Bangwe ba go dira ka go tlhoma metheo e e jaaka—dipatela, magae a ba ba godileng, boalafelo jwa ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, jalo le jalo. Bangwe ba ka nna ba ithaopela go ya kwa magaeng a batho le go neelana ka thuso e e tshwanetseng jaaka ba kgona. Seo ke se Basupi ba ga Jehofa ba se dirang.’ (2) ‘Go na le selo se le sengwe se re bonang se ka fetola pono yotlhe ya motho mo botshelong, mme seo ke kitso ya se Bibela e se bontshang fa e le boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo le se isagwe e se tshotseng.’
Kakantsho e nngwe gape: ‘Ke anaanela gore o bo o tlhagisitse potso eo. Re ka rata go bona maemo a tokafala, a ga go jalo? Mme mma ke go botse jaana, O ikutlwa jang ka se Jesu Keresete ka boene a se dirileng? A o ne o ka re tsela e a neng a tsamaya ka yone a thusa batho e ne e le e e dirang? . . . Re leka go latela sekao sa gagwe.’
‘Bakeresete ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jesu, eseng ba ga Jehofa’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Eo ke ntlha e e kgatlhisang e o e tlhagisang. Mme o bua sentle fa o re re na le boikarabelo jwa go nna basupi ba ga Jesu. Ke sone seo seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo se gatelelwang mo dikgatisong tsa rona. (O ka nna wa batla go dirisa buka ya bosheng go kaya seno.) Mme sengwe ke se se se ka nnang mogopolo o mosha mo go wena. (Tshen. 1:5) . . . Jesu e ne e le “moshupi eo o ikanyegañ” wa ga mang? (Yohane 5:43; 17:6) . . . Jesu o ne a tlhoma sekao gore re mo etse, a ga a dira jalo? . . . Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse Jesu gammogo le Rraagwe? (Yohane 17:3)’