Buka ya Bibela ya bo 4—Dipalō
Mokwadi: Moshe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Kwa Gareng ga Naga le kwa Dipoeng tsa Moaba
Go Wediwa ga go E Kwala: 1473 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 1512-1473 B.C.E.
1. Ke ka ntlhayang fa ditiragalo tsa Dipalō di ne tsa kwalwa, mme di gatelela eng mo go rona?
DIRAGALO tsa loeto lo lo boima lwa Baiseraele lwa mo gareng ga naga di kwadilwe mo Bibeleng gore di re solegele molemo gompieno.a Jaaka fa moaposetoloi Paulo a boletse jaana: “Me yana dilō tse e ne e le dikaèlō tsa rona, gore re se ka ra eletsa dilō tse di boshula.” (1 Bakor. 10:6) Pego e e phepafetseng ya Dipalō e gatelela mo go rona gore go bona poloko go ikaegile ka gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe, ka gore re mo utlwe tlase ga maemo otlhe, le ka gore re bontshe baemedi ba gagwe tlotlo. Ga a direle batho ba gagwe ka gonne ba le molemo ka tsela nngwe kana ba tshwanelwa ke gore ba o direle, mme go na le moo o ba direla molemo ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jo bogolo le bopelonomi jo bo sa tshwanelang joo a nang le jone.
2. Leina Dipalō le lebisitse go eng, mme Bajuda ba ne ba neela buka eno leina lefe le le tshwanelang go gaisa?
2 Leina Dipalō le lebisa mo go balweng ga batho goo go neng ga diragala lantlha kwa Thabeng ya Sinai mme moragonyana kwa Dipoeng tsa Moaba, jaaka fa go begilwe mo dikgaolong 1-4 le 26. Leina leno le tshotswe go tswa mo seretong Numeri go Vulgate ya Selatine mme le tswa go A·rith·moiʹ go Septuagint ya Segerika. Lefa go le jalo, Bajuda ba bitsa buka eno ba re Bemidh·barʹ ka tshwanelo, le le rayang “Kwa Gareng ga Naga.” Lefoko la Sehebera eleng midh·barʹ le bontsha lefelo le le atlhameng, le le senang metse le ditoropo. Ditiragalo tse di mo go Dipalō di ne tsa diragalela kwa gareng ga naga kafa borwa le kafa botlhaba jwa Kanana.
3. Ke eng seo se bontshang gore Moshe ke ene a kwadileng Dipalō?
3 Go bonala Dipalō e ne e le bontlhanngwe jwa bolumo e e nang le dibuka di le tlhano tseo di neng di akaretsa dibuka tsa go tloga ka Genesise go ya go Duteronome. Temana ya yone ya ntlha e simolola ka lekopanyi “me,” e e golaganya le se se diragetseng pele ga yone. Ka jalo, e tshwanetse ya bo e kwadilwe ke Moshe, yo eleng ene mokwadi wa dipego tse di tlang pele ga yone. Seno gape se bonala ka phepafalo go tswa mo polelong e e mo bukeng eno ya gore “Moshe a kwala,” le dintlha tsa yone tse di konelang ka gore, “Tse ke cōna ditaolō le dikatlholō, tse Yehofa o di laoletseñ bana ba Iseraela ka seatla sa ga Moshe.”—Dipa. 33:2; 36:13.
4. Dipalō e bua ka ditiragalo tsa lobaka lofe lwa nako, mme buka eno e ne ya wediwa leng?
4 Baiseraele ba ne ba tswile kwa Egepeto mo nakong e ka fetang ngwaga go sekae e e fetileng. Ereka a ne a kwala pego eno ka kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bobedi morago ga Ekesodo, Dipalō e akaretsa ditiragalo tsa dingwaga tse di latelang tse 38 le dikgwedi di le robongwe, go tloga ka 1512 go ya go 1473 B.C.E. (Dipa. 1:1; Dute. 1:3) Ditiragalo tse di kwadilweng mo go Dipalō 7:1-88 le 9:1-15 lemororo di sa diragala mo lobakeng lono, di a akarediwa e le go re fa tshedimosetso ya se se diragatseng pele ga foo. Dikarolo tse di tlang pele mo bukeng eno kwantle ga pelaelo di ne tsa kwalwa ka nako eo di neng di diragala ka yone, mme go bonala Moshe a ne a se kake a konela Dipalō go fitlhela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa bo 40 ba le mo gareng ga naga, mo masimologong a ngwaga wa khalendara wa 1473 B.C.E.
5. Ke dikarolo dife tseo di bontshang gore Dipalō e boammaaruri?
5 Ga go na pelaelo epe malebana le gore buka eno e boammaaruri. Fa Moshe a ne a bua ka naga eno eo e neng e omeletse thata eo ba neng ba tsamaya mo go yone, o ne a bolela gore e ne e le “naga e kgolo e e boitshègañ,” mme ke boammaaruri gore le gompieno batho ba koo bao ba gasameng ba nna ba fuduga gangwe le gape ba batlana le mafulo le metsi. (Dute. 1:19) Mo godimo ga moo, ditaolo ka botlalo tse di malebana le go thibelela ga morafe, tsela eo ba tshwanetseng ba tsamaya ka yone, le ditshupo tsa dinaka go laola merero ya mo bothibelelong di bontsha gore pego eno eleruri e ne ya kwalelwa “kwa nageñ.”—Dipa. 1:1.
6. Dilo tse di epolotsweng ke baithutamarope di tshegetsa Dipalō jang?
6 Tota le eleng le pego e e boifisang ya ditlhodi fa di ne di boa go tswa go tlhola Kanana, ya gore “metse e thekeledicwe ka dithakō, e bile e megolo thata,” e tshegediwa ke baithutamarope. (13:28) Dilo tseo di ileng tsa bonwa mo metlheng ya segompieno di ile tsa bontsha gore baagi ba Kanana ka nako eo ba ne ba thekeleditse dithako tsa bone ka dikago tsa tlhabano tse dintsintsi tseo di neng di agilwe go ralala naga mo mafelong a le mmalwa, go tswa kwa Dipoeng tse di kwa Tlase tsa Jesereela kwa bokone go ya Gerara kwa borwa. Metse eno e ne e sa thekelediwa fela mme gape gantsi e ne e agilwe mo godimo ga dithaba, e na le ditora tse di neng di tlhatlogela kwa godimo ga dipota tsa tsone, di dira gore di kgatlhe batho ba ba ntseng jaaka Baiseraele thata, bao ba neng ba tshedile ka dingwaga di le dintsi ba le kwa nageng e e senang dithaba ya Egepeto.
7. Dipalō e bontsha jang gore e a ikanyega?
7 Merafe ya lefatshe e na le mokgwa wa go fitlha dilo tseo ba palelwang mo go tsone mme ba tlotlomatse tseo ba boneng phenyo mo go tsone, mme fa e le ka go ikanyega go go dirisiwang fa go buiwa boammaaruri jwa hisitori, pego ya Dipalō e bolela gore Iseraele o ne a kgemethwa ka mo go feletseng ke Baamaleka le Bakanana. (14:45) E bolela ka tlhamalalo gore batho ba ne ba seka ba ikanyega mme ba ne ba sa tlotle Modimo. (14:11) Moperofeti wa Modimo ebong Moshe, o bolela ka maleo a morafe oo, a setlogolo sa gagwe, le a morwarragwe le kgaitsadie ka namana, a sa fitlhe sepe ka tsela e e gakgamatsang. Le ene ga a itshomarele, ka gonne o bolela ka nako ya fa a ne a palelwa ke go tlotlomatsa Jehofa fa ba ne ba tlamelwa ka metsi kwa Meriba, mo eleng gore o ne a latlhegelwa ke tshiamelo ya go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso.—3:4; 12:1-15; 20:7-13.
8. Bakwadi ba bangwe ba Bibela ba neela bosupi bofe jwa gore Dipalō e tlhotlheleditswe?
8 Lebaka la gore pego eno e le karolo ya boammaaruri ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo ebile di le mosola le bontshiwa ke ntlha ya gore mo e ka nnang ditiragalo tsotlhe tsa yone tsa konokono, mmogo le dintlha tse dingwe tsa yone, bakwadi ba bangwe ba Bibela, bao bontsi jwa bone ba tlotlomatsang ka moo di leng botlhokwa ka gone, ba bua ka tsone ka tlhamalalo. Ka sekai, Joshua (Yosh. 4:12; 14:2), Jeremia (2 Dikg. 18:4), Nehemia (Neh. 9:19-22), Asafe (Pes. 78:14-41), Dafide (Pes. 95:7-11), Isaia (Isa. 48:21), Esekiele (Esek. 20:13-24), Hosea (Hos. 9:10), Amose (Amose 5:25), Mika (Mika 6:5), Luke fa a bega ka puo e e neng ya neelwa ke Setefane (Dit. 7:36), Paulo (1 Bakor. 10:1-11), Petere (2 Pet. 2:15, 16), Jude (Yude 11), le Johane fa a ne a bega mafoko a ga Jesu ao a neng a ya kwa phuthegong ya Peregamo (Tshen. 2:14), botlhe ba tsopola go tswa mo pegong ya Dipalō, jaaka fa Jesu Keresete ka boene a ne a dira.—Yoh. 3:14.
9. Dipalō e gatelela eng malebana le Jehofa?
9 Mme he, boikaelelo jwa Dipalō ke eng? Eleruri pego ya yone ke e e botlhokwa thata go feta jo e nang le jone mo hisitoring fela. Dipalō e bontsha gore Jehofa ke Modimo wa thulaganyo, yo o batlang gore dibopiwa tsa gagwe di obamele ene fela a le esi. Seno se gatelelwa thata mo mogopolong wa mmadi fa a bona kafa Baiseraele ba neng ba balwa ka gone, kafa ba neng ba lekwa ka gone, le kafa ba neng ba feferwa ka gone mme a bona kafa go tlhoka kutlo ga morafe ono le go tsouloga ga one go neng ga dirisiwa ka gone go gatelela ka moo go leng botlhokwa ka gone gore re utlwe Jehofa.
10. Dipalō e ne ya bolokwa gore e solegele bomang molemo, mme ka ntlhayang?
10 Pego eno e ne ya bolokiwa gore e solegele batho ba le bantsi bao ba batlang molemo, fela jaaka fa Asafe a ne a tlhalosa jaana, “gore ba tlhōmè cholohèlō ea bōnè mo Modimoñ, ba se ka ba lebala ditihō tsa Modimo, me ba bolokè ditaolō tsa ōna” le gore “ba se nne yaka borrabō, ba e ne e le losika lo lo tlhōgō e thata, le loa borukhutlhi; e le losika lo lo sa tlhōmañ pelo ea lōna ka tshiamo, lo mōea oa lōna o sa èmañ sentlè le Modimo.” (Pes. 78:7, 8) Gangwe le gape, ditiragalo tse di mo go Dipalō go ne ga bolelwa ka tsone mo dipesalemeng, tseo e neng e le dipina tse di boitshepo mo Bajudeng mme ka jalo gantsi di ne di boaboelediwa jaaka tse di molemo mo morafeng.—Dipesalema 78, 95, 105, 106, 135, 136.
DITENG TSA DIPALŌ
11. Diteng tsa Dipalō di ka kgaoganngwa ka dikarolo dife tse tharo?
11 Dipalō e kgaogantswe ka dikarolo di le tharo. Ya ntlha ya tsone, eo e felelang ka kgaolo 10, temana 10, e bua ka ditiragalo tseo di neng tsa diragala fa Baiseraele ba ne ba santse ba thibeletse kwa Thabeng ya Sinai. Karolo e e latelang, eo e felelang ka kgaolo 21, e re bolelela ka seo se neng sa diragala mo dingwageng tse di latelang tse 38 le kgwedi e lengwe kana di le pedi tse di oketsegileng, fa ba ne ba le mo gareng ga naga le go fitlha ka nako ya fa ba ne ba fitlha kwa Dipoeng tsa Moaba. Karolo ya bofelo, go fitlhela go kgaolo 36, e bua ka seo se neng sa diragala kwa Dipoeng tsa Moaba fa Baiseraele ba ne ba ipaakanyetsa go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso.
12. Bothibelelo jwa Baiseraele jwa kwa Sinai bo bogolo jo bo kae, mme bothibelelo jono bo rulagantswe jang?
12 Ditiragalo tsa kwa Thabeng ya Sinai (1:1–10:10). Baiseraele jaanong ba setse ba na le sebaka se se ka tshwarang ngwaga ba le mo karolong e e tletseng dithaba ya Sinai. Jaanong ba ne ba fetotswe gore e nne phuthego eo e neng e kopane e le ngata nngwe fela. Jehofa o laela gore jaanong go balwe banna botlhe bao ba nang le dingwaga tse 20 go ya kwa godimo. Go fitlhelwa fa ditso di le bogolo jwa go tloga ka banna ba le 32 200 ba dinatla mo go Manase go fitlha go 74 600 mo go Juda, ba dira palogotlhe ya banna ba le 603 550 ba ba tshwanelegang go ka direla mo mophathong wa sesole wa Baiseraele, go sa balelwe le Balefi le basadi le bana—bothibelelo bo ne bo na le batho ba ba fitlhang go dimilione di le tharo kana go feta. Mogope wa bophuthegelo o tlhomilwe mo gare ga bothibelelo, mmogo le Balefi. Mo mafelong a a rulagantsweng mo letlhakoreng lengwe le lengwe go ne go na le Baiseraele ba bangwe bao ba neng ba thibeletse gone, ba kgaogantswe go ya ka ditso tse tharo, mme lotso longwe le longwe lo na le ditaelo tsa ka moo ba tshwanetseng ba tsamaya ka gone fa bothibelelo bo fuduga. Jehofa o neela ditaelo tseno, mme pego e bolela jaana: “Bana ba Iseraela ba ne ba diha yana, yaka cotlhe tse Yehofa o di laoletseñ Moshe.” (2:34) Ba utlwa Jehofa mme ba tlotla Moshe, yo eleng moemedi yo o bonalang wa Modimo.
13. Balefi ba abetswe tirelo ya bone go ya ka thulaganyo efe?
13 Morago ga moo Balefi bone ba beelwa kwa thoko ba beelwa tirelo ya ga Jehofa, ba ntse jaaka serekololo sa maitibolo a Iseraele. Ba kgaoganngwa ka ditlhopha di le tharo, go ya ka ditso tsa bone go tswa mo baneng ba le bararo ba ga Lefi: ebong Gereshone, Kohathe, le Merari. Mafelo a mo bothibelelong le maikarabelo a tirelo di dirwa go ya ka dikarolo tseno tsa bone. Go tloga mo dingwageng tse 30 go ya pele, ba tshwanela go dira tiro e e boima ya go rwala motlaagana. Go dirilwe thulaganyo ya gore ba bangwe ba dire tiro e e botlhoswana, ba go simolola ka dingwaga di le 25. (Mo motlheng wa ga Dafide di ne tsa fokolediwa go dingwaga di le 20.)—1 Ditih. 23:24-32; Esere 3:8.
14. Go neelwa ditaolo dife go tlhomamisa gore bothibelelo bo nne bo le phepa?
14 E le gore bothibelelo bo ke bo bolokiwe bo itshekile, go ntshiwa ditaelo tsa gore bao ba neng ba tsenwe ke bolwetse ba tlhaolwe mo go ba bangwe, tsa gore go dirwe tetlanyo ya ditiro dingwe tsa go sa ikanyege, tsa gore go rarabololwe dikgetsi tsa fa monna a belaela tsela eo mosadi wa gagwe a itshwarang ka yone, le tsa go tlhomamisa gore bao ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya maikano ao ba a dirileng mo go Jehofa a go tshela jaaka Banasaretha ba itshware sentle. Ereka batho bano ba ne ba ile go sikara leina la Modimo, ba tshwanetse ba itshwara ka tsela e e dumalanang le melao ya gagwe.
15. (a) Malebana le go kgakolwa ga sebeso, go ne ga dirwa meneelo efe? (b) Ke kamano efe eo Iseraele a tshwanetseng a e gakologelwa, mme Tlolagano e tshwanetse go ba gakolola eng?
15 Fa Moshe a ne a tlatsa ka dintlha dingwe tsa go tswa mo kgweding e e fetileng (Dipa. 7:1, 10; Ekes. 40:17), gape o bolela ka meneelo ya dilo tse di bonalang eo e neng ya dirwa ke dikgosana tse 12 tsa batho mo sebakeng sa malatsi a le 12 go tloga ka nako ya go kgakolwa ga sebesho. Go ne go sa gaisanwe ka gope kana go ipatlelwa kgalalelo mo go seo; mongwe le mongwe o na a ntsha fela seo se ntshitsweng ke ba bangwe. Botlhe jaanong ba tshwanetse ba gakologelwa gore Jehofa Modimo ke ene a okametseng dikgosana tseno, le Moshe ka boene, ke ene a neelang Moshe ditaelo. Ga baa tshwanela go lebala kamano ya bone le Jehofa le ka motlha ope. Tlolagano e tshwanetse ya ba gakolola tsela e e gakgamatsang eo Jehofa a ba golotseng ka yone go tswa kwa Egepeto, mme ba e keteka mono mo gareng ga naga ka nako e e beilweng, ngwaga o le mongwe morago ga gore ba tswe kwa Egepeto.
16. Jehofa o etelela jang morafe ono pele, mme ke ditshupo dife tsa dinaka tseo di rulagantsweng?
16 Ka yone fela tsela e e tshwanang le eo a neng a kaela Baiseraele ka yone go tswa kwa Egepeto, Jehofa o tswelela a kaela morafe mo mesepeleng ya bone a ba kaela ka leru leo le khurumeditseng motlaagana wa mogope wa Bosupi mo motshegareng le ka go bonala ga molelo bosigo. Fa leru leno le tsamaya, morafe o a tsamaya. Fa leru le nna le eme mo godimo ga motlaagana, morafe o nna o thibeletse, e ka tswa e le ka malatsi a se makae kana ka kgwedi kana go feta, ka gonne pego eno e re bolelela jaana: “Ba thibelele ka taolō ea ga Yehofa, ba tsamaee ka taolō ea ga Yehofa; ba ne ba tshegetsa tebèlō ea ga Yehofa ka taolō ea ga Yehofa, ka seatla sa ga Moshe.” (Dipa. 9:23) Fa lobaka lwa go tswa mo Sinai lo atamela, dinaka tse di bontshang seno di a rulaganyediwa gore di dirisediwe go kgobokanya batho le go kaela dikarolo tse di farologaneng tseo bothibelelo bo kgaogantsweng ka tsone di ba kaela mo loetong lwa bone lwa mo gareng ga naga.
17. Tlhalosa tsela eo ba neng ba tsamaya ka yone.
17 Ditiragalo tsa mo gareng ga naga (10:11–21:35). Kgabagare, ka letsatsi la bo 20 la kgwedi ya bobedi, Jehofa o tlosa leru mo godimo ga motlaagana, ka go dira jalo a bontsha go fuduga ga Baiseraele go tswa mo kgaolong ya Sinai. Letlole la kgolagano ya ga Jehofa le le mo gare ga bone, ba leba kwa Kadesha-baranea, mo e ka nnang dikilometara di le 240 go ya kwa bokone. Fa ba ntse ba tsamaya motshegare, leru la ga Jehofa le ba okame. Nako le nako fa Letlole le tsamaya, Moshe o rapela Jehofa gore a eme mme a phatlalatse baba ba gagwe, mme nako le nako fa e ikhutsa, o rapela gore Jehofa a boele mo “makgoluñ a makgolo a kgolo a Iseraela.”—10:36.
18. Ke go ngongorega gofe go go nnang gone mo tseleng go ya kwa Kadesha-baranea, mme Jehofa o baakanya jang thulaganyo ya bolegodimo ya mo bothibelelong jono?
18 Lefa go le jalo, go tsoga mathata mo bothibelelong. Fa ba ya ba lebile bokone go ya kwa Kadesha-baranea, ba ngongorega mo e ka nnang makgetlo a le mararo. Go fedisa ngongorego ya ntlha, Jehofa o romela molelo gore o laile bangwe ba batho. Morago ga moo “bontsi yoa batho yo bo tlhakatlhakanyeñ” bo dira gore Iseraele e ngongoregele gore ga ba tlhole ba fepiwa ka dijo tse di ntseng jaaka tlhapi, makatane, magapu, boleke, boeie, le gareleke tsa kwa Egepeto, mme go na le moo ba ja mana fela. (11:4) Moshe o hutsafala thata mo e leng gore o ebile o kopa Jehofa gore a mmolaye go na le gore a mo letle go tswelela a tlhokometse batho bano botlhe jaaka mooki wa monna. Ka tsela e e bontshang go akanyetsa, Jehofa o tsaya ga moya wa gagwe o sekae oo o mo go Moshe a bo a o tsenya mo banneng ba ba godileng ba le 70, bao ba tswelelang ba thusa Moshe jaaka baperofeti mo bothibelelong. Mme morago ga moo nama e simolola go nna gone ka bontsi. Jaaka fa go ne go kile ga diragala pele, phefo e e tswang kwa go Jehofa e fokela maphurwana go tswa kwa lewatleng, mme batho ba a tsaya ka bontsi ka bogagapa, mme ba a ipeela ka bopelotshetlha. Jehofa o tukela morafe bogale, mme o bolaya ba le bantsi ba bone ka ntlha ya go eletsa ga bone ga bogagapa.—Ekes. 16:2, 3, 13.
19. Jehofa o rarabola jang tsela eo Miriame le Arone ba tshwaya tshwayang diphoso ka yone?
19 Mathata a santse a tswelela. Ereka ba palelwa ke go leba morwarrabone yo mmotlana, ebong Moshe, ka tsela e e tshwanetseng, ele go mo leba jaaka moemedi wa ga Jehofa, Miriame le Arone ba mo tshwaya diphoso ka mosadi wa gagwe, yo o neng a sa tswa go tla mo bothibelelong. Ba batla gore ba nne le taolo e e oketsegileng, e e lekanang le eo Moshe a nang le yone, lemororo “monna eouō, Moshe a bo a le boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipa. 12:3) Jehofa ka boene o rarabolola bothata jono mme o dira gore batho botlhe ba itse fa Moshe a na le boemo jo bo kgethegileng, a otlhaya Miriame, yo go bonalang e ne e le ene yo o neng a tlhotlheletsa ngongorega eo, ka lepera. Ke fela ka go bo Moshe a ne a mo rapelela go bo moragonyana a ne a fola.
20, 21. Ke ditiragalo dife tseo di dirang gore Jehofa a ntshe taolo ya gore Baiseraele ba tshwanetse ba kgarakgatshega mo gareng ga naga ka dingwaga di le 40?
20 Fa ba fitlha kwa Kadesha, Iseraele o thibelela mo serepoding sa Lefatshe la Tsholofetso. Jehofa jaanong o laela Moshe gore a romele ditlhodi gore di ye go tlhola lefatshe leno. Ba tsena kafa borwa, ba tsamaya go leba kwa bokone “go ea botsenoñ yoa Hamatha,” ba tsamaya dikilometara di le makgolokgolo ka malatsi a le 40. (13:21) Fa ba boa ba tla ka maungo mangwe a magolo a Kanana, ba le lesome ba ditlhodi tseno ba bolela ka go tlhoka tumelo gore e tla bo e le boeleele go tlhasela batho ba ba nonofileng go le kalo le go tlhasela metse e e thekeleditsweng go le kalo. Kalebe o leka go didimatsa phuthego ka pego e e itumedisang, mme lefa go ntse jalo ga a atlege. Ditlhodi tseno tse di tletseng botsuolodi di dira gore dipelo tsa Baiseraele di tlale poifo, ba bolela gore lefatshe leno ke le le “bilatsañ banni ba yeōna” ebile ba bolela gore, “batho botlhe ba re ba bonyeñ mo go yeōna ke batho ba ba godileñ thata.” Jaaka fa go ngongorega gono go ntse go oketsega mo bothibelelong, Joshua le Kalebe ba ikuela jaana, “Yehofa o na le rona: lo se ka loa ba boiha.” (13:32; 14:9) Lefa go le jalo, phuthego e simolola go bua kaga go ba kgobotletsa ka maje.
21 Morago ga moo Jehofa o a tsenelela ka tlhamalalo, a bolelela Moshe jaana: “Batho ba, ba tla nnyatsa go lele go le kaee? ba tla gana go dumèla mo go nna go lele go le kaee, ka dichupō cotlhe tse ke dihileñ mo go bōnè?” (14:11) Moshe o mo kopa gore a seka a senya morafe ono, ka gonne leina la ga Jehofa le tumo ya gagwe di amega mo go seo. Ka jalo Jehofa o ntsha taolo ya gore Iseraele e tshwanetse go nna e kgarakgatshega mo gareng ga naga go fitlhela botlhe bao ba kwadisitsweng mo gare ga batho, go tloga ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo, ba swa botlhe. Mo banneng botlhe ba ba kwadisitsweng, ke Kalebe fela le Joshua bao ba tla letlelelwang go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. Batho ba leka go ya ba ikisa ka bobone fela, mme ba fenngwa mo go botlhoko ke Baamaleka le Bakanana. Abo batho ba nna le ditlamorago tse di botlhoko jang ne ka ntlha ya go sa tlotle Jehofa le baemedi ba gagwe ba ba ikanyegang!
22. Go bontshiwa ka ditsela dife kafa go nna kutlo go leng botlhokwa ka gone?
22 Ke boammaaruri gore, go na le dilo di le dintsi tseo ba tshwanelang go di ithuta malebana le go nna kutlo. Ka mo go tshwanelang, Jehofa o ba neela melao e e oketsegileng a tlotlomatsa kafa seno se tlhokafalang ka gone. O ba itsise gore fa ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso, go tshwanetswe ga dirwa tetlanyo ka ntlha ya diphoso, mme bao ba sa utlweng ka boomo ruri ba tshwanetse ba senngwa. Ka jalo, fa motho a fitlhelwa a rwalela e le go tlola molao wa Sabatha, Jehofa o laela jaana: “Rure motho eouō o tla bolawa.” (15:35) Jaaka selo seo se neng se tla ba gakolola melao ya ga Jehofa le kafa go leng botlhokwa ka gone go e utlwa, Jehofa o laela gore batho ba apare lekantsa mo lekojeng la diaparo tsa bone.
23. Go tsuologa ga ga Kora, Dathane, le Abirame, go felela ka eng?
23 Lefa go le jalo, ba santse ba tsuologa gape. Kora, Dathane, Abirame le banna ba le 250 ba ba tumileng ba phuthego ba kopana go nna kgatlhanong le bolaodi jwa ga Moshe le Arone. Moshe o bolelela Jehofa ka kgang eno, a bolelela ba ba tsuologang bao jaana: ‘Tsayang maiswana lo a tsenye molelo mme lo beye maswalo mo go ona fa pele ga ga Jehofa, mme ene o tla itlhophela.’ (16:6, 7) Kgalalelo ya ga Jehofa jaanong e bonala mo go botlhe ba ba phuthegileng. O diragatsa katlholo ka ponyo ya leitlho, a dira gore lefatshe le atlhame mme le kometse balelapa la ga Kora, Dathane, le Abirame, mme a bo a romela molelo gore o laile banna ba ba 250, go kopanyeletsa le Kora, bao ba ntshang maswalo. Mo letsatsing le le latelang morago ga lone leo, batho ba simolola go kgala Moshe le Arone ka ntlha ya seo Jehofa a se dirileng, mme gape O a ba otlhaya, a bolaya bangongoregi ba le 14 700.
24. Jehofa o ntsha sesupo sefe go fedisa botsuolodi?
24 Ka ntlha ya dilo tseno tse di diragalang, Jehofa o laela gore lotso longwe le longwe lo tle ka thobane fa pele ga gagwe, go akaretsa le thobane eo e nang le leina la ga Arone mo go yone ya lotso lwa Lefi. Ka letsatsi le le latelang, Arone o bontshiwa gore ke ene yo Jehofa a mo tlhophileng go nna moperesiti, ka gonne ke thobane ya gagwe fela eo e fitlhelwang e tletse ka dithunya mme ebile e na le dithamane tse di buduleng. E tshwanetse ya bolokwa mo letloleng la kgolagano “e le seshupō se se sekisañ bana ba cuololō.” (Dipa. 17:10; Baheb. 9:4) Morago ga gore a ba neele ditaolo tse di oketsegileng tsa gore ba tshegetse boperesiti ka makgetho le tse di leng malebana le go dirisa metsi a go phepafatsa a a nang le molora wa kgomo e khunou, pego eno e re busetsa gape kwa Kadesha. Fano Miriame o a swa mme o a fitlhwa.
25. Moshe le Arone ba palelwa jang ke go itshepisa Jehofa, mme go felela ka eng?
25 Gape mo serepoding sa Lefatshe la Tsholofetso phuthego e ngongoregela Moshe ka ntlha ya go bo ba sena metsi. Jehofa o tsaya seno jaaka go ngongoregela Ene, mme O tlhaga ka kgalalelo ya Gagwe, a laela Moshe gore a tseye thobane mme a ntshe metsi go tswa mo logageng. A mme jaanong Moshe le Arone ba tlotlomatsa Jehofa? Mo boemong jwa moo, Moshe o itaya logaga gabedi ka bogale. Batho le dikgomo tsa bone ba bona metsi a go nwa, mme Moshe le Arone ba palelwa ke go naya Jehofa kgalalelo ka ntlha ya seo. Lemororo loeto lono lo lo ngomolang pelo lwa mo gareng ga naga lo setse lo ela go fela, ba galefisa Jehofa mme ba bolelelwa gore ga ba kitla ba tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. Moragonyana Arone a swela mo Thabeng ya Hora, mme morwawe ebong Eleasare o tsaya marapo a go nna moperesiti yo mogolo.
26. Ke ditiragalo dife tseo di neng tsa diragala fa go fapogiwa ka tsela e e dikologang Edoma?
26 Iseraele e leba kwa botlhaba mme e batla go feta go ralala lefatshe la Edoma mme ba a kganelwa. Ka nako ya fa ba tsere tsela e motsopodia ya go dikologa Edoma, batho gape ba tsena mo mathateng ereka ba ngongorega ka Modimo le ka Moshe. Ba lapile ke mana, ebile ba nyorilwe. Ka ntlha ya botsuolodi jwa bone Jehofa o romela dinoga tse di nang le botlhole mo go bone, mme ba le bantsi ba swa. La bofelo, fa Moshe a ba rapelela, Jehofa o mo laela gore a dire noga ya kopore e e molelo mme a e pege mo mokgorong. Bao ba lomilweng mme ba lebelela noga eno ya kopore ga ba swe. Fa ba ya ba lebile bokone, Baiseraele ba kgorelediwa ke dikgosi tse di ratang ntwa ebong Sihone wa Baamore le Oge wa Bashane. Iseraele o fenya dikgosi tseno ka bobedi jwa tsone mo ntweng, mme o gapa mafatshe a tsone a a kwa botlhaba jwa Mokgatsha wa Rift.
27. Jehofa o fenya jang maano a ga Balake malebana le Balaame?
27 Ditiragalo tsa kwa Dipoeng tsa Moaba (22:1–36:13). Ereka ba lebeletse pele ka tlhoafalo e kgolo go tsena mo Kanana, Baiseraele jaanong ba kokoanela mo sekakeng sa dipoa tsa Moaba, kwa bokone jwa Lewatle le le Suleng le kwa botlhaba jwa Joredane go kgabaganya go tswa Jeriko. Fa Bamoaba ba bona batho bano ba bantsintsi ba thibeletse fa pele ga bone, ba tsenwa ke poifo e kgolo. Kgosi ya bone ebong Balake, fa a fetsa go buisana le Bamidiana, o romela gore go bidiwe Balaame gore a tle go laola ka bola mme a hutse Baiseraele. Lemororo Modimo a bolelela Balaame jaana ka tlhamalalo, “U se ka ua ea nabō,” o batla go ya. (22:12) O batla tuelo. Kgabagare o a ya, mme o fitlha a emisiwa ke moengele mme esela ya gagwe e namagadi e bua le ene ka kgakgamatso go mo kgalemela. Fa kgabagare Balaame a fitlha gone gore a bolele seo a se bonang ka Baiseraele, moya wa Modimo o a mo tlhotlheletsa, gore dipolelo tsa gagwe tsa sekadiane tse nnè di bolelele pele masego fela mo morafeng wa Modimo, a bo a bolelela pele le gore naledi e ne e tla tswa mo go Jakobe le gore thobane ya bogosi e ne e tla tsoga mo Iseraele e le thobane e e fenyang le go senya.
28. Ke serai sefe se se bolalome seo se lerediwang Baiseraele e le se se akantshitsweng ke Balaame, mme sebetso seno se kgaodiwa jang?
28 Ereka a shakgaditse Balake ka go palelwa ga gagwe ke go hutsa Baiseraele, Balaame jaanong o batla gore e nne modiga mo kgosing ka go mo akantsha gore Bamoaba ba dirise batho ba bone ba sesadi go tlhotlheletsa banna ba Baiseraele gore ba tlhakanele mo mekgweng ya bopepe eo e neng e kopanyelediwa mo kobamelong ya ga Baale. (31:15, 16) Fano, fela mo molelwaneng wa Lefatshe la Tsholofetso, Baiseraele ba simolola go wela mo boitshwarong jo bo maswe ka mo go feteletseng le mo go obameleng medimo ya maaka. Fa bogale jwa ga Jehofa bo ba tukela ka go dirisa sebetso, Moshe o batla gore bao ba dirileng phoso eo ba otlhaiwe mo go botlhoko. Fa Finehase, morwa wa moperesiti yo mogolo, a bona morwa kgosana nngwe a lere mosadi wa Momidiana mo teng ga mogope wa gagwe gone mo teng ga bothibelelo moo, o ba sala morago a bo a ba bolaya, a tlhaba mosadi yoo mo dirweng tsa gagwe tsa sesadi. Ka ntlha ya seno, sebetso se a kgaodiwa, mme lefa go ntse jalo ga se kgaodiwe go fitlhela batho ba le 24 000 ba swa ba bolawa ke sone.
29. (a) Go balwa ga batho kwa bokhutlong jwa ngwaga wa bo 40 go senola eng? (b) Jaanong go dirwa paakanyetso efe ya go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso?
29 Jehofa jaanong o laela Moshe le Eleasare gore ba bale batho gape, jaaka fa ba ne ba dira mo e ka nnang dingwaga di le 39 tse di fetileng kwa Thabeng ya Sinai. Fa ba sena go balwa go fitlhelwa go ise go nne le koketsego mo mephatong ya bone. Mo boemong jwa seo, go na le banna ba ba kwa tlase ka 1 820 ba ba kwadisitsweng. Ga go na bape bao ba setseng bao ba neng ba kwadisitswe mo tirelong ya sesole kwa Sinai, kwantle ga Joshua le Kalebe fela. Jaaka fa Jehofa a ne a bontshitse gore go ne go tla diragala, botlhe ba ne ba swela mo gareng ga naga. Morago ga foo Jehofa o neela ditaolo tse di malebana le kafa lefatshe le tshwanetseng la kgaoganngwa ka gone jaaka boswa. O boa gape a bolela gore Moshe ga a kitla a tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso ka gonne a ne a palelwa ke go itshepisa Jehofa kwa metsing a Meriba. (20:13; 27:14, dintlhanyana tse di kwa tlase tsa NW) Joshua o laolelwa gore e nne ene a tlhatlhamang Moshe.
30. Go ipusulosediwa jang kgatlhanong le Bamidiana, mme naga e e kwa botlhaba jwa Joredane e abelwa bomang?
30 Jehofa, a dirisa Moshe, gape o gakolola Baiseraele malebana le ka moo melao ya Gagwe e e malebana le ditlhabelo le meletlo e leng botlhokwa ka gone le malebana le ka moo maikano a leng masisi ka gone. Gape o laela Moshe gore a ipusolosetse mo Bamidianeng ka ntlha ya go bo ba ile ba raela Baiseraele ka Baale wa Peora. Banna botlhe ba Midiana ba bolawa mo ntweng, mmogo le Balaame, mme go sala basetsana ba makgarejana fela ba ba sa itseng monna, ba le 32 000 ba bone ba isiwa botshwaro mmogo le thopo ya dilo tseo di akaretsang diphologolo di le 808 000. Ga go na lefa e le Moiseraele a le mongwe yo o neng a swa mo ntweng. Barwa ba ga Rubene le ba ga Gade, bao ba ruileng letsomane, ba kopa go nna kwa nageng e e kwa botlhaba jwa Joredane, mme morago ga ba sena go dumalana go thusa mo go gapeng Lefatshe la Tsholofetso, ba newa seo ba neng ba se lopa, mo eleng gore ditso tse pedi tseno mmogo le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, di newa gore di rue lefatshe le le le sephara le le nonneng thata go nna boswa jwa bone.
31. (a) Fa ba tsena mo lefatsheng, Baiseraele ba tshwanetse ba tswelela jang ba bontsha kutlo? (b) Ke ditaelo dife tseo di neelwang malebana le boswa jwa ditso?
31 Morago ga pego eno e sena go boeletsa mafelo ao ba neng ba ema mo go one mo loetong lwa bone lwa dingwaga di le 40, e boela gape e tlhokomedisa kafa go tlhokafalang ka gone gore re ikobele Jehofa. Modimo o ba neela lefatshe leno, mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse ya nna badiragatsapolao mo boemong jwa Gagwe, ba tlose baagi ba lone ba ba makgapha, ba ba obamelang badimo le go senya motlhala mongwe le mongwe wa bodumedi jwa medimo ya disetwa. Ba bolelelwa dintlha ka botlalo tsa melelwane ya lefatshe leo ba le neilweng ke Modimo. Ba tshwanetse ba e kgaoganngwa. Balefi, bao ba senang sepe seo loso lwa bone lo se ruang jaaka boswa, ba tshwanetse ba newa metse e le 48 le mafulo a yone, e le 6 ya yone e tshwanetse ya nna metse ya botshabelo ya motho fa a bolaile motho e se ka boomo. Naga eno e tshwanetse ya nna e ntse e le ya lotso, e seka ya fetisediwa kwa lotsong lo longwe ka nyalo. Fa go sena monna ope yo eleng moruaboswa, jaanong he basetsana bao ba amogelang boswa—ka sekai, barwadia Selofehade—ba tshwanetse ba nyalwa mo lotsong lwa bone ka namana. (27:1-11; 36:1-11) Dipalō e konela ka ditaelo tseno tsa ga Jehofa a di ntsha ka Moshe mme le bana ba Iseraele kgabagare ba emetse go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
32. Jesu le setlhabelo sa gagwe di tshwantshediwa jang mo go Dipalō?
32 Jesu o ne a bua ka Dipalō makgetlo a le mmalwa, mme baaposetoloi ba gagwe le bakwadi ba bangwe ba Bibela ba bontsha ka phepafalo ka moo pego ya yone e nang le bokao ebile e le mosola ka gone. Moaposetoloi Paulo o ne a bapisa tirelo ya ka boikanyegi ya ga Jesu le ya ga Moshe ka tlhamalalo, eo go buiwang ka yone thata mo go Dipalō. (Baheb. 3:1-6) Mo ditlhabelong tsa diphologolo le mo go kgatshiweng ga molora wa kgongwana e khunwana ya Dipalō 19:2-9, gape re bona paakanyetso e e molemo thata ya go tlhapisiwa ka setlhabelo sa ga Keresete.—Baheb. 9:13, 14.
33. Ke ka ntlhayang fa go ntshiwa metsi kwa gareng ga naga go kgatlhisa jaana mo go rona gompieno?
33 Ka mo go tshwanang, Paulo o ne a bontsha gore go ntshiwa ga metsi mo letlapeng kwa gareng ga naga go na le se segolo seo go se kayang mo go rona, a bolela jaana: “Me botlhe ba nwa metse a le mañwe hèla a semōea; gonne ba ne ba nwa mo lehikeñ leñwe ya semōea ye le ba setseñ moragō: me lehika yeuō e ne e le Keresete.” (1 Bakor. 10:4; Dipa. 20:7-11) Ka mo go tshwanelang, e ne e le Keresete ka boene yo o neng a bolela jaana: “Me leha e le mañ eo o tla nwañ metse a ke tla a mo nosañ, ga a ketla a tlhōla a nyōrwa gopè; me metse a ke tla a mo nosañ, a tla cwa mocwedi oa metse mo go èna, a a cwèlèlañ botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Yoh. 4:14.
34. Jesu o ne a bontsha jang gore noga ya kopore e ne e na le bokao jwa boperofeti?
34 Jesu gape o ne a bua ka tlhamalalo ka tiragalo e e kwadilweng mo go Dipalō eo e neng e bolelela pele paakanyetso e e gakgamatsang eo Modimo o neng o e dira ka ene. “Me yaka Moshe a kile a tlhatlosa nōga kwa gareganaga,” o ne a bolela jalo, “Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa hèla yalo: Gore leha e le mañ eo o dumèlañ a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ mo go èna.”—Yoh. 3:14, 15; Dipa. 21:8, 9.
35. (a) Bakeresete ba tshwanetse ba itisa mo go eng, jaaka fa go bontshiwa ke Baiseraele kwa gareng ga naga, mme ka ntlhayang? (b) Mo dikwalong tsa bone, ke dikai dife tsa bogagapa le tsa botsuolodi tseo Jude le Petere ba neng ba bua ka tsone?
35 Ke ka ntlhayang fa Baiseraele ba ne ba atlholelwa go tsamaya dingwaga di le 40 mo gareng ga naga? Ka ntlha ya go bo ba ne ba tlhaela tumelo. Moaposetoloi Paulo o ne a neela tlhagiso e e maatla malebana le ntlha eno jaana: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka na le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ: Me lo laanè ka malatsi aotlhe.” Ka ntlha ya go sa utlwe ga bone le ka ntlha ya go tlhaela tumelo ga bone, Baiseraele bao ba ne ba swela kwa gareng ga naga. “Me ke gōna, a re tlhōahaleleñ go tsèna mo boikhucoñ yo [jwa Modimo], gore motho opè a se ka a wèla mo go shōna sekaō seuō sa go gana go utlwa.” (Baheb. 3:7–4:11; Dipa. 13:25–14:38) Fa Jude a ne a tlhagisa kgatlhanong le batho ba ba boikepo bao ba buang dilo tse di boitshepo ka tsela e e sa tshwanelang, o ne a umaka bogagapa jwa ga Balaame gore o ne a bona tuelo a bo a umaka le Kora yo o neng a bua ka tsela ya botsuolodi kgatlhanong le motlhanka wa ga Jehofa ebong Moshe. (Yude 11; Dipa. 22:7, 8, 22; 26:9, 10) Petere le ene o ne a bua ka Balaame jaaka mongwe wa bao ba ratang “tuèlo ea go diha tshiamololō,” mme gape le Jesu yo o galaleditsweng o ne a bua ka ene mo tshenolong ya gagwe ka Johane a mmitsa mongwe wa bao ba neng ba ‘beela Baiseraele lentswe la kgopiso la go obamela medimo ya disetwa le go diha boaka.’ Eleruri phuthego ya Bakeresete gompieno e tshwanetse ya tlhagisiwa kgatlhanong le batho ba ba itshekologileng ba go nna jalo.—2 Pet. 2:12-16; Tshen. 2:14.
36. Paulo o ne a tlhagisa kgatlhanong le ditiro dife tse di bosula, mme rona gompieno re ka solegelwa molemo jang ke kgakololo ya gagwe?
36 Fa boitshwaro jo bo sa siamang bo ne bo tsoga mo phuthegong ya Bakorintha, Paulo o ne a ba kwalela malebana le go “eletsa dilō tse di boshula,” a lebisitse ka tlhamalalo go Dipalō. O ne ba tlhagisa jaana: “Le gōna a re se diheñ boaka, yaka bañwe ba bōnè ba kile ba diha, me ba shwa ka letsatsi le le leñwe hèla ba le bothousanda ba ba mashomè mabedi le boraro.” (1 Bakor. 10:6, 8; Dipa. 25:1-9; 31:16)b Go tweng ka nako ya fa batho ba ne ba ngongoregela gore go utlwa melao ya Modimo go ne go ba bakela mathata le gore ba ne ba sa kgotsofadiwe ke paakanyetso ya ga Jehofa ya mana? Malebana le seno, Paulo o bolela jaana: “Le gōna a re se lekeñ Morèna, yaka bañwe ba bōnè ba kile ba mo leka, me ba bolawa ke dinōga.” (1 Bakor. 10:9; Dipa:21:5, 6) Mme morago ga moo Paulo o tswelela jaana: “Le gōna lo se ka loa ñōñōrèga, yaka bañwe ba bōnè ba kile ba ñōñōrèga, me ba nyèlèdiwa ke mosenyi.” Abo Baiseraele ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko jang ne ka ntlha ya go bo ba ne ba ngongorega ka Jehofa, ka baemedi ba gagwe, le ka dilo tseo a neng a ba tlamela ka tsone! Dilo tseno “di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō” di tshwanetse ya nna tlhagiso mo go rona rotlhe gompieno, e le gore re tswelele re direla Jehofa ka tumelo yotlhe.—1 Bakor. 10:10, 11; Dipa. 14:2, 36, 37; 16:1-3, 41; 17:5, 10.
37. Bontsha ka moo Dipalō e re thusang ka gone gore re tlhaloganye ditemana tse dingwe tsa Bibela.
37 Dipalō gape e re neela tshedimosetso eo re ka kgonang go tlhaloganya ditemana tse dingwe tsa Bibela botoka fa re na le yone.—Dipa. 28:9, 10—Math. 12:5; Dipa. 15:38—Math. 23:5; Dipa. 6:2-4—Luke 1:15; Dipa. 4:3—Luke 3:23; Dipa. 18:31—1 Bakor. 9:13, 14; Dipa. 18:26—Baheb. 7:5-9; Dipa. 17:8-10—Baheb. 9:4.
38. Buka ya Dipalō e mosola ka ditsela dife tse di kgethegileng, mme e lebisa tlhokomelo ya rona go eng?
38 Seo se begilweng mo go Dipalō eleruri se tlhotlheleditswe ke Modimo, mme se mosola go re ruta ka mo go leng botlhokwa ka gone gore re utlwe Jehofa le gore re tlotle bao a ba beileng jaaka balebedi mo gare ga batho ba gagwe. Ka sekai, e kgala go dira phoso, mme ka ditiragalo tse eleng dipolelelopele, e lebisa tlhokomelo ya rona go Motho yo Jehofa a re neetseng ene gore e nne Mmoloki le Moeteledipele wa batho ba Gagwe gompieno. E re neela lenaane le le botlhokwa le le re rutang go le gontsi leo le leng mo pegong eno le le re gogelang kwa go tlhomiweng ga Bogosi jwa ga Jehofa jwa tshiamo bo le mo diatleng tsa ga Jesu Keresete, yo O mo tlhophileng jaaka Motsereganyi le Moperesiti yo Mogolo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 540-2.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 233.