Tlotla Batho ba Bangwe
“Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—BAROMA 12:10.
1, 2. (a) Re tshwanetse go dira eng go bontsha gore re na le kgobalalo ya mogopolo? (b) Gantsi Baebele e dirisa lefoko “tlotlo” jang, mme ke bomang ba go bontsha tlotlo go leng motlhofo mo go bone?
SETLHOGO sa rona se se fetileng se ile sa gatelela kgakololo eno ya Lefoko la Modimo: “Lotlhe ikgatlheng ka kgobalalo ya mogopolo mongwe go yo mongwe, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) Tsela e nngwe ya go ikgatlha ka kgobalalo ya mogopolo ke go tlotla batho ba bangwe.
2 Lefoko “tlotlo” gantsi le dirisiwa mo Baebeleng go supa maitseo, seriti le kanaanelo tse re tshwanetseng go di bontsha batho ba bangwe. Re tlotla batho ba bangwe fa re nna pelonomi mo go bone, re tlotla seriti sa bone, re reetsa dipono tsa bone, re iketleeletsa go diragatsa dikopo tsa bone. Gantsi seno ga se selo se se thata mo bathong ba ba nang le kgobalalo ya mogopolo. Le fa go ntse jalo, go ka nna thata gore batho ba ba boikgogomoso ba bontshe tlotlo e e boteng mme go na le moo, bogolo ba ka leka go iponela melemo mo bathong ba bangwe ka go ba fora.
Jehofa o Tlotla Batho
3, 4. Jehofa o ile a bontsha go tlotla Aborahame jang, mme ka ntlha yang?
3 Jehofa ka boene o tlhoma sekao mo go tlotleng batho ba bangwe. O bopile batho ba na le tshwanelo ya go itlhophela mme ga a ba tshware jaaka e kete ke metšhine fela e e se nang maikutlo. (1 Petere 2:16) Ka sekai, fa a ne a bolelela Aborahame gore Sodoma e ne e tlile go senngwa ka ntlha ya boikepo jwa yone jo bo feteletseng, Aborahame o ile a botsa jaana: “A o tlaa nyeletsa basiami le baikepi? E tlaa re fa gongwe go ka nna le basiami ba le 50 mo motseng, a o tlaa nyeletsa o sa rekegele motse oo ka ntlha ya basiami ba ba 50 ba ba gone?” Jehofa o ile a araba ka gore o ne a ka boloka motse oo ka ntlha ya basiami ba ba 50. Go tswa foo Aborahame o ne a tswelela a dira boikuelo ka boikokobetso. Go tweng fa go ne go ka nna le ba le 45? 40? 30? 20? 10? Jehofa o ne a tlhomamisetsa Aborahame gore o ne a se kitla a senya Sodoma fa e le gore go ne go ka fitlhelwa go na le basiami ba le lesome fela mo go yone.—Genesise 18:20-33.
4 Jehofa o ne a itse gore go ne go se na basiami ba ba lesome mo Sodoma, le fa go ntse jalo, o ne a tsaya Aborahame tsia ka go reetsa maikutlo a gagwe mme a bontsha go mo tlotla. Ka ntlha yang? Ka gonne Aborahame o ne “a dumela Jehofa; a mo itumelela a kaya fa tumelo ya gagwe e le tshiamo.” Aborahame o ne a bidiwa “tsala ya ga Jehofa.” (Genesise 15:6; Jakobe 2:23) Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a lemoga gore Aborahame o ne a tlotla batho ba bangwe. Fa go ne go tsoga kgotlhang gareng ga badisa ba gagwe le ba ga motlogoloe e bong Lote kaga naga, Aborahame o ile a tlotla Lote ka go mo neela gore e nne ene yo o tlhophang pele naga e a e batlang. Lote o ne a tlhopha naga e a neng a tsaya gore e nonne go gaisa mme Aborahame o ile a fudugela go sele.—Genesise 13:5-11.
5. Jehofa o ile a tlotla Lote jang?
5 Jehofa o ne a tlotla le Lote yo o siameng. Pele ga fa Sodoma e senngwa, o ne a laela Lote go tshabela kwa karolong e e dithaba. Le fa go ntse jalo, Lote o ile a re ga a batle go ya teng; o ne a tlhopha go ya gaufi kwa Soare, le mororo motse oo o ne o le mo kgaolong e e tlogang e senngwa. Jehofa o ne a raya Lote a re: “Bona, ke go bontsha kakanyetso go tla go fitlha le bokgakaleng jono, ka go sa ribegetse motse o o buileng ka one.” Jehofa o ile a bontsha go tlotla Lote yo o ikanyegang ka go dira se a neng a se kopa.—Genesise 19:15-22, NW; 2 Petere 2:6-9.
6. Jehofa o ile a tlotla Moshe jang?
6 Fa Jehofa a ne a romela Moshe gape kwa Egepeto go ya go ntsha batho ba Gagwe mo bokgobeng le go bua le Faro gore a letle batho ba Gagwe gore ba tsamaye, Moshe o ile a araba jaana: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle.” Jehofa o ile a tlhomamisetsa Moshe jaana: “Ke tlaa nna le molomo wa gago ke go ruta se o tlaa se buang.” Mme le fa go ntse jalo Moshe o ne a sa ntse a etsaetsega. Ka nako eo Jehofa a tlhomamisetsa Moshe gore o tla mo romela teng le mogoloe e bong Arone, gore e nne mmueledi wa gagwe.—Ekesodo 4:10-16.
7. Ke eng fa Jehofa a ne a iketleeleditse go tlotla batho ba bangwe?
7 Mo makgetlong ano otlhe Jehofa o ile a bontsha go rata go tlotla batho ba bangwe, segolobogolo ba ba neng ba mo direla. Le mororo dilo tse ba neng ba di kopa di ne di farologana le se Jehofa a neng a ikaeletse sone, o ne a akanyetsa dikopo tsa bone mme a fetole dilo go dumalana le tsone fa fela di ne di sa thulane le maikaelelo a gagwe.
Jesu O ne A Tlotla Batho ba Bangwe
8. Jesu o ile a tlotla jang mosadi yo o neng a lwala thata?
8 Jesu o ne a etsa Jehofa mo go tlotleng batho ba bangwe. Go kile ga bo go na le mosadi mongwe mo gare ga boidiidi yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa go elela madi ka dingwaga tse 12. Dingaka di ne di paletswe ke go mo fodisa. Go ya ka Molao wa ga Moshe, o ne a tsewa a itshekologile ka jalo a sa tshwanela go bo a le foo. O ne a pota Jesu kafa morago, a kgoma seaparo sa gagwe, mme a fola. Jesu o ile a se ka a gagamalela go latela Molao, a mo kgalemelela go dira jalo. Go na le moo, ka go bo a ne a itse seemo, o ne a bontsha go mo tlotla, a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”—Mareko 5:25-34; Lefitiko 15:25-27.
9. Jesu o ile a tlotla Moditšhaba jang?
9 Nako nngwe mosadi wa Mofonikia o kile a raya Jesu a re: “Nkutlwele botlhoko, Morena, Morwa Dafide. Morwadiake o tsenwe ke madimona tota.” E re ka Jesu a ne a itse gore o ne a rometswe kwa setšhabeng sa Iseraele e seng kwa go Baditšhaba, o ile a re: “Ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana [ba Iseraele] se bo se latlhelelwa dintšanyana [Baditšhaba].” Mosadi o ile a araba jaana: “Mme tota dintšanyana ruri di ja matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsone.” Go tswa foo Jesu a re: “Oo mosadi, tumelo ya gago e kgolo; a go go diragalele jaaka o eletsa.” Morwadie o ile a fola. Jesu o ne a bontsha go tlotla Moditšhaba yono ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Tota le e leng go dirisa lefoko “dintšanyana,” mo boemong jwa gore dintša tse di tlhaga, go ne ga tlhofofatsa kgang e bile go bontsha kutlwelobotlhoko.—Mathaio 15:21-28.
10. Ke thuto efe e e molemo e Jesu a ileng a e ruta barutwa ba gagwe, mme ke eng fa ba ne ba e tlhoka?
10 Jesu o ne a nna a ruta barutwa ba gagwe kaga botlhokwa jwa go nna le kgobalalo ya mogopolo le go tlotla batho ba bangwe, e re ka ba ne ba sa ntse ba na le moyanyana wa boithati. Nako nngwe fa ba sena go ngangisana Jesu o ile a botsa jaana: “Ke eng se lo neng lo ngangisana ka sone?” Ba ne ba didimala, ka gonne “ba ne ba nganga gareng ga bone ka gore ke mang yo mogolwane.” (Mareko 9:33, 34) Tota le e leng bosigo jwa pele Jesu a swa, “gape go ne ga tsoga kganetsano e e gotetseng gareng ga bone kaga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo thata.” (Luke 22:24) Ka jalo ka nako ya sejo sa Tlolaganyo, Jesu o ne “a tshela metsi mo mogotšwaneng mme a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa.” A thuto e e molemo ruri! Jesu e ne e le Morwa wa Modimo a fetwa ke Jehofa fela ka bogolo mo lobopong lotlhe. Le fa go ntse jalo, o ne a ruta barutwa ba gagwe tlotlo ka go ba tlhapisa dinao. O ile a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.”—Johane 13:5-15.
Paulo O ne A Bontsha Tlotlo
11, 12. Fa Paulo a sena go nna Mokeresete, o ile a ithuta eng, mme o ne a dirisa se a se ithutileng jang mo go Filimone?
11 E re ka moaposetoloi Paulo e ne e le moetsi wa ga Keresete, o ne a bontsha go tlotla batho ba bangwe. (1 Bakorintha 11:1) O ne a re: “Le gone re ntse re sa senke kgalalelo mo bathong . . . Phapaanong le seo, re ne ra nna bonolo gareng ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” (1 Bathesalonika 2:6, 7) Mmè yo o anyisang o tlhokomela bana ba gagwe. Fa Paulo a sena go nna Mokeresete, o ile a ithuta go nna le kgobalalo ya mogopolo mme a bontsha go tlotla Bakeresetekaene ka go nna bonolo mo go bone. Ka go dira jalo, gape o ne a bontsha go tlotla tshwanelo ya bone ya go itlhophela, jaaka fa go bonala mo tiragalong e e neng ya direga fa e ne e le motshwarwa kwa Roma.
12 Motlhanka mongwe yo o neng a tshabile yo o bidiwang Onesimo o ne a utlwa dithuto tse di neng di rutwa ke Paulo. O ne a fetoga Mokeresete e bile a nna tsala ya ga Paulo. Mong wa motlhanka yono e ne e le Filimone, yo le ene e neng e le Mokeresete yo o neng a nna kwa Asia Minor. Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Filimone, o ile a bolela kafa Onesimo a leng molemo ka teng mo go ene, a re: “Ke ne ke ka rata go mo ithibelela.” Le fa go ntse jalo, Paulo o ile a busetsa Onesimo kwa go Filimone ka gonne o ile a kwala jaana: “Kwantle ga tumalano ya gago ga ke batle go dira sepe, e le gore kgato ya gago e e molemo e nne, e seng jaaka fa o patelelwa, mme e nne ka go rata ga gago.” Paulo ga a ka a dirisa go nna moaposetoloi ga gagwe go mo gatelela, go na le moo, o ile a tlotla Filimone ka go se kope go boloka Onesimo kwa Roma. Mo godimo ga moo, Paulo o ile a akantsha Filimone gore a tlotle Onesimo, a mo tshware jaaka “se se fetang motlhanka, a [nne] mokaulengwe yo o rategang.”—Filemone 13-16.
Go Bontsha Tlotlo mo Motlheng wa Rona
13. Baroma 12:10 e re laela go dira eng?
13 Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Seno se bolela gore ga re a tshwanela go emela gore batho ba bangwe ba re tlotle, go na le moo, e tshwanetse ya nna rona re ba tlotlang pele. “A mongwe le mongwe a nne a senke, e seng tsholegelomolemo ya gagwe, fa e se ya motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24; 1 Petere 3:8, 9) Ka gone, batlhanka ba ga Jehofa ba senka ditshono tsa go bontsha tlotlo mo go ba lelapa, Bakeresetekabone mo phuthegong tota le mo bathong ba ba seng mo phuthegong.
14. Monna le mosadi ba bontshana tlotlo jang?
14 Baebele e bolela jaana: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna.” (1 Bakorintha 11:3) Jehofa o laela banna go tshwara basadi ka tsela e Keresete a neng a tshwara phuthego ka yone. Mo go 1 Petere 3:7, monna o laelwa go neela mosadi wa gagwe “tlotlo jaaka sejana se se bokoanyana, sa sesadi.” A ka dira jalo ka go bontsha gore o rata go reetsa mosadi wa gagwe le go tsaya dikakantsho tsa gagwe tsia. (Genesise 21:12) A ka nna a ineela gore dilo di dirwe go ya kafa mosadi a batlang ka teng fa seo se se phoso, e bile o tla mo thusa le go nna pelonomi mo go ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, “mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) O a mo reetsa, ga a leke go mo pateletsa gore ka metlha a dire dilo kafa ene a batlang ka teng, ga a mo nyenyefatse le go nnela go ngongorega. O bontsha kgobalalo ya mogopolo ka go se leke go laola monna wa gagwe tota le fa a mo gaisa ka bokgoni mo dilong dingwe.
15. Bagodi ba bontshiwa tlotlo jang, mme ba tshwanetse go tsibogela seo jang?
15 Mo phuthegong ya Bokeresete go na le batho ba segolobogolo ba tshwanelwang ke tlotlo, ba ba jaaka bagodi. “O nanoge o eme fa pele ga yo o tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhogo sa motsofe.” (Lefitiko 19:32) Go tshwanetse ga nna jalo segolobogolo ka ba ba ileng ba direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga tse dintsi ka gonne “tlhogo e e pududu ke serwalo sa kgalalelo, fa e bonwa mo tseleng ya tshiamo.” (Diane 16:31) Balebedi ba tshwanetse go tlhoma sekao ka go tlotla Bakeresetekabone ba ba godileng go ba feta. Ke boammaaruri gore, batsofe le bone ba tshwanetse go bontsha tlotlo mo go ba bannye mo go bone, segolobogolo mo go ba ba nang le boikarabelo jwa go disa letsomane.—1 Petere 5:2, 3.
16. Batsadi le bana ba tlotlana jang?
16 Bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rraago le mmaago’; se e leng taolo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore go tle go tsamaye sentle ka wena le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’” Batsadi le bone ba tshwanetse go tlotla bana ba bone ka gonne ba laelwa gore ba ‘se ka ba ba sera, mme ba ba godisetse mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’—Baefeso 6:1-4; Ekesodo 20:12.
17. Ke bomang ba ba tshwanelwang ke go neelwa “tlotlo e e menaganeng sebedi”?
17 Ba ba direlang phuthego ka natla le bone ba tshwanetse go bontshiwa tlotlo: “A banna ba bagolwane ba ba okamelang ka tsela e e molemomogolo ba kaiwe ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi, segolobogolo ba ba dirang ka natla mo go bueng le mo go ruteng.” (1 Timotheo 5:17) Tsela e nngwe e re ka ba bontshang tlotlo jalo ka yone ke ka go dira se se bolelwang ke Bahebera 13:17: “Utlwang ba ba etelelang pele gareng ga lona mme lo ikobe.”
18. Re tshwanetse go direla batho ba ba seng mo phuthegong eng?
18 A re tshwanetse go tlotla batho ba ba seng mo phuthegong? Ee. Ka sekai, re laelwa jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Bano ke babusi ba lefatshe ba Jehofa a ba letlileng go busa go fitlha Bogosi jwa gagwe bo tsaya maemo a bone. (Daniele 2:44) Ka jalo re “[naya] botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho; yo o tshwanetsweng ke sehuba, sehuba; yo o tshwanetsweng ke poifo, poifo e e ntseng jalo; yo o tshwanetsweng ke tlotlo, tlotlo e e ntseng jalo.” (Baroma 13:7) Re tshwanetse go “[tlotla] batho ba mefuta yotlhe”—1 Petere 2:17.
19. Re ka ‘direla batho ba bangwe se se molemo’ jang le go ba bontsha tlotlo?
19 Le fa gone go le boammaaruri gore re tshwanetse go tlotla le batho ba ba seng mo phuthegong, ela tlhoko se Lefoko la Modimo le se gatelelang: “Fa fela re santse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Ke boammaaruri gore tsela e e molemo thata ya go ‘direla batho ba bangwe se se molemo’ ke ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3) Seno re ka se dira ka go sekegela tsebe kgakololo eno ya ga Paulo: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa mo Modimong, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwara lefoko la boammaaruri sentle.” Fa ka botlhale re dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go neela bosupi, re ‘wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo,’ re a bo re sa dire molemo mo go botlhe fela, mme gape, re a bo re bontsha go ba tlotla.—2 Timotheo 2:15; 4:5.
Go Tlotla Jehofa
20. Faro le masole a gagwe ba ne ba diragalelwa ke eng, mme ka ntlha yang?
20 Jehofa o tlotla dibopiwa tsa gagwe. Go a utlwala he gore le rona re mo tlotle. (Diane 3:9; Tshenolo 4:11) Lefoko la ga Jehofa gape la re: “Ba ba ntlotlang ke tlaa ba tlotla, mme ba ba nnyatsang ba tlaa nyadiwa.” (1 Samuele 2:30) Fa Faro wa Egepeto a ne a bolelelwa gore a letle batho ba Modimo ba tsamaye, o ile a araba jaana ka lonyatso: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe?” (Ekesodo 5:2) Fa Faro a ne a romela masole a gagwe go ya go gaila Baiseraele, Jehofa o ne a fatoganya metsi a Lewatle le Lehibidu gore Baiseraele ba kgabaganye. Mme e ne ya re fa Baegepeto ba ba latela, Jehofa a dira gore metsi a boe. Jehofa o “thabueditse dikara tsa ga Faro mo lewatleng le ntwa ya gagwe.” (Ekesodo 14:26-28; 15:4) Ka jalo boikgogomoso jwa ga Faro jwa go gana go tlotla Jehofa bo ne jwa dira gore a welwe ke masetlapelo.—Pesalema 136:15.
21. Ke eng fa Jehofa a ne a le kgatlhanong le Beleshasare, mme go ne ga felela ka eng?
21 Kgosi Beleshasare wa Babelona o ne a gana go tlotla Jehofa. Ka nako ya moletlo wa tlhapedi o ne a nyatsa Jehofa ka go nwa beine ka dinwelo tse di boitshepo tsa gauta le selefera tse di neng di tserwe mo tempeleng kwa Jerusalema. Mme ka nako ya fa a ntse a dira jalo, o ne a galaletsa medimo ya gagwe ya boheitane. Mme gone Daniele motlhanka wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Ga o a ikokobetsa pelo . . . O ikgodiseditse Morena wa legodimo.” Mo go jone bosigo joo Beleshasare o ne a bolawa, mme a amogwa bogosi.—Daniele 5:22-31.
22. (a) Ke eng fa Jehofa a ile a galefela baeteledipele ba Baiseraele le batho ba teng? (b) Jehofa o ile a amogela bomang, mme ka matswela afe?
22 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Kgosi Herode o ne a eme setšhaba ka lefoko fa se goeletsa jaana: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” Kgosi eno ya seeleele e ne ya se ka ya gana, go na le moo, e ne e batla go galalediwa. Ka yone nako eo, “moengele wa ga Jehofa a mo itaya, ka gonne o ne a se ka a naya Modimo kgalalelo.” (Ditiro 12:21-23) Herode o ne a se ka a tlotla Jehofa, o ne a itlotla, ka jalo a bolawa. Baeteledipele ba bodumedi ba nako eo ba ile ba tlontlolola Modimo ka go rera go bolaya Morwawe, Jesu. Balaodi bangwe ba ne ba itse gore Jesu o ne a ruta boammaaruri mme ba ne ba sa batle go mo sala morago, “gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho go feta le eleng kgalaletso ya Modimo.” (Johane 11:47-53; 12:42, 43) Setšhaba sotlhe se ne sa se ka sa tlotla Jehofa kana Moemedi wa gagwe yo o tlhomilweng e bong Jesu. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ile a se ka a tlhola a ba tlotla, o ne a ba latlha a ba a letla gore tempele ya bone e senngwe. Mme o ne a boloka batho ba ba neng ba mo tlotla le go tlotla Morwawe.—Mathaio 23:38; Luke 21:20-22.
23. Re tshwanetse go dira eng gore re tshele mo lefatsheng le lesha la Modimo? (Pesalema 37:9-11; Mathaio 5:5)
23 Batho botlhe ba ba batlang go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo fa tsamaiso ya jaanong ya dilo e sena go senngwa ba tshwanetse go tlotla Modimo le Morwawe, Keresete Jesu, mme ba ba ikobele. (Johane 5:22, 23; Bafilipi 2:9-11) Batho ba ba sa bontsheng tlotlo e e ntseng jalo ba tla “kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng.” Kafa letlhakoreng le lengwe, basiami ba ba tlotlang Modimo le Keresete le go ba ikobela, “ba tlaa aga mo lefatsheng.”—Diane 2:21, 22.
Poeletso
◻ Go tlotla batho ba bangwe go bolelang, mme Jehofa o ile a dira seno jang?
◻ Jesu le Paulo ba ile ba tlotla batho ba bangwe jang?
◻ Ke bomang ba ba tshwanelwang ke go tlotlwa mo motlheng wa rona?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go tlotla Jehofa le Jesu?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Jehofa o ne a tlotla Aborahame ka go tsaya tsia boikuelo jwa gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mo manyalong a a atlegileng, monna le mosadi ba a tlotlana