LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 11 ts. 32-ts. 33 ser. 2
  • Tumelo ya Gagwe e a Lekwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo ya Gagwe e a Lekwa
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Bosupi jo Bogolo Jwa Lorato Lwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jehofa O ne A Mmitsa “Tsala ya Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Aborahame E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 11 ts. 32-ts. 33 ser. 2
Aborahame le Isake ba ya kwa Moria

THUTO 11

Tumelo ya Gagwe e a Lekwa

Aborahame o ne a ruta morwawe e bong Isake gore a rate Jehofa le go tshepa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Mme fa Isake a na le dingwaga tse 25, Jehofa o ne a kopa Aborahame gore a dire sengwe se go neng go le thata go se dira. Ke eng seo?

Modimo o ne a raya Aborahame a re: ‘Tsweetswee tsaya morwao yo o esi mme o mo ntshe setlhabelo kwa thabeng e e kwa nageng ya Moria.’ Aborahame o ne a sa tlhaloganye gore ke eng fa Jehofa a ne a mo kopa gore a dire jalo. Mme o ne a reetsa Jehofa.

Mo mosong o o latelang, Aborahame o ne a tsamaya le Isake le batlhanka ba gagwe ba babedi mme ba leba kwa Moria. Morago ga malatsi a le mararo, ba ne ba kgona go bona dithaba tse di kgakala. Aborahame o ne a raya batlhanka ba gagwe a re ba lete fa ene le Isake ba ya go ntsha setlhabelo. Aborahame o ne a naya Isake dikgong mme ene a tsaya thipa. Isake o ne a botsa rraagwe a re: ‘Phologolo e re tlileng go e ntsha setlhabelo e kae?’ Aborahame o ne a mo raya a re: ‘Ngwanaka, Jehofa o tla e ntsha.’

Fa ba goroga kwa thabeng, ba ne ba aga sebeso. Go tswa foo, Aborahame o ne a bofa Isake diatla le dinao mme a mo pega mo godimo ga sebeso.

Isake o bofilwe mo sebesong mme Aborahame o tshotse thipa

Aborahame o ne a tsholetsa thipa. Ka nako eo, moengele wa ga Jehofa o ne a bua go tswa kwa legodimong a re: ‘Aborahame! O se ka wa gobatsa mosimane! Jaanong ke a bona gore o dumela mo Modimong ka gonne o ne o ikemiseditse go ntsha morwao setlhabelo.’ Go tswa foo, Aborahame o ne a bona phelefu e tsene ka dinaka mo setlhareng. O ne a bofolola Isake ka bonako mme a ntsha phelefu eo setlhabelo.

Go tloga ka letsatsi leo, Jehofa o ne a bitsa Aborahame a re ke tsala ya gagwe. A o itse gore ka ntlha yang? Aborahame o ne a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a mo laela gore a se dire le fa a ne a sa tlhaloganye lebaka la go bo Jehofa a re a se dire.

Aborahame o bofolola Isake

Jehofa o ne a boa a solofetsa Aborahame a re: ‘Ke tla go segofatsa ke bo ke ntsifatsa bana kgotsa ditlogolwana tsa gago.’ Seno se ne se raya gore Jehofa o tla dirisa losika lwa ga Aborahame go segofatsa batho botlhe ba ba siameng.

“Modimo o ratile lefatshe thata mo a ileng a ntsha Morwawe yo o tshotsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”​—Johane 3:16

Dipotso: Aborahame o ne a bontsha jang gore o ikanya Jehofa? Jehofa o ne a solofetsa Aborahame eng?

Genesise 22:1-18; Bahebera 11:17-19; Jakobe 2:21-23

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela