Kgaolo 12
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Sa Ithate?
“GA KE ikutlwe ke le sepe gotlhelele,” ga bua jalo Louise ka bohutsana. A wena le wena, o tle o ikutlwe o sa ithate ka dinako dingwe?
Tota, mongwe le mongwe o tlhoka boitlotlo jwa selekanyo se se rileng. Bo ile jwa bidiwa “selo sa botlhokwa se se nayang motho seriti mo botshelong jwa gagwe jaaka motho.” Gape, Bibela ya re: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 19:19) Mme fa o ikutlwa o sa ithate, ka phepafalo ga o na go rata ba bangwe.
‘Ga go na Sepe se ke Kgonang go se Dira Sentle!’
Ke ka ntlhayang fa go ka nna ga diragala gore o nne le maikutlo a a sa siamang ano kaga gago? Ntlha ke gore, o ka nna wa tlhakanngwa tlhogo ke dilo tse o sa kgoneng go di dira. O santse o gola, mme gantsi go na le nako ya go ramatla ya gore tsatsi le letsatsi o bo o tlhabisiwa ditlhong ke go thuba dilo dingwe kana go thulana le sengwe. Mme, gape, ga o ise o nne le boitemogelo jwa motho yo o godileng jwa go itshwarelela fa o swabisiwa ke dilo dingwe. Mme ka gonne “maikutlō” a gago ga a ise a thapisiwe mo go lekaneng ke go ‘tlwaediwa,’ o ka nna wa seka wa dira diphetso tse di botlhale ka metlha. (Bahebera 5:14) Ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa gore ga go na sepe se o kgonang go se dira sentle!
Go retelelwa ke go fitlhelela ditebelelo tsa batsadi ba gago e ka nna selo se sengwe gape seo se ka go dirang gore o seka wa itlotla. “Fa ke tshwara ‘maemo a ntlha a a seng kwa godimo’ kwa sekolong,” mosha mongwe a rialo, “batsadi ba me ba batla go itse gore ke ka ntlhayang fa e ne ya seka ya nna ‘maemo a ntlha-ntlha’ ba bo ba mpolelela gore ke reteletswe.” Legale, ke selo sa tlholego fela gore batsadi ba kgorole bana ba bone go dira sentle fela thata. Mme fa o tlhaela go dira go ya ka ditebelelo tsa bone tse di utlwalang, tlhomamisega gore o tla bolelelwa kaga gone. Kgakololo ya Bibela ke: “Morwaaka [kana morwadiaka], utlwa thutō ea ga rrago, me u seka ua tlogèla molaō oa ga mmago.” (Diane 1:8, 9) Go na le go ikutlwa o kgobegile marapo, wela dibete fela fa o nyadiwa mme o ithute mo go gone.
Lefa go le jalo, go tweng fa batsadi ba gago ba go tshwantshanya le bana ba bangwe kafa go sa siamang? (“Ke ka ntlhayang fa o sa tshwane le mogoloo wa mosimane, ebong Kabelo? Ene ka metlha o ne a le moithuti yo o botlhale fela thata.”) Go tshwantshanngwa mo go ntseng jalo, lemororo go ka lebega ka dinako tse dingwe go utlwisa botlhoko, gantsi go na le ntlha ya botlhokwa. Batsadi ba gago ba batla fela gore o dire dilo sentle. Mme fa o ikutlwa gore ba go imetsa dilo thata, ke ka ntlhayang fa o sa buisane dintlha tseo le bone o wetse dibete?
Go Tlhagolela Boitlotlo
O ka itshegetsa jang fa o ikutlwa o latlhegelwa ke boitlotlo? Santlha, leba dikgono tsa gago le dithetelelo tsa gago sentle. O tla fitlhela gore bontsi jwa mo go tweng ke dithetelelo tsa gago ga se sepe se se kalo. Go tweng ka ditlhaelo tsa gago tse di masisi, tse di tshwanang le go tenega ka bonako kana bogagapa? Lwantshana le mathata ano ka kelotlhoko mme boitlotlo jwa gago ruri bo tla oketsega.
Gape, o seka wa itebatsa gore o setse o na le dikgono dingwe! O ka nna wa bo o sa akanye gore go kgona go apaya kana go baakanya thaere e e phofileng ke sengwe sa botlhokwa. Mme motho yo o tshwerweng ke tlala kana mokgweetsi wa koloi yo o mo tlalelong o tla go tswela pelo go bo o na le dikgono tsa go nna jalo! Akanya, gape, ka dinonofo tsa gago. A o motho yo o ithutang ka tlhoafalo? Yo o pelotelele? Yo o kutlwelobotlhoko? Yo o pelotshweu? Yo o pelonomi? Dinonofo tseno di ka gaisa ditlhaelo tse di seng kalo fela thata.
Gape go ka go thusa go sekaseka dintlha tseno tsa go itlhatlhoba:
Tlhoma mekgele e e ka kgonegang: Fa e le gore ka metlha o itlhomela mekgele e e kwa godimo thata, seno se ka go tlisetsa maswabi a magolo nako nngwe. Tlhoma mekgele e o ka e kgonang. Go tweng ka go ithuta selo se se tshwanang le go kwala ka motšhine? Ithute go letsa seletso sengwe sa mmino kana go bua loleme lengwe. Tokafatsa kana o atolose go bala ga gago. Go kgona sengwe go na le mosola ka go naya motho boitlotlo.
Dira tiro e e molemo: Fa o dira tiro ka botlhaswa, ga o na go ithata. Modimo o ne wa itumelela ditiro tsa gagwe tsa popo mme a bolela fa popo eo ya kwa tshimologong e ne e le “molemō” fa a sena go e digela. (Genesise 1:3-31) Wena, le wena, o ka itumelela tiro epe fela e o e dirang kwa gae kana mo sekolong ka go e dira ka botswerere le ka kelotlhoko.—Bona Diane 22:29.
Direla ba bangwe dilo: Boitlotlo ga bo bapalwe ka gore o nne fa fatshe o bo o emela ba bangwe go go direla dilo wena o tlhatlagantse maoto. Jesu o ne a re “leha e le mañ eo o ratañ a ka bo a nna mogolo . . . o tla nna modihedi,” kana motlhanka, wa ba bangwe.—Mareko 10:43-45.
Ka sekai, Kim wa dingwaga tse 17 o ne a rulaganyetsa gore mo kgweding nngwe le nngwe ya malatsi a boikhutso a selemo a senye dioura tse 60 a thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Bibela. A re: “Go dirile gore ke atamalane le Jehofa. Gape go nthusitse gore ke nne le lorato lwa mmatota mo bathong.” Ga go lebege go ka direga gore lekgarebe leno le le itumetseng le tlhoke boitlotlo!
Tlhopha ditsala ka kelotlhoko: “Ke na le botsalano jo bo sa itumediseng fela thata le nna,” ga bolela jalo Barbara wa dingwaga tse 17, “fa ke na le batho bao ba ntshepang, ke dira tiro e e molemo. Mme fa ke na le bao ba ntsayang jaaka yo o seng botlhokwa, ke nna seeleele.”
Batho ba ba itseelang kwa godimo kana ba ba tlhapatsang eleruri ba ka go dira gore o ikutlwe o sa ithate. Jalo kgetha ditsala tseo ka boammaaruri di kgatlhegelang go tshela sentle ga gago, ditsala tseo di go agang.—Diane 13:20.
Dira Modimo tsala ya gago e kgolo: “Yehofa ke lehika ya me, le kagō ea me ea phemèlō,” go ne ga bolela jalo mopesalema Dafide. (Pesalema 18:2) O ne a sa tshepa dikgono tsa gagwe mme o ne a tshepile botsalano jwa gagwe jo bogolo le Jehofa. Ka gone, fa moragonyana a ne a welwa ke bomadimabe, o ne a kgona le go itshokela lonyatso lo logolo kwantle ga go latlhegelwa ke go itshepa ga gagwe. (2 Samuele 16:7, 10) Wena, le wena, o ka ‘atamalana thata le Modimo’ mme ka jalo wa ‘ikgantsha,’ eseng kaga gago mme ka Jehofa!—Yakobe 2:21-23; 4:8; 1 Bakorintha 1:31.
Diphelelo tse di Maswe
Mokwadi mongwe o ne a re: “Fa gongwe mosha yo o sa tumang le yo o sa itlotleng o leka go itira motho yo a seng ene kana go ikgakanya e le gore a tle a itsiwe jalo mo lefatsheng.” Maemo ao bangwe ba ipayang mo go one ke a a tlwaelesegileng: “Lekau le le kwenneng,” seaka, seopedi sa mmino wa punk yo o aparang ka mo go sa tlwaelesegang. Mme kafa tlase ga boikgakanyo jono, basha bao ba a bo ba santse ba lwantshana le maikutlo a go ikutlwa ba se batho ba sepe.—Diane 14:13.
Ka sekai, akanyetsa bao ba tlhakanelang dikobo le mongwe le mongwe “go fedisa maikutlo a pelo e e botlhoko, go oketsa boitlotlo jwa bone [ka go ikutlwa ba ratiwa], go nna le tsala e kgolo le, ka go ithwala, go ratiwa le go amogelwa ka botlalo ke motho yo mongwe—ebong ngwana.” (Coping With Teenage Depression) Lekgarebe lengwe leo le neng la lemoga tsietso eo le ne la kwala jaana: “Ke ne ka leka go ikgomotsa ka tlhakanelo-dikobo, go na le gore ke leke go nna le botsalano jo bo nonofileng le Mmopi wa me. Seo ke neng ka nna naso fela e ne e le go nna lolea, go jewa ke bodutu, le go nnela pelobotlhoko ruri.” Ka gone, ikeletlhoko mo diphelelong tseo tse di maswe.
Tlhagiso
Ka mo go kgatlhisang, gangwe le gape Dikwalo di tlhagisa kgatlhanong le go itseela kwa godimo ga motho! Ka baka lang go ntse jalo? Go bonala e le ka gonne bontsi jwa rona, fa re leka go bapala go itshepa, re na le go feteletsa dilo. Ba le bantsi ba nna baikgodisi ba bo ba feteletse thata dilo tseo ba leng ditswerere mo go tsone le tse ba di kgonang. Ba bangwe ba ikisa kwa godimo ka go nyenyefatsa ba bangwe.
Mme mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne ga nna le bobaba jo bogolo fa gare ga Bajuda le Baditšhaba (batho ba eseng Bajuda) mo phuthegong ya Bokeresete mo Roma. Jalo moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Baditšhaba gore ba ne ba ile ba “lomèlèlwa” mo boemong jwa go amogelwa ke Modimo fela ka ntlha ya “bopelonomi yoa Modimo.” (Baroma 11:17-36) Bajuda bao ba neng ba ipona tshiamo, le bone ba ne ba tshwanelwa ke go lwantshana le bosaitekanelang jwa bone. “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo,” ga rialo Paulo.—Baroma 3:23.
Paulo o ne a seka a ba senyetsa boitlotlo mme o ne a re: “Gonne ke raea moñwe le moñwe . . . ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola.” (Baroma 12:3) Jalo lemororo go ‘tshwanetse’ gore motho a nne le boitlotlo jwa selekanyo se se rileng, motho ga a tshwanela go feteletsa mo ntlheng eno.
Fela jaaka Dr. Allan Fromme a ne a lemotsha: “Motho yo o ikgopolang ka mo go lekanetseng ga a a hutsafala, mme ga se gore o tshwanetse go itumela ga botsenwa. . . . Ga se motlhoka-tsholofelo, mme go solofela ga gagwe go lekanetse. Ga a mafega le gone ga se gore ga a na dipoifo tse di rileng . . . O lemoga gore ga se moatlegi yo o tlhomolosegileng, wa nako le nako, le gone ga a retelelwe nako le nako.”
Jalo nna bori. “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, me ba ba ikokobetsañ o ba nee tshegōhaco.” (Yakobe 4:6) Dumela gore o na le dikgono dingwe, mme o seka wa tlhokomologa diphoso tsa gago. Go na le moo, berekela go di fedisa. O santse o tla nna o ipelaela gangwe le gape. Mme le ka motlha o seka wa ipelaela gore o na le mosola mongwe kana gore Modimo o amega kaga gago. Ka gonne “ha motho a rata Modimo, èna o itsiwe ke Modimo.”—1 Bakorintha 8:3.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 12
◻ Ke ka ntlhayang fa basha bangwe ba na le maikutlo a a sa siamang kaga bone? A o ka tshwantsha kafa basha bano ba ikutlwang ka gone?
◻ O ka dirisana jang le dipatlafalo tsa batsadi ba gago?
◻ Ditsela dingwe tse o ka bopang boitlotlo ka tsone ke dife?
◻ Diphelelo dingwe tse di maswe tsa go bopa boitlotlo ke dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o seka wa itseela kwa godimo thata?
[Mafoko a a mo go tsebe 98]
Boitlotlo bo ile jwa bidiwa “selo sa botlhokwa se se nayang motho seriti mo botshelong jwa gagwe jaaka motho”
[Setshwantsho mo go tsebe 99]
A o ikutlwa o nyemile mooko, o se motho wa sepe? Go na le tharabololo
[Setshwantsho mo go tsebe 101]
Go nna moikgantshi kana moipe-lafatsi ga se tsela ya go rarabolola go sa itlotle
[Setshwantsho mo go tsebe 102]
A ka dinako tse dingwe o ikutlwa gore ga go na sepe se o kgonang go se dira sentle?