LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 214-217
  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO BAKORINTHA WA BOBEDI
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • “Itekeñ ka Losi Bo Lo mo Tumeloñ”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Buka ya Bibela ya bo 46—1 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Ga ke Na Molato wa Madi a Motho Ope”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • “Tswelela o Bue O se Ka wa Didimala”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 214-217

Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha

Mokwadi: Paulo

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Makedonia

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 55 C.E.

1, 2. (a) Ke eng seo se neng sa dira Paulo gore a kwalele Bakorintha lokwalo lwa gagwe lwa bobedi? (b) Paulo o ne a kwala a le kwa kae, mme o ne a amegile ka eng?

JAANONG gongwe e ne e ka nna kwa bokhutlong jwa selemo kana kwa tshimologong ya letlhabula la 55 C.E. Go ne go santse go na le dilo dingwe tseo di neng di tshwenya moaposetoloi Paulo mo phuthegong ya Bokeresete ya kwa Korintha. Go ne go ise go fete dikgwedi di le dintsi a ntse a kwaletse Bakorintha lokwalo lwa gagwe lwa ntlha. Fa esale ka nako eo Tito o ne a rometswe kwa Korintha go ya go thusa mo go phutheng meneelo e e neng e ntshediwa baitshepi ba ba neng ba le kwa Judea mme gongwe gape a rometswe go lebelela gore Bakorintha ba ne ba itshwara jang malebana le lokwalo lwa ntlha. (2 Bakor. 8:1-6; 2:13) Le ne le ba amile jang? Abo Paulo a ne a gomotsega jang ne fa a utlwa gore le ne la ba dira gore ba swabe le go ikwatlhaya! Tito o ne a boetse kwa go Paulo kwa Makedonia a tshotse pego eno e e molemo, mme pelo ya moaposetoloi jaanong e ne e tletse ebile e penologa ka lorato mo badumeding ka ene bano ba ba rategang ba kwa Korintha.—7:5-7; 6:11.

2 Ka jalo Paulo o ne a kwalela Bakorintha gape. O ne a kwala lokwalo lono lo lo omosang pelo le lo lo nonofileng lwa bobedi a le kwa Makedonia mme go lebega le ne la isiwa ke Tito kwa go bone. (9:2, 4; 8:16-18, 22-24) Sengwe sa dilo tse di tshwenyang tse di neng tsa tlhotlheletsa Paulo go kwala e ne e le “baaposetoloi ba bagolo,” bao a neng a ba tlhalosa gape a re ke ‘baaposetoloi ba e seng bone le badiri ba ba tsietsang.’ (11:5, 13, 14) Boitekanelo jwa semoya jwa phuthego eo e nnye bo ne bo le mo kotsing, mme taolo ya ga Paulo jaaka moaposetoloi e ne e tlhaselwa. Ka gone, lokwalo lwa gagwe lwa bobedi lwa kwa Korintha lo ne lwa thusa thata.

3, 4. (a) Ke maeto afe a Paulo a neng a a tsaya go ya kwa Korintha? (b) Bakorintha wa Bobedi e re solegela molemo jang jaanong?

3 Re ka nna ra tshwaya seno se Paulo a neng a se bua: “Ke iketleeditse loa boraro go ea koñ go lona.” (2 Bakor. 12:14; 13:1) O ne a rulagantse gore o tla ba etela labobedi fa a ne a ba kwalela lokwalo la ntlha, mme lemororo a ne a ipaakantse, “letshegō ya bobedi” ga lo a ka lwa nna gone. (1 Bakor. 16:5; 2 Bakor. 1:15) Totatota, ka nako eo Paulo o ne a setse a kile a ya koo gangwe fela, ka dikgwedi di le 18 ka 50-52 C.E., fa go ne go tlhomiwa phuthego ya Bokeresete mo Korintha. (Dit. 18:1-18) Lefa go ntse jalo, moragonyana keletso ya ga Paulo ya go ya gape kwa Korintha e ne ya diragadiwa. Fa a le kwa Gerika ka dikgwedi di le tharo, gongwe ka 56 C.E., o ne a senya bontlhanngwe jwa nako ya gagwe kwa Korintha, eleng gone koo a neng a kwalela Baroma a le gone.—Bar. 16:1, 23; 1 Bakor. 1:14.

4 Bakorintha wa Bobedi le Bakorintha wa Ntlha mmogo le makwalo a mangwe a moaposetoloi Paulo a ile a nna a tsewa jaaka karolo e e boammaaruri ya Bibela. Gape re kgona go bona mo teng ga phuthego ya Korintha mme re solegelwe molemo ke mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Paulo a a neng a a bua go ba kgothatsa le go re kgothatsa.

SEO SE LENG MO GO BAKORINTHA WA BOBEDI

5. (a) Ke eng seo Paulo a se buang mabapi le kgomotso? (b) Ke eng seo se tlileng ka Keresete seo se re tlhomamisetsang le go feta?

5 Go thusiwa ke “Modimo oa kgomoco eotlhe” (1:1–2:11). Paulo o akaretsa Timotheo mo tumedisong e a simololang ka yone. “A go bakwè,” go bua jalo Paulo, “Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona,” gore le rona, re kgone go gomotsa ba bangwe. Lemororo Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba ile ba gatelelwa tota le matshelo a bone a ne a ile a nna mo kotsing, Modimo o ne o ile wa ba golola. Bakorintha le bone ba ne ba ka ba thusa ka go ba rapelela. O ne a ba kwalela jalo a ba tshepa a tlhoafetse ebile a tshepa le bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo. Ditsholofetso tsa Modimo di ne di nnile “E” ka Jesu, mme O ne a tloditse botlhe ba e leng ba ga Keresete ebile a ba file “pèèlèlō ea Mōea mo peduñ tsa rona.”—1:3, 4, 20, 22.

6. Ke eng seo Paulo a gakololang gore se dirwe ka motho yo o dirileng phoso yo o kgaotsweng yo jaanong a ikwatlhayang?

6 Go lebega gore monna yo Paulo a neng a mo akgola mo kgaolong ya botlhano ya lokwalo lwa gagwe lwa ntlha o ne a ntshitswe mo phuthegong. O ne a ikwatlhaile ebile a supa fa a swabile. Ke gone ka moo Paulo a bolelelang Bakorintha gore ba mo itshwarele ka mmatota le go nonotsha lorato lwa bone mo go yo o ikwatlhayang.

7. Paulo o bua eng kaga gagwe le Bakorintha, mme o tlhomamisa eng?

7 Badihedi ba ba tshwanelegang ba kgolagano e ntšha (2:12–6:10). Paulo o bolela fa ene le Bakeresete ba kwa Korintha ba le mo mokolokong wa phenyo mmogo le Keresete. (Bakorintha ba ne ba tlwaelane le lonko lo lo nkgang monate lwa maswalo ao a neng a tshubiwa mo tseleng ya mokoloko wa masole a a fentseng kwa ntweng a motlha oo.) Go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga “lonkō” lwa Mokeresete mo go bao ba tla bonang botshelo le “lonkō” loo mo go bao ba tla senngwang. “Ga re . . . ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo,” Paulo o gatelela jalo.—2:16, 17.

8. (a) Ke eng seo se neng se supa gore Paulo le badiri ka ene ba ne ba tshwanela jaaka badiredi? (b) Bodihedi jwa kgolagano e ntšha bo kwa godimo jang?

8 Paulo le badirikaene ga ba tlhoke dikwalo, kana makwalo a a ba buelelang a a kwadilweng, go a isa kwa go Bakorintha kana go tswa mo go bone. Badumedi ba Bakorintha ka bobone ke makwalo a a ba buelelang, a a kwadilweng “ka rona” mme a kwadilwe eseng mo dimatleng tsa leje, mme “mo dimatleñ tse e boñ dipelo tsa nama,” go bua jalo Paulo. Modimo o ile wa dira gore badihedi ba kgolagano e ntšha ba tshwanele. Lokwalo lo lo kwadilweng lo isa kwa losong, ka kgalalelo ya lone e le e e swang, ebile e se ya nako e telele. Lefa go ntse jalo, fa kaelo ya moya e isa kwa botshelong, ke ya goyagoile, ebile kgalalelo ya yone e kgolo. Fa “Moshe a balwa,” go bewa losire mo dipelong tsa barwa ba Iseraele, mme fa a retologela kwa go Jehofa, losire lo a tlosiwa, mme ba ‘a fetoga ba nna jaaka sone setshwano seo sa kgalalelo e e isang kgalalelong.’—3:3, 15, 18.

9. Paulo o tlhalosa letlotlo la bodihedi jang?

9 Morago Paulo o tswelela jaana: ‘Re na le tirelo eno ka boutlwelobotlhoko jo o re bo bontshitseng. Mme re baketse dilo tse di fitlhegileng tsa ditlhong, re sa tshware lefoko la Modimo ka tsietso mme re iponaditse ka go bolela boammaaruri. Fa molaetsa wa mafoko a a molemo o fitlhegile, ke ka gonne modimo wa lefatshe leno o foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng. Mme dipelo tsa rona di phatsimisitswe ke kitso ya kgalalelo ya Modimo mo sefatlhegong sa ga Keresete. Abo khumo e re e tshotseng e le kgolo thata jang ne! E mo dijaneng tsa letsopa gore bogolo jwa nonofo e nne jo bo tswang mo Modimong. Fa re pitlelelwa lefa re pitlagane, ee, lefa re lebane le loso, re a dumela mme re ntse re bua, gonne pitlagano ya rona ke ya lobakanyana me e re direla segolo se segolo se se feteletseng sa bokete jo bosakhutleng jwa kgalalelo. Ka gone re leba dilo tse di sa bonaleng.’—4:1-18.

10. (a) Ke eng seo Paulo a se buang ka bao ba nang le bokopano le Keresete? (b) Paulo o ipolela jang gore ke modihedi wa Modimo?

10 ‘Re a itse,’ Paulo o kwala jalo, ‘fa ntlo ya rona ya selefatshe e tla rutlologa mme re bone ya bosaengkae kwa legodimong. Mme re sepela ka tumelo, ka gone re a nametsega. Lefa re se mo go Keresete re batla go kgatlha ene.’ (5:1, 7-9) Bao ba kopaneng le Keresete ke “sebopiwa se sesha” mme ba na le bodihedi jwa tetlanyo. Ke “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete.” (5:17, 20) Paulo o ipolela ka ditsela tsotlhe fa e le morongwa wa Modimo. Jang? ‘Ka go nna pelotelele mo dipogisong, mo dithupeng, mo dikgokgolelong, mo go ikitseng go robala; mo boitshekong, mo kitsong, mo go itshokeng, mo bopelonoming, mo moyeng o o boitshepo, mo loratong lo lo sa itimokanyeng, mo lefokong la boammaaruri, mo thateng ya Modimo, yaka bahumanegi, lemororo re humisa ba bantsi, jaaka ba ba senang sepe lemororo re humile dilo tse dintsi.’—6:4-10.

11. Paulo o naya kgakololo le kgothatso efe?

11 “Re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo” (6:11–7:16). Paulo o raya Bakorintha a re: ‘Pelo ya rona e pitlologile gore re lo amogele.’ Le bone ba ne ba tshwanetse go pitlolola lorato lwa bone lo lo neneketsang. Jaanong go latela tlhagiso! “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ.” (6:11, 14) Lesedi le na le kabalano efe le lefifi, kana Keresete le Beliale? Jaaka tempele ya Modimo o o tshedileng, ba tshwanetse go emela kwa thoko mme ba se ka ba tlhola ba kgoma sepe se se itshekologileng. Paulo o bua jaana: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.”—7:1.

12. Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a itumelela pego e e tswang kwa Korintha?

12 Paulo o bua gape jaana: “Ke tletse kgomoco, ke penologa boitumèlō mo pitlaganoñ eotlhe ea rona.” (7:4) Ka ntlhayang? Eseng fela ka go bo a na le Tito mme ka ntlha ya pego e e molemo e e tswang kwa Korintha, ya go mo tlhoafalela, le ya go lela ga bone, le ya go tlhagafalela ga bone Paulo. O lemoga gore lokwalo lwa gagwe lwa ntlha lo ne lwa ba hutsafatsa ka lobakanyana, mme jaanong o a ipela ka gonne Bakorintha ba ne ba hutsafala jalo ba ikwatlhaya gore ba tle ba bolokwe. O ba akgolela go dirisana ga bone mmogo le Tito.

13. (a) Paulo o tsopola dikao dife tsa go aba? (b) Ke melaometheo efe eo Paulo a tlotlang ka yone malebana le go aba?

13 Go aba go tla duelwa (8:1–9:15). Mabapi le meneelo ya “baitshepi” ba ba tlhokang, Paulo o ba naya sekao sa Bamakedonia, bao go aba ga bone go neng go le gogolo go feta nonofo ya bone lemororo ba ne ba humanegile; mme jaanong o solofela go bona go aba go go tshwanang mo go Bakorintha go supa gore ba rata Morena Jesu Keresete tota, yoo a neng a humanega gore bone ba tle ba hume. Go naya kafa ba tshotseng ka gone go tla lekalekanya dilo, gore yo o nang le go le gontsi a se ka a nna le go le gontsi thata, le yo o nang le go le gonnye, a se ka a nna le go le gonnye thata. O romela Tito le ba bangwe mabapi le neo eno ya bopelonomi. Paulo o ne a ntse a ipela ka go aba le boiketleetso jwa Bakorintha, mme ga a batle gore ba tlhabisiwe ditlhong ka go palelwa go tlatsa neo eo e kgolo. Ee, “eo o yalañ ka bogolo, o tla rōba ga bogolo.” A e nne go tswa mo pelong, ka go bo “Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” O kgona gape go ba bontsha bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang le go naya go le gontsi gore ba kgone go aba. “A Modimo o lebogèlwè nèō ea ōna e e sa kakeñ ea shwediwa go bolelwa.”—9:1, 6, 7, 15.

14. Ke dintlha dife tseo Paulo a di nayang go tshegetsa boaposetoloi jwa gagwe?

14 Paulo o buelela boaposetoloi jwa gagwe (10:1–13:14). Paulo o dumela gore ga a lebege e le yo o kwa godimo. Mme Bakeresete ga ba lwe ka nama; dibolao tsa bone ke tsa semoya, “di nonohile ha pele ga Modimo” go ganetsa mabaka ape fela a a kgatlhanong le kitso ya Modimo. (10:4) Ba bangwe ka go leba dilo fela go ya ka tebego ya tsone, ba bolela gore makwalo a moaposetoloi a boima mme ene o bokoa fa a bua. A ba itse gore ditiro tsa ga Paulo di tla tshwana fela le mafoko a gagwe a a mo lokwalong. Bakorintha ba tshwanetse go lemoga gore Paulo ga a ipelafatse ka dilo tse a di fitlhelelang mo tshimong ya motho yo mongwe. Ke ene a neng a ba leretse mafoko a a molemo ka namana. Mo godimo ga moo, fa go na le boipelafatso bope a e nne ka Jehofa.

15. (a) Ke ditshwantsho dife tseo Paulo a di fang fa a bua kgatlhanong le baaposetoloi ba maaka? (b) Rekoto ya ga Paulo tota ke e e ntseng jang?

15 Paulo o bona fa e le boikarabelo jwa gagwe gore a neye Keresete phuthego ya Korintha e le lekgarebane le le itshekileng. Fela jaaka Efa a ne a raelwa ke Noga ka bonokwane, go na le kotsi ya gore megopolo ya bone e ka senngwa. Ke gone ka moo Paulo a buang le bone ka maatla a bua kgatlhanong le “baaposetoloi ba bagolo” ba phuthego ya Korintha. (11:5) Ke baaposetoloi ba maaka. Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi, ka jalo ga go gakgamatse go bo badihedi ba gagwe ba dira se se tshwanang. Mme fa e le ka go nna badihedi ba ga Keresete, ba ntse jang fa rekoto ya bone e bapisiwa le ya ga Paulo? O ile a itshokela dilo tse dintsi: go tsenngwa mo kgolegelong, go bediwa, go thubegelwa ke sekepe gararo, dikotsi di le dintsi, gantsi a tlhoka boroko kana dijo. Lefa go le jalo, mo go tsotlhe tseno ga a ise a ko a tlhoke go lemoga dilo tseo diphuthego di neng di di tlhoka mme ka metlha o ne a galefa fa mongwe a wa.

16. (a) Ke eng seo Paulo a ka ipelafatsang ka sone, mme ke ka ntlhayang fa bogolo a bua ka makoa a gagwe? (b) Paulo o ile a ntsha bosupi jwa gore ke moaposetoloi jang?

16 Ka jalo Paulo ke ene fela a nang le lebaka la go ipelafatsa. A bangwe ba ba bidiwang baaposetoloi ba kwa Korintha ba ne ba ka bua sengwe fela kaga go isiwa mo paradaiseng go ya go utlwa dilo dingwe tse di sa kakeng tsa buiwa? Lefa go le jalo Paulo o bua ka makoa a gagwe. O ne a tsenngwa “mutlwa mo nameñ” gore a se ka a ikutlwa a tlotlometse thata. Paulo o ne a kopa gore o tlosiwe mme o ne a bolelelwa go re: “Tshegōhaco ea me e gu lekanye.” Go na le moo Paulo o ne a ka ipelafatsa ka makoa a gagwe, gore “thata ea ga Keresete” e nne mo godimo ga gagwe jaaka tente. (12:7, 9) Nnyaa, Paulo ga a itshupa a le bokoa mo ‘baaposetoloing ba bagolo,’ mme Bakorintha ba ile ba bona sesupo sa boaposetoloi jwa gagwe joo a neng a bo dira mo gare ga bone “ka bopelotelele yotlhe, ka dichupō le dikgakgamaco, le ditihō tsa nonohō.” Ga a batle dithoto tsa bone fela jaaka Tito le badiri ka ene bao a neng a ba romile ba se kile ba dira jalo.—12:11, 12.

17. Ke kgothatso efe ya bofelo eo Paulo a e nayang Bakorintha?

17 Boikaelelo jwa dilo tsotlhe tseno ke go ba agelela. Lefa go ntse jalo, Paulo o supa fa a boifa gore fa a goroga kwa Korintha, o tla fitlhela go santse go na le bangwe ba ba sa ikwatlhaelang ditiro tsa nama. O tlhagisa go sa le gale ba ba dirang boleo bao gore o tla tsaya kgato e e tshwanetseng le gore ga a kitla a tlogela ope, mme o gakolola botlhe ba ba mo phuthegong go nna ba ntse ba leka go bona gore a ba mo tumelong le go utlwana le Jesu Keresete. Paulo le Timotheo ba tla ba rapelela mo Modimong. O ba kopa gore ba itumele ba bo ba utlwane gape, gore Modimo wa lorato le kagiso o tle o nne le bone, mme o konela ka go ba romelela ditumediso tse di tswang kwa baitsheping le ka go ba eleletsa molemo gore ba tle ba bone masego a semoya.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

18. Bakeresete ba tshwanetse go nna le pono efe e e siameng ka bodihedi?

18 Abo tsela eo Paulo a anaanelang bodihedi jwa Bokeresete ka yone jaaka e bonala mo go Bakorintha wa Bobedi e tlhagafatsa ebile e kgothatsa jang ne! A le rona re bo lebeng jaaka ene. Modihedi wa Mokeresete yo Modimo o mo dirileng gore a tshwanele ka botlalo eleruri ga a bapale ka Lefoko mme o dira ka tlhoafalo. O buelelwa eseng ke lokwalo longwe lo lo kwadilweng, mme ke maungo ao a a bonang mo bodiheding. Lefa go ntse jalo, lemororo bodihedi eleruri e le selo se se tlotlegang, seno ga se mo neye seipato sa gore a ikgogomose. Batlhanka ba Modimo jaaka batho ba ba sa itekanelang ba tshotse letlotlo leno la bodihedi mo dijaneng tse di bokoa tsa letsopa, gore maatla a bonale ka phepafalo fela gore ke a Modimo. Ka jalo go amogela tshiamelo eno e e galalelang ya go nna modihedi wa Modimo go tlhoka boikokobetso, mme abo Modimo o supa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jang ne gore re mo direle jaaka “baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete”! Abo kgothatso ya ga Paulo ya gore re “se amogelele tshegōhaco ea Modimo lehèla” e tshwanela jang ne!—2:14-17; 3:1-5; 4:7; 5:18-20; 6:1.

19. Paulo o ne a tlhomela badihedi ba Bakeresete ba gompieno sekao sefe se se tlhomologileng, mme segolobogolo balebedi?

19 Paulo eleruri o ne a tlhomela badihedi ba Bakeresete sekao se se molemo tota seo ba ka se latelang. Selo se segolo ke gore o ne a tseela Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera kwa godimo ebile a di ithuta, a tsopola gangwe le gape go tswa mo go tsone, a di umaka, a bo a di dirisa. (2 Bakor. 6:2, 16-18; 7:1; 8:15; 9:9; 13:1; Isa. 49:8; Lefi. 26:12; Isa. 52:11; Esek. 20:41; 2 Sam. 7:14; Hos. 1:10) Mo godimo ga moo, o ne a supa fa a amega tota ka letsomane jaaka molebedi wa lone, fa a re: “Me ke tla itumèla go ipolaisa letsapa le go le bolaisediwa meōea ea lona.” O ne a ineetse ka botlalo go direla bakaulengwe ba gagwe jaaka rekoto e bontsha fela ka phepafalo. (2 Bakor. 12:15; 6:3-10) O ne a sa lape fa a ruta, a kgothatsa, le fa a tlhamalatsa dilo mo phuthegong ya Korintha. O ne a tlhagisa ka phepafalo fela kgatlhanong le go tsalana le ba ba mo lefifing, a raya Bakorintha a re: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ.” Ka ntlha ya go bo a ne a amega ka bone ka lorato, o ne a sa batle gore megopolo ya bone e senyege, “yaka nōga e tsieditse Efe ka boherehere yoa eōna,” ka jalo o ne a ba kgothatsa jaana go tswa mo pelong: “Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ; itlhotlhomiseñ rure.” O ne a ba tlhotlheletsa gore ba abe jaaka Bakeresete, a ba bontsha gore “Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu,” mme ene ka boene o ne a bua fa a leboga Modimo tota ka mpho ya Gagwe ya mahala e a ka se kang a e tlhalosa. Eleruri bakaulengwe ba gagwe ba kwa Korintha ba ne ba kwadilwe ka lorato mo letlapeng la nama ya pelo ya ga Paulo, mme dilo tse a neng a di ba direla a sa kgaotse e ne e le sengwe seo se ka tshwayang molebedi yo o tlhaga yo o podimatseba. Abo seo e le sekao se se tlhomologileng jang ne sa rona gompieno!—6:14; 11:3; 13:5; 9:7, 15; 3:2.

20. (a) Paulo o baya megopolo ya rona mo tseleng e e siameng jang? (b) Bakorintha wa Bobedi o bua ka tsholofelo efe e e molemo thata?

20 Moaposetoloi Paulo o tlhoma megopolo ya rona mo tseleng e e siameng ka go bolela gore “Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe” ke motswedi wa mmatota wa nonofo mo nakong ya diteko. Ke yoo a “re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona” gore re tle re itshoke mme re bolokelwe mo lefatsheng je lesha. Paulo o bua gape ka tsholofelo e e galalelang ya “kagō e e cwañ Modimoñ, ntlo e e sa agwañ ka diatla, e le ea bosaeeñkae, kwa magodimoñ,” jaaka a bua jaana: “Me ke gōna, ha motho a le mo go Keresete, oa ba a le sebopiwa se sesha: dilō tsa bogologolo di hetile; bōnañ, di nntse dincha.” Eleruri Bakorintha wa Bobedi o na le mafoko a mantle tota a go gomotsa botlhe bao fela jaaka Paulo ba tla ruang Bogosi jwa selegodimo.—1:3, 4; 5:1, 17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela