LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/1 ts. 9-14
  • Jehofa—Modimo o o Rutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa—Modimo o o Rutang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rre, Morutisi, Monna
  • Dithuto Tse di Botlhokwa Tsa ga Jehofa
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba ba Rutiwang
  • Kafa Jehofa a Rutang ka Gone
  • Go Utlwana ga Bibela Yotlhe
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Yo Baporofeti Botlhe ba Neileng Bosupi ka Ene
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Mosadi yo o Moopa o a Ipela
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Bafalodi Ba Ba Tswang Merafeng Yotlhe
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/1 ts. 9-14

Jehofa—Modimo o o Rutang

“Ba tlaa rutwa ke Modimo botlhe fela.”—JOHANE 6:45.

1. Jaanong Jesu o dira eng kwa Kaperenaume?

JESU KERESETE o ne a sa tswa go dira dikgakgamatso bosheng mme jaanong o bonwa a ruta mo sinagogeng kwa Kaperenaume, gaufi le Lewatle la Galilea. (Johane 6:1-21, 59) Batho ba le bantsi ba bontsha gore ga ba mo dumele fa a re: “Ke fologile kwa legodimong.” Ba ngunanguna ba re: “Yo, a ga se Jesu morwa Josefe, yo borraagwe le mmaagwe re ba itseng? O bua jang gompieno, a re: ‘Ke fologile ke tswa legodimong’?” (Johane 6:38, 42) Jesu o bua jaana a ba kgalemela: “Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge, mme ke tlaa mo tsosa mo letsatsing la bofelo.”—Johane 6:44.

2. Ke lebaka lefe le le dirang gore re dumele tsholofetso ya ga Jesu ka tsogo?

2 A tsholofetso e e molemo jang ne—go tsosiwa mo letsatsing la bofelo, fa Bogosi jwa Modimo bo busa! Re ka dumela tsholofetso eno ka gonne e tlhomamisiwa ke Rara, Jehofa Modimo. (Jobe 14:13-15; Isaia 26:19) Eleruri, Jehofa, yo o rutang gore baswi ba tla tsoga, ke “morutisi yo mogolo mo go botlhe.” (Jobe 36:22, Today’s English Version) Fa a bua jaanong kaga thuto ya ga Rara, Jesu go tswa foo a re: “Go kwadilwe mo baperofeting ga twe: ‘Ba tlaa rutwa ke Modimo botlhe fela.’”—Johane 6:45.

3. Re tla sekaseka dipotso dife?

3 Kwantle ga pelaelo e ne e ka nna tshiamelo gore re nne bangwe ba bao moperofeti Isaia a kwadileng jaana kaga bone: “Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa.” (Isaia 54:13) A re ka nna bone? Ke bomang ba e ntseng e kare ke bana ba gagwe mme ba utlwile dithuto tsa gagwe? Ke dithuto dife tsa ga Jehofa tse di botlhokwa tse re tshwanetseng ra di itse mme ra di dirisa gore a tle a re segofatse? Jehofa o ne a ruta jang mo nakong e e fetileng, a mme o ruta ka tsela e e tshwanang le gompieno? Tseno ke dipotso tse re tla di sekasekang.

Rre, Morutisi, Monna

4. Bana ba ga Jehofa ba ntlha go amogela dithuto tsa gagwe e ne e le bomang?

4 Jehofa o ne a nna Rre le Morutisi e le la ntlha fa a ne a bopa Morwawe yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu pele a nna motho. Ene o bidiwa “Lefoko” ka gonne ke ene Mmueledi yo Mogolo wa ga Jehofa. (Johane 1:1, 14; 3:16) Lefoko o ne a direla “fa go [Rara] jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro,” mme o ne a ithuta tota mo go se a neng a se rutiwa ke Rraagwe. (Diane 8:22, 30) E bile tota, o ne a nna Morongwa, kana sedirisiwa se Rara a neng a bopa dilo tsotlhe ka sone, go akaretsa le “bomorwa Modimo” ba semoya. A bo ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela jang ne go rutiwa ke Modimo! (Jobe 1:6; 2:1; 38:7; Bakolosa 1:15-17) Moragonyana, go ne ga bopiwa motho wa ntlha, Adame. Le ene e ne e le “morwa Modimo,” mme Baebele e senola gore Jehofa o ne a mo ruta.—Luke 3:38; Genesise 2:7, 16, 17.

5. Adame o ne a latlha tshiamelo efe e e tlhwatlhwakgolo, mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a ruta mang, mme ka ntlha yang?

5 Ka maswabi, Adame ka go tlhoka kutlo ka bomo, o ne a latlhegelwa ke tshiamelo ya gore a tswelele pele e le morwa Modimo. Ka jalo, ditlogolwana tsa gagwe di ne di ka se ka tsa iphaka gore di na le kamano ya go nna barwa ba Modimo fela ka gonne e le bana ba ga Adame. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a ruta batho ba ba sa itekanelang ba ba neng ba leba kwa go ene gore a ba kaele. Ka sekai, Noa o ne a itshupa e le “monna yo o siameng” yo o neng “a sepela le Modimo,” ka jalo Jehofa o ne a ruta Noa. (Genesise 6:9, 13–7:5) Aberahame ka go nna kutlo o ne a itshupa gore ke “tsala ya Modimo,” mme ka jalo le ene o ne a rutiwa ke Jehofa.—Jakobe 2:23; Genesise 12:1-4; 15:1-8; 22:1, 2.

6. Jehofa o ne a simolola go leba mang jaaka “morwa” wa gagwe, mme o ne a nna morutisi yo o ntseng jang mo go bone?

6 Moragonyana thata, mo metlheng ya ga Moshe, Jehofa o ne a nna le kamano ya go nna le kgolagano le morafe wa Iseraele. Ka ntlha ya seo, morafe ono o ne wa nna batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng mme wa lejwa jaaka “morwa” wa gagwe. Modimo o ne a re: “Iseraele ke morwaake.” (Ekesodo 4:22, 23; 19:3-6; Duteronome 14:1, 2) Baiseraele ba ne ba ka bolela jaana, ba theile seno mo go yone kamano eo ya kgolagano, jaaka go kwadile moperofeti Isaia: “Wena Jehofa o rraetsho.” (Isaia 63:16) Jehofa o ne a simolola boikarabelo jwa gagwe jaaka rre mme a ruta bana ba gagwe, Iseraele, ka lerato. (Pesalema 71:17; Isaia 48:17, 18) E bile tota, fa ba ne ba sa ikanyege, o ne a ba kopa jaana ka boutlwelobotlhoko: “Bowang, lona bana ba lo tenegang.”—Jeremia 3:14.

7. Iseraele o ne a nna le kamano e e ntseng jang le Jehofa?

7 Ka ntlha ya kamano ya go nna le kgolagano le Iseraele, Jehofa gape o ne a nna Monna wa morafe ono ka tsela ya tshwantshetso, mme one o ne wa nna mosadi wa gagwe wa tshwantshetso. Moperofeti Isaia o ne a kwala jaana kaga gagwe: “Modiri wa gago ke ene monna wa gago; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe.” (Isaia 54:5; Jeremia 31:32) Lefa Jehofa a ne a diragatsa seabe sa gagwe ka tsela e e tlotlegang jaaka Monna, morafe wa Iseraele o ne wa nna mosadi yo o sa ikanyegeng. Jehofa o ne a re: “Jaaka mosadi a tle a kgaogane le monna wa gagwe ka bolotsana, le lona lo ntiretse ka bolotsana, lona ba ntlo ya Iseraele.” (Jeremia 3:20) Jehofa o ne a tswelela pele a rapela barwa ba mosadi wa gagwe yo o sa ikanyegeng; o ne a tswelela pele a le “Morutisi yo Mogolo” mo go bone.—Isaia 30:20, NW; 2 Ditirafalo 36:15.

8. Lefa Jehofa a ne a latlha Iseraele jaaka morafe, o santse a na le mosadi ofe wa tshwantshetso yo o tshwantsheditsweng?

8 Modimo kgabagare o ne wa latlha Iseraele fa Iseraele a ne a gana Morwa One e bong Jesu Keresete a bo a mmolaya. Ka jalo morafe oo wa Bajuta o ne o sa tlhole o le mosadi wa tshwantshetso mo go ene, e bile o ne a sa tlhole a le Rara le Morutisi wa barwa ba gagwe ba ba diganana. (Mathaio 23:37, 38) Lefa go ntse jalo, Iseraele e ne e le mosadi yo o tshwantshetsang fela. Moaposetoloi Paulo o ne a nopola Isaia 54:1 eo e buang kaga “moopa” yo o farologaneng e bile a sa amane le “mosadi yo o nyetsweng,” morafe wa Iseraele wa tlholego. Paulo o senola gore Bakeresete ba ba tloditsweng ke bana ba “moopa,” yo a mmitsang “Jerusalema o o kwa godimo.” Mosadi yono wa tshwantshetso yo a neng a tshwantsheditswe o bopilwe ka mokgatlho wa Modimo wa selegodimo wa dibopiwa tsa semoya.—Bagalatia 4:26, 27.

9. (a) Jesu o ne a bua ka bomang fa a ne a bua ka ‘bana ba gago ba rutwa ke Jehofa’? (b) Batho ba fetoga bana ba Modimo ba semoya ka lebaka lefe?

9 Ka jalo, kwa sinagogeng ya kwa Kaperenaume, fa Jesu a ne a nopola boperofeti jwa ga Isaia, “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Jehofa botlhe fela,” o ne a bua kaga bao ba neng ba tla nna “bana” ba “Jerusalema o o kwa godimo,” mokgatlho wa Modimo wa selegodimo wa sekamosadi. Fa bareetsi bao ba Bajuta ba ne ba amogela dithuto tsa moemedi wa Modimo yo o tswang kwa legodimong, Jesu Keresete, ba ne ba ka nna bana ba mosadi wa Modimo wa selegodimo yo o neng a le moopa pele mme ba bopa “morafe o o boitshepo,” “Iseraele wa Modimo” wa semoya. (1 Petere 2:9, 10; Bagalatia 6:16) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana a tlhalosa sebaka se se molemo se Jesu a neng a se bulela batho gore ba nne bana ba Modimo ba semoya: “O ne a tla mo ga gabo, mme ba e neng e le ba ga gabo ba se ka ba mo tshola. Mme botlhe ba ba mo tshotseng, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong bone ba ba dumetseng mo ineng la gagwe.”—Johane 1:11, 12.

Dithuto Tse di Botlhokwa Tsa ga Jehofa

10. Morago fela ga tsuologo ya kwa Edena, Jehofa o ne a ruta eng kaga “losika,” mme ke mang yo o neng a itshupa e le Losika lono?

10 Jehofa ke Rre yo o lerato, ka jalo o bolelela bana ba gagwe maikaelelo a gagwe. Ka jalo, fa moengele mongwe yo o setsuolodi a ne a tlhotlheletsa batho ba ntlha ba babedi gore ba se ka ba utlwa, gone fela foo Jehofa o ne a ba itsise gore o ne a tla dira eng gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe jwa go dira lefatshe paradaise. O ne a bolela gore o ne a tla tsenya bobaba fa gare ga “noga ya bogologolo,” e leng Satane Diabolo, “le mosadi.” Go tswa foo o ne a tlhalosa gore “losika” lwa mosadi lo ne lo tla keteka Satane ‘mo tlhogong’ gore a swe. (Genesise 3:1-6, 15; Tshenolo 12:9; 20:9, 10) Jaaka re setse re bone, mosadi—yo moragonyana a neng a bidiwa “Jerusalema o o kwa godimo”—ke mokgatlho wa Modimo wa selegodimo wa dibopiwa tsa semoya. Mme “losika” lwa gagwe ke mang? Ke Morwa Modimo, Jesu Keresete, ene yo o romilweng go tswa kwa legodimong e bile e tla re kgabagare a fedise Satane.—Bagalatia 4:4; Bahebere 2:14; 1 Johane 3:8.

11, 12. Jehofa o ne a atolosa thuto ya gagwe e e botlhokwa jang malebana le “losika”?

11 Jehofa o ne a atolosa thuto eno e e botlhokwa kaga “losika” fa a ne a solofetsa Aberahame jaana: “Ke [tla] ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa legodimo . . . Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago.” (Genesise 22:17, 18) Jehofa o ne a dirisa moaposetoloi Paulo go tlhalosa gore Jesu Keresete ke Losika lwa ga Aberahame lo lo solofeditsweng mme gore ba bangwe le bone ba ne ba tla nna karolo ya “losika” loo. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa lo le ba ga Keresete, foo lo losika lwa ga Aberahame, lo baruaboswa ka fa polelong ya tsholofetso.”—Bagalatia 3:16, 29.

12 Jehofa gape o ne a senola gore Keresete, Losika, o ne a tla tswa mo losikeng lwa segosi lwa Juta le gore “go utlwa ga ditšhaba” go ne go tla nna kwa go ene. (Genesise 49:10) Jehofa o ne a solofetsa jaana malebana le Kgosi Dafite wa lotso lwa Juta: “Losika lwa gagwe ke tlaa lo dira gore lo eme ka bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi jaaka malatsi a legodimo. Losika lwa gagwe lo tlaa ema ka bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi se tlaa ema jaaka letsatsi fa pele ga me.” (Pesalema 89:3, 4, 29, 36) Fa moengele Gabariele a ne a itsise ka botsalo jwa ga Jesu, o ne a tlhalosa gore ngwana yo e ne e le Mmusi yo o tlhomilweng ke Modimo, Losika lwa ga Dafite. Gabariele o ne a re: “O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe. . . . Bogosi jwa gagwe ga bo ketla bo nna le bokhutlo.”—Luke 1:32, 33; Isaia 9:6, 7; Daniele 7:13, 14.

13. Re tshwanetse go tsaya kgato efe malebana le thuto ya ga Jehofa, gore re amogele masego a gagwe?

13 Gore re amogele tshegofatso ya ga Jehofa, re tshwanetse ra itse ra ba ra tsaya kgato ka thuto eno e e botlhokwa kaga Bogosi jwa Modimo. Re tshwanetse go dumela gore Jesu o tlile mo lefatsheng a tswa kwa legodimong, gore ke Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo—Losika lwa segosi lo lo tla tlhokomelang fa go busediwa Paradaise mo lefatsheng—le gore o tla tsosa baswi. (Luke 23:42, 43; Johane 18:33-37) Fa Jesu a ne a le kwa Kaperenaume a bua kaga go tsosa baswi, Bajuta ba tshwanetse go ka bo ba ne ba bona sentle fela gore o ne a bua boammaaruri. Ebu, dibeke di sekae fela pele ga foo, gongwe a le gone kwa Kaperenaume, o ne a tsositse morwadi wa dingwaga tse 12 wa molaodi wa sinagoge! (Luke 8:49-56) Kwantle ga pelaelo le rona re na le lebaka le le utlwalang la go dumela le go tsaya kgato go dumalana le thuto ya ga Jehofa e e nayang tsholofelo malebana le Bogosi jwa gagwe!

14, 15. (a) Bogosi jwa ga Jehofa bo botlhokwa go le kana kang mo go Jesu? (b) Ke eng se re tshwanetseng ra se tlhaloganya ra bo ra kgona go se tlhalosa kaga Bogosi jwa ga Jehofa?

14 Jesu o ne a dirisetsa botshelo jwa gagwe jotlhe jwa fa a le mo lefatsheng go ruta kaga Bogosi jwa ga Jehofa. O ne a dira gore bo nne ntlha ya konokono mo bodireding jwa gagwe, a ba a ruta balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele. (Mathaio 6:9, 10; Luke 4:43) Bajuta ba tlholego ba ne ba tla nna “bana ba bogosi,” mme ka ntlha ya go tlhoka tumelo, bontsi jwa bone ba ne ba palelwa ke go bona tshiamelo eo. (Mathaio 8:12; 21:43) Jesu o ne a senola gore “letsomanyane” ke lone fela le nnang le tshiamelo eno ya go nna “bana ba bogosi.” “Bana” bano ba fetoga “baruaboswa mmogo le Keresete” mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—Luke 12:32; Mathaio 13:38; Baroma 8:14-17; Jakobe 2:5.

15 Keresete o tla tsaya baruaboswa ba bogosi ba le kae go ya kwa legodimong gore ba buse lefatshe le ene? Baebele e bolela gore ke ba le 144-000 fela. (Johane 14:2, 3; 2 Timotheo 2:12; Tshenolo 5:10; 14:1-3; 20:4) Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a re o na le “dinku di sele,” tse di tla nnang babusiwa ba mo lefatsheng ba puso ya Bogosi joo. Bano ba tla nna le botsogo jo bo itekanetseng le kagiso e e nnelang ruri mo lefatsheng la paradaise. (Johane 10:16; Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4) Re tlhoka go tlhaloganya le go kgona go tlhalosa thuto ya ga Jehofa kaga Bogosi.

16. Ke thuto efe ya botlhokwa ya ga Jehofa e re tshwanetseng go e ithuta le go e dirisa?

16 Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka thuto e nngwe e e botlhokwa ya ga Jehofa. O ne a re: “Lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana.” (1 Bathesalonika 4:9) Gore re itumedise Jehofa, re tlhoka go supa lerato leo. “Modimo o lorato,” ga rialo Baebele, mme re tshwanetse ra etsa sekao sa gagwe sa go bontsha lerato. (1 Johane 4:8; Baefeso 5:1, 2) Ka maswabi, bontsi jwa batho bo tlholegile tota go ithuta go rata batho ba bangwe jaaka Modimo o re ruta. Go tweng ka rona? A re tsere kgato ka thuto eno ya ga Jehofa?

17. Re tshwanetse ra etsa boikutlo jwa ga mang?

17 Go botlhokwa gore re amogele dithuto tsotlhe tsa ga Jehofa. E kete re ka nna le boikutlo jwa mopesalema wa Baebele yo o neng a kwala jaana: “Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa; o nthute ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute.” “Nthuta ditao tsa gago. Nthuta temogo e e molemo, le kitso . . . O nthute dikatlholo tsa gago.” (Pesalema 25:4, 5; 119:12, 66, 108) Fa e le gore o na le maikutlo a a tshwanang le a mopesalema, o tla nna mongwe wa boidiidi jo bogolo jo bo rutiwang ke Jehofa.

Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba ba Rutiwang

18. Moperofeti Isaia o ne a bolelela pele gore go ne go tla diragala eng mo motlheng wa rona?

18 Moperofeti Isaia o ne a bolelela pele gore go ne go tla diragala eng mo motlheng wa rona: “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, . . . Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe.’” (Isaia 2:2, 3, mokwalo o o sekameng ke wa rona; Mika 4:2.) Batho bano ba ba rutiwang ke Jehofa ke bomang?

19. Ke bomang ba gompieno ba akarediwang gareng ga batho ba ba rutiwang ke Jehofa?

19 Ba akaretsa ba bangwe kwantle ga ba ba tla busang kwa legodimong le Keresete. Jaaka go bontshitswe pelenyana, Jesu o ne a re o na le “dinku di sele”—babusiwa ba mo lefatsheng ba Bogosi—kwantle ga “letsomanyane” la baruaboswa ba Bogosi. (Johane 10:16; Luke 12:32) “Boidiidi jo bogolo” jo bo falolang ‘pitlagano e kgolo,’ ke ba setlhopha sa dinku di sele, mme ba amogetswe ke Jehofa mo motheong wa tumelo ya bone mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng. (Tshenolo 7:9, 14) Lefa dinku di sele di sa akarediwe ka tlhamalalo mo ‘baneng’ ba go buiwang ka bone mo go Isaia 54:13, ba segofadiwa ka go rutiwa ke Jehofa. Ka jalo, ba bitsa Modimo “Rraetsho” ka tshwanelo, ka gonne totatota, o tla nna Rraabonemogolo ka “Rara wa Bosakhutleng,” Jesu Keresete.—Mathaio 6:9; Isaia 9:6.

Kafa Jehofa a Rutang ka Gone

20. Jehofa o ruta ka ditsela dife?

20 Jehofa o ruta ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, o dira jalo ka ditiro tsa gagwe tsa popo, tse di supelang gore o teng le gore o na le botlhale jo bogolo. (Jobe 12:7-9; Pesalema 19:1, 2; Baroma 1:20) Mo godimo ga moo, o ruta ka go buisana le motho ka tlhamalalo, jaaka a ne a dira fa a ne a ruta Jesu pele a nna motho. Ka tsela e e tshwanang, ka makgetlho a mararo a go kwadilweng ka one, o ne a bua le batho ba ba mo lefatsheng ka tlhamalalo a le kwa legodimong.—Mathaio 3:17; 17:5; Johane 12:28.

21. Jehofa thata o ne a dirisa moengele ofe go nna moemedi wa gagwe, mme lefa go ntse jalo re itse jang gore ba bangwe le bone ba ne ba dirisiwa?

21 Jehofa gape o dirisa baemedi ba baengele go ruta, go akaretsa le Motsalwapele wa gagwe, “Lefoko.” (Johane 1:1-3) Lefa Jehofa a ne a ka bua ka tlhamalalo le morwawe wa motho, Adame, kwa tshimong ya Edena, o tshwanetse a bo a ile a dirisa Jesu a ise a nne motho gore a mmuelele. (Genesise 2:16, 17) Yono e tshwanetse ya bo e ne e le ene “moengele wa Modimo yo o ntseng a eteletse khuduga ya Iseraele pele” e bile e le yo Jehofa a neng a laela jaana kaga gagwe: “Lo reetse lentswe la gagwe.” (Ekesodo 14:19; 23:20, 21) Kwantle ga pelaelo, Jesu fa a ise a nne motho gape e ne e le “kgosana ya ntwa ya ga Jehofa” yo o neng a tla kwa go Joshua a tlile go mo nonotsha. (Jošua 5:14, 15) Jehofa gape o dirisa baengele ba bangwe go anamisa dithuto tsa gagwe, jaaka ba a neng a ba dirisa go neela Moshe Molao wa Gagwe.—Ekesodo 20:1; Bagalatia 3:19; Bahebere 2:2, 3.

22. (a) Jehofa o ile a dirisa bomang go ruta mo lefatsheng? (b) Jehofa o dirisa eng thata go ruta batho gompieno?

22 Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo o dirisa baemedi ba batho go ruta. Batsadi kwa Iseraele ba ne ba tshwanetse go ruta bana ba bone; baperofeti, baperesite, dikgosana, le Balefi ba ne ba ruta morafe Molao wa ga Jehofa. (Duteronome 11:18-21; 1 Samuele 12:20-25; 2 Ditirafalo 17:7-9) Jesu e ne e le ene Mmueledi yo mogolo wa Modimo mo lefatsheng. (Bahebere 1:1, 2) Gantsi Jesu o ne a bolela gore se a neng a se ruta tota e ne e le se a se rutilweng ke Rara, ka jalo tota bareetsi ba gagwe ba ne ba rutiwa ke Jehofa. (Johane 7:16; 8:28; 12:49; 14:9, 10) Jehofa o dirile gore dilo tse a di buileng di kwalwe, mme mo motlheng wa rona o ruta batho thata ka Dikwalo tseno tse di tlhotlheleditsweng.—Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16.

23. Go tla tlhatlhobiwa dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

23 Re tshela mo metlheng ya botlhokwa, ka gonne Dikwalo di solofetsa gore ‘mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele [e re tshelang mo go yone] ditšhaba di le dintsi di tla rutiwa ditsela tsa ga Jehofa.’ (Isaia 2:2, 3, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ba rutiwa jang? Re tshwanetse ra dira eng gore re solegelwe molemo re bo re nne le seabe mo thulaganyong e e molemolemo ya ga Jehofa e e tsweletseng pele gone jaanong? Re tla tlhatlhoba dipotso tseo mo setlhogong se se latelang.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Jehofa o ne a nna Rre, Morutisi, le Monna jang?

◻ Jehofa o ruta eng kaga “losika”?

◻ Ke thuto efe e e botlhokwa ya Modimo e re tshwanetseng go e ela tlhoko?

◻ Jehofa o ruta jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go tsosiwa ga ga morwadia Jairo mo losong go ne ga thaya motheo wa go ka dumela tsholofetso ya ga Jesu ya gore o tla tsosa baswi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela