LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 1/8 ts. 20-22
  • Nka Dira Jang Gore Ke Tlogele go Jewa ke Bodutu?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Jang Gore Ke Tlogele go Jewa ke Bodutu?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Godisa Seriti sa Gago
  • “Phuthologa Pelo” mo go Ba Bangwe
  • Kafa O Ka Simololang ka Gone
  • Go Fenya Dikarolonyana Tse Di Thata go Tloga
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke Bodutu?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Goreng Ke se Na Ditsala?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Bodutu—Mmogisi yo o sa Iponatseng
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 1/8 ts. 20-22

Nka Dira Jang Gore Ke Tlogele go Jewa ke Bodutu?

A O A TSHWENYEGA fa o tshwarwa ke mohikela? Gongwe ga o tshwenyege. O a itse gore o tla fola. Mme go tweng fa mohikela oo wa gago o sa fole? Jaanong he o ka ne o na le sengwe seo se leng masisi go feta sehuba fela se se tsenang se feta, mme o dira sentle go bo o amegile ka sone.

Go ntse jalo le ka go ikutlwa o jewa ke bodutu. Go jewa ke bodutu gantsi ke go go sa tseyeng lobaka.a Mme ka dinako tse dingwe setlhabi se se botlhoko sa go jewa ke bodutu se gana go fela. Go lebega go sena se o ka se dirang gore bo go tlogele.

Ronny, yo eleng moithuti wa kwa sekolong se segolo, o bolela jaana: “Ke na le dingwaga di le robedi ke tsena sekolo mo kgaolong eno, mme mo nakong eo yotlhe ga ke ise nko ke tsamaye ke kgone go nna le tsala lefa e le nngwe fela ka monwana! . . . Ga go na ope yo o itseng kafa ke ikutlwang ka gone ebile ga go na ope yo o nkgathalelang. Ka dinako tse dingwe ke akanya gore nka se tlhole ke kgona go itshokela seno!”—Preparing for Adolescence.

Jaaka Ronny, basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba nna le seo gantsi se bidiwang go jewa ke bodutu go go tsayang lobaka. Ka gongwe le wena o ikutlwa o na le go nna lephaka gono go go utlwisang botlhoko. Fa go ntse jalo, o seka wa fela maatla. Ke boammaaruri, go jewa ke bodutu go go tsayang lobaka ga se bothata jo bobotlana. Bo masisi go feta go jewa ke bodutu go go sa tseyeng lobaka. Tota, babatlisisi ba bolela gore mefuta e mebedi eno “e farologane fela jaaka mohikela le pneumonia.” Mme fela jaaka pneumonia e kgona go alafiwa, go jewa ke bodutu go go tsayang lobaka le gone go ka fenngwa. Mme jang?

Go sa kgathalesege gore a o jewa ke bodutu ka nakwana fela kana ke tsela e e utlwisang botlhoko e o tshelang ka yone, kgato ya ntlha ya go bona pheko ya gone ke gore o tlhaloganye se se go bakang. Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a akgela jaana: “Motho oa tlhaloganyō a eè go chwara dikgakololō tse di itekanetseñ.”—Diane 1:5.

Rhonda yo o nang le dingwaga di le some le borataro o opa selo se segolo se se bakang go jewa ke bodutu go go tsayang lobaka fela mo tlhogong fa a bolela jaana: “Ke akanya gore lebaka la go bo ke ikutlwa ke le bodutu thata jaana ke ka gonne—tota gone o ka seke o nne le ditsala fa o sa ithate ka bowena. Mme ke akanya gore ga ke ithate tota.”—Lonely in America.

Go jewa ke bodutu ga ga Rhonda go tswa mo teng ga gagwe. Go sa nne le seriti go le go kalo ga gagwe go bopa leparego leo le mo thibelang go ka phuthologa le go dira ditsala. A o tshwana le ene? Mmatlisisi mongwe o bolela jaana: “Dikgopolo tse di ntseng jaaka ‘Ga ke gogele ka sepe,’ ‘ga go na sepe se ke kgatlhisang ka sone,’ ‘Ga ke thuse ka sepe,’ ke tse di tlwaelegileng mo bathong bao ba jewang ke bodutu jo bo tsayang lobaka.”

Go tswa seriti, gape, go ka nna ga felela ka go tshaba go ganwa ke ba bangwe. Steven o gakologelwa jaana: “Ke ne ke batla go bua ka maikutlo a me a go jewa ke bodutu, mme tota ke ne ke sena mafoko ao ke ka a tlhalosang ka one. Ke ne ke boifa gore batho ba tla nja ditshego kana ba tla tsaya gore ke a tshameka. Go ntsha se se mo mafatlheng a me go ne go le boima tota.” Ka gone, basha bangwe ba dingwaga tsa bolesome ba a itidimalela, mme ba bo ba boga ba tswetse molomo. Seno se ka phekolwa jang?

Godisa Seriti sa Gago

Selo sa konokono seo se ka go thusang gore o fenye go jewa ke bodutu se ikaegile ka go godisa seriti. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola.” (Baroma 12:3; bapisa Mathaio 19:19.) Seno se bontsha gore selekanyo se se rileng sa seriti se a tlhokafala. Ka gone, Bibela ga e tlhagise kgatlhanong le gore o seka wa akanya ka wena thatathata fela mme gape le gore o seka wa akanya go le gonnye thata ka wena.

Tota gone, Jehofa o file motho dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo. (Genesise 1:26) Jalo go ya bokgakaleng jo bo rileng o na le dinonofo tseo tse di gogelang mo go wena. A o boikokobetso, boingotlo, o kgona go ka rutwa? Kana a o pelotshweu, o kutlwelobotlhoko, o pelonomi? O seka wa itlhokomolosa dilo tseno tsa botlhokwa. Gongwe o ka nna wa dira gore o nne le dikgono tse dingwe tsa botlhokwa le tse dingwe tse di molemo. Ke boammaaruri, go ka nna ga bo go na le dilo tseo o nang le tsone tseo o sa di rateng, tsela eo o lebegang ka yone ka sekai. Mme ke ka ntlhayang fa o tshwanetse wa ikgala ka ntlha ya selo seo o se kakeng wa se fetola? Mo boemong jwa seo, lwantsha dinonofo tse di sa siamang tseo o ka kgonang go di fetola, tse di ntseng jaaka go nna pelokhutshwane, go galefa galefa fela, kana bopelotshetlha. Iphe nako ya go nna le selo se Bibela e se bitsang “motho eo mosha,” yo o itsegeng ka bopelonomi, boikokobetso, le bonolo. (Bakolosa 3:9-12) Seriti sa gago se tla gola!

Mo godimo ga moo, fa o ntse o ithuta go ithata, ba bangwe ba tla ngokiwa ke dinonofo tsa gago tse di gogelang. Mme fela jaaka o ka kgona go bona mebala yotlhe ya sethunya morago ga se sena go bulega fela, jalo ba bangwe ba ka kgona go anaanela dinonofo tsa gago ka botlalo fa o buisana le bone o sosologile. ‘Mme nka dira seo jang?’ o ka nna wa botsa jalo.

“Phuthologa Pelo” mo go Ba Bangwe

‘Kgakololo e e molemo go di gaisa tsotlhe go motho yo o jewang ke bodutu,’ go bolela jalo kgatiso ya bosheng jaana e e tswang go U.S. National Institute of Mental Health, ke ‘amega ka batho ba bangwe.’ Kgakololo eno e dumalana le kgakololo ya Bibela ya gore re “phuthologe pelo” mme re bontshe “go akanyetsa ba bangwe,” kana go ba naganela. (2 Bakorintha 6:11-13, NW; 1 Petere 3:8, NW) Seno se na le katlego. Patlisiso nngwe, eo e ileng ya gatisiwa mo lekwalo-pakeng la Adolescence, e ile ya bontsha gore ‘basha ba dingwaga tsa bolesome bao ba bontshang go amega ka pholo e e molemo ya ba bangwe ga ba jewe ke bodutu jaaka basha ba dingwaga tsa bolesome bao ba sa direng jalo.’ Ka ntlhayang? Go amega ka ba bangwe ga go ntshe mogopolo wa gago mo bodutung jwa gago ka namana fela mme gape go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne le kgatlhego mo go wena. Gantsi batho ba arabela seo ka go go direla bopelonomi le bone. (Diane 11:25) O ka simolola jang he?

Kafa O Ka Simololang ka Gone

Natalie yo o nang le dingwaga di le some le borobongwe o ne a dira tshwetso ya gore o tla dira se se fetang go nna fela a phuthile matsogo a letile gore batho ba bangwe e nne bone ba mo dumedisang. ‘Le nna ke tshwanetse go nna botsalano,’ o bolela jalo. ‘Kwantle ga moo batho ba tla akanya gore ke itshotse.’ Ka jalo simolola ka go nyenya. Motho yo mongwe le ene a ka nna a nyenya le wena.

Kgato e e latelang, eleng go simolola motlotlo, e boimanyana. Lillian yo o nang le dingwaga di le 15, o dumalana jaana: “Go ya kwa bathong bao ke sa ba itseng mo lekgetlong la ntlha go ne go boifisa tota. Ke ne ke tshaba gore ga ba kitla ba nkamogela ka tsela e e molemo.” Lillian o simolola jang metlotlo? “Ke botsa dipotso tse di bonolo,” a rialo, “tse di ntseng jaaka, ‘O tswa kae ka bonno?’ ‘A o itse semangmang?’ Re ka tswa re itse motho yoo mmogo, mme go ise go ye kae re setse re tlotla.” Maitemogelo ao lo nang le one loobedi le one a ka thusa go simolola motlotlo. Anne yo o nang le dingwaga di le lesome le borobedi o oketsa jaana: “Ga ke simolole ka go bua ka sengwe se eleng sa botho thata ka gonne motho a ka nna a tlhabiwa ke ditlhong kana a boifa mme o tla ntshaba.” Ee, ga go botlhale go tsena mo motlotlong o o boteng fela kwa tshimologong.

Lefa go ntse jalo, go tweng fa ka dinako tse dingwe tota o sa itse gore o reng? Mme kana, ka metlha go na le dilo tseo o ka di dirang. Bibela e re bolelela ka mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Dorekase yo “o ne a tletse ditihō tse di molemō, le dikacō” mo batlholagading ba ba tlhokang. Erile a swa, batlholagadi bao ba mo lelela ka ntlha ya kutlobotlhoko. (Ditihō 9:36-39) Ditiro tsa ga Dorekase tsa bopelonomi di ne di mo dirile gore ba mo rate. Ditiro tsa bopelonomi le moya wa bopelontle le tsone di tla go thusa gore o dire botsalano jo bo tlhotlhwa kgolo.

Mme tsaya dilo kafa di ntseng ka gone. Ithute go amogela ntlha ya gore batho bangwe ga ba kitla ba nyenya fa o nyenya le bone ebile ga ba kitla ba dumela fa o ba dumedisa. Mo lekgetlong le le ntseng jalo, ke bone ba nang le bothata—eseng wena.

Go Fenya Dikarolonyana Tse Di Thata go Tloga

Mme gape, go santse go na le basha ba le bantsi ba ba bolaiwang ke bodutu ka dinako tse dingwe. Gakologelwa gore e ka nna ya nna jwa nakwana fela ebile e le jo bo bakiwang ke maemo ao o se kakeng wa dira sepe ka one. Gantsi fa nako e ntse e tsamaya o tla thusega go fenya dikarolonyana tseo di leng thata go tloga tseo. Go jewa ke bodutu go tla nyelela.

Lefa go ntse jalo, go jewa ke bodutu go go tsayang lobaka go tswa mo teng ga rona mme go ka nna ga bakiwa ke go sa nneng le seriti go le kalo. Mo lekgetlong le le ntseng jalo, tsaya kgato! ‘Fetola mogopolo wa gago’ mme ‘o apare motho yo mosha,’ go bolela jalo Lefoko la Modimo. (Baroma 12:2; Baefesia 4:23, 24) Ee, godisa seriti sa gago ka go godisa dinonofo tsa gago tseo di ikuelang tse o nang le tsone mo go wena. Direla ba bangwe dilo, mme gantsi ba tla go direla jalo le bone.

Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore batho ba itshwara jang fa o dira jalo, o ka nna le tsala nngwe e e se kakeng ya go swabisa le ka motlha ope. Ke mang? Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Me lo ntlogèla ke le nosi: leha go nntse yalo ga ke nosi, ka ke na le Rara.” (Yohane 16:32) Kamano eno e e atamalaneng le Jehofa e ne ya nonotsha Jesu ka dinako tseo a neng a tlogetswe a le nosi ka tsone. Jehofa le ene a ka fetoga tsala ya gago e lo ntshanang seinong nayo. Ithute ka botho jwa gagwe ka go bala Bibela le ka go leba kafa popo e ntseng ka gone. Nonotsha botsalano jwa gago le ene ka go rapela. O tla lemoga ka bonako gore go nna tsala le Jehofa Modimo ke tharabololo e e molemo go di feta tsotlhe ya go jewa ke bodutu ga gago.

[Ntlha e e kwa tlase]]

a Bona setlhogo se se reng “Young People Ask . . . ‘What Makes Me Feel So Lonely?’” (Basha Ba Botsa Jaana . . . ‘Ke Eng, Se Se Dirang Gore Ke Jewe ke Bodutu Thata Jaana?) se se mo tokololong ya Awake! ya June 22, 1987.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Tsela eo o lebegang ka yone e ka ama kafa ba bangwe ba ikutlwang ka gone ka wena

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela