Mametlelelo
Madi: Ke Mang yo O Tshwanetseng Go Tlhopha Se A Se Batlang le Segakolodi Ke sa Ga Mang?
e e kwadilweng ke J. Lowell Dixon, M.D.
E kwadilwe sesha ka tetla ya New York State Journal of Medicine, 1988; 88:463-464, tetlokopi ya Medical Society of the State of New York.
DINGAKA di tshwanetse go dirisa kitso, botswerere, le boitemogelo jwa tsone mo go lweng kgatlhanong le malwetsi le loso. Lefa go le jalo, go tweng fa molwetsi a gana kalafi e e bolelwang e le molemo? Seno go lebega se tla diragala fa molwetsi e le Mosupi wa ga Jehofa le fa kalafi e le madi, disele tse dikhibidu tsa madi, polasema, kana dipolatelete.
Fa go tla mo tirisong ya madi, ngaka e ka nna ya akanya gore fa molwetsi a itlhophela kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone o bofa batho ba ba ineetseng ba kalafi diatla. Lefa go le jalo, motho ga a tshwanela go lebala gore go na le balwetsi ba bangwe kwantle ga Basupi ba ga Jehofa bao gantsi ba tlhophang go se latele dikakantsho tsa ngaka ya bone. Go ya ka Appelbaum le Roth,1 19% ya balwetsi ba ba kwa kokelong e go rutiwang kwa go yone ba ne ba gana kalafi nngwe kana tsela nngwe e go dirwang dilo ka yone, le eleng lefa 15% ya dilo tseo ba neng ba di gana tseo di ne “di baya botshelo mo kotsing tota.”
Pono ya kakaretso fela ya gore “ngaka ke yone e itseng botoka” e dira gore balwetsi ba bantsi ba ineele mo botswerereng le mo kitsong ya ngaka. Mme abo go tla bo go le kotsi jang ne gore ngaka e tswelele fela e dira jaaka ekete go ya ka saense polelwana eno e boammaaruri e bo e alafa balwetsi ba gagwe ka tsela eo. Go boammaaruri gore go rutiwa ga rona bongaka, go letliwa ga rona go nna tsone, le boitemogelo jwa rona di re naya ditshiamelo mo bongakeng. Lefa go le jalo, balwetsi ba rona ba na le ditshwanelo. Mme jaaka re tlhokometse, molao (le eleng Molaotheo) o tseela ditshwanelo kwa godimo.
Gantsi mo maboteng a dikokelo tse dintsi o ka bona go beilwe “Sepapetla sa Ditshwanelo tsa Molwetsi.” Nngwe ya ditshwanelo tseno ke go tlhopha se o se batlang o na le tshedimosetso, eo ka tlhomamo e ka bidiwang go tlhopha o na le kitso. Fa molwetsi a sena go bolelelwa ka seo dikalafi tse di farologaneng di ka felelang ka sone (kana tsa fa a sa alafiwe), ke ene a itlhophelang gore o tla ineela mo go efe. Kwa Kokelong ya Albert Einstein kwa Bronx, kwa New York, molawana o o neng o kwadilwe kaga go tshelwa madi le Basupi ba ga Jehofa o ne wa bolela jaana: “Molwetsi ope fela yo mogolo yo o ikutlwang sentle o na le tshwanelo ya go gana kalafi go sa kgathalesege gore boitekanelo jwa gagwe bo ka nna mo kotsing fa a gana jalo.”2
Lemororo dingaka di ka nna tsa bolela gore di amegile thata ka melaometheo kana molato o o ka nnang gone, dikgotlatshekelo di ne tsa gatelela gore se molwetsi a se tlhophang ke sone selo sa botlhokwa.3 Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya New York e ne ya bolela gore “tshwanelo ya molwetsi ya go itlhophela tsela eo a ka alafiwang ka yone [e] botlhokwa thata . . . Ngaka ga e kake ya bonwa molato wa gore ga e dire boikarabelo jwa yone jwa kafa molaong kana jwa kalafi fa e dira tumalanong le tshwanelo ya molwetsi yo o godileng go ya kafa molaong ya go gana kalafi.”4 Kgotlatshekelo eo gape e tlhokometse gore “lemororo go kgomarela melaometheo ga batho ba kalafi go le botlhokwa, ga go kake ga fekeetsa ditshwanelo tsa motho tsa motheo tse go buiwang ka tsone fano. Se molwetsi a se tlhokang le seo a se eletsang se botlhokwa go gaisa se se tlhokwang ke kokelo.”5
Fa Mosupi a gana madi, dingaka di ka nna tsa fitlhela digakolodi tsa tsone di amega ka ntlha ya fa go lebega ba ka se ka ba dira bojotlhe jwa bone. Lefa go le jalo, seo Mosupi a se kopang dingaka tse di tshwenngwang ke digakolodi tseo ke gore ba mo neye kalafi nngwe e e molemo mo boemong jwa eo e tshwanelang maemo a a ntseng jalo. Gantsi go a tle go tlhokege gore re fetole kalafi ya rona gore e tshwanele maemo, jaaka fa kgatelelo ya madi e le kwa godimo thata, kana fa diokobatsi tse di bolayang megare di sa utlwane le molwetsi, kana didirisiwa dingwe tsa madi a a kwa godimo di se gone. Mabapi le balwetsi bao e leng Basupi, dingaka di kopiwa gore di dirisane le bothata jwa kalafi kana jwa karo go dumalana le seo molwetsi a se tlhophang le segakolodi sa gagwe, melaometheo ya gagwe ya boitsholo/bodumedi ya go ithiba mo mading.
Dipego tse dintsi ka dikaro tse dikgolo mo balwetsing ba Basupi di supa gore dingaka tse dintsi di ka dira mme ebile e le ka segakolodi se se molemo tsa bo tsa atlega fa di dirile tumalanong le kopo ya go se dirise madi. Ka sekai, ka 1981, Cooley o ne a tlhatlhoba dikaro di le 1 026 tsa pelo le ditshika tsa pelo, tseo 22% ya tsone e neng e dirilwe mo baneng. O ne a tlhokomela gore “dikotsi tsa karo tsa fa a ne a ara balwetsi ba Basupi ba ga Jehofa di ne di se kwa godimo thata ga tsa ba bangwe.”6 Kabouris7 e ne ya bega ka dikaro tse dikgolo tseo di neng tsa dirwa mo Basuping, bao bangwe ba bone ba neng “ba gana karo e e neng e tlhokega ka bonako ka ntlha ya go gana go tshelwa madi.” O ne a bua jaana: “Balwetsi botlhe ba ne ba tlhomamisediwa pele ba ka alafiwa gore go tla dirwa go ya ka ditumelo tsa bone, go sa kgathalesege seo se ka diragalang fa go ariwa. Molawana ono ga o a felela ka sepe se se kotsi.”
Fa molwetsi e le Mosupi wa ga Jehofa, segakolodi se amega ka tlhamalalo fela. Motho ga a tshwanela go akanya fela ka segakolodi sa ngaka. Go tweng ka sa molwetsi? Basupi ba ga Jehofa ba leba botshelo jaaka mpho ya Modimo eo e emelwang ke madi. Ba dumela taolo ya Bibela e e laelang Bakeresete gore ba “ithibè . . . mo madiñ” (Ditihō 15:28, 29).8 Ka gone, fa ngaka ka tsela ya borre e ka dira kgatlhanong le dilo tse dikgolo le tseo molwetsi a sa bolong go di dumela, seo se ka felela ka matlhotlhapelo. Mopapa John Paul II o ile a tlhokomela gore go pateletsa motho go dira kgatlhanong le segakolodi sa gagwe “ke sengwe se se senyang seriti sa motho tota. Ka tsela e nngwe, go feta fa o ka mmolaya.”9
Lemororo Basupi ba ga Jehofa ba gana madi ka mabaka a bodumedi, balwetsi ba ba oketsegileng bao e seng Basupi ba tila madi ka ntlha ya go tshaba go tsenwa ke AIDS, hepatitis ya mofuta wa A le mofuta wa B, le go swa ga disele tse dikhibidu. Re ka ba bolelela pono ya rona ya gore dikotsi tseo di ntseng jalo ga se sepe fa di tshwantshanngwa le melemo e e bonwang. Mme jaaka American Medical Association e supa, molwetsi ke “ene motho wa bofelo yo o dirang tshwetso ya gore a o tla amogela kalafi kana karo eo e akantshiwang ke ngaka kana a ipee mo kotsing ya go tshela kwantle ga yone. Eo ke tshwanelo ya tlholego fela ya motho, eo molao o e tsayang tsia.”10
Macklin11 o ne a bua ka kotsi/mesola mo kgannyeng e e amanang le eno ka Basupi “bao ba neng ba ipaya mo kotsing ya go dutla madi go fitlha ba swa go na le gore ba tshelwe madi.” Moithuti mongwe wa bongaka o ne a bua jaana: “Tlhaloganyo ya gagwe e ne e itekanetse. O ka dirang fa tumelo ya motho e le kgatlhanong le kalafi eo e leng yone fela eo a ka alafiwang ka yone?” Macklin o ne a araba jaana: “Re ka nna ra tswa re dumela tota gore monna yono o dira phoso. Mme Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go tshelwa madi . . . [go ka nna] ga felela ka go lejwa ba le makgapha ka bosakhutleng. Re rutilwe gore re tlhatlhobe melemo le mesola ya kalafi mme fa o bapisa go lejwa o le makgapha ka bosakhutleng le botshelo jo bo go saletseng mo lefatsheng, tlhatlhobo eo e nna e e masisi.”11
Vercillo le Duprey12 mo tokololong eno ya Journal ba umaka In re Osborne go tlhomolola kgatlhego ya go tlhomamisa tshireletsego ya batho ba ba tlhokomelwang ke molwetsi, kgang eo e ne ya rarabololwa jang? E ne e ama rre yo a neng a gobetse thata yo a neng a na le bana ba babedi. Kgotlatshekelo e ne ya swetsa gore fa a ka swa, balosika ba ne ba tla tlhokomela bana bao ka dilo tsa nama le tsa semoya. Ka jalo, fela jaaka mo dikgetseng tse dingwe tsa bosheng,13 kgotlatshekelo e ne ya se ka ya fitlhela go na le sengwe seo se pateletsang gore go itlhophela ga molwetsi kalafi go gatakiwe ka dinao; go tsenelela ga molao go letla dingaka go mo naya kalafi eo a sa e batleng ga go dumelelwe.14 Molwetsi o ne a fola ka go newa kalafi e nngwe mo boemong jwa ya pele mme a tswelela go tlamela lelapa la gagwe.
A ga go boammaaruri gore bontsi jwa malwetsi a mantsi ao dingaka di setseng di kopane le one, kana a di ka nnang tsa kopana nao a tla alafiwa kana gore a ka alafiwa go sa dirisiwe madi? Seo re se ithutileng le seo re se itseng se amana thata le mathata a kalafi, lefa go le jalo balwetsi ke batho bao dilo tseo ba di tseelang kwa godimo le mekgele ya bone di ka se kang tsa itlhokomolosiwa. Ba itse dilo tse di leng botlhokwa thata mo go bone, melaometheo e e laolang boitsholo le digakolodi tsa bone, tseo di dirang gore botshelo bo nne le bokao mo go bone.
Go dira tumalanong le digakolodi tse di laolwang ke tumelo tsa balwetsi ba Basupi go ka gwetlha botswerere jwa rona tota. Mme fa re ntse re fenya kgwetlho eno, re gatelela ditshwanelo tseo rotlhe re di tsayang di le botlhokwa. Ke fela jaaka John Stuart Mill a ne a kwala ka botlhale jaana: “Batho bao ba sa boneng ditshwanelo tseno, ga ba tlotliwe, ga ba a gololesega, go sa kgathalesege gore puso ya bone ke ya mofuta ofe . . . Mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhokomela boitekanelo jwa gagwe, e le jwa mmele, kana jwa tlhaloganyo le jwa semoya. Batho ba boelwa segolo eseng ka go bogisa ba bangwe gore ba tshele kafa bone ba bonang go le molemo ka gone, mme go na le moo ka go dira gore ba bangwe ba tshele kafa ba bonang go le molemo ka gone.”15
[DITSHUPISO]
1. Appelbaum PS, Roth LH: Balwetsi bao ba ganang kalafi kwa dikokelong tsa kalafi. JAMA 1983; 250:1296-1301.
2. Macklin R: Ditiro tse di kwa teng tsa komiti e e tlhomang melao: Ntwa ya bofelofelo kaga Basupi ba ga Jehofa. Hastings Cent Rep 1988; 18(1):15-20.
3. Bouvia v Superior Court, 179 Cal App 3d 1127, 225 Cal Rptr 297 (1986); In re Brown, 478 So 2d 1033 (Miss 1985).
4. In re Storar, 438 NYS 2d 266, 273, 420 NE 2d 64, 71 (NY 1981).
5. Rivers v Katz, 504 NYS 2d 74, 80 n 6, 495 NE 2d 337, 343 n 6 (NY 1986).
6. Dixon JL, Smalley MG: Basupi ba ga Jehofa. Kgwetlho ya karo/le ya melao ya boitshwaro. JAMA 1981; 246:2471-2472.
7. Kambouris AA: Dikaro tse dikgolo tsa mo dimpeng tse di dirilweng mo Basuping ba ga Jehofa. Am Surg 1987; 53:350-356.
8. Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood. Brooklyn, NY, Watchtower Bible and Tract Society, 1977, dits. 1-64.
9. Mopapa o kgala mokgwa wa go pateletsa motho seo a sa se batleng kwa Poland. NY Times, January 11, 1982, ts A9.
10. Ofisi ya General Counsel: Medicolegal Forms with Legal Analysis. Chicago, American Medical Association, 1973, ts 24.
11. Kleiman D: Motlhalefi mongwe wa bookelo o lebana le ditshwetso dingwe tsa botshelo tseo di dirwang. NY Times, January 23, 1984, dits. B1, B3.
12. Vercillo AP, Duprey SV: Basupi ba ga Jehofa le go tshelwa dikuno tsa madi. NY State J Med 1988; 88:493-494.
13. Wons v Public Health Trust, 500 So 2d 679 (Fla Dist Ct App) (1987); Randolph v City of New York, 117 AD 2d 44, 501 NYS 2d 837 (1986); Taft v Taft, 383 Mass 331, 446 NE 2d 395 (1983).
14. In re Osborne, 294 A 2d 372 (DC Ct App 1972).
15. Mill JS: Malebana le kgololesego, go Adler MJ (ed): Great Books of the Western World. Chicago, Encyclopaedia Britannica, Inc, 1952, vol 43, ts 273.