Dikwalo Di Bolela Eng ka Kgang ya Gore “Keresete ke Modimo”?
JESU KERESETE o ile a dira gore batho ba bantsi ba fetoge badumedi. Seno se ntse jalo gonne go na le dimilione tsa batho tse di ipolelang fa e le balatedi ba gagwe. Lefa go ntse jalo, ga ba dumalane botlhe fa go tla mo kgannyeng ya gore ene ke mang.
Bangwe bao ba bolelang gore ba dumela dithuto tsa ga Jesu ba mo leba jaaka Morwa Modimo, eseng Mmopi ka boene. Ba bangwe ba dumela gore “Keresete ke Modimo” ebile ba akanya gore ke Modimo ka boene. Ba dumela gore Jesu o sale a ntse a le teng ebile e ne e le sengwe se se fetang motho fa a ne a le mo lefatsheng. A tota ba nepile mo go seno? Dikwalo di bolela eng?
Botshelo jwa ga Jesu jwa Pele E Nna Motho
Jesu o ne a tlhomamisa gore o ne a kile a nna teng pele e nna motho. O ne a bolela jaana: “Me ga goa tlhatlogèla opè kwa legodimoñ, ha e se èna eo o hologileñ kwa legodimoñ, eboñ Morwa Motho.” (Yohane 3:13) Jesu o ne a bolela gape jaana: “Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ: E, le gōna senkgwè se ke tla se ntshañ ke nama ea me, gore e nnè botshelō yoa lehatshe.”—Yohane 6:51.
Mafoko ano a gagwe a supa ka phepafalo fela gore Jesu o ne a kile a tshela pele e nna motho: “Amarure, amarure, kea lo raea, Pele Aberahame a e se a nne, nna ka bo ke nntse ke leeō.” (Yohane 8:58) Aberahame o ne a tshela go tloga ka 2018 go fitlha ka 1843 B.C.E., fa Jesu ene a ne a tshela jaaka motho go tloga ka 2 B.C.E. go fitlha ka 33 C.E. Jesu o ne a rapela jaana pele fela fa a tla swa: “Rara, A u ko u nkgalaletsè nau, ka kgalalèlō e ke ne ke nntse ke na naeō nau pele lehatshe le e se le nne.”—Yohane 17:5.
Balatedi ba ga Jesu ba ne ba naya bosupi jo bo tshwanang. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “E rile mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō, me Lehoko a bo a nntse a na le Modimo, me Lehoko ea bo e le èna Modimo. Dilō cotlhe di dihilwe ke èna; me kwa ntlè ga gagwè ga se ka ga dihwa sepè sa tse di dihilweñ. . . . Me Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.” (Yohane 1:1, 3, 14) Ee, “Lehoko a tla a nna nama” e le motho ebong Jesu Keresete.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana fa a ne a umaka botshelo jwa ga Jesu jwa pele e nna motho: “Lo nnè le pelo e mo go lona, e e neñ e le mo go Keresete Yesu le èna: Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, Me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho.” (Bafilipi 2:5-7) Paulo o ne a bitsa Jesu “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe; Gonne dilō cotlhe di bopilwe mo go èna.”—Bakolosa 1:13-16.
E Ne E Se Modimo Fa A Ne A le mo Lefatsheng
Dikwalo di bolela ka phepafalo fela gore Jesu e ne e le motho wa mmatota go tloga fela fa a ne a tsholwa go fitlha a swa. Johane ga a ka a bolela gore Lefoko o ne a apesitswe fela nama. O ne a “tla a nna nama” mme o ne a sa tlhakana e le motho ebile e le Modimo. Fa e le gore Jesu e ne e le motho ebile e le Modimo ka nako e e tshwanang, go ka bo go se kile ga bolelwa gore o ne a ‘fokolediwa boemo go le gonnye mo baengeleng.’—Bahebera 2:9; Pesalema 8:4, 5.
Fa e le gore Jesu e ne e le motho ebile e le Modimo fa a ne a le mo lefatsheng ke ka ntlha yang fa a ne a rapela Jehofa kgapetsakgapetsa? Paulo o ne a kwala jaana: “(Eboñ Yesu,) eo e rileñ mo metlheñ ea gagwè a le mo nameñ, a sena go isa merapèlō le mekokotlèlō e e nañ le selelō se se tona le dikeledi kwa go èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, me . . . a . . . utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwe.”—Bahebera 5:7.
Mafoko a ga Petere a a reng Keresete o ne “a bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ” a supa sentle gore Jesu e ne e se moya fa a ne a le mo lefatsheng. (1 Petere 3:18) Jesu o ne a kgona go ikutlwela dilo tse di diragalelang batho ba ba sa itekanelang mme a nna moperesiti yo mogolo yo o kutlwelobotlhoko fela ka gonne Jesu e ne e le motho tota. Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne moperisiti eo mogolo eo re nañ naè, ga se eo o sa kakeñ a añwa ke go utlwana le rona makōa a rona; me ke eo o kileñ a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo.”—Bahebera 4:15.
Jaaka “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe,” Jesu ‘o ne a intsha go nna thekololo ya botlhe.’ (Yohane 1:29; 1 Timotheo 2:6) Ka tsela eo, Jesu o ne a reka gape sone seo se neng se latlhegetse Adame—botshelo jwa batho jo bo itekanetseng jo bo sa khutleng. Ereka go diragatsa tshiamo ga Modimo go ne go batla gore ‘botshelo bo tswelwe ke botshelo,’ ka gone Jesu o ne a tshwanetse go nna kafa Adame a neng a ntse ka teng kwa tshimologong—motho yo o itekanetseng, eseng Modimomotho.—Duteronome 19:21; 1 Bakorintha 15:22.
O Se Ka Wa Sokamisa Ditemana tsa Bibela
Batho ba ba bolelang gore Jesu e ne e le Modimomotho ba dirisa dikwalo tse di farologaneng go leka go supa gore ke karolo ya Tharonngwe ya Labokeresete, o lekana le Modimo ka tsela e o ntseng ka yone, ka maatla, ka kgalalelo, le ka lobaka lo o nnileng teng ka lone. Mme fa re tlhatlhoba ditemana tseno ka kelotlhoko, re fitlhela gore bao ba tatalalelang gore “Keresete ke Modimo” ba sokamisa ditemana tseno.
Batho bangwe ba bolela gore ditemana tsa Bibela tse mo go tsone Modimo o dirisang leemedi “rona” di kaya gore Jesu (Lefoko) o ne a lekana le Jehofa fa e ne e ise e nne motho. Mme go dirisiwa ga leemedi leno ga go kaye gore Modimo o ne a bua le mongwe yo o lekanang le ene. Mme totatota le kaya mongwe mo gare ga dibopiwa tsa selegodimo, yoo o nang le kamano e e kgethegileng le Modimo. Ebile tota, Jesu e ne e le tsala e kgolo, Tlhogo ya Tiro, le Mmueledi wa Modimo mo lobakeng lwa pele e nna motho.—Genesise 1:26; 11:7; Diane 8:30, 31; Yohane 1:3.
Tsela eo maemo a neng a ntse ka teng ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa ga e akantshe gore Modimo, Keresete, le moya o o boitshepo ba a lekana. Jaaka motho, Jesu o ne a kolobediwa a supa fa a ineela mo go Rraagwe wa selegodimo. Ka nako eo “magodimo a mo atlhamologèla,” mme moya wa Modimo wa fologa, wa nna mo godimo ga ga Jesu jaaka leeba. Gape, lentswe la ga Jehofa le ne la utlwiwa le tswa “mo magodimoñ” le re: “Eo ke morwaake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.”—Mathaio 3:13-17.
Ka jalo he, Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go kolobetsa barutwa “mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō”? (Mathaio 28:19, 20) Jesu o ne a sa kae kana gone go bolela gore ene, Rraagwe, le moya o o boitshepo ba a lekana. Go na le moo, o ne a kaya gore bao ba kolobediwang ba leba Jehofa jaaka Moneibotshelo le Modimo Mothatayotlhe, yoo ba mo neelang botshelo jwa bone. Ba leba Jesu jaaka Mesia le yoo Modimo o rekolotseng batho ba ba dumelang ka ene. Ebile ba lemoga gore moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a Modimo, ao ba tshwanetseng ba ineela gore a ba laole. Lefa go ntse jalo, batho bao ba ba yang go kolobediwa ga ba a tshwanela go leba Jehofa, Jesu le moya o o boitshepo jaaka modimo o le mongwe wa Tharonngwe.
Mme a dikgakgamatso tseo Jesu a neng a di dira ga di supe gore e ne e le Modimomotho? Nnyaa, ka go bo Moshe, Elija, le Elisha, le moaposetoloi Petere le Paulo, le ba bangwe ba ne ba dira dikgakgamatso mme e se bo-Modimomotho. (Ekesodo 14:15-31; 1 Dikgosi 18:18-40; 2 Dikgosi 4:17-37; Ditihō 9:36-42; 19:11, 12) Fela jaaka bone, Jesu le ene e ne e le motho yo a neng a dira dikgakgamatso ka maatla a a neng a a newa ke Modimo.—Luke 11:14-19.
Isaia o ne a bolela ka tsela ya seperofeti gore Jesu yo e leng Mesia ke “Modimo Mothata.” (Isaia 9:6) Ene moperofeti yoo o ne a bitsa Jehofa a re ke “Modimo Mothata” mo go Isaia 10:21. Batho bangwe ba leka go dirisa tsela eno e e tshwanang eo mafoko ano a builweng ka yone go supa gore Jesu ke Modimo. Mme re tshwanetse go tlhokomela thata gore re se ka ra sokamisa ditemana tseno. Polelo ya Sehebera e e ranotsweng jaaka “Modimo Mothata” ga e dirisediwe Jehofa fela jaaka polelo e e reng “Modimo, Mothataeotlhe.” (Genesise 17:1) Gone mme, go na le pharologano fa gare ga go nna mothata le go nna mothatayotlhe yo go seng ope yo mogolo mo go ene.
Jehofa o ne a bolela jaana go ya ka Isaia 43:10: “E rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna opè moragō ga me.” Mme mafoko ao ga a supe gore Jesu ke Modimo. Se se botlhokwa ke gore ga go na ope yo o tlileng pele ga Jehofa le gore ga go na modimo ope yo o neng o le teng pele ga gagwe ka go bo ke wa bosakhutleng. Ga go kitla go nna le modimo ope morago ga Jehofa gonne o tla nna a ntse a le teng mme ereka e le Molaodi yo Mogolo ga go ope yo o tlileng go mo tlhatlhama. Lefa go le jalo, Jehofa o ne a bopa bangwe bao ene ka boene a neng a ba bitsa medimo, fela jaaka Dikwalo di bontsha seo ka go bolela jaana ka batho bangwe: “Ke rile, Lo medimo, lotlhe lo bomorwa Mogodimodimo. Leha go nntse yalo lo tla shwa yaka batho hèla, lo tla wa yaka ñwe ea dikgōsana.” (Pesalema 82:6, 7) Ka tsela e e tshwanang, Lefoko e ne e le modimo o o bopilweng ke Jehofa, mme seo ga se a ka sa dira gore Jesu a lekane le Modimo Mothatayotlhe ka nako epe fela.
Boemo jwa ga Jesu jwa Boammaaruri
Bao ba bolelang gore Modimo o ne wa nna motho jaaka Modimomotho ba tshwanetse go ela tlhoko gore Bibela ga e bolele lefa e le sepe fela sa gore Jesu o ne a iteba ka tsela eo. Go na le moo, e bolela ka tlhomamo gore Jesu o sale a ntse a le monnye mo go Rraagwe. Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu ga a ise a ko a bolele gore ke sepe fela se se fetang go nna Morwa Modimo. Mo godimo ga moo, Keresete o ne a bolela jaana: “Rara o mogolo bogolo go nna.”—Yohane 14:28.
Paulo o ne a farologanya Jehofa le Jesu fa a ne a bolela jaana: “Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna; e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna, le rona ka èna.” (1 Bakorintha 8:6) Paulo o ne a bolela gape jaana: “Me lona lo ba ga Keresete; me Keresete ke oa Modimo.” (1 Bakorintha 3:23) Eleruri, fela jaaka Bakeresete botlhe e le ba Mong wa bone, Jesu Keresete, le ene fela jalo ke wa ga Tlhogo, Jehofa Modimo.
Paulo o ne a kwala jaana a otlelela ntlha e e tshwanang: “Me ke rata gore lo itse ha tlhōgō ea monna moñwe le moñwe e le Keresete; le tlhōgō ea mosadi ke monna; le tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Dilo di tla nna di ntse fela ka tsela eno fa gare ga Modimo le Keresete, ka go bo morago ga Puso ya ga Jesu ya Dingwaga tse di Sekete, ‘o tla neela Modimo, ebong Rara, bogosi’ mme “Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.”—1 Bakorintha 15:24, 28; Tshenolō 20:6.
Fa Re Leba Ditemana Tse Dingwe
Mathaio o ne a kwala jaana mabapi le botsalo jwa ga Jesu: “Me yana gotlhe mo go dihetse, gore go dihalè se se kileñ sa buiwa ke Morèna ka moperofeti, [mo go Isaia 7:14] a re, Bōnañ, kgarebane e tla ithwala, me e tla bōna ñwana oa mosimane, me ba tla mo raea leina, ba re, Imanuele; ke gore Modimo o mo go rona, ha go phuthololwa.” (Mathaio 1:22, 23) Jesu ga a ka a bidiwa Imanuele, mme seabe se a neng a se dira se ne sa diragatsa se se kaiwang ke leina leo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng jaaka Losika lwa Bomesia le Moruaboswa wa setulo sa ga Dafide sa bogosi go ne go tlhomamisetsa baobamedi ba ga Jehofa gore Modimo o ne o na le bone, o le kafa letlhakoreng la bone, o ba tshegetsa mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.—Genesise 28:15; Ekesodo 3:11, 12; Yoshue 1:5, 9; Pesalema 46:5-7; Yeremia 1:19.
Moaposetoloi Thomase o ne a tlhaeletsa jaana fa a ne a bolela ka Jesu yo o tsositsweng mo baswing: “Morèna oa me, le Modimo oa me.” (Yohane 20:28) Pego eno mmogo le tse dingwe “di kwadilwe gore [re] dumèlè ha Yesu e le Keresete, Morwa Modimo.” Ebile Thomase o ne a sa ganetse Jesu yoo a neng a setse a romeletse barutwa ba Gagwe molaetsa ono o o reng: “Ke tlhatlogela kwa go . . . Modimo oa me, le Modimo oa lona.” (Yohane 20:17, 30, 31) Ka jalo Thomase o ne a sa akanye gore Jesu e ne e le Modimo Mothatayotlhe. Thomase a ka tswa a ne a bolela gore Jesu ke ‘Modimo wa gagwe’ ka tlhaloganyo ya gore Keresete e ne e le ‘modimo mongwe,’ lefa go ntse jalo e se “Modimo o o osi, o o boamarure.” (Yohane 1:1; 17:1-3) Kana Thomase fa a ne a re “Modimo oa me,” a ka tswa a ne supa fa a dumela gore Jesu ke Mmueledi wa Modimo le Moemedi wa gagwe, fela jaaka ba bangwe le bone ba ne ba bua le barongwa ba baengele jaaka ekete ba ne ba bua le Jehofa.—Bapisa Genesise 18:1-5, 22-33; 31:11-13; 32:24-30; Baatlhodi 2:1-5; 6:11-15; 13:20-22.
Go ya ka Bibela, he, Jesu o ne a tshela jaaka Lefoko pele a tla go tshela jaaka motho. E ne e se Modimomotho wa bomodimo ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng. E ne e le motho tota, lemororo a ne a itekanetse, fela jaaka Adame a ne a ntse kwa tshimologong. Fa esale Jesu a tsosiwa mo baswing, o ne a godisiwa go nna moya o o sa sweng o ka metlha o tla nnang o le mmotlana mo Modimong. Ka gone, go phepafetse sentle gore Dikwalo ga di tshegetse kgopolo ya gore “Keresete ke Modimo.”
[Lebokoso mo go tsebe 23]
A Baengele ba Obamela Jesu?
DITHANOLO tse dingwe di ranola Bahebera 1:6 jaana: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo obamele [Jesu].” (King James Version; The Jerusalem Bible) Go lebega moaposetoloi Paulo a ne a tsopola Septuagint, e e bolelang jaana mo go Pesalema 97:7: “Mo obameleng [Modimo] lona baengele ba gagwe.”—C. Thomson.
Lefoko la Segerika pro·sky·neʹo le le ranotsweng jaaka “kobamelo” mo go Bahebera 1:6 le dirisediwa lefoko la Sehebera sha·chahʹ le le kayang “go ikobela fa fatshe” mo go Septuagint mo go Pesalema 97:7. Eno ke tsela e e amogelwang ya go tlotla ya batho. (Genesise 23:7; 1 Samuele 24:8; 2 Dikgosi 2:15) Kana e ka nna ya amana le go obamela Modimo wa boammaaruri kana go obamela medimo ya maaka.—Ekesodo 23:24; 24:1; 34:14; Duteronome 8:19.
Gantsi pro·sky·neʹo e e newang Jesu e tshwana le fa o ikoba fa pele ga kgosi le ba bangwe. (Bapisa Mathaio 2:2, 8; 8:2; 9:18; 15:25; 20:20 le 1 Samuele 25:23, 24; 2 Samuele 14:4-7; 1 Dikgosi 1:16; 2 Dikgosi 4:36, 37.) Gantsi go phepafetse gore go ikoba goo go direlwa Jesu mme go sa dirwe jaaka ekete ke Modimo mme jaaka “Morwa Modimo” kana “Morwa [motho, NW]” wa Mesia.—Mathaio 14:32, 33; Luke 24:50-52; Yohane 9:35, 38.
Bahebera 1:6 e bua ka boemo jwa ga Jesu gore o kafa tlase ga Modimo. (Bafilipi 2:9-11) Fano dithanolo tse dingwe di ranola pro·sky·neʹo jaaka “go obama” (The New English Bible), “go ikobela fa fatshe” (New World Translation) kana “go ikoba fa pele ga” (An American Translation). Fa e le gore mongwe o dumalana le fa le ranolwa jaaka “kobamelo,” he kobamelo e e ntseng jalo ke e e lekanyeditsweng, ka go bo Jesu o ne a raya Satane a re: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago [mofuta wa pro·sky·neʹo], ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.”—Mathaio 4:8-10.
Lemororo Pesalema 97:7, e e bolelang kaga go obamela Modimo e ne ya dirisediwa Keresete mo go Bahebera 1:6, Paulo o ne a bontsha gore Jesu yo o tsositsweng mo baswing ke “marañ a kgalalèlō ea ōna, le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna.” (Bahebera 1:1-3) Ka jalo “kobamelo” epe fela eo baengele ba e nayang Morwa Modimo e lekanyeditswe mme e newa Jehofa e fetisiwa ka ene.