Mametlelelo
Basupi Ba Ga Jehofa—Kgwetlho ya Karo le ya Melaometheo
E gatisitswe gape ka tetla ya American Medical Association go tswa go The Journal of the American Medical Association (JAMA), November 27, 1981, Bolumo 246, No. 21, ditsebe 2471, 2472. Ka tetlokopi ya 1981, American Medical Association.
Dingaka di lebana le kgwetlho e e sa tlwaelegang fa di alafa Basupi ba ga Jehofa. Maloko a tumelo eno a na le dikgopolo tse di boteng tota tsa bodumedi kgatlhanong le go amogela madi e le a a tshwanang le a motho yoo kana a gagwe ka sebele, RBCs [red blood cells C (disele tse dikhibidu tsa madi)], WBCs [white blood cells (disele tse ditshweu tsa madi)], kana dipolatelete tse di bolokilweng. Bontsi bo letla gore go dirisiwe metšhine (e e sa tsenngwang madi pele) ya pelo le makgwafo, kana didirisiwa dipe fela fa e le gore tsamao ga e emisiwe ka gope. Batho ba kalafi ga ba a tshwanela go tshwenyega ka go pegiwa molato, ka go bo Basupi ba tla tsaya dikgato tse di tlhokegang tsa molao go ba imolola molato mabapi le go gana madi ga bone ba itse. Ba amogela diedi tse eseng tsa madi. Dingaka di dira dikaro tse dikgolo tsa mefuta yotlhe mo balwetsing ba bagolo le ba babotlana ba Basupi ka go di dirisa le ka go dirisa mekgwa mengwe ya boranyane ka kelotlhoko. Mokgwa wa go alafa balwetsi bao o tokafetse tota mme o dira gore go kgonege go alafa “motho a feletse.” (JAMA 1981;246:2471-2472)
DINGAKA di lebana le kgwetlho e e tswelelang eo eleng kgang e kgolo mo boitekanelong. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang sephatlo sa milione mo United States bao ba sa dumeleng go tshelwa madi. Palo ya Basupi le bao ba kopanelang le bone e ntse e oketsega. Lemororo dingaka tse dintsi le baokamedi ba dikokelo pele ba ne ba leba go gana go tshelwa madi e le bothata jwa semolao mme ba batla gore dikgotlatshekelo di ba neye tetla ya go tswelela ka seo ba neng ba akanya gore se siame go ya ka kalafi, dibuka tsa bosheng tsa kalafi di senola gore boikutlo jono bo a fetoga. Seno e ka nna ya bo e le ka ntlha ya boitemogelo jwa dingaka ka balwetsi ba hemoglobin ya bone e leng kwa tlase thata ebile ba bonala ba itse ka melaometheo ya semolao e e mabapi le go dira tshwetso ba na le tshedimosetso.
Jaanong, dikaro tse dintsi tse di tlhophilweng ke molwetsi kana ke ngaka le tsa dikgobalo tse di kopanyeletsang bagolo mmogo le bana ba Basupi di dirwa kwantle ga go tshelwa madi. Bosheng jaana, baemedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana le batho ba lephata la karo le tsamaiso kwa mafelong mangwe a magolo mo nageng. Dikokoano tseno di ne tsa tokafatsa kutlwisisano mme tsa thusa go araba dipotso kaga go dibelediwa ga madi, go tsenngwa dirwe tsa batho ba bangwe, le go tila dikgogakgogano tsa kalafi/semolao.
BOEMO JWA BASUPI KA KALAFI
Basupi ba ga Jehofa ba dumela kalafi ya bongaka le ya karo. Ebile tota, ba bantsi ba bone ke dingaka, le eleng dingaka tse di arang. Mme Basupi ke batho ba ba nonofileng tota mo tumelong ya bone bao ba dumelang gore ditemana tsa Bibela tse di jaaka tseno di ba thibela go tshelwa madi: “Botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya.” (Genesise 9:3-4); “[Lo tsholole] madi a eōna, [lo] a bipè ka lorole” (Lefitiko 17:13-14); le ‘Ithibeng mo . . . boakeng le mo go se se betilweng, le mo mading’ (Ditihō 15:19-21).1
Lemororo ditemana tseno di sa buiwe ka mabaka a kalafi, Basupi ba di leba e le tse di sa letleng gore motho a tshelwe madi fela jaaka a ntse, RBCs, le polasema, mmogo le WBCs le dipolatelete. Lefa go ntse jalo, tsela eo Basupi ba tlhaloganyang bodumedi ka yone ga e ba thibele gotlhelele gore ba se ka ba dirisa dikarolo tse di jaaka albumin, di-globulin tse di bolayang megare, metswako ya go thibela go dutla ga madi; Mosupi mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ka namana ya gore a ka amogela dilo tseno.2
Basupi ba dumela gore madi a a ntshitsweng mo mmeleng a tshwanetse go tshololwa ka jalo ga ba dumele madi a a busediwang gape mo mmeleng a a neng a ntshitswe pele. Ga ba dumalane le mekgwa ya go a dibeletsa fa ba ariwa kana go boloka madi a bone ba bo ba a tshelwa moragonyana. Lefa go ntse jalo, Basupi ba bantsi ba dumela go tlhotlhiwa ga madi le go dirisiwa ga didirisiwa tsa pelo le makgwafo (tseo di senang madi) mmogo le go dira gore madi a bone a boele gape mo mmeleng fa ba ariwa koo kelelo e tswelelang fela e sa eme; ngaka e tshwanetse go buisana le molwetsi yoo kaga seo segakolodi sa gagwe se mo letlang gore a se dire.2
Basupi ba akanya gore Bibela ga e bue ka tlhamalalo ka go tsenngwa dirwe tse e seng tsa bone; ka gone, ditshwetso tse di mabapi le go tsenngwa letha la leitlho, diphilo, kana ditogwa dipe fela di tshwanetse go itirelwa ke Mosupi ka boene.
A KARO E KGOLO E KA KGONEGA
Lemororo dingaka tse di arang gantsi di ile tsa gana go alafa Basupi ka ntlha ya go bo boemo jwa bone kaga dilo tse di amanang le madi go ne go lebega bo “bofa ngaka diatla,” dingaka tse dintsi jaanong di ile tsa swetsa go leba seno jaaka bothata jo bongwe jo bo gwetlhang botswerere jwa tsone. Ereka Basupi ba sa gane diedi tse di boregerege kana tse di mase kana yone kidibatso ya go isa kgatelelo ya madi kwa tlase ka didirisiwa tsa motlakase,3 kana go omosa ditshika tsa madi, tsotlhe tseno di ile tsa dirisiwa ka katlego. Tiriso ya jaanong le ya mo isagweng ya hetastarch,4 dimao tse di tlhabiwang mo ditshikeng tsa dextran ya aene,5,6 le “sonic scalpel”7 e lebega e tla atlega ebile e siame go ya ka bodumedi. Gape, fa e le gore seedi sengwe se se emelang madi se se tsentsweng fluorine (Fluosol-DA) se itshupa se sena diphatsa dipe ebile se atlega,8 tiriso ya sone ga e ne e thulana le seo Basupi ba se dumelang.
Ka 1977, Ott le Cooley9 ba ne ba bega ka dikaro tsa pelo le ditshika tsa pelo di le 542 tseo di neng di dirilwe mo Basuping go sa dirisiwe madi mme ba ne ba konela ka gore seno se ka dirwa “kwantle ga go tlhagelwa ke dikotsi tse dintsi.” Fa a dira seo re neng re se mo kopile, Cooley o ne a tlhatlhoba go ya ka dipalo dikaro tse 1 026, tseo 22% ya tsone e neng e le bana, mme a fitlhela gore “dikotsi tsa karo mo balwetsing ba setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa di ne di se kwa godimo ga tsa ba bangwe.” Ka mo go tshwanang, Michael E. DeBakey, MD, o ne a bolela gore “mo makgetlong a mantsi ao [a kopanyeletsang Basupi] kotsi ya karo go sa tshelwe madi ga e fete ya bao re ba tshelang madi” (puisano ya ka namana, March 1981). Dibuka le tsone di bega ka dikaro tse dikgolo tsa mesele ya motlhapo10 le tsa letlhotlholo.11 G. Dean MacEwen, MD, le J. Richard Bowen, MD, ba ne ba kwala gore tomaganyo ya marapo a mokwatla “e ile ya dirwa ka katlego mo baneng ba le 20 [ba Basupi]” (tshedimosetso e e sa gatisiwang, August 1981). Ba oketsa jaana: “Ngaka e e arang e tshwanetse go nna le boikutlo jwa go tlotla tshwanelo ya molwetsi ya go gana go tshelwa madi mme e tswelele ka dithulaganyo tsa go ara ka tsela e e tla bolokang molwetsi.”
Herbsman12 o bega gore o ne a atlega mo makgetlong a mangwe, a mangwe a one a neng a ama basha “bao ba neng ba tswile madi a mantsi ka ntlha ya kgobalo.” O dumela gore “ka tsela nngwe Basupi ga ba na lesego fa go tla mo mading. Lefa go ntse jalo go phepafetse gore re na le dilo tse di ka emelang madi.” Fa re tlhokomela gore dingaka tse dintsi di ne di sa amogele balwetsi bao e leng Basupi ka ntlha ya go “boifa seo se ka felelang ka gone go ya ka molao,” o bontsha gore seno ga se selo seo motho a ka tshwenyegang ka sone.
MATHATA A SEMOLAO LE BANA
Basupi ba saena foromo ya American Medical Association eo e gololang dingaka le dikokelo mo molatong ka bonako fela,13 ebile Basupi ba bantsi ba tshola karata e e kwadilweng letlha le e e saennweng ke basupi ya Medical Alert eo baokamedi ba kalafi le ba molao ba itseng ka yone. Dikwalo tseno di tlama molwetsi (kana thoto ya gagwe) mme di sireletsa dingaka, ka go bo Moatlhodi Warren Burger o ne a bolela gore fa go ka se ka ga dirwa go ya kafa thulaganyong “seo ga se kake sa tshegediwa” fa lokwalo lwa mofuta oo lo ne lo saennwe. Gape, Paris14 o ne a kwala jaana fa a ne a akgela ka tshekatsheko ya “kalafi e e patelediwang le kgololesego ya bodumedi”: “Motho mongwe yo a neng a akgela ka seo yo a neng a tlhatlhoba dibuka tseno o ne a bega jaana, ‘Ga ke a bona sepe se se tshegetsang polelo ya gore ngaka e ka bonwa . . . molato wa bonokwane fa e ka se ka ya tshela molwetsi madi a sa a batle.’ Kotsi eno go lebega e ka lerwe ke fa o akantse thata ka molao go na le ka seo tota se ka diragalang.”
Tsela eo bana ba tshwarwang ka yone e tshwenya tota, ebile gantsi e felela ka gore batsadi ba tseelwe dikgato ke molao ka melawana ya go sa tlhokomele bana. Mme dingaka tse dintsi le diagente tseo di tlwaelaneng le dikgetse tsa Basupi di kgatlhanong le seno, ka di dumela gore batsadi ba Basupi ba batla gore bana ba bone ba bone tlhokomelo e e molemo ya kalafi. Basupi ba kopa gore go tlhokomelwe tumelo ya lelapa ka gonne ba sa batle go tila boikarabelo jwa bone jwa botsadi kana ba bo neela moatlhodi kana motho yo mongwe fela wa boraro. Dr. A. D. Kelly, yo e kileng ya bo e le Mokwaledi wa Canadian Medical Association, o ne a kwala15 gore “batsadi ba bana ba ba idibetseng mmogo le bao ba atamalaneng thata nabo ba na le tshwanelo ya go bolela seo se batliwang ke molwetsi. . . . Ga ke kgatlhiwe ke kgotlatshekelo e go gogagoganwang mo go yone ka 2:00 AM ya go amoga batsadi ngwana wa bone.”
Go bonala sentle gore batsadi ke bone ba tshwanetseng go bolela gore ngwana a alafiwe jang, jaaka fa go lebanwe le dikotsi le mesola ya karo, tiriso ya marang, kana kalafi ya dikhemikale. Ka mabaka a boitsholo ao a fetang kotsi ya go tshelwa madi,16 batsadi ba Basupi ba kopa gore go dirisiwe kalafi eo tumelo ya bone e sa e ganeng. Seno se tshwana fela le melawana ya kalafi ya go alafa “motho yo mogolo,” go sa tlhokomologiwe gore seno se ka nna kotsi jang mo tlhaloganyong le mo kamanong ya bone le batho seo se ka dirwang ke dilo tse di dirwang tseo di tlhokomologang dilo tsa motheo tseo di dumelwang ke lelapa leo. Gantsi, mafelo a magolo go dikologa naga jaanong ao a ntseng a dirisana le Basupi a amogela balwetsi bao ba tlisiwang kwa go bone ke mafelo a mangwe a kalafi ao a sa batleng go alafa Basupi, le eleng le bana ba bone.
KGWETLHO YA NGAKA
Re tlhaloganya gore go alafa Basupi ba ga Jehofa go ka nna ga leretse ngaka e e batlang go boloka botshelo le boitekanelo ka go dirisa mekgwa yotlhe ya boranyane eo a nang le yone mathata. Mo karolong nngwe ya dikgang e e neng e eteletse pele ditlhogo tseo di neng di bua ka dikaro tse dikgolo tse di neng di dirilwe mo Basuping, Harvey17 o ne a dumela gore, “ditumelo tse di ntseng jalo tseo di kgoreletsang tiro ya me di a ntshwenya.” Mme o ne a oketsa jaana: “Gongwe le rona re lebala gore karo ke mokgwa o o ikaegileng ka botswerere jwa batho ka namana. Mokgwa o ka tokafadiwa.”
Porofesa Bolooki18 o ne a tshwenngwa ke pego nngwe e e sa itumediseng ya gore nngwe ya dikokelo tse dikgolo tse di arang batho ba ba gobetseng kwa Dade County, kwa Florida, e ne e “na le molawana o o akaretsang wa go gana go alafa” Basupi. O ne a bontsha gore “tsela e setlhopha seno sa balwetsi se ariwang ka yone ga e na dikotsi dipe tse di sa tlwaelegang.” O ne a oketsa jaana: “Lemororo dingaka tse di arang di ka akanya gore di thibelwa go dirisa sedirisiwa sa segompieno sa kalafi . . . Ke tlhatswegile pelo gore di tla ithuta go le gontsi thata ka go ara balwetsi bano.”
Go na le go leba molwetsi wa Mosupi jaaka bothata, dingaka ka bontsi di leba boemo joo jaaka kgwetlho ya kalafi. Go fenya kgwetlho eno, ba ile ba kgona go nna le tsela eo ba alafang balwetsi bano ka yone eo e amogelwang ke mafelo a mantsi a kalafi go dikologa naga. Ka nako e e tshwanang, dingaka tseno di naya balwetsi tlhokomelo e e ba solegelang molemo tota. Ke fela jaaka Gardner le ba bangwe19 ba ne ba tlhokomela jaana: “Ke mang yo o tla solegelwang molemo fa bolwetsi jwa molwetsi jwa mmele bo fodisiwa mme botshelo jwa gagwe jwa semoya mo Modimong, jaaka ene a bo leba bo le mo kotsing, seo se tla felela ka botshelo jo bo senang bokao joo gongwe ebile go neng go le botoka fa a ka bo a sule.”
Basupi ba lemoga gore go ya ka kalafi, kgopolo ya bone e e nonofileng e lebega e oketsa kotsi le go dira gore kalafi e se ka ya nna motlhofo. Ka kakaretso fela ba itumelela tlhokomelo e ba e bonang tota. Mo godimo ga dikarolo tsa botlhokwa tsa go nna le tumelo e e nonofileng, le go rata tota go tshela, ba dirisana mmogo fela ka boitumelo le dingaka le badiri ba kalafi. Ka gone, molwetsi le ngaka ba a utlwana mo go lweng kgatlhanong le kgwetlho eno.
DITSHUPISO
1. Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood. Brooklyn, NY, Watchtower Bible and Tract Society, 1977, dits. 1-64.
2. The Watchtower 1978;99 (June 15):29-31.
3. Kidibatso ya go isa pitlelesego ya madi kwa tlase e thusa mo karong ya dinoka, MEDICAL NEWS. JAMA 1978;239:181.
4. Hetastarch (Hespan)—seoketsa plasma se sesha. Med Lett Drugs Ther 1981;23:16.
5. Hamstra RD, Block MH, Schocket AL:Dextran ya aene ya ditshika mo kalafing. JAMA 1980;243:1726-1731.
6. Lapin R: Karo e kgolo mo Basuping ba ga Jehofa. Contemp Orthop 1980;2:647-654.
7. Fuerst ML: ‘Sonic scalpel’ e sireletsa ditshika tsa madi. Med Trib 1981;22:1,30.
8. Gonzáles ER: Kgang ya ‘madi ao a itiretsweng’: Fluosol ke selo se se molemo ka mo go kgethegileng mo Basuping ba ga Jehofa. JAMA 1980;243:719-724.
9. Ott DA, Cooley DA: Dikaro tsa pelo le ditshika tsa pelo mo Basuping ba ga Jehofa. JAMA 1977;238:1256-1258.
10. Roen PR, Velcek F: Dikaro tse dikgolo tsa mesele ya motlhapo kwantle ga tshelo ya madi. NY State J Med 1972;72:2524-2527.
11. Nelson CL, Martin K, Lawson N, et al: Go ntshiwa ga noka go tsenngwa e nngwe kwantle ga tshelo ya madi. Contemp Orthop 1980;2:655-658.
12. Herbsman H: Go alafa Basupi ba ga Jehofa. Emerg Med 1980;12:73-76.
13. Medicolegal Forms With Legal Analysis. Chicago, American Medical Association, 1976, ts. 83.
14. Paris JJ: Kalafi e e patelediwang le kgololesego ya bodumedi: Ke molao wa ga mang o o tlileng go atlega? Univ San Francisco Law Rev 1975;10:1-35.
15. Kelly AD: Aequanimitas Can Med Assoc J 1967;96:432.
16. Kolins J: Dikotsi tsa go tshelwa madi. JAMA 1981;245:1120.
17. Harvey JP: Kgang e e amanang le botswerere jwa motho. Contemp Orthop 1980;2:629.
18. Bolooki H: Go alafiwa ga Basupi ba ga Jehofa: Sekao sa tlhokomelo e e molemo. Miami Med 1981;51:25-26.
19. Gardner B, Bivona J, Alfonso A, et al: Karo e kgolo mo Basuping ba ga Jehofa. NY State J Med 1976;76:765-766.