LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 391-ts. 397
  • Thekololo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thekololo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thekololo ya ga Keresete Tsela ya Modimo ya Poloko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Loso lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Modimo o re Ratile mo go Kalo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Se Modimo O Se Dirileng Go Boloka Batho
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 391-ts. 397

Thekololo

Tlhaloso: Tlhotlhwa e e duelwang go reka sengwe gape kana go ikgolola mo tlamegong nngwe kana mo boemong bongwe jo bo sa eletsegeng. Tlhotlhwa ya thekololo e e botlhokwa-tlhokwa ke eo ya go tshololwa ga madi a ga Jesu Keresete. Ka go duela molemo wa thekololo eo kwa legodimong, Jesu o ne a bulela ditlogolwana tsa ga Adame tsela ya go gololwa mo boleong le mo losong tseo rotlhe re di jeleng boswa ka ntlha ya boleo jwa ga rrarona mogolo Adame.

Loso lwa ga Jesu Keresete lo ne lo farologana jang le dintsho tsa ba bangwe ba ba neng ba nna baswela-tumelo?

Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng. O ne a tsalwa kwantle ga selabe sepe sa boleo mme o ne a boloka boitekanelo go ralala botshelo jotlhe jwa gagwe. “Eo o se kañ a diha boleo bopè.” O ne a “sena leshwè, a lomologanye le baleohi.”—1 Pet. 2:22; Baheb. 7:26.

E ne e le Morwa yo o tlotlegang segolo bogolo wa Modimo. Modimo ka boene o ne a netefatsa seno ka lentswe go tswa magodimong. (Math. 3:17; 17:5) Morwa yono o ne a kile a tshela go le pele kwa legodimong; Modimo o ne wa bopa batho botlhe ba bangwe le dilo tsotlhe mo lobopong lotlhe ka ene. Go diragatsa thato ya Gagwe, Modimo ka dikgakgamatso o ne a fetolela botshelo jwa Morwa yono mo sebopelong sa kgarebana e le gore a tle a tsalwe jaaka motho. Go otlelela gore eleruri o ne a nna motho, Jesu o ne a re ke Morwa motho.—Bakol. 1:15-20; Yoh. 1:14; Luke 5:24.

Ga se gore o ne a se na maatla mo babolaing ba gagwe. O ne a re: “Ke baea botshelō yoa me, . . . Ga go opè eo o bo ntseèlañ, me ke bo ipeisa hèla.” (Yoh. 10:17, 18) O ne a gana go ikuela mo masomosomong a baengele gore ba mo tswe thuso. (Math. 26:53, 54) Lemororo batho ba ba boikepo ba ne ba dumelelwa go diragatsa dithulaganyo tsa bone mo go mmolayeng, loso lwa gagwe eleruri e ne e le lwa setlhabelo.

Madi a gagwe a a tsholotsweng a na le molemo o o baakanyetsang kgololo go ba bangwe. “Gonne rure Morwa Motho ga a ka a tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè gore e nnè serèkololō sa batho ba le bantsi.” (Mar. 10:45) Jalo loso lwa gagwe le ne la feta kgakala go nna kgang fela ya boswela-tumelo ka ntlha ya go gana ga gagwe go phuaganya se a neng a se dumela.

Bona gape ditsebe 356, 357, tlase ga setlhogo sa “Segopotso.”

Ke goreng go ne go tlhokafala ka thekololo go baakanyediwa ka mokgwa o e dirilweng e le gore re tle re bone botshelo jo bosakhutleng?

Bar. 5:12: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Go sa kgathalesege kafa re ka tshelang botshelo jwa rona sentle ka teng, rotlhe re baleofi go tswa botsalong. [Pes. 51:5] Ga go na tsela eo re ka bapalang tshwanelo ya go tshelela ruri.)

Bar. 6:23: “Gonne maduō a boleo ke losho.”

Pes. 49:6-9: “Mo go ba ba ikanyañ lohumō loa bōnè, ba belahala ka bontsi yoa dikhumō tsa bōnè; Ga go na opè eo o ka rèkololañ ñwana oa ga rragwè ka gopè, leha e le go mo ntshetsa serekololō go se naea Modimo. (Gonne thekololō ea mōea oa bōnè e tōpō e e thata, me e na le go tlhōbōgwa ka bosakhutleñ:) Gore a tle a nnè a tshelè ka metlha eotlhe, gore a se ka a bōna go bōla.” (Ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o ka baakanyetsang ka thekololo ya yo mongwe mo boleong le mo losong. Madi a gagwe ga a ka ke a reka botshelo jo bosakhutleng, mme moya wa gagwe o o swang, ka e le one maduo ao a tlang ka ntlha ya boleo, ga o na molemo wa go ka golola ope.)

Ke goreng Modimo ga motlhofo fela a ne a sa laole gore, lemororo Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go swela botsuolodi jwa bone, ditlogolwana tsotlhe tsa bone tse di neng di tla utlwa Modimo di tshelele ruri?

Ka go bo Jehofa o rata “tshiamō le tshiamishō.” (Pes. 33:5; Dute. 32:4; Yer. 9:24) Jalo, tsela eo a neng a dirisana le seemo ka teng e ne e tshegeletsa tshiamo ya gagwe, e fitlhelela dipatlafalo tsa tshiamiso e e feletseng, mme, ka nako e e tshwanang, e tlotlomatsa lorato le kutlwelo botlhoko tsa gagwe. Seno se ntse jalo jang?

(1) Adame le Efa ba ne ba ise ba tshole bana bape pele ga ba leofa, ka jalo go ne go se ope yo o tsetsweng a itekanetse. Ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame di ne tsa tsalelwa mo boleong, mme boleo bo gogela kwa losong. Fa Jehofa ga motlhofo fela a ne a tlhokomologa seno, seo e ka bo e ile ya nna tatofatso ya ditekanyetso tsa gagwe ka sebele tse di tshiamo. Modimo o ne a ka se ka a dira seo mme jalo a tlhakanele mo tshiamololong. O ne a ka se ka a tlhokomologa dipatlafalo tsa tshiamiso e e feletseng; ka jalo ga go sebopiwa sepe se se botlhale se kafa tshwanelong se neng se ka mmona molato ope mo kgannyeng e.—Bar. 3:21-26.

(2) Kwantle ga go tlhokomologa dipatlafalo tsa tshiamiso, go ne go ka dirwa paakanyetso jang ya go golola ditlogolwana tsa ga Adame tseo di neng di tla bontsha kutlo e e lorato go Jehofa? Fa motho yo o itekanetseng a ne a ka swa loso lwa setlhabelo, tshiamiso e ne e tla letlelela botshelo jo bo itekanetseng joo go baakanyetsa ka go bipiwa ga maleo a bao ba neng ba nna le tumelo ya go amogela paakanyetso eo. Ereka boleo jwa motho a le mongwe (joo jwa ga Adame) bo ile jwa ikarabelela gore lelapa lotlhe la motho le nne baleofi, madi a a tsholotsweng a motho yo mongwe yo o itekanetseng (tota, Adame wa bobedi), a na le molemo o o tshwanang, a ne a ka lekalekanya tshiamiso. Ka go bo Adame e ne e le moleofi wa ka bomo, o ne a ka se ka a solegelwa molemo; mme ka ntlha ya kotlhao eo setho sotlhe se neng se tla e duelela ka boleo go ne go tla raya gore e ne e tla duelwa ke mongwe ka mokgwa o, ditlogolwana tsa ga Adame di ne di ka gololwa. Mme go ne go se na motho ope yo o itekanetseng yo o ntseng jalo. Setho le ka motlha se ne se ka se ke se fitlhelele dipatlafalo tsa tshiamiso e e feletseng. Jalo, ka go supa lorato lo lo gakgamatsang le go intsha setlhabelo ga gagwe mo go golo, Jehofa ka boene o ne a dira paakanyetso. (1 Bakor. 15:45; 1 Tim. 2:5, 6; Yoh. 3:16; Bar. 5:8) Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a iketleeditse go dira karolo ya gagwe. Ka boikokobetso o ne a tlogela kgalalelo ya gagwe ya selegodimo le go tla go nna motho yo o itekanetseng, Jesu o ne a swela setho.—Bafil. 2:7, 8.

Tshwantshetso: Tlhogo ya lelapa e ka nna sesenyi mme ya atlholelwa loso. Bana ba gagwe ba ka tlogelwa e le dikhutsana, ba le mo sekolotong se se botlhoko. Ka gongwe rraabone mogolo ka bopelontle o ba tswa thuso, a dira paakanyetso ya gore ka morwa yo o nnang le ene go duelwe dikoloto tsa bone mme a ba bulele tsela ya kgonego ya botshelo jo bosha. Tota, go solegelwa molemo, bana ba tshwanetse go amogela thulaganyo e, mme rraabone mogolo ka mo go utlwalang o ka batla dilo tse di rileng go tlhomamisega gore bana ga ba ketla ba etsa tsela ya ga rraabone.

Bomosola jwa setlhabelo sa ga Jesu bo ne jwa dirisediwa bomang lwantlha, mme ka boikaelelo bofe?

Bar. 1:16: “Mahoko a a Molemō [malebana le Jesu Keresete le seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa ga Jehofa] . . . ko aōna thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ; pele mo Moyudeñ, le mo go èna Mogerika.” (Taletso ya go solegelwa molemo ke paakanyetso ya poloko ka Keresete lwantlha e ne ya atolosetswa go Bajuda, go tswa foo go ba e seng Bajuda.)

Baef. 1:11-14: “Eo [Keresete] le rona [Bajuda, go akareletsa le moaposetoloi Paulo] re bileñ ra dihwa boshwa [Baruaboswa ba eng? Ba bogosi jwa selegodimo] . . . Gore re nnè pakō ea kgalalèlō ea ōna, eboñ rona ba re nntseñ re sholohetse mo go Keresete galè: Eo, le lona [Bakeresete ba ba tsewang mo merafeng ya Baditšhaba, jaaka go ne go ntse jalo ka ba le bantsi mo Efeso], ka lo utlwile lehoko ya boamarure, eboñ Mahoko a a Molemō a polokō ea lona, ka re, eo e rileñ ka lo bile lo dumetse mo go èna, loa kanèlwa mo go èna ka Mōea o o Boitshèpō oa polèlō ea choloheco, Se e leñ sebèèlèlō sa boshwa yoa rona, go isa thèkololoñ ea boshwa yo e leñ yoa Modimo, go isa pakoñ ea kgalalèlō ea ōna.” (Boswa joo, jaaka go bontshitswe go 1 Petere 1:4, bo bolokilwe kwa legodimong. Tshenolō 14:1-4 e supa gore bao ba tla tlhakanelang ke palo ya 144 000. Gammogo le Keresete, bano ba tla direla jaaka dikgosi le baperesiti godimo ga setho ka dingwaga tse di 1 000, ka nako eo boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe go nna paradaise e e ntsweng ke ditlogolwana tse di itekanetseng tsa batho ba ntlha ba babedi bo tla fitlhelelwang.)

Ke bafe gape mo motlheng wa rona ba ba solegelwang molemo ke setlhabelo sa ga Jesu?

1 Yoh. 2:2: “Me ke èna [Jesu Keresete] seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona [tseo tsa ga moaposetoloi Johane le Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng ka moya]: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe [batho ba bangwe, bao ba tla bonang tiragatso ya tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng].”

Yoh. 10:16: “Ke bile ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (“Dinku di sele” tseno di tla mo tlhokomelong e e lorato ya ga Jesu Keresete fa masalela a “lecomanyane” la baruaboswa ba Bogosi le sa ntse le le mo lefatsheng; ka gone “dinku di sele” di ka kopanela le baruaboswa ba Bogosi jaaka karolo ya “lecomane le le leñwe hèla.” Botlhe ba ipelela melemo e mentsi e e tshwanang go tswa setlhabelong sa ga Jesu, mme e seng ka mo go tshwanang ka go bo ba ya mafelong a a farologaneng.)

Tshen. 7:9, 14: “Moragō ga dilō tse ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, . . . Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” (Jalo, maloko a boidiidi jono jo bogolo ba tla bo ba tshela fa pitlagano e kgolo e simologa, mme ba tla nna le kemo e ntle fa pele ga Modimo ka ntlha ya go supa tumelo ya bone mo thekololong. Tshiamo e ba e bonwang ka ntlha ya seno e lekanetse sentle mo ba ka bolokiwang ba tshela mo lefatsheng go ralala pitlagano e kgolo.)

Ke masego afe ao a tla ipelelwang mo isagweng ka ntlha ya thekololo?

Tshen. 5:9, 10: “Me ba ōpèla sehela se sesha, ba re, U [Kwana, Jesu Keresete] na le chwanèlō ea go tsaea lokwalō, le go kanolola dikanō tsa lōna: gonne u nu u bolailwe, me ua rèkèla Modimo batho ba dicō cotlhe, le ba dipuō cotlhe, le batho botlhe, le ba merahe eotlhe, ka madi a gago, Me ua ba diha gore ba nnè bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna; me ba busa mo lehatshiñ.” (Thekololo e ne e le kgang ya botlhokwa mo go buleng tsela ya botshelo jwa selegodimo go bao ba tla busang le Keresete. Gautshwanyane babusi botlhe mo pusong e ntšha ya lefatshe ba tla nna mo ditulong tsa bone tsa bogosi kwa legodimong.)

Tshen. 7:9, 10: “Bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana [Jesu Keresete, eo o neng a swa jaaka kwanyana ya setlhabelo], ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” (Tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete ke lebaka la konokono la phalolo ya boidiidi jono jo bogolo go ralala pitlagano e kgolo.)

Tshen. 22:1, 2: “Me a mpontsha noka ea metse a botshelō, e galalèla yaka legwèka, e cwa mo setuloñ sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, E le mo gare ga mmila oa motse. Me moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.” (Ka gone, tiriso ya molemo wa setlhabelo sa ga Kwana ya Modimo, Jesu Keresete, ke karolo e e botlhokwa ya paakanyetso e e dirilweng ke Modimo go fodisa setho mo matsweleng otlhe a boleo le go se kgonisa go ipelela botshelo ka bosaengkae.)

Bar. 8:21: “Lobopō le lōna [setho] lo tla gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla, lo isiwa mo kgololesegoñ ea kgalalèlō ea bana ba Modimo.”

Go tlhokafalang mo go rona e le gore go tle go ipelelwe ka bosakhutleng setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu?

Yoh. 3:36: “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me eo o ganañ go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bōna botshelō, me bogale yoa Modimo bo nntse mo go èna.”

Baheb. 5:9: “Me e rile a [Jesu Keresete] sena go dihwa boitekanèlō, a cwa mosimolodi oa poloka e e sa khutleñ mo go botlhe ba ba mo utlwañ.”

Ke eng se paakanyetso ya thekololo e se senolang malebana le kafa Modimo o ikutlwang ka teng kaga setho?

1 Yoh. 4:9, 10: “Loratō loa Modimo lo bōnatshedicwe rona ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ, gore re tshelè ka èna. Loratō lo mo, e señ go re, re ratile Modimo, ha e se go re, o ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.”

Bar. 5:7, 8: “Gonne goa belaesèga, go re, a yana motho moñwe o ka shwèla mosiami: me motlha opè, ha e le motho eo o molemō, moñwe o ka ipatèlèla go mo shwèla. Me Modimo ōna, o re tlhōmamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla.”

Paakanyetso eno e tshwanetse ya nna le bokao bofe jwa kafa re dirisang matshelo a rona ka teng?

1 Pet. 2:24: “Eo e leñ èna ka esi o belegeñ dibe tsa rona mo mmediñ oa gagwè a le mo setlhariñ, gore rona, ka re shule kaga dibe, re tlè re tshelèlè tshiamō.” (Ka ntlha ya sotlhe se Jehofa le Morwawe ba se re diretseng go re tlhapisa mo boleong, re tshwanetse go lekela ka tlhoafalo go fenya ditshekamelo tsa boleo. Ga re a tshwanela go akanya lefa e le ka motlha ope go dira sepe fela ka bomo seo re itseng gore ke boleo!)

Tito 2:13, 14: “Yesu Keresete . . . Eo o re intsheditseñ gore a re rekololè mo tshiamololoñ eotlhe, le gore a intlahaletsè batho ba ba tla nnañ boshwa yoa gagwè, ba ba tlhōahaletseñ ditihō tse di molemō.” (Kanaanelo ya paakanyetso eno e e gakgamatsang e tshwanetse go re tlhotlheletsa go tlhagafalela go abalana mo ditirong tse Keresete a di abetseng balatedi ba gagwe ba boammaaruri.)

2 Bakor. 5:14, 15: “Gonne loratō loa ga Keresete loa re patèlèla; ka re sekaseka yana, ra re, moñwe o shwetse botlhe, ke gōna botlhe ba ne ba shule; Me a shwèla botlhe, gore ba ba tshelañ ba se tlhole ba itshèlèla, me ba tshelèlè èna eo o shuleñ a ba a coga ka ntlha ea bōnè.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela