Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlotla Jehofa Mme o ka Dira Jalo Jang?
“Ba ba ntlotlañ ke tla ba tlotla, me ba ba nnyatsañ ba tla nyadiwa.”—1 SAMUELE 2:30.
1. Ke bomang bao ba newang dikgele tse di itsegeng thata mo lefatsheng tsa Nobel, mme batho ba bantsi ba leba dikgele tseno jang?
NGWAGA mongwe le mongwe makgotla mangwe a manè a Scandinavia a abela bao ba ‘thusitseng batho thata mo ngwageng o o fetileng’ sekgele sa Nobel. Dikgele tseno, di ntshediwa dilo tse di fitlheletsweng mo dikarolong tse thataro tse go neng ga dirwa maiteko mangwe mo go tsone. Bontsi bo leba sekgele sa Nobel jaaka tlotlo e e kwa godimo thata eo motho a ka e newang.
2. Batho ba ba abang dikgele tsa Nobel ba itlhokomolosa mang, mme ke ka ntlha yang fa A tshwanelwa ke tlotlo segolobogolo?
2 Lemororo go se phoso go tlotla batho ba ba tshwanelang go newa tlotlo, a bao ba nayang tlotlo e e ntseng jalo ba a tle ba akanye ka go tlotla Modiramolemo yo mogolo? Modiramolemo yoo ke ene a fileng batho melemo e mentsi fa e sale ka a bopa monna wa ntlha le mosadi dingwaga tse di ka nnang 6 000 tse di fetileng. Go palelwa kgapetsakgapetsa go mo tlotla go ka re gakolola ka mafoko a ga Elihu, tsala ya ga Jobe wa bogologolo, yoo a neng a akgela jaana: “Me go bo go sena opè eo o reñ, O kae Modimo Modihi oa me, o o ōpedisañ batho bosigo.” (Yobe 35:10) Modiramolemo wa rona o tswelela a dira ‘molemo, o lo nesetsa dipula tse di tswang legodimong, o lo naya metlha ya maungo, o tlatsa pelo tsa lona ka dijo le boitumelo.’ (Ditihō 14:16, 17; Mathaio 5:45) Jehofa ka boammaaruri ke Moabi wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō.”—Yakobe 1:17.
Seo Se Kaiwang Ke go Tlotla
3. Mafoko a magolo a Sehebera le a Segerika ao a ranolwang jaaka “tlotlo” ke afe, mme a kaya eng?
3 Lefoko le legolo la Sehebera leo le dirisediwang go tlotla, ka·vohdhʹ, totatota le kaya “bokete.” Ka jalo motho yo o tlotliwang o lebiwa jaaka yo o maatla, yo o kgatlhang, kana yo e leng sengwe se se rileng. Se se botlhokwa ke gore lefoko leno la Sehebera, ka·vohdhʹ, gantsi Dikwalo di le ranola jaaka “kgalalelo,” go supa go ya kwa pele gore yo o newang tlotlo yono o a kgatlha kana o botlhokwa go le kana kang. Lefoko le lengwe gape la Sehebera, yeqarʹ, leo le ranolwang jaaka “tlotlo” mo Dikwalong, gape le ranolwa jaaka “tlhwatlhwakgolo” le “dilo tse di tlhwatlhwakgolo.” Ka jalo mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko tlotlo le amana le kgalalelo le go nna tlhwatlhwakgolo. Lefoko la Segerika leo le ranolwang jaaka “tlotlo” mo Bibeleng ke ti·meʹ, mme le lone le re naya kgopolo ya maemo a a kwa godimo, boleng jo bo kwa godimo, le go nna tlhwatlhwakgolo.
4, 5. (a) Go kaya eng go tlotla motho? (b) Ke boemo bofe jo go buiwang ka jone mo go Esethere 6:1-9 joo bo supang seo go tlotla go se kopanyeletsang?
4 Ka gone motho o tlotla yo mongwe ka go bontsha motho yoo tlotlo e e boteng le go mo tseela kwa godimo. Jaaka fa re ka tshwantsha, akanya ka boemo jo bo umakiwang mo Bibeleng jo bo mabapi le Moredekai yo o ikanyegang wa Mojuda. Ka nako nngwe Moredekai o ne a kile a senola leano la boferere la go bolaya Kgosi Ahasueruse wa Peresia wa bogologolo. Moragonyana mo bosigong bongwe fa kgosi e ne e sa kgone go robala, kgosi e ne ya lemoga ditiro tsa ga Moredekai. Ka jalo e ne ya botsa badiri ba gagwe jaana: “Ana Moredekai o dihecwe tlotlō le bogolwane bohe ka ntlha ea shōna seuō?” Ba ne ba araba jaana: “Ga aa dihèlwa sepè.” Abo e ne e le selo se se gwetlhang mogopolo jang ne! Moredekai o ne a bolokile botshelo jwa kgosi, mme lefa go le jalo kgosi e ne e paletswe ke go supa tebogo.—Esethere 6:1-3.
5 Ka gone ka nako e e tshwanetseng Ahasueruse o ne a botsa tonakgolo ya gagwe Hamane gore motho yo o kgatlhang kgosi a ka tlotliwa jang. Ka bonako fela Hamane o ne a akanya jaana mo pelong ya gagwe: “Ana kgosi e ka bo e rata go tlotla mañ bogolo go nna?” Ka jalo Hamane o ne a bolela gore motho yoo o tshwanetse go apesiwa “diaparō tsa segosi” a bo a pagame “pitse e kgosi e nntseñ e e palama.” O ne a konela jaana: “Me a ba mo raletsè mmila oa motse a palame pitse, me a ba ōpè mokgosi ha pele ga gagwè, ba re, Go dihèlwa yana monna eo kgosi e itumèlañ go mo tlotla.” (Esethere 6:4-9) Batho botlhe ba ne ba tla tseela motho yo o neng a tlotliwa jalo kwa godimo tota.
Lebaka la Go Bo Jehofa A Tshwanelwa ke Tlotlo
6. (a) Ke mang mo bathong botlhe yo re tshwanetseng go mo tlotla? (b) Ke ka ntlha yang fa lefoko “mogolo” le tshwanela go tlhalosa Jehofa?
6 Batho ba ile ba nna ba tlotliwa go ralala hisitori yotlhe, gantsi ebile e sa ba tshwanelwa. (Ditihō 12:21-23) Mme tota ke mang mo go bone botlhe yo o tshwanelwang ke tlotlo? Tota, ke Jehofa Modimo! O tshwanelwa ke tlotlo gonne o mogolo tota. Gantsi lefoko “mogolo” le dirisediwa ene. Ke yo Mogolo, Modiri yo Mogolo, Mmopi yo Mogolo, Kgosi e Kgolo, Mokaedi yo Mogolo, Mong yo Mogolo. (Pesalema 48:2; Moreri 12:1, NW; Isaia 30:20, NW; 42:5, NW; 54:5, NW; Hosea 12:14, NW) Motho yo a leng mogolo ke motho wa segosi, o na le seriti, o kwa godimo, o a tlotlega, o a galalela, ebile o a boitshega. Jehofa ga a kake a tshwantshanngwa le ope, ga a lekane le ope, bogolo jwa gagwe ga bo kake jwa akanngwa. Ene ka boene o supa fa seo se le boammaaruri ka go bolela jaana: “Ana loa bo lo tla nchwantsha le mañ, lo ntekanya naè, lo mpapisa le èna, gore re tlè re chwanè?”—Isaia 46:5.
7. Ke ka ditsela tse kae tse di farologaneng tseo mo go tsone go ka bolelwang gore Jehofa Modimo o tlhomologile, mme ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore bolaodi jwa gagwe ga bo kake jwa bapisiwa le bope?
7 Jehofa Modimo ga a kake a bapisiwa le ope ka ditsela dingwe tse di kgethegileng di le supa, tseo di re nayang mabaka a go mo tlotla. Sa ntlha, Jehofa Modimo o tshwanelwa ke go tlotliwa tota gonne thata ya gagwe ga e lekane le ya ope. Morena Jehofa ke Molaodi wa Lobopo—o mogolo tota. Ke Moatlhodi, Motlhomamolao, le Kgosi ya rona. Batho botlhe ba ba leng kwa legodimong le bao ba leng mo lefatsheng ba ikarabelela mo go Ene; lefa go le jalo ene ga a ikarabelele mo go ope. O tshwanelwa ke go tlhalosiwa jaaka “o mogolo, o o nonohileñ, o o boitshègañ.”—Duteronome 10:17; Isaia 33:22; Daniele 4:35.
8. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Jehofa ga a lekane le ope (a) ka maemo a gagwe? (b) ka go nna gone ga gagwe ka bosakhutleng?
8 Sa bobedi, Jehofa Modimo o tshwanelwa ke tlotlo e kgolo gonne ga a kake a lekana le ope ka maemo a gagwe. Ke “eo o godimo, eo o godileñ thata.” O kwa godimo ga dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di mo lefatsheng ka tsela e e ka se kang ya akanngwa! (Isaia 40:15; 57:15; Pesalema 83:18) Sa boraro, Jehofa Modimo o tshwanetse go tlotliwa go gaisa batho botlhe gonne ga a na ope yo a lekanang le ene ka go nna gone ga gagwe ka bosakhutleng. Ke ene fela yo a senang tshimologo, yo a simologileng kwa bosasimologeng a felelang kwa bosakhutleng.—Pesalema 90:2; 1 Timotheo 1:7.
9. Jehofa ga a kake a tshwantshiwa le ope ka tsela efe (a) ka kgalalelo ya gagwe? (b) ka dinonofo tsa gagwe tsa motheo?
9 Sa bonè, Jehofa o tshwanelwa ke go tlotliwa tota ka ntlha ya bogolo jwa kgalalelo ya gagwe. Ke “Rra masedi.” Setshwano sa gagwe se galalela tota mo e leng gore ga go na motho ope yo a ka mmonang a bo a tshela. O boitshega tota. (Yakobe 1:17; Ekesodo 33:22; Pesalema 24:10) Sa botlhano, re kolota Jehofa Modimo tlotlo e kgolo go gaisa ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo. Ke mogodimodimo, o na le thata e e sa feleng; o na le kitso yotlhe, botlhale jo bo senang selekanyo; o itekanetse ka botlalo mo tshiamong; mme ke lorato tota ka boene.—Yobe 37:23; Diane 3:19; Daniele 4:37; 1 Yohane 4:8.
10. Jehofa ga a lekane le ope (a) ka ditiro tsa gagwe tsa popo le dilo tse a nang natso jang? (b) ka leina le kafa a itsegeng thata ka gone jang?
10 Sa borataro, Jehofa Modimo o tshwanelwa go newa tlotlo e kgolo tota ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tsa popo tse dikgolo. Jaaka Mmopi wa dilo tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng, ebile gape ke Mong yo Mogolo wa dilo tsotlhe. Re bala jaana mo go Pesalema 89:11: “Magodimo ke a gago, lehatshe le yeōna ke ya gago.” Sa bosupa, Jehofa Modimo wa rona o tshwanelwa ke tlotlo go gaisa ba bangwe botlhe gonne ga a tshwane le ope, ga a lekane le ope ka leina le kafa a itsegeng ka gone. Ke ene fela yo leina la gagwe e leng Jehofa, leo le kayang “O Dira Gore go Nne.”—Bona Genesise 2:4, ntlhanyana e e kwa tlase go NW Reference Bible.
Kafa Jehofa A Tlotliwang ka Gone
11. (a) Re ka tlotla Jehofa ka ditsela dife tse dingwe? (b) Re ka bontsha jang gore eleruri re tlotla Jehofa ka go mo ikanya?
11 Re ka tlotla Jehofa jang ka ntlha ya dinonofo tsotlhe tsa gagwe? Jaaka re tla bona, re ka mo tlotla ka go mmoifa le go mo sisimoga, ka go mo ikobela, le ka go mo tsenya mo dilong tsotlhe tse re di dirang, ka go aba dimpho, re mo etsa, le ka go kopa dilo mo go ene. Gape re ka mo tlotla ka go dumela mo go ene, ka go mo ikanya go sa kgathalesege gore go diragala eng. “Ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago,” re kgothadiwa jalo. Ka jalo re tlotla Jehofa Modimo ka go dumela sengwe le sengwe se a se buang. Ka sekai, o bolela jaana: “U se ka ua boiha, gonne ke na nau: u se ka ua kgaoga pelo, gonne ke Modimo oa gago: ke tla gu [thata]hatsa; E, ke tla gu thusa.” (Diane 3:5; Isaia 41:10) Re tla bo re mo tlontlolola fa re ka palelwa ke go mo ikanya.
12. Go latela ditaolo tsa ga Jehofa le go mmoifa go na le seabe sefe mo go mo tlotleng?
12 Tsela nngwe e e amanang thata le seo ke eo re tlotlang Jehofa Modimo ka yone ke ka go latela ditaolo tsa gagwe. Mme se se botlhokwa thata mo go lateleng ditaolo tsa gagwe ke go boifa Modimo, ee, go boifa go se itumedise Modimo. Mafoko a Jehofa a neng a a bua le Aberahame fa Aberahame a sena go mo reetsa le go leka go isa morwawe Isake setlhabelo a supa kafa poifo e amanang ka gone le go dira go ya ka ditaolo tsa gagwe. “Yanoñ kea itse ha u boiha Modimo,” Jehofa o ne a bolela jalo. (Genesise 22:12) Fa a tlotla ka seo bana ba tshwanetseng go se naya batsadi ba bone, moaposetoloi Paulo le ene o ne a bontsha gore go latela ditaolo go tsamaisana le go tlotla. (Baefesia 6:1-3) Ka jalo re tlotla Jehofa ka go dira go ya ka ditaolo tsa Modimo, tseo di seng bokete. Kwantle ga pelaelo, go se latele ditaolo tsa ga Jehofa Modimo ke go se mo tlotle.—1 Yohane 5:3.
13. Go tlotla Modimo go tla re dira gore re nne le boikutlo bofe jwa mogopolo kaga ditiro tsa rona le dithulaganyo tsa rona?
13 Mo godimo ga moo, re ka naya Jehofa Modimo tlotlo e e mo tshwanetseng ka go reetsa kgakololo eno e e mo go Diane 3:6: “Mo ditseleñ cotlhe u ipolèlè èna [ee, dumela fa a le gone], me u tla siamisa ditselana tsa gago.” Morutwa Jakobe o re naya kgakololo e e molemo kaga seno. Go na le gore re tswelele letsatsi le letsatsi re iikantse rona ka borona, re ikantse dikgono tsa rona, re tshwanetse go bolela jaana: “Ha Morèna a rata re tla tshela, re ba re diha se kgotsa sele.” (Yakobe 4:15) Baithuti ba Bibela ba Merafeyotlhe mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng fa ba ne ba bua ka sengwe se se tla diragalang mo isagweng ba ne ba tsenya khutshwafatso e e reng D.V. eo e emelang Deo volente e e kayang gore “fa Modimo o rata.”
14. (a) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe go dumalana le maiteko a rona fa e le gore re tlotla Modimo? (b) Ke boikutlo bofe jo bo supiwang kaga go gatisiwa ga dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower?
14 Re tlotla Jehofa Modimo gape ka go supa boikokobetso, re naya Modimo tlotlo ya gore sepe fela se re se fitlheletseng se tswa mo go ene. Moaposetoloi Paulo o ne a akgela ka tshwanelo jaana mabapi le bodihedi: “Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè, leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla eo o uñwisang.” (1 Bakorintha 3:6, 7) Ka boammaaruri, Paulo o ne a amegile thata ka go tlotla Modimo, eseng ene ka boene kana motho ope fela. Ke gone ka moo, gompieno, dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower di sa supeng gore di kwadilwe ke mang, mme bakwadi ba tila go bolelela ba bangwe seo ba se kwadileng. Ka tsela eno, go tlhokomelwa thata tshedimosetso, eo e kwaletsweng go tlotla Jehofa, eseng motho ope.
15. Ke boitemogelo bofe jo bo supang bothata joo bangwe ba nang najo jwa go lemoga boikobo jwa Basupi ba ga Jehofa?
15 Mokgwa ono wa go tlhokomela fela Jehofa ka gone a newa tlotlo, o gakgamatsa batho ba bangwe. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, Basupi ba ne ba letsa nngwe ya ditheipi tsa Kingdom Melodies fa ba ne ba gokaganya megala ya sebuelagodimo pele ga puo ya phatlalatsa kwa New York City’s Central Park go leka gore a e ne e dira sentle. Banyalani bangwe ba ba apereng sentle ba ne ba botsa mongwe wa Basupi gore mmino oo e ne e le ofe. Ereka a ne a akanya gore banyalani bao e ne e le Basupi, o ne a araba jaana: “Ke Kingdom Melodies ya bo 4.” “Ee, mme mmino ono o tlhamilwe ke mang?” ba ne ba botsa jalo. Mosupi o ne a araba jaana: “Motlhami wa tsone ga a itsiwe.” Banyalani bao ba ne ba araba jaana: “Batho ba ba tlhamang mmino wa mofuta ono ga ba o tlhame ba sa itsiwe.” Mosupi o ne a araba jaana: “Mme Basupi ba ga Jehofa bone ba a go dira.” Ee, ba a go dira gore tlotlo yotlhe e lebisiwe kwa go Jehofa Modimo!
16. Re ka dirisa mantswe a rona ka ditsela dife tse di farologaneng go tlotla Jehofa Modimo?
16 Tsela e nngwe gape ya go tlotla Jehofa ke go dirisa melomo ya rona go neela bosupi ka ene. Fa ka boammaaruri re amegile ka go mo tlotla, he re tla nna kelotlhoko thata mo go gaseng mafoko a a molemo a Bogosi. Re ka dira seno ka go tsamaya ka ntlo le ntlo le ka mekgwa epe fela e re ka e dirisang, re sa tlhokomologe ditshono tsa go neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. (Yohane 4:6-26; Ditihō 5:42; 20:20) Mo godimo ga moo, re na le ditshono tsa go tlotla Modimo wa rona ka mantswe a rona kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego, ka go akgela le ka go opela dipako tsa rona tsa Bogosi go tswa mo pelong. (Bahebera 2:12; 10:24, 25) Re ka tlotla Jehofa Modimo ka dipounama tsa rona mo dipuisanong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Re ka dira maiteko a a sa reng sepe fela mme ra fetola motlotlo gore o nne o o agang semoyeng, mme seno se tla felela ka go tlotla Jehofa Modimo.—Pesalema 145:2.
17. (a) Boitsholo jo bo siameng bo ama go tlotla ga rona Jehofa jang? (b) Boitsholo jo bo sa siamang bo felela ka eng?
17 Lemororo go le molemo thata go tlotla Jehofa Modimo ka dipounama tsa rona, re tlhoka gape go mo tlotla ka boitsholo jwa rona. Jesu o ne a kgala bao ba tlotlang Modimo ka dipounama tsa bone fela mme dipelo tsa bone di le kgakala le Ene. (Mareko 7:6) Boitsholo jo bo maswe bo tla tlontlolola Jehofa Modimo. Ka sekai, re bala jaana mo go Baroma 2:23, 24: “Wèna eo u belahalañ ka molaō, a u bile u tlotlolola Modimo ka go tlola molaō ga gago? Gonne leina la Modimo le tlhapadiwa ke Badichaba ka ntlha ea lona.” Mo dingwageng tsa bosheng diketekete tse dintsi tsa batho di ile tsa kgaolwa mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa. Go lebega go na le palo e kgolo ya ba ba neng ba tsenelela mo boitsholong jo bo tlontlololang Modimo mme ba ile ba se ka ba kgaolwa gonne ba ne ba supa fa ba ikwatlhaya ka mmatota. Batho botlhe bano ba ne ba tlotla Jehofa ka dipounama tsa bone mme ba ile ba palelwa go dira jalo ka boitsholo jwa bone.
18. (a) Bangwe ba batho ba ba ratwang thata ba tshwanetse go akanya ka eng fa ba batla go tlotla Jehofa? (b) Boemo jo bo neng bo le gone mo metlheng ya ga Malaki mo baperesiting bo supa jang botlhokwa jwa go amega ka seno?
18 Bao ba direlang mo dikarolong tse di farologaneng tsa tirelo ya nako e e tletseng—ba le kwa Bethele, kana ba dira tiro ya go eta kana ya borongwa, kana e le babulatsela—ba segofadiwa tota ka go bona ditshono tsa go tlotla Jehofa. Boikaelelo jwa bone ke go dira bojotlhe mo tirong eo ba e abelwang, ba ‘ikanyega mo go se sennye le mo go se segolo.’ (Luke 16:10) Ka ditsela tse dingwe boemo jono jwa bone jo bo tlotlegang bo ne jwa supiwa, lemororo bo ne bo sa tshwantshediwe ke baperesiti le Balefi ba kwa Iseraeleng wa bogologolo. Lefa go ntse jalo Jehofa o ne a bolela jaana ka ntlha ya go sa kgathaleng ga baperesiti bangwe ba mo motlheng wa ga Malaki: “Ha ke le rra batho, tlotlō ea me e kae? ha ke le muñ oa batho, go mpoiha go kae?” (Malaki 1:6) Baperesiti bao ba ne ba tlontlolola leina la Modimo ba ntsha diphologolo tse di foufetseng, tsa digole le tse di lwalang ditlhabelo. Fa bao ba neilweng ditshiamelo tsa tirelo ba sa leke go dira bojotlhe jwa bone, bone segolobogolo ba ka tshwanelwa ke katlholo eo Jehofa Modimo a neng a atlhola baperesiti bao ka yone. Ba tla bo ba sa tlotle Modimo.
19. (a) Jaaka re bona mo go Diane 3:9, tsela e nngwe ya go tlotla Jehofa ke efe? (b) Tsela e nngwe ya botlhokwa ya go tlotla Jehofa ke efe?
19 Tsela e nngwe eo re ka tlotlang Jehofa Modimo ka yone ke ka go ntshetsa tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara eo a laetseng gore e dirwe meneelo ya madi. “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago,” re kgothadiwa jalo. (Diane 3:9) Tshiamelo ya go ntsha meneelo e e ntseng jalo ke tshono ya go tlotla Jehofa Modimo eo go seng ope yo o tshwanetseng go e itlhokomolosa. Re ka tlotla Jehofa Modimo gape mo dithapelong tsa rona, re mmaka le go mo leboga. (1 Ditihalō 29:10-13) Ebile tota, go tla fela mo Modimong re mo rapela ke go mo tlotla gonne re tla mo go ene ka boikokobetso le ka tlotlo e kgolo.
20. (a) Ka tlwaelo ke bomang ba ba tlotliwang ke batho ba lefatshe, mme jang? (b) Re ka tlotla Jehofa ka mo go oketsegileng gape ka go reetsa taolo efe?
20 Gompieno batho ba bantsi, segolobogolo basha ba tlotla batho ba ba ba kgatlhang ka go ba tlotla—ba bua jaaka bone le go dira jaaka bone. Batho bao gantsi ba ba etsang ke dikgeleke tsa boitlosobodutu. Go farologana le seo, jaaka Bakeresete, re tshwanetse go tlotla Jehofa Modimo ka go leka go mo etsa. Moaposetoloi Paulo o ne a re kgothaletsa gore re dire jalo ka go kwala jaana: “Ke gōna nnañ baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.” (Baefesia 5:1, 2) Ee, re tlotla Jehofa ka go leka ka natla go mo etsa.
21. (a) Ke eng seo se tla re tlhomelelang go galaletsa Jehofa le go mo tlotla? (b) Jehofa o naya bao ba mo tlotlang tuelo efe?
21 Ka boammaaruri go na le ditsela tse dintsi tseo re ka tlotlang Modimo ka tsone le tse re tshwanetseng go mo galaletsa le go mo tlotla ka tsone. A le ka motlha re se ka ra lebala gore fa re iphepa ka Lefoko la gagwe ka metlha re tlwaelana botoka le ene re tla kgona go mo tlotla ka mo go oketsegileng. Re tla bona tuelo efe fa re dira jalo? “Ba ba ntlotlañ,” go bolela jalo Jehofa, “ke tla ba tlotla.” (1 Samuele 2:30) Kgabagare Jehofa o tla tlotla baobamedi ba gagwe ka go ba naya botshelo jo bo sa khutleng jwa boitumelo, ba busa mmogo le Morwawe, Jesu Keresete kwa legodimong, kana ba le mo lefatsheng la Paradaise.
A O A Gakologelwa?
◻ Ka kakaretso fela, batho ba tlotla bomang, mme ke mang yo ka tlwaelo ba sa tlhokomeleng go mo tlotla?
◻ Go kaya eng go tlotla motho mongwe, mme go ka dirwa ka ditsela dife?
◻ Mangwe a mabaka a motheo a go bo Jehofa Modimo a tshwanela go tlotliwa ke afe?
◻ Dingwe tsa ditsela tseo re ka tlotlang Jehofa ka tsone ke dife?
◻ Jehofa o duela bao ba mo tlotlang ka ditsela dife?