Buka ya Bibela ya bo 22—Sehela sa Dihela
Mokwadi: Solomone
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1020 B.C.E.
1. Sefela seno ke “Sefela sa difela” jang?
“LETSATSI le Sefela seno se se tlotlegang se neng sa ntshiwa ka lone e ne e le letsatsi le legolo thata mo lefatsheng lotlhe.” “Rabbi” wa Mojuda Akiba, yo o neng a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng, o ne a tlhalosa kanaanelo ya gagwe ya Sehela sa Dihela jalo.a Leina la buka eo ke tshobokanyo ya mafoko a ntlha a yone eleng, “Sehela sa dihela, se e leñ sa ga Solomone.” Polelo e e reng “Sefela sa Difela” e supa gore ke sa maemo a a kwa godimo, e le mafoko a a tshwanang le a a reng “legodimo ya magodimo,” a raya magodimo a a kwa godimo go feta a mangwe. (Dute. 10:14) Ke setlhopha sa difela mme e le tse di bopang sefela se le sengwe fela, “sefela se se monate o mogolo, se se monate go feta tsotlhe tse di kileng tsa opelwa, kana tse di ileng tsa kwalwa.”b
2. (a) Ke mang yo o neng a kwala buka ya Sehela sa Dihela, o ne a tshwanelega jang, mme ke ka ntlhayang fa buka eno e ka bidiwa sefela sa motho yo o neng a khidiiwa ke lorato? (b) Buka eno e ne ya kwalelwa kae, mme e ne ya kwalwa leng?
2 Kgosi Solomone wa Jerusalema ke ene yo o neng a kwala sefela seno, jaaka go supa ketapele ya sone. O ne a tshwanelega fela thata go kwala leboko leno le le rulagantsweng ka botswerere fela thata la mofuta wa maboko a Sehebera. (1 Dikg. 4:32) Ke leboko la lorato lo lo nang le bokao jo bogolo ebile le tlhalosa bontle ka ditsela tse di kgatlhisang tota. Mmadi ope fela yo o ka kgonang go akanya ka dilo tsa kwa Botlhaba o tla anaanela sefela seno le eleng go feta. (Sehela 4:11, 13; 5:11; 7:4) Nako e se neng sa kwalwa ka yone e ne e le ya mofuta wa yone fela. Kgosi e kgolo Solomone, yo o neng a na le botlhale jo bo gakgamatsang, a na le maatla a magolo, yo o bileng a ne a na le khumo e e tsabakelang ya dilo tse di bonalang, tseo di neng tsa dira gore a bo a kgatlhe mohumagadi wa Sheba, o ne a seka a kgona go gapa pelo ya mosetsana yo o seng wa maemo ape yo o neng a nna kwa motseselegaeng yo a neng a mo rata. Ka baka la lorato lwa gagwe lo lo sa tshikinyegeng mo mosimaneng wa gagwe wa modisa, kgosi eo e ne ya seka ya atlega. Ka jalo, go ka nna ga tshwanela gore buka eo e bidiwe Sefela sa go Khidiiwa ke Lorato ga ga Solomone. Jehofa Modimo o ne a mo tlhotlheletsa go kwala sefela seno gore se tle se solegele babadi ba Bibela ba metlha e e neng e tla tla molemo. O ne a se kwalela mo Jerusalema. Gongwe seno e ne e ka nna ka 1020 B.C.E., dingwaga di le dintsi morago ga tempele e sena go wediwa go agiwa. Ka nako ya fa Solomone a ne a kwala sefela seno, o ne a na le “bahumagadi ba kgosi ba le mashomè a marataro, le bagadiñwana ba le mashomè a a hèrañ mebedi,” bao e neng e le palo e e kwa tlase fa e bapisiwa le “basadi ba le makgolo a shupa, bomorwadia dikgosi, le bagadiñwana ba le makgolo mararo” ba a neng a na nabo kwa bokhutlong jwa puso ya gagwe.—Sehela 6:8; 1 Dikg. 11:3.
3. Go na le bosupi bofe jwa gore buka ya Sehela sa Dihela ke karolo ya Dikwalo?
3 Go ne go sena motho ope yo o neng a ganetsa gore buka ya Sehela sa Dihela ke karolo ya Dikwalo mo metlheng ya bogologolo. E ne e tsewa e le karolo ya botlhokwa le karolo e e tlhotlheleditsweng ya Dikwalo tsa Sehebera bogologolo pele ga Motlha o o Tlwaelegileng. E ne ya tsenngwa mo go Septuagint ya Segerika. Josephus o ne a e tsenya mo tlhatlhamanong ya gagwe ya dibuka tse di boitshepo. Ka jalo, e na le bosupi jwa gore ke karolo ya Dikwalo jo bo tshwanang le jwa buka epe fela ya Dikwalo tsa Sehebera.
4. (a) A lebaka fela la go bo lefoko “Modimo” le seyo mo go Sehela sa Dihela le raya gore ga se karolo ya Dikwalo? (b) Ke eng se se dirang gore e bo e le karolo ya Dikwalo tsa Bibela e e kgethegileng?
4 Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba ile ba belaela gore buka eno ke karolo ya Dikwalo ba ntsha lebaka la gore ga go na gope fa go umakiwang Modimo mo go yone. Go bo go sa umakiwe Modimo mo go yone ga se gone go ka dirang gore e seka ya tshwanelega fela jaaka lebaka fela la go bo go na le lefoko “Modimo” mo go yone le ka seka la kaya gore ke karolo ya Dikwalo. Leina la Modimo le tlhaga mo go kgaolo 8, temana 6, koo lorato lo bolelwang fa e le “kgabo ya ga Jah.”c Kwantle ga pelaelo buka eno ke karolo ya mekwalo eo Jesu Keresete a neng a bua ka yone a supa fa a e amogela fa a ne a re: “Loa tlo lo hukutse dikwalō, ka lo itlhoma lo na le botshelō yo bo sa khutleñ mo go cōna.” (Yoh. 5:39) Mo godimo ga moo, tlhaloso ya yone e e maatla ya nonofo e e kgethegileng ya lorato lwa batho ba babedi, lo lo tshwanang le lo Keresete a ratang “monyadwi” wa gagwe ka lone, ka tsela ya semoya, e supa fa buka ya Sehela sa Dihela e le karolo ya dikwalo tsa Bibela e e kgethegileng.—Tshen. 19:7, 8; 21:9.
SEO SE LENG MO GO SEHELA SA DIHELA
5. (a) Go lemogiwa jang gore batho ba go buiwang ka bone mo tiragalong eno ke bafe? (b) Ke setlhogo sefe se se amang maikutlo se se tlhalosiwang mo go yone?
5 Tshedimosetso ya buka eno e kwadilwe ka metseletsele ya dipuisano. Go bua batho ba ba farologaneng gangwe le gape. Batho ba ba buang mo go yone ke Solomone kgosi ya Jerusalema, mosimane wa modisa, Moshulama wa gagwe yo o rategang, bokgaitsadie, makgarebe a badiredi ba kgosi (“bomorwadia Yerusalema”), le basadi ba Jerusalema (“bomorwadia Siona”). (Sehela 1:5-7; 3:5, 11) Go lemotshega gore ke bomang ka se ba se buang ka bone kana ka se se buiwang ka bone. Tiragalo eno e simologa gaufi le Shunema, kana Shulema, koo Solomone a thibeletseng gone a na le setlhopha sa badiredi ba kgosi ba gagwe. Se tlhalosa setlhogo se se amang maikutlo eleruri—lorato lo mosetsanyana yo o nnang kwa motseng wa selegae wa Shunema a ratang molekane wa gagwe wa mosimane wa modisa ka lone.
6. Morweetsana yono le basadi ba badiredi ba kgosi kwa bothibelelong jwa ga Solomone ba buisana ka eng?
6 Morweetsana wa Moshulama o mo bothibelelong jwa ga Solomone (1:1-14). Morweetsana yono o bonala mo megopeng ya segosi eo kgosi eno e mo tlisitseng mo go yone, mme ene o tlhologeletswe go bona moratiwa wa gagwe wa mosimane wa modisa fela. Ereka a tlhologeletswe go bona moratiwa wa gagwe, o bua jaaka ekete o mo lebile mo matlhong. Basadi ba badiredi ba kgosi ba ba tlhokomelang kgosi eo, “bomorwadia Yerusalema,” ba lebile Moshulama ba mo gakgamaletse ka go bo a le mmala o motshwana. O tlhalosa gore o fisitswe ke letsatsi fa a ne a tlhokomela masimo a mofine a bokgaitsadie. Go tswa foo o bua le moratiwa wa gagwe jaaka ekete o letleletswe gore a tsamaye mme o botsa gore o ka mmona kae. Basadi ba badiredi ba kgosi ba mo kopa gore a tswe a e go fodisa letsomane la gagwe go bapa le megope ya badisa.
7. Solomone o dira diphepiso dife, mme ka diphelelo dife?
7 Solomone o simolola go bua. Ga a batle gore mosetsanyana yoo a tsamaye. O mmoka kafa a leng montle ka gone a bo a solofetsa gore o tla mo kgabisa ka “metsila ea gouda” le “kgōtlwana tsa selefera.” Moshulama o nna tsididi fela fa Solomone a mo hepisa gore a mo rate a bo a mo itsise gore o rata moratiwa wa gagwe fela.—1:11.
8. Moratiwa wa morweetsana yono o mo kgothatsa jang? Mme ene o tlhologeletswe eng?
8 Moratiwa wa gagwe wa mosimane wa modisa o a tlhaga (1:15–2:2). Moratiwa wa Moshulama o bona tsela ya go tsena mo bothibelelong jwa ga Solomone a bo a mo kgothatsa. O mo tlhomamisetsa gore o a mo rata. Moshulama o eletsa ekete moratiwa wa gagwe o ka bo a le gaufi nae jaaka pele ba itumetse ba le mmogo kwa masimong le mo dikgonnyeng kwa go senang magasigasi ape gone.
9. Mosetsana o tlhalosa bontle jwa gagwe jang mme moratiwa wa gagwe ene o bo tlhalosa jang?
9 Moshulama ke mosetsanyana yo o boikokobetso. A re, “Ke sethunya sa chuse ea Sharona.” Moratiwa wa gagwe wa mosimane wa modisa ene o akanya gore ga go na ope yo o tshwanang nae ka bontle, fa a re: “Yaka sethunya sa boka se nntse mo makaikaiñ, moratwa oa me o nntse yalo mo barweetsaneñ.”—2:1, 2.
10. Morweetsana o gakologelwa eng kaga moratiwa wa gagwe?
10 Morweetsana o tlhologeletswe mosimane wa gagwe wa modisa (2:3–3:5). Ereka Moshulama a kgaoganye le moratiwa wa gagwe gape, o bontsha kafa a mo tseelang kwa godimo ga basimane botlhe ka gone, mme o bolelela bomorwadia Jerusalema gore ba ikanne gore ga ba na go leka go mo dira gore a rate motho o sele yo o sa mmatleng. Moshulama o gakologelwa nako ya fa mosimane wa gagwe wa modisa a ne a mo araba fa a ne a mmitsa a bo a mo laleletsa go tla kwa dithabeng go le dikgakologo. O mmona a palamela kwa dithabeng tseo, a tlolaka ka boipelo. O mo utlwa a mo goa a re: “Nanoga, moratwa oa me, montlènyana oa me, me u tlè re tsamaeè.” Lefa go ntse jalo, bokgaitsadie, bao ba neng ba sa tlhomamise gore a o ne a wetse dibete, ba ne ba mo gakalela mme ba dira gore a bereke mo masimong a mofine. O bolela ka gore, “Moratwa oa me ke oa me, le nna ke oa gagwè,” mme o mo kopa gore a itlhaganelele kwa go ene.—2:13, 16.
11. Moshulama o gakolola bomorwadia Jerusalema gape ka ikano efe?
11 Moshulama o tlhalosa kafa go kganelelwa ga gagwe mo bothibelelong jwa ga Solomone go ntseng ka gone. Bosigo fa a robetse, o tlhologelelwa mosimane wa gagwe wa modisa. O gakolola bomorwadia Jerusalema gape gore ba ikanne gore ga ba na go dira gore a rate motho yo o sa mmatleng.
12. Moratiwa wa morweetsana yono o mo kgothatsa jang gape fa Solomone a mo isa kwa Jerusalema?
12 Moshulama o mo Jerusalema (3:6–5:1). Solomone o boela kwa Jerusalema ka seriti sa segosi, mme batho ba kgatlhwa ke popelelo ya batlhokomedi ba gagwe. Mo nakong e e kotsi eno, moratiwa wa mosimane wa modisa ga a latlhe Moshulama. O sala molekane wa gagwe wa mosetsana morago, yo o rwesitsweng lesire, a bo a kopana nae. O tiisa moratiwa wa gagwe ka mafoko a a bothitho a lorato. Mosetsana ene o mmolelela gore o batla go letlelelwa go tsamaya le go tswa mo motseng oo, mme go tswa foo mosimane yoo o thunya ka mafoko a eketeng o tagilwe ke lorato a re: “U montlè gotlhe hèla moratwa oa me; ga go na sechubaba mo go wèna.” (4:7) Fa a mo latlhela matlho fela pelo ya gagwe e iteela ka bonako. Mafoko a gagwe a lorato a monate go na le beine, monkgo wa gagwe o o monate o tshwana le wa Lebanona, mme letlalo la gagwe le tshwana le tshingwana ya digaranata. Morweetsana yoo o laleletsa moratiwa wa gagwe go tla mo “tshimoñ ea [gagwe],” mme o a dumela. Basadi ba ba botsalano ba Jerusalema ba ba kgothatsa ka go re: “Yañ, ditsala; nwa, E, nwa ka botlalō, wèna moratwa.”—4:16; 5:1.
13. Morweetsana o lora toro efe, mme o tlhalosa moratiwa wa gagwe jang mo basading bano ba badiredi ba kgosi?
13 Toro ya morweetsana (5:2–6:3). Moshulama o bolelela basadi ba badiredi ba kgosi kaga toro nngwe, eo mo go yone a utlwang mongwe a kokota. Moratiwa wa gagwe o ka kwa ntle, o mo kopa gore a mmulele. Mme ene o robetse. Fa kgabagare a tsoga go mmulela, ene o setse a nyeleletse mo lefifing la bosigo. O tswela kwa ntle go ya go mmatla, mme ga a kgone go mmona. Banna ba batlhokomedi ba mo tshwara makgwakgwa. O bolelela basadi ba badiredi ba kgosi gore fa ba ka bona moratiwa wa gagwe, ba tshwanetse go mmolelela gore ga a robadiwe ke lorato. Ba mmotsa gore ke eng se se dirang gore mosimane yoo a tlhomologe mo go kalo. O simolola go mo tlhalosa ka tsela e e ntle tota, a bolela gore o “moshweu le bohibidu, ke eo o itsegeñ bogolo mo go ba ba makgolo a kgolo.” (5:10) Basadi ba badiredi ba kgosi ba mmotsa gore o kwa kae. O bolela gore o ile go disa kwa masimong.
14. Go sa kgathalesege maano otlhe a gagwe, Solomone ga a kgone go atlega jang mo kopong ya gagwe?
14 Diphepiso tsa ga Solomone tsa bofelo (6:4–8:4). Kgosi Solomone o atamela Moshulama. O mmolelela gape kafa a leng montle ka gone, gore o montle go gaisa “bahumagadi ba kgosi ba le mashomè a marataro, le bagadiñwana ba le mashomè a a hèrañ mebedi,” mme ene o a mo gana. (6:8) O bolela gore o tlile fano fela ka a romilwe go tla go dira tiro nngwe e e dirileng gore a tle gaufi le bothibelelo jwa gagwe. Mosetsana o mmotsa ka go re, ‘O bona eng mo go nna?’ Solomone o dirisa potso eno ya mosetsana e a e botsang a sa akanya sepe fela go mmolelela kafa a leng montle ka gone, go simolola ka direthe tsa dinao tsa gagwe go ya kwa phogwaneng ya tlhogo ya gagwe, mme morweetsana yoo ga a fenngwe ke maano ao otlhe a gagwe ka gope. O bolela ka bopelokgale fa a ineetse mo mosimaneng wa gagwe wa modisa, a dira jalo a mo goa. Ka lekgetlo la boraro, o gakolola bomorwadia Jerusalema gore ba ikanne gore ga ba na go mo dira gore a nne le lorato mo mothong yo o sa rateng go mo rata. Solomone o mo golola gore a ye gagabo. Ga a kgona go gapa Moshulama ka lorato lo o mo ratang ka lone.
15. (a) Fa morweetsana yono a boela kwa go bokgaitsadie o ba kopa eng? (b) Boineelo jo bo feletseng bo fenya jang?
15 Moshulama o boela gae (8:5-14). Bokgaitsadie ba mmona a tla, mme o tla a na le mongwe. O “ikaegile moratwi oa gagwè”. O gakologelwa nako ya fa a ne a kopana le moratiwa wa gagwe kafa tlase ga setlhare sa moapole a bo a mmolelela kafa a mo ratang ka gone mo a sa kakeng a tshikinngwa ke sepe. Go umakiwa dikakgelo dingwe tsa pele tsa bokgaitsadie tsa kafa ba neng ba tshwenyegile ka ene ka gone fa a ne a santse a le “kgantsadia rona eo mmōtlana,” mme ene o bolela gore o itshupile fa a le mosadi yo o tiileng yo o tlhomameng. (8:8) Ekete bokgaitsadie jaanong ba ka dumela gore a nyalwe. Kgosi Solomone o ka ya koo ka dikhumo tsa gagwe! Ene o kgotsofaletse tshimo ya gagwe e nngwe fela ya mofine, ka gonne o rata moratwa wa gagwe yo o mo ratang ka mo go kgethegileng. Mo go ene lorato lo o mo ratang ka lone lo thata jaaka loso ebile lo tuka jaaka “kgabo ea ga Yehofa.” Go tshwarelela ga gagwe mo go ineeleng mo mothong a le mongwe fela mo go leng “bolalome yaka phupu” go dirile gore a fenye mme ebile go dirile gore botsalano jwa gagwe le moratiwa wa gagwe wa mosimane wa modisa bo felele e le jo bo itumedisang thatathata.—8:5, 6.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
16. Ke dithuto dife tse di nang le mosola tse di rutwang mo sefeleng seno?
16 Ke dithuto dife tse di rutwang mo sefeleng seno sa lorato tse di ka solegelang motho wa Modimo molemo gompieno? Boikanyego, boikanngo, le go thokgama mo melaometheong ya bomodimo di bontshiwa ka phepafalo. Sefela seno se ruta kafa boitsheko bo leng bontle ka gone le botlhokaselabe jwa lorato lwa boammaaruri. Se ruta gore lorato lwa mmannete ga le ke le fenngwa, ga le ke le tingwa, ga le kake la rekwa. Makawana a Bakeresete le makgarebe mmogo le banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng ba ka solegelwa molemo ke sekao se se tshwanelang seno sa bothokgami fa go tsoga dithaelo kana ba hepisiwa ka tsela nngwe.
17. (a) Paulo o bontsha jang gore sefela seno se kwaletswe go ruta phuthego ya Bokeresete? (b) Ke ka ntlhayang fa Paulo a ka tswa a ne a akantse ka sone fa a ne a kwalela Bakorintha le Baefesia? (c) Sefela seno se ka bapisiwa jang ka mo go kgatlhisang le mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ga Johane?
17 Mme sefela se se tlhotlheleditsweng seno gape se na le mosola fela thata mo phuthegong ya Bokeresete ka kakaretso. Se ne se tsewa jaaka karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, mongwe wa bao a ileng a kwala ka go re: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Bar. 15:4) Ene mokwadi yo o tlhotlheleditsweng yono, ebong Paulo, o ka nna a bo a ne a akantse ka lorato lo lo feletseng lo mosetsana wa Moshulama a neng a rata mosimane wa gagwe wa modisa ka lone fa a ne a kwalela phuthego ya Bokeresete a re: “Gonne ke lo tlhōahaletse ka tlhōahalō ea semodimo: gonne ke ne ke lo beeleletse monna a le moñwe hèla, gore ke tlè ke lo neèlè Keresete lo le kgarebane e e itshekileñ.” Paulo gape o ne a kwala kaga lorato lo Keresete a neng a rata phuthego ka lone lo lo tshwanang le lo monna yo o nyetseng o ratang mosadi wa gagwe ka lone. (2 Bakor. 11:2; Baef. 5:23-27) Jesu Keresete ga se Modisa yo o Molemo fela mo go bone mme gape ke Kgosi ya bone yo o tsholetseng balatedi ba gagwe ba batlodiwa boipelo jo bo sa kakeng jwa tlhalosiwa jwa go ya go ‘nyalana’ nae kwa magodimong.—Tshen. 19:9; Yoh. 10:11.
18. Balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete Jesu ba ka solegelwa molemo ka tsela efe ke sekao sa mosetsana wa Moshulama?
18 Eleruri balatedi bano ba ba tloditsweng ba ga Keresete Jesu ba ka solegelwa molemo fela thata ke sekao sa mosetsana wa Moshulama. Le bone ba tshwanetse go ikanyega mo loratong lwa bone, ba seka ba fepisiwa ke go phatsima ga dilo tse di bonalang tsa lefatshe leno, ba nne tekatekanyo mo bothokgaming jwa bone ka botlalo go fitlhela ba bona tuelo ya bone. Ba tlhomile megopolo ya bone mo dilong tse di kwa godimo mme ebile ba ‘batla Bogosi pele.’ Ba amogela mafoko a lorato a Modisa wa bone, Jesu Keresete. Boitumelo jwa bone bo bogolo ka go bo ba itse gore moratiwa yono wa bone, lemororo ba sa mmone, o gaufi nabo, o ba bolelela gore ba nne pelokgale ba bo ba fenye lefatshe. Ereka ba rata Kgosi ya bone ya Modisa ka lorato lo lo sa kakeng lwa tima loo, lo lo tiileng jaaka “kgabo ea ga Yehofa,” eleruri ba tla fenya ba bo ba kopane le baruaboswakabone kwa Bogosing jo bo galalelang kwa magodimong. Mme ke gone kafa leina la ga Jehofa le tla itshepisiwang ka gone!—Math. 6:33; Yoh. 16:33.
[Dintlha tse di kwa tlase]
b Commentary ya ga Clarke, Bol. III, tsebe 841.
c “Yehofa,” Bibela E E Boitshèpō.