LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • su kgao. 8 ts. 61-67
  • Bafalodi Ba Ba Tswang Merafeng Yotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bafalodi Ba Ba Tswang Merafeng Yotlhe
  • Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “LOSIKA” LWA GA ABERAHAME LO LO SOLOFEDITSWENG
  • BAO BA SEGOFADITSWENG KA “LOSIKA”
  • Tumelo ya Gagwe e a Lekwa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Aborahame E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jehofa O ne A Mmitsa “Tsala ya Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
su kgao. 8 ts. 61-67

Kgaolo 8

Bafalodi Ba Ba Tswang Merafeng Yotlhe

1. Ke tsholofetso efe e e neng ya neelwa Aberahame e e bontshang gore go ka kgonega gore Modimo o amogele “ditshika cotlhe” tsa batho?

JEHOFA ka lorato o kgatlhegela batho ba merafe yotlhe le meratshwana. O dirile paakanyetso ya gore malapa otlhe a a mo lefatsheng a ka ipelela kamogelo ya gagwe le lesego. Go Aberame (Aberahame), setlogolwana sa morwa wa ga Noa ebong Sheme, Jehofa o ne a re: “Tloga, u cwè mo lehatshiñ ya ga eno, le mo go ba ga eno, le mo tluñ ea ga rrago, u eè kwa lehatshiñ ye ke tla le gu shupetsañ. Me ke tla diha morahe o mogolo ka wèna, ke tla gu segohatsa, ke diha leina ya gago le nna legolo; me wèna, u nnè tshegohacō. Le gōna ke tla segohatsa bōnè ba ba gu segohatsañ, le èna eo o gu hutsañ ke tla mo hutsa: me mo go wèna, ditshika cotlhe tsa lehatshe di tla segōhala.” (Genesise 12:1-3; Ditihō 7:2-4) “Ditshika cotlhe tsa lehatshe”—seo se akareletsa le rona gompieno, go sa kgathalesege morafe oo re tsaletsweng mo go one kana puo eo re e buang.—Pesalema 65:2.

2. (a) Jaaka Aberahame, ke nonofo efe e re e tlhokang? (b) Jaaka fa go bontshitswe go Bahebera 11:8-10, Aberahame o ne a neela bosupi jang kaga nonofo eno?

2 Ene yoo Jehofa a neng a mo tlhalosetsa tsholofetso eno e ne e le monna wa tumelo, fela jaaka le rona re tshwanetse ra nna le tumelo fa e le gore re tla abalana mo tshegofatsong eo e solofeditsweng ke Modimo fano. (Yakobe 2:23; Bahebera 11:6) Tumelo ya ga Aberahame e ne e se ya molomo fela mme e ne e patilwe ke ditiro. E ne ya mo dira gore a tswe mo Mesopotamia go ya lefatsheng je le kgakala leo a iseng a ke a le bone pele. “Ka tumèlō a cwa moyaki mo lehatshiñ ya polèlō ea choloheco, yaka motho a le mo lehatshiñ ye e señ ya gagwè,” a sa ikamanye le magosi a metse a a koo. “Gonne o na a lebèlèla motse o e leñ ōna [Bogosi jwa Modimo] o o nañ le mothèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.”—Bahebera 11:8-10.

3. Ke teko efe e e tlhatlhobang tumelo eo Aberahame a neng a tsenelela mo go yone ka Isake?

3 Fa Aberahame a se na go wetsa dingwaga tse 100 tsa bogodi mme mosadi wa gagwe Sara a le 90, Jehofa ka kgakgamatso a ba segofatsa ka morwa, ebong Isake. Malebana le morwa yono, Aberahame o ne a tsena mo tekong e e mo tlhatlhobang tumelo le kutlo tebang le Modimo. Jehofa o ne a laola Aberahame gore a tsee Isake, yoo jaanong e neng e le lekawana, go ya lefatsheng ja Moria mme e re a le koo a fete a mo ntshe tshupelo e e fisiwang. Ka tumelo ya gore Modimo o ka kgona go busetsa morwawe botshelong ka tsogo, Aberahame o ne a tswelela pele ka kutlo. (Bahebera 11:17-19) Isake, ka go ineela go rraagwe, o ne a setse a bofeletswe mo sebesong seo mme Aberahame a tshotse thipa ka seatla sa gagwe gore a tle a mmolae fa moengele wa ga Jehofa a tsenelela. Teko e ne e tseneletse kwa teng ka mo go lekaneng go supa gore Aberahame o ne a se ketla a gana sepe se se tswang mo Modimong. Ka gone Modimo o ne a tiisetsa kgolagano ya gagwe le Aberahame, jaaka fa Bibela e tlhalosa:

4. Mo pakeng eo, ke tsholofetso efe e nngwe gape e e botlhokwa e Modimo a neng a e solofetsa batho ba merafe yotlhe?

4 “Ke ikannè ka nna ka nosi, go bua Yehofa, ka u dihile selō se, ua se ka ua gana ka morwao, morwao eo esi: Ka re, Mo go segōhatseñ ke tla gu segōhatsa, le mo go ntsihatseñ ke tla ntsihatsa losika loa gago yaka dinaledi tsa legodimo, le yaka moshawa o o mo dintshiñ tsa lewatlè: me losika loa gago lo tla rua kgōrō ea motse ea baba ba ōna. Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.”—Genesise 22:15-18.

5. (a) Ke eng seo se neng sa tshwantshediwa ke go leka ga ga Aberahame go ntsha Isake setlhabelo? (b) Tiragatsong ya Genesise 12:3, ke jang batho ‘ba hutsang’ Aberahame yo Mogolwane, mme ka phelelo efe? (c) Re ka mo “segōhatsa” jang?

5 Fa re lemoga gore Aberahame yo Mogolwane ke Jehofa le gore Isake o ne a tshwantshetsa Jesu Keresete, re ka simolola go lemoga kafa ditiragalo tseno di leng tsa botlhokwa go rona ka sebele. Tota-tota, ke kafa re itshwarang ka teng tebang le Jehofa Modimo seo se tlhomamisang isagwe ya rona. Tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng e ka kgonega go rona ka go bo Modimo tota o ne a ntsha Morwawe yo o esi jaaka setlhabelo sa maleo a rona, jaaka fa go tshwantsheditswe ke ka go leka ga ga Aberahame go ntsha Isake setlhabelo. (Yohane 3:16) Lefa e le bomang ba ba ganelelang mo go ‘hutseng’ Jehofa, ba mo nyatsa kana ba nyenyefatsa maikaelelo a gagwe a a lorato, ba tlelwa ke phutso eo e tla rayang tshenyego ya bone ya bosakhutleng. (Bapisa 1 Samuele 3:12-14; 2:12.) Mme fa re le batho ba ba anaanelang, re tla “segōhatsa” Aberahame yo Mogolwane. Jang? Ka go dumalana ka kgololesego gore dilo tsotlhe tse di molemo di tswa kwa go Jehofa, go akareletsa le neo e e sa tshwanelang ya botshelo ka Morwawe. Gape, re tla bolelela ba bangwe ka ga bomolemo jwa ga Jehofa le dinonofo tsa gagwe tse di molemo-lemo tsa bogosi jwa gagwe. (Yakobe 1:17; Pesalema 145:7-13) Ka tsela eno re ipaya mo letlhakoreng la go amogela masego go tswa go ene ka bosakhutleng.

“LOSIKA” LWA GA ABERAHAME LO LO SOLOFEDITSWENG

6. (a) Ke mang yo eleng “losika” lwa konokono lwa ga Aberahame? (b) Re ka bona jang lesego leo le tlang ka ene?

6 Jaaka bontlha bongwe jwa thulaganyo ya gagwe ya go segofatsa setho Jehofa o ne a rulaganyetsa puso ya selegodimo ya tshiamo. Jesu Keresete o ne a tsalwa jaaka setlogolwana sa ga Aberahame, jaaka lotsalo lwa gagwe lo lo botlhokwa thata, kana “losika,” mme e ne ya nna ene yo Jehofa a mo neetseng puso. (Bagalatia 3:16; Mathaio 1:1) Jalo, jaaka fa go supilwe ke ikano ya Modimo go Aberahame, ke ka Jesu Keresete go bo batho go tswa merafeng yotlhe ya lefatshe ba tla segofadiwang. A o dira se se batlwang e le gore o tlo o iponele lesego leo ka bowena? Ka sekai, a tsela ya gago ya botshelo e supa gore o lemoga kafa setlhabelo sa botshelo sa ga Jesu se leng botlhokwa ka teng? A ruri-ruri o ineela mo taolong ya gagwe jaaka Kgosi?—Yohane 3:36; Ditihō 4:12.

7. (a) Ke mang gape yo o akarediwang mo ‘losikeng lwa ga Aberahame’? (b) Re itse jang gore ga se gore botlhe ba ba direlang Modimo ka boikanyego ba tla ya kwa legodimong?

7 Moaposetoloi Johane o ne a neelwa ponatshegelo ya ponelopele ya seperofeti ya ditiragalo tsa selegodimo tse mo go tsone a neng a bona ba bangwe ba kopanetse le Jesu Keresete mo Thabeng ya Siona ya selegodimo. Bone le bone, ke bontlhanngwe jwa “losika loa ga Aberahame.” Jaaka fa go tlhalositswe mo go Tshenolō 14:1-5, ba ne ba “rèkwa mo bathuñ” mme ke ba ba 144 000. (Bagalatia 3:26-29) Ba akareletsa bomang? Bibela e go phepafatsa sentle gore ga e ise e ke e nne boikaelelo jwa Modimo gore batho botlhe ba ba tshiamo ba ye legodimong. (Mathaio 11:11; Ditihō 2:34; Pesalema 37:29) Tshiamelo e e molemo-lemo ya go abalana le Keresete mo Bogosing jwa legodimo e lekanyeditswe fela go “lecomanyane” bao e tla nnang dikgosi le baperesiti le ene ka dingwaga tse di sekete.—Luke 12:32; Tshenolō 5:9, 10; 20:6.

8. Go kgethiwa ga “lecomanyane” go ne ga simologa leng, mme go tswelela go ya boleeleng jo bo kae?

8 Ke jang go tlhophiwa ga “lecomanyane” leo go neng ga tswelela ka gone? Taletso e e pelontle ya go abalana mo Bogosing jwa selegodimo e ne ya re lwa ntlha ya romelwa go Baiseraele ba tlholego. Mme ka ntlha ya go tlhaela ga tumelo ya bone, ba ne ba se ka ba baakanyetsa ka palo e e tletseng ya 144 000. Jalo Basamaria, mme ya re moragonyana batho ba merafe ba lalediwa. (Ditihō 1:8) Ba ntlha go barua-boswa mmogo le Keresete ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekoste ya 33 C.E. Go tlhophiwa ga setlhopha seno go tswelela go fitlhelela ba ba 144-000 ba tshwailwe ke Modimo jaaka ba ba amogetsweng. Mme he go isiwe tlhokomelo mo go phuthiweng ga batho bao ba tla tshelang mo lefatsheng jaaka babusiwa ba ba anaanelang ba puso ya legodimo.

9. (a) Ke ditlhaloso dife mo Bibeleng tseo di dirang go setlhopha seno sa selegodimo? (b) Ke bomang bao ba neng ba tshwantshediwa ke Baiseraele ba tlholego?

9 Bao eleng barua-boswa ba Bogosi jwa selegodimo le Keresete ba lebisiwa mo Dikwalong jaaka “ba ba itshenkecweñ,” “baitshepi,” batho ba ba ‘tloditsweng . . . ke Modimo.’ (2 Timotheo 2:10; 1 Bakorintha 6:1, 2; 2 Bakorintha 1:21) Ba bile gape ba tlhalosiwa fa ba le mmogo jaaka “monyadwi” wa ga Keresete. (Tshenolō 21:2, 9; Baefesia 5:22-32) Fa ba lebiwa go tswa diponong tse dingwe, ba bidiwa “bakauleñwe” ba ga Keresete, “baruaboshwa mmōgō le Keresete” le ‘bana’ ba Modimo. (Bahebera 2:10, 11; Baroma 8:15-17; Baefesia 1:5) Go sa kgathalege morafe wa bone, ka tsela ya semoya, ke “Iseraela oa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Baroma 2:28, 29; 9:6-8) Fa Jehofa a ne a fedisa kgolagano ya gagwe ya Molao le Iseraele wa nama, o ne a lere Iseraele wa semoya mo kgolaganong e ntšha le ene. Mme ditirisano tsa gagwe le Iseraele wa nama fa ba ne ba sa ntse ba le tlaseng ga Molao di ne tsa tlhoma motlhala wa dilo tse di tlang. (Bahebera 10:1) Ke bomang he, bao ba neng ba tshwantshediwa ke morafe wa Iseraele wa nama, o o neng wa tlhophiwa ke Modimo jaaka “boshwa bo chwerwe”? Mabaka a supa go Iseraele wa semoya, bao Modimo a neng a ba tlhophile go busa le Keresete mo legodimong. (Bapisa Ekesodo 19:5, 6 le 1 Petere 1:3, 4 le 2:9.) Ga mmogo le Keresete ba dira boemedi joo ka jone masego a tla fetisediwang go botlhe ba bangwe mo sethong ba ba utlwang. Go lemoga seno ke gone sephiri sa go tlhaloganya Bibela.

BAO BA SEGOFADITSWENG KA “LOSIKA”

10. Ke bomang bao ba tshwantshediwang ke baobamedi ba ga Jehofa ba eseng Baiseraele?

10 Mo nakong eo Modimo a neng a dirisanya ka tsela e e kgethegileng le morafe wa Iseraele, o ne a ba a dira dipaakanyetso tse di lorato go batho bao e neng e se ba morafe oo mme e le bao dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa go abalana kobamelo ya boammaaruri ga mmogo le Baiseraele. Ba umakwa ka mo go tshwaegang mo rekotong ya Bibela. A mme le bone gape, ba na le balekane ba bone ba segompieno? Ee, ruri. Ba tshwantshetsa ka ditsela di le dintsi bao eseng Baiseraele ba semoya mme ba meletsa mathe tebelelo e e gakgamatsang ya botshelo jo bo sa khutleng jaaka babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo. Bano ke bao Modimo a neng a bua le Aberahame ka bone, fa a re batho ba “merahe eotlhe ya lehatshe” ba tla itshegofatsa ka “losika” lwa gagwe.—Genesise 22:18; Duteronome 32:43.

11. (a) Ke eng seo se neng sa umakiwa kaga setlhopha seno mo kgakolong ya tempele ya ga Solomone? (b) Ke jang “baeñ” ba ‘ikopanyang le Jehofa’ mo motlheng wa rona, jaaka fa go boleleletswe pele go Isaia 56:6, 7?

11 E nnile ka metlha ya nna boikaelelo jwa Modimo gore setho sotlhe se utlwane mo kobamelong ya boammaaruri. Ka mo go tshwanelang, fa go ne go kgakolwa tempele e e neng e agilwe ke Solomone mo Jerusalema, kgosi e ne ya rapela gore Jehofa a utlwe morapelo wa baeng bao ba neng ba senka go neela kobamelo e e amogelegang ga mmogo le Iseraele. (2 Ditihalō 6:32, 33) Mme, go Isaia 56:6, 7, Modimo o ne wa solofetsa ka gore: “Baeñ ba ba ikōpanyañ le Yehofa, go mo dihèla, le go rata leina ya ga Yehofa, le go nna batlhanka ba gagwè, . . . le bōnè ke tla ba lere mo thabeñ ea me e e boitshèpō, ke ba yesa monate mo tluñ ea me ea thapèlō; . . . Ntlo ea me e tla bidiwa Ntlo ea borapèlèlō yoa dichaba cotlhe.” Ka go bontsha moya o o kaiwang fano, “baeñ” ba motlha wa segompieno jaanong ba phuthega go tswa merafeng yotlhe, eseng jaaka babogedi fela ba ba iphetelang, mme eleng jaaka batho bao ba ‘ikopanyang le Jehofa.’ Ba dira seno ka go ineela matshelo a bone go ene, ba tshwantshetsa seno ka go nwediwa mo metsing mme go tswa foo ba bo ba direla ka mokgwa o o bontshang ‘leina ja ga Jehofa’ lorato lwa bone le seo le se emelang.—Mathaio 28:19, 20.

12. Molao wa ga Moshe o supa jang fa e le gore a bao ba nang le tsholofelo ya go nna babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo ba tshwanetse go ikobela ditekanyetso tse di kwa godimo tseo di dirang mo Iseraeleng wa semoya?

12 Ba ntse ba tlhokwa boikanyego fela jo bo tshwanang le joo bo tlhokwang Bakereseteng ba ba tloditsweng ka moya. Tlaseng ga Molao wa ga Moshe, Jehofa o ne a tlhoka gore “moeñ eo o yakileñ” yo o neng a inaakanya le kobamelo ya boammaaruri a dirisanye le Molao o o tshwanang o o neng o tlama Iseraele. (Dipalō 15:15, 16) Kamano magareng ga bone e ne e sa tshwanela go nna ya go itshokela dilo fela mme eleng lorato lwa mmaanete. (Lefitiko 19:34) Ka mo go tshwanang, bao ba neng ba tshwantshediwa ke baeng ba ba jakileng ba batla go dumalanya matshelo a bone ka kutlwano e e tletseng le dipatlafalo tsa ga Jehofa le go direla ka kutlwano e e lorato le ba ba setseng ba Iseraele wa semoya.—Isaia 61:5.

13. Ke menangwana efe go Isaia 2:1-4 eo re tshwanetseng ra e tsenya mo pelong fa e le gore re batla go falolela mo ‘lefatsheng je lesha’?

13 Ka moperofeti wa gagwe Isaia, Jehofa o ne a tlhalosa bontsi-ntsi jwa batho ba ba tlhoafetseng go tswa “merahiñ eotlhe” bao gompieno ba phuthegelang kwa ntlong ya lefatshe lotlhe ya kobamelo ya ga Jehofa. O ne a bolelela pele a re: “Dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwe.” Ka gone, ba ‘thutse ditšhaka tsa bone megoma’ mme, le eleng gareng ga lefatshe leno le le tletseng dikgoberego, ga ba ‘ithute ntwa gope.’ (Isaia 2:1-4) A o ipona o le gareng ga bontsi-ntsi joo jo bo itumetseng? A o na le keletso e e tshwanang ya go ithuta dipatlafalo tsa ga Jehofa, go dirisa tseno mo botshelong jwa gago le go lesa go tlhola o ikaega ka dibetsa tsa ntwa? Modimo o solofeditse gore boidiidi jo bogolo joo bo latelang tsela eno e tla bo e le “ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo” ba falolela mo ‘lefatsheng je lesha’ ja kagiso ja gagwe.—Tshenolō 7:9, 10, 14; Pesalema 46:8, 9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela