Obamela Modimo ka Tsela Eo A Batlang ka Yone
JESU o ne a bolela jaana fa a ne a rapela Modimo: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Ke kitso ya mofuta mang? “[Thato ya Modimo ke gore] batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 2:4) The Amplified Bible e ranola polelwana ya bofelo mo go tseno ka tsela eno: “Ba itse Boammaaruri [jwa bomodimo] ba bo itse tota le ka tsela e e tshwanetseng.”
Ka jalo Modimo o batla gore re mo itse re bo re itse maikaelelo a gagwe ka tshwanelo, tumalanong le boammaaruri jwa bomodimo. Ebile Lefoko la Modimo, eleng Bibela E E Boitshepo, ke motswedi wa boammaaruri joo. (Yohane 17:17; 2 Timotheo 3:16, 17) Fa batho ba ithuta ka tshwanelo seo Bibela e se bolelang kaga Modimo, he ba tla tila go nna jaaka bao ba umakiwang mo go Baroma 10:2, 3, bao ba neng ba na le “tlhōahalō kaga Modimo, me e be e se kaha kicoñ.” Kana jaaka Basamaria, bao Jesu a neng a bolela jaana ka bone: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ.”—Yohane 4:22.
Ka jalo, fa e le gore re batla go amogelwa ke Modimo, re tshwanetse ra ipotsa jaana: Modimo a reng kaga gagwe? O batla go obamelwa jang? Maikaelelo a gagwe ke afe, mme re tshwanetse ra dumalana le one jang? Kitso e e tlhomameng ya boammaaruri e re neela dikarabo tse di tshwanetseng tsa dipotso tsa go nna jalo. Mme ka go dira jalo re ka obamela Modimo ka tsela eo a batlang ka yone.
Go Tlontlolola Modimo
“BA BA ntlotlañ ke tla ba tlotla,” go bolela Modimo jalo. (1 Samuele 2:30) A go bolela gore mongwe o lekana le Modimo go a o tlotla? A go a mo tlotla go bitsa Maria gore ke “mma Modimo” ebile ke “Motsereganyi wa sesadi . . . magareng ga Mmopi le dibopiwa tsa gagwe,” jaaka fa New Catholic Encyclopedia e mmitsa? Nnyaa, dikgopolo tseno di tlhapatsa Modimo. Ga go na ope yo o lekanang le ene; le gone ga a na mmè ope wa nama, ereka Jesu e ne e se Modimo. Ebile ga go na “Motsereganyi ope wa Sesadi,” ka gonne Modimo o tlhophile “motsereganyi . . . a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho,” ebong Jesu.—1 Timotheo 2:5; 1 Yohane 2:1, 2.
Kwantle ga pelaelo, thuto ya Tharo-Nngwe e ile ya dira gore tsela eo batho ba tlhaloganyang boemo jwa boammaaruri jwa Modimo ka yone e nne e e tlhakanyang tlhogo ebile e dirile gore e koafale. E thibela batho gore ba seka ba itse Molaodi wa Lobopo lotlhe sentle, ebong Jehofa Modimo, le gore ba seka ba mo obamela ka tsela e a batlang ka yone. Jaaka fa moithuta-bomodimo ebong Hans Küng a boletse: “Ke ka ntlhayang fa motho a tshwanetse a batla go oketsa sengwe mo tumelong ya go nna mongwe fela ga Modimo le go nna a le wa mofuta o eleng wa gagwe fela seo se ka koafatsang go nna mongwe goo le go nna wa mofuta wa gagwe fela goo kana sa dira gore e nne go go sa kaeng sepe?” Mme ke sone seo tumelo ya Tharo-Nngwe e se dirileng.
Bao ba dumelang go Tharo-Nngwe ga ba ‘itse Modimo ka tsela e e tshwanetseng.’ (Baroma 1:28) Temana eo gape e bolela jaana: “Modimo o ba lesitse ba inèla pelo e e manyèlō hèla, ba diha dilō tse di sa chwanèlañ.” Ditemana 29 go ya go 31 di thathamisa dingwe tsa dilo tseo di sa ‘tshwanelang tseo,’ tse di ntseng jaaka ‘polao, le kgang, le bao ba robang dikgolagano, e le ba ba senang lorato lwa tlholego, e le ba ba senang kutlwelo-botlhoko.’ Tsone dilo tseo di ile tsa nna tsa dirwa ke madumedi ao a dumelang go Tharo-Nngwe.
Ka sekai, gantsi Badumela Tharo-Nngwe ba ile ba bogisa batho bao ba ganang thuto ya Tharo-Nngwe mme ba bo ba ba bolaya. Ebile ba ile ba bo ba feta moo. Ba ile ba bolaya bankabone ba ba dumelang Tharo-Nngwe ka nako ya ntwa. E ka nna eng se se ‘sa tshwanelang,’ se se fetang gore Mokatoliki a bolaye Mokatoliki, Mo-Orthodox a bolaye Mo-Orthodox, Moporotesetanta a bolaye Moporotesetanta—ba dira seno sotlhe ka leina la Modimo o o osi wa Tharo-Nngwe?
Lefa go le jalo, Jesu o ne a bolela jaana ka phepafalo: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Lefoko la Modimo le tlhalosa seno go ya pele, fa le re: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō.” E tshwantsha bao ba bolayang bomorwarrabone ba semoya le “[Kaine yo o neng a nna wa yo o bosula, eleng Satane], me a bolaea monnawè.”—1 Yohane 3:10-12.
Ka jalo, go ruta dithuto tse di tlhakanyang tlhogo kaga Modimo go ile ga felela ka ditiro tseo di tlolang molao wa gagwe. Eleruri, seo se ileng sa direga mo go La-Bodumedi yotlhe ke seo moithuta-bomodimo wa Modanishe ebong Søren Kierkegaard a neng a se tlhalosa jaana: “La-Bodumedi e ile ya fedisa Bokeresete e sa lemoge gore ea bo fedisa.”
Boemo jwa La-Bodumedi jwa semoya bo tshwanela seo moaposetoloi Paulo a neng a se kwala fa a ne a re: “Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè, ka ba le makgapa, ba le kgōpō, ba tlhobosegile kaga tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—Tito 1:16.
Ka bonako fela, fa Modimo a tlisa tsamaiso eno ya dilo e e boikepo ya ga jaanong kwa bokhutlong jwa yone, La-Bodumedi ya Tharo-Nngwe e tla ikarabela mo go seno. Mme e tla atlholwa botlhoko ka ntlha ya ditiro tsa yone le dithuto tsa yone tse di tlontlololang Modimo.—Mathaio 24:14, 34; 25:31-34, 41, 46; Tshenolō 17:1-6, 16; 18:1-8, 20, 24; 19:17-21.
O Seka wa Dumela Tharo-Nngwe
BOAMMAARURI jwa Modimo ga bo ineele. Ka ntlha ya moo, go obamela Modimo ka tsela eo a batlang ka yone go raya gore o seka wa dumela thuto ya Tharo-Nngwe. E ganetsana le seo baperofeti, Jesu, baaposetoloi, le Bakeresete ba pele ba neng ba se dumela le seo ba neng ba se ruta. E ganetsana le seo Modimo a se bolelang kaga gagwe mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Ka ntlha ya moo, o gakolola jaana: “Lemoga gore ke nna fela Modimo le gore ga go na ope o sele yo o tshwanang le nna.”—Isaia 46:9, TEV.
Dikgatlhego tsa Modimo ga di direlwe ka go mo dira gore e nne yo o tlhakanyang tlhogo ebile e le wa masaitsiweng. Go na le moo, fa batho ba ntse ba tlhakana tlhogo go ya pele ka ga Modimo le maikaelelo a gagwe, seno se itumedisa Mmaba wa Modimo, ebong Satane Diabolo le go feta, ‘ebong Modimo wa lefatshe leno.’ Ke ene yo o etleetsang thuto ya go nna jalo ya maaka gore a ‘foufatse megopolo ya bao ba sa dumeleng.’ (2 Bakorintha 4:4) Ebile thuto ya Tharo-Nngwe gape e diragatsa se se ratwang ke baruti ba ba batlang go tshwara batho, ka gonne ba dira gore go bonale ekete ke baithuta-bomodimo fela bao ba ka e tlhaloganyang.—Bona Yohane 8:44.
Kitso ya boammaaruri kaga Modimo e a golola. E re golola mo dithutong tseo di ganetsanang le Lefoko la Modimo le mo mekgatlhong ya batenegi. Jaaka fa Jesu a ne a bolela: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”—Yohane 8:32.
Fa re tlotla Modimo jaaka mogodimodimo ebile re mo obamela ka tsela eo a batlang ka yone, re ka tila katlholo eo a tla tlogang a e lere mo go La-Bodumedi wa botenegi. Mo boemong jwa moo, re ka lebelela go amogelwa ke Modimo fa tsamaiso eno e fela: “Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Setshwantsho seno se se betlilweng se se nang le makgolokgolo a dingwaga sa kwa Fora se tshwantshetsa go rwesiwa ga “lekgarejana” Maria serwalo sa bogosi a se rwesiwa ke Tharo-Nngwe. Go dumela go Tharo-Nngwe go ile ga felela ka gore Maria a tlotlwe jaaka “Mma Modimo”