Jesu—Mmusi “Yo Matso a Gagwe a sa Leng a Nna a Bogologolo”
BOITUMELO bo ya magoletsa fa o ntse o emetse mongwe wa losika yo o sa leng o mmone bogologolo gore a goroge. Kgabagare, o kopana le ene o bo o mo dumedisa ka lorato. O reetsa ka kelotlhoko fa a ntse a go bolelela lebaka la go bo rraagwe a ne a mo romela gore a go etele. Morago ga moo nako e goroga ka bonako gore a boele gae. Ka kutlobotlhoko, o mo tsamaisa sentle. Go ikutlwa o latlhegetswe fa a tsamaya go a kokobela fa go tsena dikgang tsa gore o gorogile sentle kwa gae.
Moragonyana, fa o ntse o batla mo dipampiring dingwe tsa bogologolo, o simolola go bona dikwalo tse di bolelang ka bokhutshwane ka dilo tse motho yono wa losika lwa gago a ntseng a di dira bogologolo pele a simolola loeto lwa gagwe go tla go go bona. Se dikwalo tseo di go bolelelang sone se dira gore o lemoge ka tsela e e kgatlhisang, tsela e a godileng ka yone mme se dira gore o anaanele thata ketelo ya gagwe le tiro e a e dirang gone jaanong.
‘Yo o sa Leng A le Wa Bogologolo’
Mo dikwalong tsa bogologolo tse Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba na le tsone go ne go na le mekwalo ya moporofeti wa Modimo e bong Mika, e e neng ya kwalwa dingwaga di ka nna makgolo a le supa pele ga moo. Di tlhalosa lefelo le Mesia a tsaletsweng kwa go lone. “Wena Bethelehema Eferatha, yo o leng mmotlana mo go makgolokgolo a Juta, mo go wena go tlaa ntswela mongwe yo o tlaa nnang molaodi mo Iseraele; yo matso a gagwe a sa leng a nna a bogologolo, e bong ka go se nang tshimologo.” (Mika 5:2) Mafoko ano a ne a le boammaaruri, Jesu o ne a tsalelwa kwa motsaneng wa Judea wa Bethelehema ka ngwaga o jaanong o bidiwang 2 B.C.E. Mme jaanong tshimologo ya gagwe e ne e ‘sa le e nna ya bogologolo jang’?
Jesu o ne a kile a tshela pele a nna motho mo lefatsheng. Mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete kwa Kolosa, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa Jesu e le “setshwano sa Modimo o o sa bonaleng, motsalwapele wa tlhōlō yotlhe.”—Bakolosa 1:15.
Jehofa, Motswedi wa botlhale, o ne a bopa Morwawe wa leitibolo “pele ga ditiro” tsa gagwe, fa re dirisa mafoko a a tlhotlheleditsweng a a kwadilweng ke Kgosi Solomone mo bukeng ya Diane. Fa Jesu a sena go tla mo lefatsheng le fa a sena go boela kwa legodimong, o ne a supela gore eleruri e ne e le “tshimologo ya tlhōlō ka Modimo.” Jaaka botlhale bo mothofaditswe, Jesu yo o neng a tshela pele a nna motho mo lefatsheng o ne a bolela jaana: “Jale [Jehofa] ka a etleetsa magodimo, ka bo ke le gone.”—Diane 8:22, 23, 27; Tshenolo 3:14.
Go tloga fela kwa tshimologong, Morwa Modimo o ne a amogela kabelo e e kgethegileng, ya go nna “motho yo e leng tlhogo ya tiro” a le gaufi le Rraagwe. A bo seno se ne sa itumedisa Jehofa jang ne! “Ke le natefelo ya gagwe [Jehofa] ka malatsi otlhe,” go bolela jalo Diane 8:30, e oketsa ka gore, “ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe.”
Moragonyana Jehofa o ne a laletsa Morwawe wa leitibolo gore a nne le seabe mo go bopeng batho. O ne a bolela jaana: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona.” (Genesise 1:26) Ka ntlha ya seo, go ne ga nna le natefelo e nngwe. Jesu yo o neng a tshela pele a nna motho mo lefatsheng o ne a tlhalosa jaana: “Natefelo ya me . . . e le mo baneng ba batho.” (Diane 8:31) Kwa tshimologong ya Efangele ya gagwe, moaposetoloi Johane o ne a bolela seabe sa ga Jesu mo popong pele a nna motho mo lefatsheng jaana: “Dilo tsotlhe di ne tsa nna gone ka ene, mme kwantle ga gagwe ga go a nna gone selo lefa e le se le sengwe.”—Johane 1:3.
Mmueledi wa ga Jehofa
Mafoko a ga Johane a dira gore re tlhokomele tshiamelo e nngwe e Morwa Modimo a neng a na le yone, e leng ya go nna mmueledi. Go tloga kwa tshimologong, o ne a direla e le Lefoko. Ka gone, fa Jehofa a ne a bua le Adame, mme moragonyana a bua le Adame mmogo le Efa, a ka tswa a ne a dirisa Lefoko. Mme ke mang yo o neng a ka tshwanelega go tlisa ditaelo tsa Modimo tse di malebana le go itekanela ga batho go gaisa yo o neng a na le natefelo mo go bone?—Johane 1:1, 2.
Go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Lefoko botlhoko go bona Efa mme morago Adame, ba sa utlwe Mmopi wa bone! Mme o tshwanetse a bo a ile a eletsa go fodisa malwetse a go tlhoka kutlo ga bone a ba neng ba a leretse bana ba bone! (Genesise 2:15-17; 3:6, 8; Baroma 5:12) Fa Jehofa a ne a bua le Satane, yo o neng a rotloetsa Efa gore a tsuologe, o ne a bolela jaana: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe.” (Genesise 3:15) Fa a sena go bona se se diragetseng kwa Edena, Lefoko o ne a lemoga gore jaaka karolo e kgolwane ya “losika” lwa mosadi, o ne a tlile go tlhoiwa fela thata. O ne a itse gore Satane ke mmolai.—Johane 8:44.
Fa moragonyana Satane a ne a belaela bothokgami jo bo ikanyegang jwa ga Jobe, Lefoko o tshwanetse a bo a ne a galefa ka ntlha ya ditatofatso tse di senyang leina tse di neng tsa pegwa Rraagwe. (Jobe 1:6-10; 2:1-4) Eleruri, mo seabeng sa gagwe e le moengele yo mogolo, Lefoko o itsiwe e le Mikaele, yo leina la gagwe le bolelang gore “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” mme le bontsha kafa a sireletsang Jehofa ka gone kgatlhanong le botlhe ba ba ikaelelang go ikgagapela bolaodi jwa Modimo.—Daniele 12:1; Tshenolo 12:7-10.
Fa hisitori ya Iseraele e ntse e senoga, Lefoko o ne a lemoga maiteko a ga Satane a go faposetsa batho kgakala le kobamelo e e itshekileng. Fa ba sena Go Tswa kwa Egepeto, Modimo o ne a bolelela Iseraele jaana a dirisa Moshe: “Bona, ke roma moengele fa pele ga gago, go go dibela mo tseleng, le go go fitlhisa mo felong fa ke go baakantseng. Lo itise mo go ene, mme lo reetse lentswe la gagwe; lo se ka lwa mo rumola, gonne ga a ketla a itshwarela tlolo ya lona; gonne leina la me le mo go ene.” (Ekesodo 23:20, 21) Moengele yono e ne e le mang? Go ka direga e ne e le Jesu yo o neng a tshela pele a nna motho mo lefatsheng.
Go Ikoba ka Boikanyegi
Moshe o ne a swa ka 1473 B.C.E., mme serepa sa gagwe se ne sa fitlhwa “mo mogogorong mo lefatsheng la Moabe bolebagana le Bethepeore.” (Duteronome 34:5, 6) Go bonala, Satane a ne a batla go dirisa serepa seno, gongwe go rotloetsa kobamelo ya medimo e e itiretsweng. Mikaele o ne a le kgatlhanong le seno mme a ineela ka boikokobetso mo taolong ya ga Rraagwe, e bong Jehofa. ‘Ka a ne a se pelokgale go atlhola Satane ka mafoko a go kgoba,’ Mikaele o ne a tlhagisa Satane jaana: “E kete Jehofa a ka go kgala ka bogale.”—Jude 9.
Go tswa foo Iseraele e ne ya simolola go gapa Naga e e Solofeditsweng ya Kanana. Gaufi le motse wa Jeriko, Joshua o ne a tlhomamisediwa gore Lefoko o ntse a tsweletse a okametse setšhaba seno. Koo o ne a kopana le monna mongwe a tshwere tšhaka. Joshua o ne a ya kwa mothong yono mme a botsa jaana: “A o ntlheng ya rona, kgotsa o ntlheng ya baba ba rona?” Akanya fela gore Joshua o ka tswa a ne a gakgametse jang fa motho yono a ne a ipolela, a re: “Nnyaa; mme ke tsile ke le kgosana ya ntwa ya ga Jehofa.” Ga go gakgamatse go bo Joshua a ne a wa ka sefatlhego sa gagwe fa pele ga moemedi yono yo o tlotlometseng wa ga Jehofa, kwantle ga pelaelo e ne e le Jesu yo o neng a tshela pele a nna motho mo lefatsheng yo moragonyana a neng a nna “yo o tloditsweng e bong kgosana.”—Jošua 5:13-15; Daniele 9:25.
Kganetsano e nngwe le Satane e ne ya diragala mo metlheng ya moporofeti wa Modimo e bong Daniele. Mo lekgetlhong leno Mikaele o ne a tshegetsa moengelekaene fa kgosana ya badimona ya Peresia ‘e ne e ganela’ ka dibeke di le tharo. Moengele yono o ne a tlhalosa jaana: “Bona, Mikaele, mongwe wa dikgosana tse dikgolo, a tla go nthusa; mme ka sala teng le dikgosi tsa Peresia.”—Daniele 10:13, 21.
Kgalalelo ya Pele a Nna Motho Le fa E le Motho
Ka 778 B.C.E., ngwaga o Kgosi ya Juda e bong Usia e neng ya tlhokafala ka one, moporofeti wa Modimo e bong Isaia o ne a bona ponatshegelo ya ga Jehofa a le mo setulong sa gagwe se se kwa godimo sa bogosi. Jehofa o ne a botsa jaana: “Ke tlaa roma mang? E mang yo o tlaa re elang?” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Isaia o ne a ithaopa, mme Jehofa o ne a mo tlhagisa gore Baiseraelekaene ba ne ba ka se reetse dipolelo tsa gagwe. Moaposetoloi Johane o ne a bapisa Bajuda ba ba sa dumeleng ba lekgolo la ntlha la dingwaga le batho ba motlha wa ga Isaia, mme a bolela jaana: “Isaia o ne a bua dilo tseno ka gonne o ne a bona kgalalelo ya gagwe.” Kgalalelo ya ga mang? Ya ga Jehofa le ya ga Jesu yo o kileng a tshela pele a nna motho mo lefatsheng a dira gaufi thata le ene mo malwapaneng a selegodimo.—Isaia 6:1, 8-10; Johane 12:37-41.
Makgolo a dingwaga moragonyana go ne ga tla kabelo e kgolo thata ya ga Jesu go fitlha ka nako eo. Jehofa o ne a fetisetsa maatla a botshelo jwa Morwawe yo o rategang go tswa kwa legodimong a a tsenya mo sebopelong sa ga Marea. Dikgwedi di le robongwe moragonyana o ne a tshola ngwana wa mosimane, e bong Jesu. (Luke 2:1-7, 21) Ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “E rile tekanyetso e e tletseng ya nako e goroga, Modimo wa romela Morwaone, yo o neng a tswa mo mosading.” (Bagalatia 4:4) Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Johane o ne a lemoga jaana: “Lefoko o ne a nna nama mme a aga gareng ga rona, mme re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanang le ya morwa yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa go rre; mme o ne a tletse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le boammaaruri.”—Johane 1:14.
Mesia o a Tla
Fa Jesu yo mmotlana a ne a na le bobotlana dingwaga di le 12, o ile a lemoga gore o tshwanetse go tshwarega mo go direng tiro ya ga Rraagwe wa selegodimo. (Luke 2:48, 49) Dingwaga di ka nna 18 moragonyana, Jesu o ne a tla kwa go Johane Mokolobetsi kwa Nokeng ya Joredane mme o ne a kolobediwa. Fa Jesu a ntse a rapela, magodimo a ne a bulega, mme moya o o boitshepo o ne wa fologela mo go ene. Akanya fela ka bontsi jwa dilo tse di neng tsa tla mo tlhaloganyong fa a ntse a gakologelwa diketekete tsa dingwaga tse a neng a direla gaufi le Rraagwe ka tsone e le modiri yo mogolo, mmueledi, kgosana ya masole a Modimo, e bile e le moengele yo mogolo, e bong Mikaele. Go tswa foo go ne ga latela boitumelo jo bogolo jwa go utlwa lentswe la ga Rraagwe a bolelela Johane Mokolobetsi jaana: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.”—Mathaio 3:16, 17; Luke 3:21, 22.
Tota Johane Mokolobetsi o ne a sa belaele gore Jesu o ne a kile a tshela pele a nna motho mo lefatsheng. Fa Jesu a ne a mo atamela, Johane o ne a bolela jaana: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” Mme o ne a oketsa jaana: “Yono ke yo ke neng ka bua kaga gagwe ka re, Kwa morago ga me go tla monna mongwe yo o kwa pele ga me, ka gonne o ne a nna gone pele ga me.” (Johane 1:15, 29, 30) Moaposetoloi Johane le ene o ne a itse gore Jesu o ne a kile a tshela pele. “Yo o tswang kwa godimo o godimo ga ba bangwe botlhe,” o ne a kwala jalo, mme: “Yo o tswang kwa legodimong o godimo ga ba bangwe botlhe. Se a se boneng e bile a se utlwile, o naya bosupi ka seno.”—Johane 3:31, 32.
Mo e ka nnang ka ngwaga wa 61 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera gore ba lemoge botlhokwa jwa go goroga ga ga Mesia mo lefatsheng le jwa tiro ya gagwe e le Moperisiti yo Mogolo. Paulo o ne a kwala jaana a re tlhokomedisa seabe sa ga Jesu e le Mmueledi: “Modimo . . . kwa bokhutlong jwa malatsi ano o buile le rona ka Morwa . . . yo o dirileng ditsamaiso tsa dilo ka ene.” A ka tswa a bolela ka Jesu e le “modiri yo mogolo” wa popo kana ka go nna le seabe mo dithulaganyong tse di gatelang pele tsa Modimo tsa go letlana le motho, fano Paulo o tlatsa bosupi jwa gagwe gore Jesu o ne a kile a tshela pele e nna motho mo lefatsheng.—Bahebera 1:1-6; 2:9.
Go Ikanyega ka Nitamo go Tswa “Bogologolo”
Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Filipi kgothatso eno: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa kgapo, e leng, gore o tshwanetse go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a ikhudula mme a tsaya sebopego sa motlhanka mme a simolola go nna mo setshwanong sa batho. Go feta moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:5-8) Jehofa o ne a amogela ka lorato tsela ya ga Jesu ya go ikanyega ka nitamo ka go mo tsosa mme go tswa foo a bo a mo amogela sentle gape kwa legodimong. A bo e le sekao se se molemolemo jang ne sa bothokgami ka dingwagangwaga se Jesu a re tlogeletseng sone!—1 Petere 2:21.
A bo re leboga jang ne dintlha tse Baebele e di neelang tsa go nna gone ga ga Jesu pele a nna motho! Eleruri di nonotsha boikaelelo jwa rona jwa gore re etse sekao sa gagwe sa tirelo ya go ikanyega ka nitamo, segolobogolo gone jaanong e re ka a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Bomesia jwa Modimo. A re galaletseng “Kgosana ya Kagiso,” Keresete Jesu, Molaodi le Mmusi wa rona “yo matso a gagwe a sa leng a nna a bogologolo”!—Isaia 9:6; Mika 5:2.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Bosupi Jwa Gore o Kile a Tshela Pele a Nna Motho mo Lefatsheng
Mafoko a ga Jesu ka boene, jaaka a kwadilwe mo tlase, a ntsha bosupi jo bo tletseng jwa gore o kile a tshela pele a nna motho:
◻ “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho.”—Johane 3:13.
◻ “Moshe o ne a se ka a lo naya senkgwe go tswa legodimong, mme Rre ruri o lo naya senkgwe sa boammaaruri go tswa legodimong. Gonne senkgwe sa Modimo ke yo o fologang kwa legodimong a ba a naya lefatshe botshelo. . . . Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 6:32, 33, 38.
◻ “Seno ke senkgwe se se fologang kwa legodimong, e le gore mongwe le mongwe a tle a se je mme a se ka a swa. Ke nna senkgwe se se tshelang se se neng sa fologa kwa legodimong; fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosaengkae.”—Johane 6:50, 51.
◻ “Jalo, lo tla reng fa lo ka bona Morwa motho a tlhatlogela kwa a neng a le gone pele?”—Johane 6:62.
◻ “Bosupi jwa me bo boammaaruri, ka gonne ke itse kwa ke tswang gone le kwa ke yang gone. . . . Lona lo tswa kwa mafelong a a kwa tlase; nna ke tswa kwa mafelong a a kwa godimo. Lona lo tswa mo lefatsheng leno; nna ga ke tswe mo lefatsheng leno.”—Johane 8:14, 23.
◻ “Fa Modimo e ne e le Rraalona, lo ne lo tla nthata, gonne ke tswa kwa Modimong mme ke fano. Le gone ga ke a tla ka bogame ka gope, mme One oo o ne wa nthomela.”—Johane 8:42.
◻ “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.”—Johane 8:58.
◻ “Rara, nkgalaletse go bapa le wena ka kgalalelo e ke neng ke na le yone go bapa le wena pele lefatshe le nna gone. Rara, malebang le se o se nneileng, ke eletsa gore, kwa ke gone, le bone ba tle ba nne le nna, e le gore ba bone kgalalelo ya me e o e nneileng, ka gonne o nthatile pele ga go thaiwa ga lefatshe.”—Johane 17:5, 24.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Joshua o kopana le kgosana ya masole a ga Jehofa