Ke Eng Seo Bibela E Se Bolelang Kaga Modimo le Jesu?
FA BATHO ba ne ba ka bala Bibela yotlhe go sena maikutlo ape a Tharo-Nngwe a ba nang nao, a ba ne ba tla fitlhelela kgopolo eo ka bobone fela? Legoka.
Se se tlang ka phepafalo mo mmading yo o senang maikutlo a a farologaneng ke gore Modimo a le esi ke Mothatayotlhe, Mmopi, yo o farologaneng ebile a tlhaolesegile go mongwe le mongwe o sele, le gore Jesu, tota le ka nako ya botshelo jwa gagwe jwa pele ga e nna motho, le gone ke motho yo o kwa thoko yo o farologaneng, yo o bopilweng, yo mmotlana mo Modimong.
Modimo O Mongwe, Ga Ba Bararo
THUTO ya Bibela ya gore Modimo o mongwe fela e bidiwa thuto ya gore go na le Modimo o le mongwe fela. Ebile L. L. Paine, ebong moperofesara wa hisitori ya kereke, o bontsha gore thuto ya gore go na le Modimo o le mongwe fela totatota ga e letlelele Tharo-Nngwe: “Tesetamente E Kgologolo e na le thuto ya gore go na le Modimo o le mongwe fela. Modimo ke motho a le mongwe fela. Kgopolo ya gore tharo-nngwe e ka fitlhelwa moo . . . ga e na motheo gotlhelele.”
A go ne ga nna le phetogo epe mo thutong ya gore go na le Modimo o le mongwe fela morago ga fa Jesu a ne a sena go tla mo lefatsheng? Paine o araba jaana: “Mo ntlheng eno ga go na pharologanyo epe magareng ga Tesetamente E Kgologolo le E Ntšha. Thuto ya gore go na le Modimo o le mongwe fela e a tsweletswa. Jesu e ne e le Mojuda, o ne a thapisiwa ke batsadi ba eleng Bajuda ba mo thapisa ka dikwalo tsa Tesetamente E Kgologolo. Thuto ya gagwe e ne e le ya Sejuda go tloga fela kwa tengteng ga yone; eleruri e ne e le efangele e ntšha, mme e ne e se thuta-bomodimo e ntšha. . . . Ebile o ne a dumela temana eno e kgolo ya thuto ya gore go na le Modimo o le mongwe fela ya Bajuda jaaka se a se dumelang ka namana: ‘Utlwang, lona Baiseraele, Morena Modimo wa rona ke Modimo o a leng mongwe fela.’”
Mafoko ao a fitlhelwa mo go Duteronome 6:4. New Jerusalem Bible ya Katoliki (NJB) fano e balega jaana: “Reetsang, Baiseraele: Yahweh Modimo wa rona, ke ene fela Yahweh a le mongwe fela ka monwana.”a Mo thuta-puong e e malebana le temana eo, lefoko “mongwe fela” ga le na lefoko lepe la letlhalosi le le mo bontsing le le bontshang gore ga le reye sepe sa go tshwana le motho a le mongwe fela.
Moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo le ene ga a ka a bontsha phetogo epe malebana le gore Modimo ke motho wa mofuta mang, tota le eleng morago ga gore Jesu a tle mo lefatsheng. O ne a kwala jaana: “Modimo ōna o moñwe hèla.”—Bagalatia 3:20; bona gape le 1 Bakorintha 8:4-6.
Makgetlo a le diketekete mo Bibeleng yotlhe, go buiwa ka Modimo jaaka motho a le mongwe. Fa a bua, o bua jaaka motho a le mongwe yo o sa kgaoganang ka dikarolo. Bibela e ne e ka seka ya utlwala ka phepafalo go feta fano. Jaaka fa Modimo o tlhalosa: “Ke Nna Jehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele.” (Isaia 42:8) “Ke nna Yahweh Modimo wa gago . . . O seka wa nna le medimo epe kwantle ga me.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Ekesodo 20:2, 3, JB.
Ke ka ntlhayang fa bakwadi botlhe ba Bibela ba ba tlhotlheleditsweng ke Modimo ba ne ba ka bua ka Modimo jaaka motho a le mongwe fela fa e le gore tota e ne e le batho ba le bararo? Seo se ne se tla thusang fa e se go latlha batho fela? Eleruri, fa e le gore Modimo o ne o dirilwe ke batho ba le bararo, o ne a tla dira gore bakwadi ba gagwe ba Bibela ba dire gore go tlhaloganyesege sentle ka botlalo gore go seka ga belaelwa sepe ka ga seno. Bobotlana bakwadi ba Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete bao ba neng ba bona Morwa Modimo ka namana ba ka bo ba dirile jalo. Mme ga ba ka ba dira jalo.
Mo boemong jwa seo, seo bakwadi ba Bibela ba neng ba se tlhalosa ka phepafalo ke gore Modimo ke Motho a le mongwe fela—Motho wa mofuta wa gagwe fela, yo o seng dikarolwana yo o sa lekaneng le ope: “Ke Nna Yehofa, me ga go na opè o sele; kwa ntlè ga me ga go na Modimo opè.” (Isaia 45:5) “Wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”—Pesalema 83:18.
Ga Se Modimo mo Bontsing
JESU o ne a bitsa Modimo a re ke “Modimo o o osi, o o boamarure.” (Yohane 17:3) Ga a ise a ko a tsamaye a bitse Modimo jaaka modimo wa batho ba ba mo bontsing. Ke ka ntlha ya moo go senang gope mo Bibeleng mo go buiwang ka ope fa e se Jehofa fela a bidiwa Mothatayotlhe. Kwantle ga moo, ke go dira gore lefoko “mothatayotlhe” le seka la nna le bokao. Jesu lefa e le moya o o boitshepo ga ba bidiwe jalo, gonne ke Jehofa fela yo mogolo go gaisa botlhe. Mo go Genesise 17:1 o bolela jaana: “Ke nna Modimo, Mothataeotlhe.” Mme Ekesodo 18:11 e bolela jaana: “Yehofa [o] mogolo bogolo go medimo eotlhe.”
Mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko ʼelohʹah (modimo) le na le mefuta e mmedi ya lone le le mo bontsing, eleng, ʼelo·himʹ (medimo) le ʼelo·hehʹ (medimo ya). Mefuta eno ya lone le le mo bontsing ka kakaretso fela e lebisa go Jehofa, eleng mo le ranolwang le le mo bongweng gone le ranolwa jaaka “Modimo.” A mefuta eno ya lone le le mo bontsing e supa Tharo-Nngwe? Nnyaa, ga e supe seo. Go A Dictionary of the Bible, William Smith o bolela jaana: “Kgopolo e e ikakanyeditsweng fela ya gore [ʼelo·himʹ] e ne e lebisa go tharo-nngwe ya batho ba ba mo Modimong o o Gararo ga e tshegediwe ke ope mo bakanoking ga jaanong. Ke seo borrathutapuo ba se bitsang tlotlomalo e e mo bontsing, kana e bontsha botlalo jwa maatla a Modimo, maatla a a feletseng ao a bontshiwang ke Modimo.”
The American Journal of Semitic Languages and Literatures e bolela jaana ka ʼelo·himʹ: “Mo e ka nnang ka metlha e dirisiwa e na le letiro le le tswang mo lediring le le mo bongweng, mme e dirisa letlhaodi le le mo bongweng.” Go bontsha sekai sa seno, lefoko ʼelo·himʹ le tlhaga ka bolone makgetlo a le 35 mo pegong ya popo, mme ka metlha lediri le le tlhalosang seo Modimo a neng a se bua le seo a neng a se dira le mo bongweng. (Genesise 1:1–2:4) Ka jalo, buka eo e konela jaana: “Bogolo [ʼElo·himʹ] e tshwanetse ya tlhalosiwa jaaka bontsi jo bogolo, leo le rayang bogolo le tlotlomalo.”
ʼElo·himʹ ga e reye “batho,” mme e raya “medimo.” Ka jalo bao ba bolelang gore lefoko leno le raya Tharo-Nngwe ba itira batho ba ba dumelang mo medimong, bao ba obamelang Medimo e e fetang o le mongwe. Ka ntlhayang? Ka gonne seno se ne se tla raya gore go na le medimo e le meraro go Tharo-Nngwe. Mme mo e ka nnang batshegetsi botlhe ba Tharo-Nngwe ba ganana le ntlha ya gore Tharo-Nngwe e dirilwe ka medimo e le meraro e e farologaneng.
Bibela gape e dirisa mafoko ʼelo·himʹ le ʼelo·hehʹ fa e bua ka medimo ya maaka ya disetwa e le mmalwa. (Ekesodo 12:12; 20:23) Mme ka dinako tse dingwe e ka nna ya bo e bua fela ka modimo o le mongwe fela wa maaka, jaaka fa Bafilisitia ba ne ba bua ka “Dagona modimo oa bōnè [ʼelo·hehʹ].” (Baatlhodi 16:23, 24) Baale o bidiwa “modimo [ʼelo·himʹ].” (1 Dikgosi 18:27) Mo godimo ga moo, lefoko leno le dirisiwa mo bathong. (Pesalema 82:1, 6) Moshe o ne a bolelelwa gore o ne a tshwanetse a direla jaaka “Modimo” [ʼelo·himʹ] mo go Arone le mo go Faro.—Ekesodo 4:16; 7:1.
Ka phepafalo, go dirisa mafoko ano ʼelo·himʹ le ʼelo·hehʹ mo medimong ya maaka, kana le eleng mo bathong, go ne go sa reye gore mongwe le mongwe e ne e le medimo e mentsi; mme gape go dirisa ʼelo·himʹ kana ʼelo·hehʹ mo go Jehofa ga go reye gore ke motho yo o fetang a le mongwe, segolo-bogolo fa re sekaseka bosupi jwa Bibela yotlhe mo kgannyeng eno.
Jesu Ke Sebopiwa Se Se Farologaneng
FA JESU a ne a le mo lefatsheng, e ne e le motho, lemororo e ne e le yo o itekanetseng ka gonne e ne e le Modimo yo o neng a fetisetsa maatla a botshelo a ga Jesu mo sebopelong sa ga Maria. (Mathaio 1:18-25) Mme e ne e se ka moo a simologileng ka gone. Ene ka boene o ne a bolela gore o ne a ‘fologile kwa legodimong.’ (Yohane 3:13) Ka jalo e ne e le ga tlholego fela gore o ne a ka bolelela barutwa ba gagwe jaana moragonyana: “Ana lo no lo tla reñ ha lo bōna Morwa Motho [Jesu] a tlhatlogèla kwa o na a le gōna pele?”—Yohane 6:62.
Ka jalo, Jesu o ne a le gone kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng. A mme e ne e le mongwe wa batho ba Modimo mothatayotlhe, yo o sa khutleng yo o ditlhogo di tharo? Nnyaa, ka gonne Bibela e tlhalosa ka phepafalo gore ka nako eo Jesu a neng a tshela ka yone pele ga a nna motho e ne e le sebopiwa sa semoya, fela jaaka baengele e le batho ba semoya ba ba bopilweng ke Modimo. Baengele lefa e le Jesu ba ne ba seo pele ga ba bopiwa.
Jesu, ka nako eo a neng a tshela ka yone pele ga e nna motho, e ne e le “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe.” (Bakolosa 1:15) E ne e le “tshimologō ea lobopō loa Modimo.” (Tshenolō 3:14) Lefoko “tshimologō” [Segerika, ar·kheʹ] ga le kake la ranolwa ka tshwanelo gore le raya gore Jesu e ne e le ‘mosimolodi’ wa popo ya Modimo. Mo dibukeng tsa gagwe tsa Bibela, Johane o dirisa lefoko la Segerika ar·kheʹ le le ka dibopego tse di farologaneng ka makgetlo a a fetang a le 20, mme ka metlha le raya selo se se tshwanang eleng “tshimologō.” Ee, Jesu o bopilwe ke Modimo jaaka tshimologo ya popo ya Modimo e e sa bonaleng.
Tlhokomela ka moo ditemana tseo tse di buang kaga kafa Jesu a simologileng ka teng di utlwanang sentle ka gone le dipolelo tseno tseo di neng tsa bolelwa ke “Botlhale” jwa tshwantshetso mo bukeng ya Bibela ya Diane: “Yahweh o ne a mpopa, ke le motsalwapele wa popo ya gagwe, pele ga ditiro tsa gagwe tsa bogologolo tala. Pele ga dithaba di tlhomiwa, pele ga dithabana, ke ne ka tsalwa; pele ga a dira lefatshe, dinaga, le dilo tsa ntlha tse di mo lefatsheng.” (Diane 8:12, 22, 25, 26, NJB) Lemororo lefoko “Botlhale” le dirisediwa go mothofatsa motho yo Modimo o mmopileng, bontsi jwa bakanoki ba dumalana gore totatota ke sekapuo se se malebana le Jesu jaaka sebopiwa sa semoya pele ga a nna motho.
Jaaka “Botlhale” ka nako e a neng a tshela ka yone pele ga e nna motho, Jesu o tswelela go bolela gore o ne a le “fa thoko [ga Modimo], e le tlhogo ya tiro.” (Diane 8:30, JB) Tumalanong le seabe seno sa go nna tlhogo ya tiro, Bakolosa 1:16 e bolela ka Jesu gore “Modimo o ne wa bopa sengwe le sengwe se se kwa legodimong le se se mo lefatsheng o dirisa ene.”—Today’s English Version (TEV).
Ka jalo Modimo Mothatayotlhe o ne wa bopa dilo tse dingwe tsotlhe a dirisa yono yo eleng tlhogo ya tiro, modiri-mmogo nae yo mmotlana, mo go ene, jaaka fa re ne re ka rialo. Bibela e sobokanya kgang eno ka gore: “Mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, . . . e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—1 Bakorintha 8:6.
Kwantle ga pelaelo Modimo o ne a bua le yono yo eleng tlhogo ya tiro fa a ne a re: “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona.” (Genesise 1:26) Bangwe ba ile ba bolela gore “re” le “rona” mo polelong eno di bolela Tharo-Nngwe. Mme fa o ne o ka re, ‘A re itireleng sengwe,’ ka tlwaelo fela go ne go se kitla go nna le yo o tlhaloganyang seno jaaka se se rayang gore batho ba le mmalwa ba kopane jaaka motho a le mongwe mo teng ga gago. Se o se rayang fela ke gore batho ba le babedi kana go feta moo ba tla dira sengwe mmogo. Ka jalo le fano, fa Modimo a ne a dirisa “re” le “rona,” o ne a bua fela le motho yo mongwe, sebopiwa sa gagwe sa ntlha sa moya, tlhogo ya tiro, ebong Jesu pele ga e nna motho.
A Modimo O Ne O Ka Lekwa?
MO GO Mathaio 4:1, go bolelwa gore Jesu o ne a “raèlwa ke diabolo.” Morago ga gore Satane a bontshe Jesu “magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea aōna;” Satane o ne a re: “Dilō cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” (Mathaio 4:8, 9) Satane o ne a leka go dira gore Jesu a seka a ikanyega mo Modimong.
Mme seno e ne e tla nna teko ya boikanyegi ya mofuta mang fa e le gore Jesu e ne e le Modimo? A Modimo o ne a tla itsuologela ka boone? Nnyaa, mme baengele le batho ba ne ba ka tsuologela Modimo ebile ba ile ba dira jalo. Go lekwa ga ga Jesu e ne e tla nna selo se se nang le tlhaloganyo fa fela e ne e le gore e ne e se Modimo, mme e ne e le motho yo o farologaneng yo o neng a gololesegile go ka itirela ditshwetso ka boene, yo o neng a ka ikanyologa fa a ne a batla go dira jalo, jaaka moengele kana motho.
Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go utlwale gore Modimo o ne o ka iteofela le go sa ikanyege mo go one ka boone. “Tihō ea gagwè e itekanetse: . . . Modimo o o boikañō, . . . ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” (Duteronome 32:4) Ka jalo fa e le gore Jesu e ne e le Modimo, o ka bo a sa lekwa.—Yakobe 1:13.
Ereka Jesu e ne e se Modimo, o ka bo a ile a seka a ikanyega. Mme o ne a nna a ntse a ikanyega, mme a re jaana: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.”—Mathaio 4:10.
Thekololo E Ne E Le Kana-Kang?
LENGWE la mabaka a konokono la go bo Jesu a ne a tla mo lefatsheng le lone le na le tsela eo le amang Tharo-Nngwe ka gone ka tlhamalalo. Bibela e bolela gore: “Gonne go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka esi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.”—1 Timotheo 2:5, 6.
Jesu, a sa fete motho yo o itekanetseng ka gope ebile a se mmotlana ka gope mo go ene, o ne a nna thekololo ya seo tota se neng se latlhegetse Adame—tshwanelo ya botshelo jwa motho yo o itekanetseng mo lefatsheng. Ka jalo Jesu o ne a ka bidiwa “Adame oa moragō” ka tshwanelo ke moaposetoloi Paulo, yo o neng a bua jaana mo kgannyeng yone e e tshwanang: “Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.” (1 Bakorintha 15:22, 45) Botshelo jwa motho yo o itekanetseng jwa ga Jesu e ne e le “thekololō ea botlhe” eo e neng e batliwa ke tshiamo ya bomodimo—eseng se se fetang seo, kana se sennyane mo go seo. Molao-motheo wa konokono tota le eleng le mo katlholong ya batho ke gore tlhotlhwa eo e duelwang e tshwanetse ya bo e tshwanela phoso eo e dirilweng.
Lefa go le jalo, fa Jesu e ne e le karolo ya Modimo o o Gararo, tlhotlhwa ya thekololo e ne e tla bo e le kgolwane thata go na le seo Molao wa Modimo ka namana o neng o se batla. (Ekesodo 21:23-25; Lefitiko 24:19-21) E ne e le motho yo o itekanetseng fela, ebong Adame, yo o neng a leofa kwa Edene, eseng Modimo. Ka jalo thekololo, e le gore e tle e dumalane sentle le tshiamiso ya Modimo, e ne e tshwanetse ya nna e e lekanang kgo—eleng motho yo o itekanetseng, “Adame oa moragō.” Ka jalo, fa Modimo o ne o romela Jesu jaaka thekololo, o ne wa dira gore Jesu a nne seo se tla kgotsofatsang tshiamiso, eseng modimo o o fetotsweng go nna motho, eseng motho yo eleng modimo, mme motho yo o itekanetseng, “eo o hokoledicweñ boèmō go le gonnye mo baengeleñ.” (Bahebera 2:9; bapisa Pesalema 8:5, 6, NW.) Go ne go ka diragala jang gore karolo epe fela ya Modimo Mothatayotlhe—Rara, Morwa, kana moya o o boitshepo—e fokolediwe boemo go le gonnye mo go jwa baengele?
Ke “Morwa Eo O Tsecweñ A Le Esi” Jang?
BIBELA e bitsa Jesu e re ke “Morwa eo o tsecweñ a le esi” wa Modimo. (Yohane 1:14; 3:16, 18; 1 Yohane 4:9) Badumela Tharo-Nngwe ba bolela gore ereka Modimo o sena tshimologo lefa e le bokhutlo, ka jalo Morwa Modimo le ena ga a na tshimologo lefa e le bokhutlo. Mme go tla jang gore motho e nne morwa mme gape a bo a lekana le rraagwe?
Badumela Tharo-Nngwe ba bolela gore mo kgannyeng eno ya ga Jesu, “eo o tsecweñ a le esi” ga e tshwane le tlhaloso e buka e e tlhalosang mafoko e e neelang ya gore ke “go tsala,” eleng go go rayang “go tsala jaaka rre.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Ba bolela gore mo kgannyeng ya ga Jesu go raya “kgopolo ya kamano e e senang tshimologo,” mofuta wa kamano ya morwa yo o esi yo o se kang a tsalwa. (Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words) A seno se utlwala se na le tlhaloganyo mo go wena? A motho a ka nna rre wa morwa a sa mo tsala?
Go feta moo, ke ka ntlhayang fa Bibela e dirisa lone lefoko leo la Segerika la “eo o tsecweñ a le esi” (jaaka fa Vine a dumalana e le dirisa kwantle ga tlhaloso epe) go tlhalosa kafa Isake a neng a amana le Aberahame ka gone? Bahebera 11:17 e bua ka Isake jaaka “morwa eo o tsecweñ a le esi” wa ga Aberahame. Ga go belaetse ka gope gore mo kgannyeng ya ga Isake, e ne e le yo o tsetsweng a le esi fela ka kgopolo e e tlwaelegileng, a sa lekane le rraagwe ka nako kana ka boemo.
Lefoko la tota la Segerika leo le diriseditsweng go nna “eo o tsecweñ a le esi” leo le dirisitsweng mo go Jesu le mo go Isake ke mo·no·ge·nesʹ, le le tswang go moʹnos, leo le rayang “a le esi,” le go giʹno·mai, eleng lefoko le eleng kutu le le rayang “go tlhagisa,” “go nna (go nna gone),” go bolela jalo Exhaustive Concordance ya ga Strong. Ka ntlha ya moo, mo·no·ge·nesʹ e tlhalosiwa jaaka: “Yo o tshotsweng a le esi, yo o tsetsweng a le esi, ke gore ngwana yo eleng ene fela.”—A Greek and English Lexicon of the New Testament, ka E. Robinson.
Theological Dictionary of the New Testament, eo e kwadilweng ke Gerhard Kittel, e bolela jaana: “[Mo·no·ge·nesʹ] e raya ‘ngwana yo eleng ene fela,’ ke gore, yo o senang bomorwarraagwe kana bokgaitsadie.” Buka eno gape e bolela gore mo go Yohane 1:18; 3:16, 18; le 1 Yohane 4:9, “kamano ya ga Jesu ga e bapisiwe fela le e ngwana yo eleng ene fela a nang nayo le rraagwe. Ke kamano ya yo o tsetsweng a le esi le Rraagwe.”
Ka jalo Jesu, eleng Morwa yo o tsetsweng a le esi, botshelo jwa gagwe bo na le tshimologo. Mme Modimo Mothatayotlhe a ka bidiwa ka tshwanelo ga twe ke Motsadi wa gagwe, kana Rraagwe, ka kgopolo e e tshwanang le eo rre wa mo lefatsheng, yo o jaaka Aberahame, a tsalang morwaawe ka yone. (Bahebera 11:17) Ka jalo, fa Bibela e bua ka Modimo jaaka “Rraagwe” Jesu, e raya sone seo e se bolelang seo—eleng gore ke batho ba babedi ba ba farologaneng. Modimo ke yo mogolo. Jesu ke yo mmotlana—ka nako, ka boemo, ka maatla, le ka kitso.
Fa motho a akanya ka lebaka la gore Jesu e ne e se ene fela morwa wa moya yo o esi wa Modimo yo o neng a bopilwe kwa legodimong, go bonala ka phepafalo gore ke ka ntlhayang fa polelwana “Morwa eo o tsecweñ a le esi” e dirisitswe mo kgannyeng eno. Dibopiwa tse dingwe tse dintsintsi tsa semoya, eleng baengele, le bone ba bidiwa “barwa ba Modimo,” ka kgopolo e e tshwanang le eo Adame a neng a bidiwa ka yone, ka gonne maatla a bone a botshelo a ne a tswa kwa go Jehofa Modimo, ebong Motswedi kana Mosimolodi wa botshelo. (Yobe 38:7; Pesalema 36:9; Luke 3:38) Mme bano botlhe ba ne ba bopiwa go dirisiwa “Morwa eo o tsecweñ a le esi,” yo e leng ene fela yo o neng a tsalwa ka tlhamalalo ke Modimo.—Bakolosa 1:15-17.
A Jesu O Ne A Tsewa Jaaka Modimo?
LEMORORO gantsi Jesu a bidiwa Morwa Modimo mo Bibeleng, ga go na ope mo lekgolong la ntlha la dingwaga yo o neng a akanya gore ke Modimo Morwa. Tota le eleng le badimona, bao ba ‘dumelang gore Modimo o mongwe fela,’ ba ne ba itse go tswa go seo ba se itemogetseng mo sebakeng sa moya gore Jesu e ne e se Modimo. Ka jalo, ba ne ba bitsa Jesu ka tshwanelo ba re ke “Morwa” yo o kwa thoko wa “Modimo.” (Yakobe 2:19; Mathaio 8:29) Mme fa Jesu a ne a swa, masole a Roma a baheitane a a neng a eme foo a ne a itse sentle gore ba ka bolela ba re seo ba se utlwileng go tswa mo balateding ba gagwe se tshwanetse sa bo se le boammaaruri, eseng gore Jesu e ne e le Modimo, mme gore “Rure eo, e ne e le Morwa Modimo.”—Mathaio 27:54.
Ka ntlha ya moo, polelwana e e reng “Morwa Modimo” e bua ka Jesu jaaka sebopiwa se se farologaneng, eseng jaaka karolo ya Tharo-Nngwe. Jaaka Morwa Modimo, o ne a ka seka a nna Modimo ka boene, ka gonne Yohane 1:18 e bolela jaana: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè.”
Barutwa ba ne ba leba Jesu jaaka ‘motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho,’ eseng jaaka Modimo ka sebele. (1 Timotheo 2:5) Ereka go ya ka tlhaloso motsereganyi e le motho yo o farologaneng le bao ba tlhokang go tsereganngwa, e ne e tla bo e le go ikganetsa fa Jesu e ne e le karolo ya lengwe la matlhakore ao a a lekang go a letlanya. Seno e ne e tla bo e le go itira seo a seng sone.
Bibela e bua ka phepafalo le ka tlhomamo kaga kamano ya Modimo le Jesu. Jehofa Modimo a le esi ke Mothatayotlhe. O bopile Jesu ka tlhamalalo pele ga e nna motho. Ka jalo, Jesu o ne a na le tshimologo mme o ne a ka seka a lekana le Modimo ka maatla kana ka go senang tshimologo le bokhutlo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Leina la Modimo le ranolwa jaaka “Yahweh” mo dithanolong dingwe, mme mo go tse dingwe jaaka “Jehofa.”
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
Ereka a bopilwe ke Modimo, Jesu o mo boemong jo bo kwa tlase ka nako, ka maatla, le ka kitso
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a bolela gore o ne a le gone pele ga a nna motho, a bopilwe ke Modimo jaaka tshimologo ya dibopiwa tsa Modimo tse di sa bonaleng