LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/15 ts. 26-27
  • “Itekeñ ka Losi Bo Lo mo Tumeloñ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Itekeñ ka Losi Bo Lo mo Tumeloñ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Direla Modimo wa Kgomotso
  • Itekanele mo Boitshepong mme O Abe
  • Paulo—Moaposetoloi Yo O Amegang ka Ba Bangwe
  • Nnang Lo Ntse Lo Leka!
  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlha Tsa 2 Bakorintha
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Buka ya Bibela ya bo 46—1 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Leno ke Letsatsi la Poloko!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/15 ts. 26-27

“Itekeñ ka Losi Bo Lo mo Tumeloñ”

Dintlhakgolo go Tswa go Bakorintha wa Bobedi

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a amegile thata ka Bakeresete ba kwa Korintha. Ba ne ba tla leba jang kgakololo e a e ba neileng mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha? O ne a le kwa Makedonia fa Tito a ne a goroga a tshotse pego e e itumedisang ya gore lokwalo lwa gagwe lo ne lwa dira gore bakaulengwe ba kwa Korintha ba swabe mme ba ikwatlhae. Abo seo se ne sa itumedisa Paulo jang ne!—2 Bakorintha 7:8-13.

Paulo o ne a kwala Bakorintha wa Bobedi a le kwa Makedonia, gongwe morago ga bogare jwa ngwaga wa 55 C.E. Mo lokwalong lwa gagwe, o ne a tlotla ka dikgato tse di neng tsa tsewa go boloka phuthego e le phepa, tseo di neng tsa aga keletso ya go abela badumedi ba ba tlhokang ba kwa Judea, le go femela boaposetoloi jwa gagwe. Bontsi jwa seo Paulo a neng a se bua bo ka re thusa go ‘iteka ka nosi bo re mo tumelong.’ (13:5) Ka gone, ke eng seo re ka se bonang mo lokwalong lono?

Direla Modimo wa Kgomotso

Moaposetoloi o ne a bontsha gore fela jaaka Modimo o gomotsa botlhe ba ba leng mo pitlaganong, re tshwanetse go gomotsa ba bangwe le go ba rapelela. (1:1-2:11) Lemororo Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba le kafa tlase ga kgatelelo e kgolo, Modimo o ne wa ba golola. Lefa go le jalo Bakorintha ba ne ba ka thusa ka go ba rapelela, fela jaaka le rona re tshwanetse go rapelela ba ba amogelang tumelo ya boammaaruri. Mme go tweng ka monna yo a neng a dira boitsholo jo bo maswe yo o umakilweng mo go 1 Bakorintha kgaolo 5? Go lebega gore o ne a ile a kgaolwa a bo a ikwatlhaya. Abo a ne a gomotsega jang ne fa Bakorintha ba ne ba mo itshwarela mme ba mo amogela ka lorato mo go bone.

Mafoko a ga Paulo a ka re dira gore re anaanele bodihedi jwa Bokeresete ka mo go oketsegileng, a re nonotsha gore re emele tumelo ya boammaaruri. (2:12–6:10) Ka go bo badihedi ba kgolagano e ntšha ba na le tshiamelo ya go nna mo “[“mokolokong wa,” NW] phenyo” ba eteletswe pele ke Modimo! Paulo le badirikaene ba ne ba na le bodihedi jo ba neng ba bo tseela kwa godimo ka ntlha ya boutlwebotlhoko jo ba neng ba bo bontshiwa. Batlodiwa ba motlha wa segompieno fela jaaka bone, ba na le bodihedi jwa tetlanyo. Lefa go le jalo, Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ka humisa batho ba bangwe ka bodihedi jwa bone.

Itekanele mo Boitshepong mme O Abe

Paulo o bontsha gore badihedi ba Bakeresete ba tshwanetse go itekanela mo boitshepong ba boifa Jehofa. (6:11-7:16) Re tshwanetse go tila go tsena mo jokweng e le nngwe le ba ba sa dumeleng fa re batla go nna re tiile mo tumelong, mme re tlhoka go phepafadiwa leswe la mmele le la semoya. Bakorintha ba ne ba tsaya kgato ya go phepafatsa ka go kgaola motho yo o dirileng phoso yo o leofang, mme Paulo o ne a itumelela gore lokwalo lwa gagwe lo ne lo ba swabisitse gore ba ikwatlhae gore ba tle ba bolokwe.

Re itse gape gore badihedi ba ba boifang Modimo ba a duelwa fa ba aba. (8:1–9:15) Paulo o ne a umaka sekao se se molemo sa Bamakedonia mabapi le go abela “baitshepi” ba ba tlhokang. Ba ne ba ile ba aba go gaisa kafa ba neng ba ka kgona ka gone, mme o ne a solofela go bona go aba go go tshwanang mo Bakorintheng. Go aba ga bone—le ga rona—go tshwanetse ga tswa mo pelong, ka go bo “Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla” mme o humisa batho ba gagwe fa ba aba.

Paulo—Moaposetoloi Yo O Amegang ka Ba Bangwe

Fa re fitlhelela sepe fela mo tirelong ya ga Jehofa jaaka badihedi, a re ikgantsheng ka ene mme re seka ra ikgantsha ka rona ka borona. (10:1-12:13) Mo godimo ga moo, re ka kgona go fenya dikganetso tsa maaka ka ditlhabano tsa moya fela ‘tse di nonofileng fa pele ga Modimo.’ “Baaposetoloi ba bagolo” ba ba ikgantshang ba ba neng ba le mo gare ga Bakorintha ba ne ba ka seka ba fitlhelela rekoto ya ga Paulo ya go itshoka jaaka modihedi wa ga Keresete. Lefa go le jalo, Modimo ga o a ka wa tlosa “mutlwa mo nameñ”—gongwe go sa boneng sentle kana baaposetoloi ba maaka gore a seka a ikgodisa. Paulo o ne bogolo a ka ikgantsha ka makoa a gagwe gore “thata ea ga Keresete” e nne mo go ene jaaka tente. Jaaka monna yo a neng a eme a nonofile mo tumelong o ne a sa itshupa a nyatsega mo baaposetoloing ba bagolo. Bakorintha ba ne ba bone bosupi jwa boaposetoloi jo Paulo a neng a bo ba bontshitse “ka bopelotelele yotlhe, ka dichupō le dikgakgamaco, le ditihō tsa nonohō.”

Jaaka modihedi le moaposetoloi, Paulo o ne a kgatlhegela bomoya jwa badumedi ka ene go tswa pelong, fela jaaka le rona re tshwanetse go dira. (12:14-13:14) O ‘ne a ka itumelela go bolaisediwa meya ya bone.’ Mme Paulo o ne a boifa gore fa a goroga kwa Korintha o ne a tla fitlhela bangwe ba ba neng ba ise ba ikwatlhaele ditiro tsa nama. Ka gone, o ne a gakolola botlhe gore ba nne ba iteke go bona gore a ba ntse ba le mo tumelong mme o ne a rapela ka gore ba “se dihe boshula bopè.” Fa a konela o ne a ba kgothaletsa go itumela, gore ba siamisiwe ba bo ba gomodiwe, go nna mogopolo mongwe fela, le go tshela ka kagiso. Abo seo e le kgakololo e e molemo jang ne mo go rona!

Nnang Lo Ntse Lo Leka!

Ka gone lokwalo lwa bobedi lo Paulo a lo kwaletseng Bakeresete ba kwa Korintha lo akantsha ditsela tse di farologaneng tsa go nna re leka gore a re mo tumelong. Mafoko a gagwe eleruri a tshwanetse go re tlhotlheletsa go gomotsa ba bangwe, fela jaaka Modimo o re gomotsa mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona. Seo moaposetoloi a neng a se bua ka bodihedi jwa Bokeresete se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re bo dire ka boikanyegi fa re ntse re itekanela mo boitshepong mo go boifeng Jehofa.

A go dirisa kgakololo ya ga Paulo go re dire gore re abe ka mo go oketsegileng re bo re thuse. Lefa go le jalo, mafoko a gagwe a tshwanetse go re dira gore re ikgantshe ka Jehofa eseng ka borona. A tshwanetse go godisa go amega ga rona ka badumedikarona. Mme eleruri dintlha tseno le tse dingwe tse di mo go Bakorintha wa Bobedi di ka re thusa go nna re ‘leka bo re mo tumelong.’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

SUPA KGALALELO YA GA JEHOFA: Fa Moshe a ne a fologa kwa Thabeng ya Sinai a tshotse matlapa a Bosupi, sefatlhego sa gagwe se ne se phatsima marang ka gonne Modimo o ne o buile le ene. (Ekesodo 34:29, 30) Paulo o ne a umaka seno a bo a re: “Me rona rotlhe, ka dihatlhōgō tse di sirologileñ ka re tsabakèla ka kgalalèlō ea Morèna, yaka seipone, rea hetoga, re nna yaka shōna sechwanō seuō sa kgalalèlō e e isañ kgalaleloñ, e le mo go cwañ mo Moreneñ eo e leñ èna Mōea.” (2 Bakorintha 3:7-18) Diipone tsa bogologolo tsa seatla di ne di dirwa ka ditshipi tse di jaaka boronse kana kgotlho mme di ne di phatsimisiwa tota gore di kgone go supa dilo sentle. Jaaka diipone, batlodiwa ba supa kgalalelo ya Modimo e e ba phatsimelang go tswa mo go Jesu Keresete a ba ‘shahaletsa mo setshwanong’ seo ba se newang ke Morwa yo o supang kgalalelo ya ga Jehofa, kgato ka kgato. (2 Bakorintha 4:6; Baefeso 5:1) Modimo o bopa “motho eo mosha” yoo a supang dinonofo tsa gagwe mo go bone ka moya o o boitshepo le ka Dikwalo. (Baefesia 4:24; Bakolosa 3:10) Re na le tsholofelo ya selegodimo kana ya selefashe, a re bontsheng botho joo mme re tshegetse tshiamelo ya go supa kgalalelo ya Modimo mo bodiheding jwa rona.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

“DIBOLAŌ TSA TSHIAMŌ”: Tsela nngwe eo Paulo le ditsala tsa gagwe ba neng ba itshupa ka yone gore ke badihedi ba Modimo e ne e le “ka dibolaō tsa tshiamō tsa kaha lecogoñ ye legolo le tsa kaha go ya molèma.” (2 Bakorintha 6:3-7) Letsogo la moja le ne le dirisediwa go somola tšhaka, la molema le tshola thebe. Lemororo ba ne ba tlhaselwa go tswa matlhakoreng otlhe, Paulo le badirikaene ba ne ba tshotse dibolao tsa go lwa ntwa ya semoya. E ne e lowa kgatlhanong le baruti ba maaka le “baaposetoloi ba bagolo” gore phuthego ya Korintha e se ka ya faposiwa mo go ineeleng mo go Keresete. Paulo ga a ka a dirisa ditlhabano tsa nama e e boleo—boferefere, tsietso, kana maano. (2 Bakorintha 10:8-10; 11:3, 12-14; 12:11, 16) Go na le moo, “dibolaō” tseo di neng di dirisiwa e ne e le tsa tshiamo, kana tsa tshiamiso, tseo e neng e le mokgwa wa go atolosa kobamelo ya boammaaruri gore e seka ya tlhaselwa. Basupi ba ga Jehofa jaanong ba dirisetsa “dibolaō tsa tshiamō” boikaelelo jo bo tshwanang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela