Atamalana le Modimo
Bosupi jo Bogolo Jwa Lorato Lwa Modimo
ABORAHAME o ne a rata Modimo. Gape monna yono yo e neng e le tlhogo ya lotso e e ikanyegang, o ne a rata Isake morwa wa botsofe jwa gagwe. Mme fa Isake a ne a le dingwaga di ka nna 25, Aborahame o ne a lebana le teko e e neng e tlhoka gore a dire selo se ka tlholego rre a ka se kang a se dira—Modimo o ne a mmolelela gore a dire setlhabelo ka morwawe. Le fa go ntse jalo, kgang eno ga e a ka ya felela ka gore Isake a bolawe. Pele Aborahame a ka dira setlhabelo ka morwawe, Modimo o ne a romela moengele gore a mo thibe. Pego eno ya Baebele e e mo go Genesise 22:1-18, e re bontsha go le gonnye ka tsela ya boporofeti lorato lo logolo lo Modimo a re ratang ka lone.
Temana 1 ya re: ‘Modimo a leka Aborahame.’ Aborahame e ne e le monna wa tumelo, mme jaanong tumelo ya gagwe e ne e tla lekiwa go feta le fa e le leng pele. Modimo o ne a re: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme . . . o mo ise tshupelo e e fisiwang gone mo go nngwe ya dithaba e ke tla go e tlhaolelang.” (Temana 2) Gakologelwa gore Modimo a ka se letle gore batlhanka ba gagwe ba lekwe go feta se ba ka se itshokelang. Ka jalo, teko eno e bontsha gore o ne a tshepa Aborahame.—1 Bakorintha 10:13.
Aborahame o ne a ikobela Modimo ka yone nako eo. Re bala jaana: “Aborahame a tsoga go sa le phakela mme a belesa esele ya gagwe a ba a tsaya ba le babedi ba batlhokomedi ba gagwe le Isake morwawe; mme a fatsa dikgong tsa tshupelo e e fisiwang. Morago ga moo a nanoga a tsaya loeto.” (Temana 3) Go bonala Aborahame a ne a sa bolelela ope ka teko ya gagwe.
Loeto lwa malatsi a le mararo lo a neng a lo tsaya, lo ne lwa mo naya nako ya go tlhatlhanya. Mme Aborahame o ne a ikaeletse go dira se a se laetsweng. Se a neng a se bua se ne se bontsha tumelo e a neng a na le yone. Fa a le kgakajana mme a bona thaba e e neng e tlhophilwe o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Lona salang fano . . . , mme nna le mosimane re batla go ya fale go ya go obama re bo re boela mo go lona.” Fa Isake a botsa gore nku ya go dira setlhabelo e kae, Aborahame o ne a re: “Modimo o tla ipatlela nku.” (Temana 5, 8) Aborahame o ne a solofetse gore o tla boa le morwawe. Ka ntlha yang? Ka gonne ‘o ne a tsaya gore Modimo o ne a tla kgona go tsosa Isake, le eleng mo baswing.’—Bahebera 11:19.
Fa ba le kwa thabeng, Aborahame o ne a tsaya ‘thipa gore a bolaye morwawe,’ mme moengele o ne a mo thiba. Modimo o ne a mmontsha phelefu, e e neng e tshwerwe ke lesuthu, gore Aborahame a e ntshe “mo boemong jwa morwawe.” (Temana 10-13) Mo Modimong go ne go ntse jaaka e kete Isake o ntshitswe setlhabelo. (Bahebera 11:17) Mokanoki mongwe o tlhalosa jaana: “Mo Modimong, ntlha ya gore Aborahame o ne a ikaeletse go ntsha morwawe setlhabelo, e ne e tshwana le fa a se ntshitse.”
Tsela e Jehofa a neng a tshepa Aborahame ka yone e ne e bonala sentle. Mme Jehofa o ne a duela Aborahame ka go bo a ne a mo tshepa ka go boeletsa le go oketsa kgolagano e a neng a e dirile le ene, e leng kgolagano e e neng e tla tlisetsa batho ba ditšhaba tsotlhe masego a a solofeditsweng.—Temana 15-18.
Kwa bofelong, Modimo ga a ka a letla Aborahame gore a ntshe morwawe setlhabelo, go na le moo, moragonyana Modimo ka boene o ne a tla ntsha morwawe setlhabelo. Go iketleetsa ga ga Aborahame go ntsha Isake setlhabelo go ne go tshwantshetsa setlhabelo sa maleo a rona se Modimo a neng a tla se ntsha ka morwawe yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu. (Johane 3:16) Setlhabelo sa ga Keresete ke bosupi jo bogolo jwa lorato lo Jehofa a re ratang ka lone. E re ka Modimo a re ntsheditse setlhabelo se se ntseng jalo, re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Ke ikaeletse go dira eng gore ke itumedise Modimo?’