LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/15 ts. 24-25
  • Lorato lwa Boammaaruri Lo a Fenya!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato lwa Boammaaruri Lo a Fenya!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moshulema mo Bothibelelong jwa ga Solomone
  • Go Tlhoafalelana
  • Mosetsana o mo Jerusalema
  • “Kgabo ea ga Yehofa”
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Sefela sa Difela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Buka ya Bibela ya bo 22—Sehela sa Dihela
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • A go A Kgonega go Nna le Lorato Lo lo Sa Feleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Sekao se se Molemo—Moshulame
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/15 ts. 24-25

Dintlha tsa Bibela Sehela sa Dihela 1:1–8:14

Lorato lwa Boammaaruri Lo a Fenya!

Go na le lorato lo lo sekeng lo tlhaela. Lo nnetse ruri, lo a itshoka, lo a fenya. Lorato lo lo ntseng jalo lo lo sa reketleng lo teng gareng ga ga Jesu Keresete le “monyadwi” wa gagwe, kana phuthego e e tsetsweng kafa semoyeng. (Tshenolō 21:2, 9; Baefesia 5:21-33) Mme abo lorato lono lo tlhalosiwa sentle jang ne mo go Sehela sa Dihela!

“Sehela sa Dihela,” seno se se kwadilweng ke Kgosi Solomone yo o botlhale, dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng, (1:1) se bolela ka lorato lo lo neng lo le teng gareng ga modisa le mosetsana wa motse wa selegae wa Shunema (Shulema). Kgosi, ka dikhumo tsotlhe tsa gagwe le bontle, o ne a seka a kgona go gapa lorato lwa Moshulema, gonne o ne a ikanyega mo moratiweng wa gagwe wa modisa.

Fa buka eno ya leboko e balwa ka kelotlhoko e e tshwanetseng le kanaanelo, e neela batlhanka ba ga Jehofa ba ba sa nyalang le ba ba nyetseng dilo tse dintsi tsa go akanyediwa mabapi le boitsheko, bonolo, botshepegi, le lorato lwa boikanyegi tse di tshwanetseng go bonala mo lenyalong la Bokeresete. Tota, rotlhe re ka solegelwa molemo ke sehela seno sa lorato lwa boammaaruri lo lo fenyang.

Moshulema mo Bothibelelong jwa ga Solomone

Tswee-tswee bala Sehela sa Dihela 1:1-14. Mo ditanteng tsa segosi. Moshulema o ne a bua jaaka ekete moratiwa wa gagwe wa modisa o ne a le teng. Solomone o ne a tlotlomatsa bontle jwa gagwe mme a solofetsa go mo kgabisa ka mekgabiso ya gouda le selefera. Mme mosetsana yoo o ne a gana diphepiso tsa gagwe mme a mo itsise gore o ne a na le lorato lwa boammaaruri mo modiseng wa gagwe fela.

◆ 1:2, 3​—Ke ka ntlhayang fa dipapiso tseno tsa bojalwa jwa mofine le loukwane di tshwanela?

Bojalwa jwa mofine bo itumedisa pelo bo bile bo nonotsha moya o o hutsafetseng (Pesalema 104:15; Diane 31:6) Baeng ba ba rategang ba ne ba tlodiwa ka loukwane ka baka la go nolofatsa ga Ione. (Pesalema 23:5; Luke 7:38) Ka gone Moshulema yo o hutsafetseng o ne a nonotshiwa le go gomodiwa ke go gakologelwa ‘mafoko a lorato’ a modisa le “leina” la gagwe. Ka go tshwana, masalela a balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng ba kgothadiwa go tlhatlhanya ka lorato le ditlhomamisetso tsa Modisa wa bone, ebong Jesu Keresete, lemororo ba santse ba le mo lefatsheng ba bile ba kgaogane nae.

Thuto mo go Rona: Solomone o ka bo a kgabisitse Moshulema ka “metsila ea gouda” le “kgōtlwana tsa selefera,” mme o ne a ganana le dithaelo tseno tsa dilo tse di bonalang a ba a gatelela go rata modisa wa gagwe ka lorato lo lo sa tlhaeleng. (1:11-14) Go akanyetsa boikutlo jwa gagwe go ka nonotsha tshwetso ya setlhopha sa “monyadwi” ya go gana dikgatelelo tsa lefatshe tsa dilo tse di bonalang le go nna ba ikanyega mo Monyading wa bone wa selegodimo. Fa ditsholofelo tsa rona e le tsa selefatshe mme re akanyetsa lenyalo, ekete sekao sa mosetsana yono se ka re kgothaletsa go amega ka dikgatlhego tsa semoya, eseng tsa dilo tse di bonalang.

Go Tlhoafalelana

Bala 1:15–3:5. Modisa o ne a tsena mo bothibelelong jwa segosi mme a bolela lorato lwa gagwe go Moshulema yo o bori. yo o neng a mo rata go gaisa botlhe ba bangwe. Fa ba ne ba ntse ba kgaogane, mosetsanyana yoo o ne a gakologelwa dipaka tse a neng a tle a di ipelele le moratiwa wa gagwe a ba a eletsa gore ekete o ka itlhaganelela kwa go ene. Mo bosigong, o ne a mo tlhoafalela.

◆ 2:1-3​—Go tewa eng ka dikapuo tseno?

Moshulema o ne a ipitsa “sethunya sa chuse ea Sharona” ka gonne o ne a le mosadi yo mmotlana yo o boikokobetso yo o bori yo o neng a itsaya jaaka sengwe sa dithunya tse di tlwaelegileng fela. Lefa go ntse jalo. modisa o ne a lemoga gore o ne a le “sethunya sa boka se nntse mo makaikaiñ,” ka gonne o ne a le montle, a le senatla, a bile a ikanyega go Jehofa. Mo mosetsaneng yoo, modisa o ne a tshwana le “setlhare sa moapole se nntse mo ditlhariñ tsa sekgwa,” ka gonne e ne e le lekawana la semoya yo ka go tshwana a neng a ineetse mo Modimong a bile a na le mekgwa le dikgono tse di eletsegang. Mokeresete yo o sa nyalang yo o batlang molekane mo botshelong o tshwanetse a bo a batla modumedi-ka-ene yo o ikanyegang yo o nang le dinonofo tse di tshwanang le tsa Moshulema, kana moratiwa wa gagwe wa modisa.

◆ 3:5​—Ke ka ntlhayang fa ikano eno e ne e amanngwa le diphologolo tseno?

Ditshepe le dikwalata di bonolo, di gata sentle, le gone ke diphologolo tse dintle tse ebileng di le bofefo le go gata ka tlhomamo. Sa botlhokwa he, mosetsana yo o ne a thibela “bomorwadia Yerusalema” ka go ikana ka sengwe le sengwe se se kgatlhang ebile se le sentle. Ka dibopiwa tseno, o ne a gatisetsa basadi bano gore ba seka ba leka go mo tlhotlheletsa go rata mongwe o sele go na le moratiwa wa gagwe wa modisa.

Thuto mo go Rona: Mosetsana yoo o ne a ikanisa “bomorwadia Yerusalema,” kana basadi ba bagakolodi bao ba neng ba direla kgosi. gore ‘ba seka ba tlosa lorato mo go ene go fitlhela a ikutlwa jalo.’ (2:7; 3:5) Seno se supa gore ga go kake ga diragala gore o rate mongwe le mongwe tela. Mosetsana yoo ene o ne a sena lorato mo go Solomone. Ka gone abo go le botlhale jang ne, gore Mokeresete yo o sa nyalang yo o akanyetsang lenyalo a le akanyetse mo moabameding yo o tshwanelegang le yo o ikanyegang wa ga Jehofa fela yo tota o ka ratiwang!​—1 Bakorintha 7:39.

Mosetsana o mo Jerusalema

Bala 3:6–6:3. Solomone o ne a boela Jerusalema ka kgalalelo. Modisa o ne a kopana le mosetsana gone foo mme a mo nonotsha ka mafoko a lorato. Mo torong, o lora a bulela moratiwa wa gagwe mme a sa tsewe sentle ke balebedi jaaka a mo senka ka tlhoafalo e kgolo. Fa a bodiwa gore ke eng se se neng se tlhomolola moratiwa wa gagwe, o ne a naya “bomorwadia Yerusalema,” tlhaloso e ntle kaga gagwe.

◆ 5:12​—Matlho a modisa a ne a tshwana le ‘maphoi a a tlhapisiwang ka mashi’ jang?

Pele ga foo, matlho a ga Moshulema a ne a tshwantshitswe le a lephoi ka gonne a le bori, le bonolo. (1:15; 4:1) Ka baka leo, modisa yoo o ne a biditse mosetsana wa gagwe ‘lephoi’ la gagwe. (5:2) Mono lekgarebe le le tlhoafetseng ka lorato o ne a tshwantsha matlho a mosetsana le maphoi a botala jo bo tuba a a tlhapisiwang ka mashi. (5:8, 12) Gongwe, papiso eno e ne e lebisitse go thaka e ntsho ya leitlho la modisa e e dikologilweng ke bosweu jo bo phatsimang jwa matlho a gagwe.

Thuto mo go Rona: Moshulema o ne a tshwana le “tshimo e e cwalecweñ.” (4:12) Gantsi mo Iseraeleng wa bogologolo tshimo e ne e tshwana le paraka, e tshwana le paradaise e e nang le metsi a mantsi le merogo ya mefuta e e farologaneng dithunya, le ditlhare. Gantsi, e ne e agelelwa ka logora kana lobota mme go ne go tsenwa mo go yone fela ka kgoro e e lotlelwang. (Isaia 5:5) Mo modiseng oo, boitsholo jo bontle jo bo itshekileng jwa Moshulema le bontle jwa gagwe di ne di tshwana le tshimo ya bontle jo bo sa tlwaelegang, e na le maungo a mantle, menko e e monate, thetebalo e e itumedisang. O ne a sa kgatlhe monna mongwe le mongwe fela, ka gonne o ne a itshekile, a tshwana le “tshimo e e cwalecweñ” mo batseneleding ba ba sa amogelesegeng mme e bulegela mong wa gagwe wa kafa molaong fela. Ka gone Moshulema o beetse basadi ba ba sa nyalwang ba Bakeresete gompieno sekao se se molemo sa boitsholo jo bontle le boikanyegi.

“Kgabo ea ga Yehofa”

Bala 6:4–8:14. Solomone o ne a galaletsa bontle jwa mosetsana, mme o ne a mo gana a ba a bolela gore o ikanyega fela mo modiseng wa gagwe. Ka go bo a ne a sa kgone go gapa lorato lwa gagwe, Solomone o ne a mo letlelela go boela gae. O ne a boela kwa Shulema, a na le “moratiwa” wa gagwe, a le mosadi yo o nonofileng yo go supegileng fa a tlhomame. Lorato lo lo fa gare ga gagwe le modisa le ne le nonofile jaaka loso, mme go benya ga lone go ne go tshwana le “kgabo ea ga Yehofa.”

◆ 6:4​—“Tiresa” e ne e le eng?

Tlhaloso eno e e rayang “Boitumelo, Boipelo,” e ka ranolwa jaaka “Motse o o itumedisang.” Tiresa e ne e le motse o o itsegeng ka bontle o o neng wa nna motsemogolo wa ntlha wa Bogosi jo bo kwa bokone jwa Iseraele.​—1 Dikgosi 14:17; 16:5, 6, 8, 15.

◆ 7:4​—Thamo ya mosetsana e ne e tshwana le “kagō e e godileñ ea naka loa tlou” jang?

Go lebega e ne e le borethe jaaka lonaka lwa tlou e le tshesane jaaka kago e e godileng. Pele ga moo, thamo ya gagwe e ne e tshwantshitswe le “kagō e e godileñ ea ga Dafide,” gongwe kago ya ntlo ya Kgosi e e neng e le kafa loboteng lo lo kafa botlhaba lwa Jerusalema. Mo go yone ‘go ne go pegilwe dithebe tse di kgolokwe di le sekete tsa banna ba ba dinatla,’ mo go akantshang gore thamo e ntle ya Moshulema e ne e kgabisitswe ka sekagale se se neng se na le mekgabiso e e kgolokwe kana majana a a tlhokegang.​—4:4; Nehemia 3:25-27.

◆ 8:6, 7​—Lorato lo “thata yaka losho” jang?

Loso lo tsere matshelo a batho ba ba leofileng kwantle ga thetelelo epe. mme lorato lwa boammaaruri lo thata fela jalo. Ka go gagamalela boineelo jo bo kgethegileng lorato lo lo ntseng jalo ga lo ineele fela jaaka Sheol (lebitla) le ntse ka go nyorelwa mebele ya baswi. Ereka Jehofa Modimo a neetse batho selekanyo sa lorato, nonofo eno e tswa kwa go ene mme e bidiwa “kgabo ea ga Yehofa” ka tshwanelo. Le eleng kgosi Solomone yo o humileng gaa ka a kgona go reka lorato lo lo ntseng jalo.

Thuto mo go Rona: Boitemogelo jwa ga Moshulema le Kgosi Solomone e ne e le teko e kgolo e a neng a e fenya ka katlego. O ne a sa reketle mo loratong lwa gagwe le boitsheko, jaaka setswalo se se bulegang motlhofo fela mme se tlhoka go phakalegwa ka, mophakalego wa mosedara go se thibela gore se seka sa bulelwa ope fela yo o sa amogelesegang kana yo o sa siamang. Nnyaa, mosetsana yoo o ne a fenya diphepiso tsa kgosi, a eme jaaka lobota a gana dilo tsotlhe tse di bonalang tsa lefatshe leno. Ka go ikaega ka Modimo le ka go gakologelwa sekao sa ga Moshulema se sentle, basadi ba Bakeresete gompieno ka go tshwana ba ka supa boemo jwa bone jaaka batho ba ba nitameng mo melaometheong e e itshekileng kgalaletsong ya ga Jehofa.​—8:8-10.

Ke boammaaruri, “Sehela sa Dihela,” seno, se setlhogo sa sone e leng lorato, se oketsa kanaanelo ya rona ya sebofo se se fa gare ga Jesu le bao ba kgethetsweng go nna “monyadwi” wa gagwe wa selegodimo. Mme makawana otlhe le makgarebe gammogo le banna le basadi ba ba ineetseng mo go Jehofa ba ka solegelwa molemo ke go batla go etsa bothokgami jwa ga Moshulema le modisa fa ba thulane le diteko le dithaelo. Mme karolo eno e ntle ya Lefoko la Modimo e tshwanetse go re kgothaletsa rotlhe go nna re ikanyegile mo go Jehofa, motswedi wa lorato lo lo fenyang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela