Tlotla Morwa, Moemedi yo Mogolo wa ga Jehofa
“Eo o sa tlotleñ Morwa, ga a tlotle Rara eo o mo romileñ.”—YOHANE 5:23.
1. Tumelo ya Labodumedi ya Tharonngwe e tlontlolola Jesu jang?
BATHO ba bantsi ba Labodumedi ba bolela fa ba tlotla Jesu Keresete, mme lefa go le jalo ba dira se se kgatlhanong tota le seo. Jang? Bontsi bo bolela gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe, le gore Modimo, Mmopi wa tsotlhe, o ne a tla mo lefatsheng a tla go tshela jaaka motho a bo a swa jaaka motho. Boiphako jono bo akarediwa mo thutong ya Tharonngwe, eo e leng thuto e kgolo tota mo go Labodumedi. Mme fa e le gore Tharonngwe e phoso, le fa e le gore tota Jesu o mmotlana kana o kafa tlase ga Modimo, a phoso eno e e dirwang ka kamano ya gagwe le Modimo ga e ne e dira gore Jesu a se ka a itumela? Eleruri, o ne a tla leba go sa bewe mo maemong a gagwe sentle gono jaaka go sa mo tlotle le go sa tlotle sengwe le sengwe se a neng a se ruta.
2. Dikwalo di bontsha ka phepafalo jang gore Jesu o mmotlana mo Modimong ebile o kafa tlase ga taolo ya gagwe?
2 Boammaaruri ke gore, Jesu ga a ise a ko a re ke Modimo, mme o ne a tlhola a ipolela fa e le “Morwa Modimo.” Le eleng le baba ba gagwe ba ne ba dumela seno. (Yohane 10:36; 19:7) Nako le nako Jesu o ne a tlhola a goletsa Rara mme a ipaya kafa tlase ga Gagwe, fela jaaka a ne a ipobola jaana: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo. Ga ke na go diha sepè ke le nosi . . . ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” O ne a bolela gape jaana: “Ke cwa kwa go èna, me o nthomile.” O ne a bolela gape jaana: “Ke tsile ke cwa kwa Modimoñ.” (Yohane 5:19, 30; 7:28, 29; 8:42) Jesu ga a ise le ka motlha a bue sepe se se akantshang gore ke Modimo kana gore o ne a lekana le one. Ka jalo go ruta selo se se ntseng jalo go tlontlolola Jesu.
Ditsela Tse Dingwe Tseo Bangwe Ba Tlontlololang Jesu ka Tsone
3. (a) Batho bangwe mo go Labodumedi ba tlontlolola Jesu ka go akanya eng ka ene? (b) Jesu o ne a naya bosupi bofe mabapi le botshelo jwa gagwe jwa pele e nna motho?
3 Ka mo go sa tlwaelegang, go na le ba bangwe gape mo go Labodumedi bao ba tlontlololang Jesu ka go ganela gore o kile a tshela pele e nna motho. Lefa go ntse jalo, re ka simolola go tlotla Jesu ka tshwanelo fela fa re lemoga gore o ne a tla mo lefatsheng a tswa kwa legodimong ka mmatota. Jesu ka boene o ne a bolela kgapetsakgapetsa gore o kile a tshela pele e nna motho. “Me ga goa tlhatlogèla opè kwa legodimoñ, ha e se èna eo o hologileñ kwa legodimoñ, eboñ Morwa Motho eo o kwa legodimoñ.” Moragonyana o ne a bolela jaana: “Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ . . . Ana lo no lo tla reñ ha lo bōna Morwa Motho a tlhatlogèla kwa o na a le gōna pele?” Gape o ne a re: “Lona lo cwa kwa tlhatse; nna ke cwa kwa godimo: . . . Amarure, amarure, kea lo raea, Pele Aberahame a e se a nne, nna ka bo ke nntse ke leeō.” (Yohane 3:13; 6:51, 62; 8:23, 58) Jesu o ne a bolela gape ka botshelo jwa gagwe jwa pele e nna motho fa a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo mo bosigong jo a neng a okwa ka jone.—Yohane 17:5.
4. (a) Bontsi bo tlontlolola Jesu ka tsela efe e nngwe? (b) Ke bosupi bofe jo bo tshwanetseng go bo bo lekane go tlhomamisa gore Jesu tota o kile a tshela, mme ka ntlha yang?
4 Batho bangwe mo go Labodumedi ba gana le eleng gore Jesu ke motho yo o itsegeng mo hisitoring, gore o kile a tshela jaaka motho. Totatota fa e le gore ga a ise a ko a tshele, go tla bo go se na lebaka la go tlotla ka gore ke ka ntlha yang re tshwanetse go mo tlotla le gore re ka dira seo jang. Lefa go le jalo bosupi jo bontsi jwa ba ba boneng ka matlho jo bo bolokilweng mo Dikwalong bo tshwanetse jwa bo bo lekane go tlhomamisa kwantle ga pelaelo gore Jesu tota o kile a tshela mo lefatsheng. (Yohane 21:25) Seno se boammaaruri segolobogolo jaaka Bakeresete ba ntlha ba ne ba tlhola ba bua ka Jesu ba baya matshelo a bone le kgololesego ya bone mo kotsing. (Ditihō 12:1-4; Tshenolō 1:9) Lefa go ntse jalo, kwantle ga se balatedi ba gagwe ba se kwadileng ka ene, a go na le tsela nngwe eo go ka supiwang ka yone gore Jesu o kile a nna gone?
5, 6. Bosupi jwa hisitori, go sa balelwe jwa Dikwalo bo supa eng kaga go nna gone ga ga Jesu Keresete ga mmatota?
5 The New Encyclopædia Britannica (1987) e bolela jaana: “Dipego tse di tswang koo di supa gore bao ba neng ba ganetsa Bokeresete mo metlheng ya bogologolo ga ba ise le ka motlha ba belaele gore Jesu o kile a tshela.” Dingwe tsa dipego tse di kwa thoko tseno ke dife? Go ya ka mokanoki wa Mojuda Joseph Klausner go na le bosupi bongwe jwa dikwalo tsa bogologolo tsa Se-Talmud. (Jesus of Nazareth, tsebe 20) Gape go na le bosupi jwa raditiragalo wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Josephus. Ka sekai, o tlhalosa ka go kgobotlediwa ka maje ga ga Jakobe, a supa fa e le “morwarraagwe Jesu yo a neng a bidiwa Keresete.”—(Jewish Antiquities, XX, [ix, 1]).
6 Mo godimo ga moo, go na le bosupi jwa boraditiragalo ba bogologolo ba Baroma, segolobogolo Tacitus yo a neng a tseelwa kwa godimo. O ne a kwala kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga kaga “setlhopha sengwe se se neng se ilwa ka ntlha ya dilo tseo se neng se di ila, seo batho ba neng ba se bitsa Bakeresete. Christus [Keresete], yoo leina [Bakeresete] le tswang mo go ene, o ne a bogisiwa botlhoko mo pusong ya ga Tiberio a bogisiwa jalo ke mongwe wa babusi ba rona.” (The Annals, XV, XLIV) Ereka a ne a leba bosupi jwa gore Jesu o ne a itsege mo hisitoring jaaka sengwe se segolo, motlhalefi yo o ithutang ka boitsholo jwa batho wa Mofora wa lekgolo la bo 18 la dingwaga, Jean-Jacques Rousseau, o ne a supa jaana: “Hisitori ya ga Socrates eo mongwe le mongwe a sa e belaeleng, ga e buelelwe thata jaaka ya ga Jesu Keresete.”
Mabaka A go Tlotla Morwa
7. (a) Ke bosupi bofe jwa Dikwalo joo bo re nayang boikarabelo jwa go tlotla Jesu Keresete? (b) Jehofa o ile a tlotla Morwawe jang ka mo go oketsegileng?
7 Jaanong re tla mo kgannyeng ya go tlotla Jesu Keresete. Mafoko a gagwe a a mo go Yohane 5:22, 23 a supa jaana gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go mo tlotla: “Gonne le gōna Rara ga a atlhole motho opè, me katlholō eotlhe o e neetse Morwa; Gore botlhe ba tlotlè Morwa hèla yaka ba tlotla Rara. Eo o sa tlotleñ Morwa, ga a tlotle Rara eo o mo romileñ.” Jehofa o ile a tlotla Morwawe ka selekanyo se segolwanyane fa Keresete a sale a tsosiwa mo baswing ka go ‘mo rwesa kgalalelo le tlotlo, ka ntlha ya go bo a kile a boga loso.’ (Bahebera 2:9; 1 Petere 3:22) Totatota, re na le mabaka a go tlotla Jesu ka ntlha ya seo a leng sone mmogo le ka se a se dirileng.
8. Ke dintlha dife tse di tlhomologileng kaga Jesu Keresete tse di mo dirang gore a tshwanele go tlotliwa?
8 Jesu Keresete o tshwanelwa ke tlotlo gonne, ene jaaka Logos, kana Lefoko ke motsamaisamafoko wa setswerere wa ga Jehofa. Go bonala sentle go tswa mo Dikwalong gore leina “Lehoko” le kaya boemo jwa ga Jesu pele a tla mo lefatsheng mmogo le fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong. (Yohane 1:1; Tshenolō 19:13) Mo go Tshenolō 3:14 o ipolela fa e le “tshimologō ea lobopō loa Modimo.” Ga se fela “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe” mme gape ke “Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi” ke ene fela yo o bopilweng ke Jehofa Modimo ka tlhamalalo. (Bakolosa 1:15; Yohane 3:16) Mo godimo ga seo, “dilō cotlhe di dihilwe ke èna; me kwa ntlè ga gagwè ga se ka ga dihwa sepè sa tse di dihilweñ.” (Yohane 1:3) Ka gone, mo go Genesise 1:26 re bala gore Modimo o ne wa re “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona,” “rona” yoo o akaretsa Logos, kana Lefoko. Eleruri, ntlha ya go bo Jesu a ne a nna le tshiamelo e e molemolemo jalo pele e nna motho ya go dira mmogo le Jehofa Modimo fa a ne a bopa e mo dira gore a tshwanelwe ke tlotlo e kgolo tota.
9. Ke ka ntlha yang fa re konela ka gore Jesu ke Mikaele moengele yo mogolo, mme Mikaele o ne a tlotla Jehofa jang mo kgannyeng e e neng e ama mmele wa ga Moshe?
9 Jesu Keresete gape o tshwanelwa ke tlotlo gonne ke moengele yo mogolo wa ga Jehofa. Re konela jalo mo motheong ofe? Gone mme, letlhaodi “yo mogolo,” le le kayang “mogokgo,” le raya gore go na le moengele a le mongwe fela yo mogolo. Lefoko la Modimo le bua ka ene le mo amanya le Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng. Re bala jaana: “Gonne Morèna ka esi o tla hologa kwa legodimoñ ka loshalaba, le ka lencwe ya moengele eo mogolo, le ka go galaotèga ga lonaka loa Modimo; me bashwi ba ba swetseñ mo go Keresete ba tla coga pele.” (1 Bathesalonia 4:16) Moengele yo mogolo yono o na le leina, jaaka re bala jaana mo go Yude 9: “Me Mikaele moengele eo mogolo, o rile a ganèla le diabolo a tatalalana naè kaga mmele oa ga Moshe, a boiha go mo sekisa ka go mo gobolola, me a bua, a re, A Morèna a gu kgalèmèle.” Ka gone Jesu o ne a tlotla Rraagwe wa selegodimo ka go sa etelele Jehofa pele a atlhola Diabolo.
10. (a) Mikaele o etelela pele jang mo go lweleng Bogosi jwa Modimo? (b) Mme Mikaele o ne a nna le seabe sefe mo morafeng wa Iseraele?
10 Moengele yo mogolo Mikaele o lwela Bogosi jwa Modimo, a etelela pele mo go phepafatseng magodimo ka go ntsha Satane le masomosomo a gagwe a badimona. (Tshenolō 12:7-10) Mme moperofeti Daniele o bolela gore o ‘emela batho ba Modimo.’ (Daniele 12:1) Ka gone, go bonala gore Mikaele ke ‘moengele wa Modimo yo a neng a eteletse khuduga ya Iseraele pele’ le gore ke ene yoo Modimo o neng wa mo dirisa go gorosa batho ba gagwe kwa Lefatsheng la Tsholofetso. “Lo itisè mo go èna, me lo reetsè lencwe ya gagwè,” Modimo o ne wa ba laela jalo. “Lo se ka loa mo rumola: . . . ka gonne leina ya me le mo go èna.” (Ekesodo 14:19; 23:20, 21) Ga go na pelaelo ya gore moengele yo mogolo yono wa ga Jehofa o ne a kgatlhegela batho ba ba neng ba bidiwa ka Modimo bao thata. Go tshwanela tota go bo a ile a thusa moengele yo mongwe yo a neng a romilwe go ya go gomotsa moperofeti Daniele, yoo a neng a diilwe ke ledimona le le maatla mo tseleng. (Daniele 10:13) Ka gone go a utlwala go swetsa gore moengele yo a neng a nyeletsa masole a a 185 000 a ga Senakeribe e ne e se ope fela fa e se Mikaele moengele yo mogolo.—Isaia 37:36.
11. Jesu o tshwanelwa ke go tlotliwa ka ntlha ya go bo a ile a tshela ka tsela efe?
11 Jesu Keresete gape ga a tshwanele go tlotliwa fela ka gore ke mang, mme o tshwanetse go tlotliwa ka ntlha ya seo a se dirileng. Ka sekai, ke ene motho fela yo a kileng a tshela botshelo jo bo itekanetseng. Adame le Efa ba ne ba bopiwa ba itekanetse, mme ba ne ba se ka ba nna lobaka ba ntse ba itekanetse. Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a nna a “le boitshèpō, a sena boleo, a sena leshwè, a lomologanye le baleohi” go sa kgathalesege dilo tsotlhe tseo Diabolo a neng a di mo tlisetsa jaaka diteko kana pogiso. Fa a ntse a diragalelwa ke dilo tsotlhe tseno ‘ga a ka a dira boleo bope le boferefere ga bo a ka jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.’ O ne ka tshwanelo fela a ka gwetlha baganetsi ba gagwe ba bodumedi jaana: “Ke ohe oa lona eo o ka tlhōmamisañ boleo mo go nna?” Go ne go se ope fela wa bone yo a neng a ka dira jalo! (Bahebera 7:26; 1 Petere 2:22; Yohane 8:46) Jesu o ne a goletsa Rraagwe wa selegodimo jaaka yo o tshwanelwang ke go nna Molaodi wa lobopo mme a supa fa Diabolo e le moaki yo o boikepo le yo o feteletseng tota ka go boloka bothokgami a sa dire boleo.—Diane 27:11.
12. (a) Jesu e ne e le monna wa mofuta ofe, mme ke eng se a neng a se direla ba bangwe a bo a boga ka ntlha ya bone? (b) Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore Jesu o tshwanetse go tlotliwa ka ntlha ya seo a se dirileng le ka ntlha ya kafa a neng a boga ka gone?
12 Re tshwanetse go tlotla Jesu Keresete, eseng fela ka gonne a ne a tshela botshelo jo bo itekanetseng, a sa leofe mme gape ka gonne e ne e le monna yo o siameng, yo o seng bogagapa, monna yo o intshang setlhabelo. (Bapisa Baroma 5:7.) O ne a naya batho dilo tse ba di tlhokang tsa semoya le tsa senama a sa lape. Abo a ne a supa fa a tlhagafaletse ntlo ya ga Rraagwe jang ne, mme abo a ne a supa bopelotelele jang ne fa a ne a dirisana le barutwa ba gagwe! Mme abo a ne a iketleeditse go boga thata jang ne fela gore a dire se se ratwang ke Rraagwe! Bibela e bua jaana ka botlhoko jo bo neng jwa mo diragalela kwa tshimong ya Gethesemane: “Me ka a le mo tlaleloñ e e mahèhè, a rapèla ka tlhoahalō e kgolo: me mohuhucō oa nna yaka marothodi a magolo a madi, a rōthèla ha hatshe.” Ee, o ne a “isa merapèlō le mokokotlèlō e e nañ le selelō se se tona le dikeledi kwa go èna.” (Luke 22:44; Bahebera 5:7) Abo moperofeti Isaia a ne a bolelela pele dilo tse di botlhoko tseno tse di neng di tlile go mo diragalela ka tlhomamo jang ne mo go Isaia 53:3-7!
13. Jesu o ne a re tlhomela sekao sefe se se molemo mo go tlotleng Rraagwe wa selegodimo?
13 Re tshwanetse go tlotla Jesu gape gonne o ne a re tlhomela sekao se se molemo tota ka go tlotla Rraagwe wa selegodimo. O ne a ka kgona go bua jaana: “Ke tlotla Rrè.” (Yohane 8:49) O ne a tlotla Jehofa Modimo ka mafoko a gagwe le ka ditiro ka dinako tsotlhe. Ke gone ka moo, pego ya Bibela e bolelang gore fa a ne a fodisa monna mongwe batho ga ba a ka ba galaletsa Jesu mme ba ne ba “galaletsa Modimo.” (Mareko 2:12) Ka gone, kwa bokhutlong jwa bodihedi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, Jesu o ne a ka rapela Rraagwe wa selegodimo fela ka tshwanelo a re: “Ke gu galaleditse mo lehatshiñ, ka ke weditse tihō e u e nneetseñ go e diha.”—Yohane 17:4.
Seo A Se Re Diretseng
14. Loso lwa ga Jesu lo ne lwa fitlhelela eng mo boemong jwa rona seo se dirang gore re tshwanele go mo tlotla?
14 Mme abo Jesu Keresete a tshwanelwa ke tlotlo e kgolo jang ne ka ntlha ya dilo tseo a neng a di re direla! O ne a swela maleo a rona gore re kgone go letlana le Jehofa Modimo. Jesu o ne a bua jaana ka ene: “Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Ka gone, loso lwa gagwe ke lone lo dirileng gore go kgonege gore Bogosi bo re direle dilo tse bo tla di re direlang jaaka batho: botshelo jwa bosasweng kwa legodimong jwa ba ba 144 000 bao ba bopang monyadiwa wa gagwe le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise jwa dimilione tsa ba bangwe bao fa ba lekwa ba itshupang ba na le tumelo ebile ba le boikokobetso.—Pesalema 37:29; Tshenolō 14:1-3; 21:3, 4.
15. Sekai se le sengwe sa kafa Jesu a neng a re senolela botho jwa ga Rraagwe ka gone ke sefe?
15 Jesu Keresete le ene o tshwanetse go tlotliwa gonne o re senoletse thato ya ga Rraagwe le botho jwa gagwe ka botlalo jaaka Morutisi yo Mogolo. Ka sekai, mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a supa fa Rraagwe a aba tota ka go tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi ka go tshwana le go ba nesetsa pula a bo a akgela jaana: “Nnañ boitekanèlō, yaka Rra eno eo o kwa legodimoñ a le boitekanèlō.”—Mathaio 5:44-48.
16. Moaposetoloi Paulo o ne a sobokanya tsela ya botshelo ya ga Jesu e a tshwanelang go tlotliwa ka ntlha ya yone jang?
16 Moaposetoloi Paulo o ne a sobokanya botshelo jwa ga Jesu jo bo dirang gore a tshwanelwe ke tlotlo ka go kwala jaana: “Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, Me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō.”—Bafilipi 2:5-8.
Kafa Re Ka Tlotlang Morwa ka Gone
17, 18. Re ka tlotla Jesu Keresete ka ditsela dife tse di farologaneng?
17 Ereka kwantle ga pelaelo fela re tshwanetse go tlotla Jesu Keresete, re kopana le potso eno: Re ka tlotla Morwa jang? Seo re se dira ka go dumela mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo, mme re supa tumelo eo ka go tsaya dikgato tse di tlhokegang tsa go ikwatlhaya, re fetoga, re ineela, le go kolobediwa. Re tlotla Jesu ka go rapela Jehofa ka leina la ga Jesu. Re mo tlotla gape ka go reetsa mafoko ano a gagwe: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwe, me a itsè go ntshala moragō.” (Mathaio 16:24) Re tlotla Jesu Keresete gape fa re reetsa ditaolo tsa gagwe tsa go baya Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe kwa pele, gape re mo tlotla ka go reetsa taolo ya gagwe ya go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa. Gape re tlotla Jesu fa re supa lorato lwa bokaulengwe leo a neng a bolela gore le ne le tla tshwaya balatedi botlhe ba gagwe ba boammaaruri.—Mathaio 6:33; 28:19, 20; Yohane 13:34, 35.
18 Mo godimo ga moo re tlotla Morwa ka go ipitsa ka leina la gagwe, re ipitsa Bakeresete, le ka go tshela tumalanong le leina leo ka boitsholo jwa rona jo bontle. (Ditihō 11:26; 1 Petere 2:11, 12) Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore re tshwanetse go gata tota mo dikgatong tsa ga Jesu. (1 Petere 2:21) Gape re mo tlotla ka go mo etsa mo boitsholong jotlhe jwa rona. Mme eleruri, re mo tlotla ka tsela e e kgethegileng fa re keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete ngwaga mongwe le mongwe.—1 Bakorintha 11:23-26.
19, 20. (a) Jesu o tla duelela balatedi ba gagwe go mo tlotla jang, jaanong le mo isagweng? (b) Re ka nna le tsholofelo efe ka Morwa?
19 Jesu o tlile go duela barutwa ba gagwe bao ba mo tlotlang ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone ka eng? O ne a bolela jaana: “Amarure kea lo raea, Ga go na motho opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa bomorwa rragwè, kgotsa bokgantsadiè, kgotsa mmagwè, kgotsa rragwè, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ea me, le ka ntlha ea mahoko a a Molemō, Eo o se ketlañ a bōna ga lekgolo, le yana mo lobakeñ lono, eboñ matlo, le bomorwa rragwè, le bokgantsadiè, le bommagwè, le bana, le masimō, di na le dipogishō; me mo lehatshiñ ye le tlañ o tla bōna botshelō yo bo sa khutleñ.”—Mareko 10:29, 30.
20 Ka gone, fa re intsha setlhabelo ka ntlha ya ga Jesu, o tla tlhomamisa gore re bona tuelo. Jesu o re tlhomamisetsa jaana: “Moñwe le moñwe eo o tla impolèlañ ha pele ga batho, le nna ke tla ipolèla èna ha pele ga Rrè eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 10:32) Ka jalo fela jaaka Rre wa selegodimo a tlotla bao ba mo tlotlang, re ka tlhomamisega gore Morwa yo o tsetsweng a le esi fela wa Jehofa le ene o tla etsa Rraagwe mo go seno, fela jaaka Morwa a dira mo dilong tse dingwe.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Bontsi jwa ba ba leng mo go Labodumedi bo tlontlolola Morwa jang?
◻ Jesu o ne a naya bosupi bofe kaga botshelo jwa gagwe jwa pele e nna motho?
◻ Re na le mabaka afe a mangwe a go tlotla Jesu?
◻ Re ka tlotla Jesu ka ditsela dife tse dingwe?
◻ Go tlotla Jesu Keresete go felela ka melemo efe?