Buka ya Bibela ya bo 50—Bafilipi
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 60-61 C.E.
1. (a) Bafilipi ba ne ba utlwa mafoko a a molemo jang? (b) Ke eng seo hisitori e se tlhalosang kaga motse wa Filipi?
FA MOAPOSETOLOI Paulo a sena go amogela taletso ka ponatshegelo gore a ise mafoko a a molemo kwa Makedonia, ene le ditsala tsa gagwe, ebong Luke, Silase, le Timotheo yo mmotlana, ba ne ba akofa ba utlwa. Ba ne ba tsaya loeto lwa sekepe go tloga kwa Teroasa kwa Asia Minor, ba ya kwa Neapolise mme ba akofa ba ya kwa Filipi, eo e neng e ka nna dikilometara di le 15 go tswa kwa lotshitshing go kgabaganya phatana mo dithabeng. Luke o bolela gore motse ono e ne e le ‘motse o mogolo wa kgaolo ya Makedonia.’ (Dit. 16:12) O ne wa bidiwa Filipi ka go teelelwa kgosi Philip II (rraagwe Alexander yo Mogolo) wa Makedonia, yo o neng a gapa motse oo ka 356 B.C.E. Moragonyana o ne wa gapiwa ke Baroma. E ne e le lefelo leo dintwa tsa makgaolakgang tsa 42 B.C.E. di neng tsa lwelwa teng tseo di neng tsa thusa gore Octavian, yo moragonyana o neng a nna Caesar Augustus a nonofe thata. Gore a dire segopotso sa phenyo ya gagwe, o ne a dira gore Filipi e nne kolone ya Roma.
2. Paulo o ne a tswelela jang ka tiro ya gagwe ya go rera mo Filipi, mme ke ditiragalo dife tseo di neng tsa diragala fa phuthego eo e le gone e nnang gone?
2 Paulo o ne a tlwaetse gore e re fa a santse a goroga mo motseng mongwe o mosha a simolole ka go rerela Bajuda pele. Lefa go ntse jalo, fa a goroga mo Filipi e le la ntlha mo e ka nnang ka 50 C.E., o ne a ba fitlhela ba se bantsi ka palo mme gongwe ebile ba sena sinagoge, ka go bo ba ne ba tle ba kopanele thapelo fa lotshitshing lwa noka ka kwa ntle ga motse. Thero ya ga Paulo e ne ya akofa ya nna le maungo, ka go bo mongwe wa barutwa ba ntlha e ne ya nna Lidia, mosadi yo o neng a na le kgwebo ebile e le motho yo o sokologetseng mo Bojudeng, mme o ne a ngaparetse boammaaruri kaga Keresete a bo a gagamalela gore baeti bano ba gorogele kwa ntlong ya gagwe. Luke o ne a kwala a re, “a re patèlèla.” Lefa go ntse jalo, kganetso e ne ya akofa ya tla, mme Paulo le Silase ba ne ba itewa ka dithupa go tswa foo ba latlhelwa mo kgolegelong. Fa ba ntse ba le mo kgolegelong, go ne ga nna thoromo ya lefatshe, mme modisakgolegelo le balelapa la gagwe, fa ba ntse ba reeditse Paulo le Silase, ba nna badumedi. Mo letsatsing le le latelang Paulo le Silase ba ne ba gololwa mo kgolegelong, mme ba ne ba etela bakaulengwe kwa legaeng la ga Lidia mme ba ba fa dikgothatso pele ga ba tswa mo motseng oo. Paulo o ne a tswelela a gakologelwa sentlentle dipitlagano tseo di neng tsa tlela phuthego e ntšha ya Filipi fa e santse e simologa.—Dit. 16:9-40.
3. Paulo o ne a amana ka tsela efe le phuthego ya Bafilipi moragonyana?
3 Dingwaga di sekae moragonyana, fa a ntse a le mo leetong la gagwe la boraro la borongwa, Paulo o ne a kgona go etela phuthego ya Filipi gape. Mme go tswa foo, mo e ka nnang dingwaga tse di lesome morago ga a sena go tlhoma phuthego, pontsho e e amang pelo ya lorato lwa bakaulengwe ba Filipi e ne ya tlhotlheletsa Paulo go ba kwalela lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng leo le neng la bolokiwa mo Dikwalong tse di Boitshepo le biditswe ka phuthego e e rategang eo.
4. Ke eng seo se supang gore mokwadi wa Bafilipi ke mang, mme ke eng se se supang gore lokwalo lono lo boammaaruri?
4 Lebaka la gore Paulo ruri ke ene a kwadileng lokwalo lono, jaaka fa temana ya ntlha e tlhalosa, le amogelwa ka kakaretso ke batlhalosi ba Bibela, mme ba dira jalo ba na le mabaka a a utlwalang. Polycarp (69?-155? C.E.) mo lekwalong leo a neng a le kwalela Bafilipi o umaka gore Paulo o ne a ba kwaletse. Lekwalo leno le kaiwa fa le kwadilwe ke Paulo ke batlhalosi ba bogologolo ba Bibela ba pele jaaka Ignatius, Irenaeus, Tertullian, le Clement wa Alexandria. Le umakiwa go Muratorian Fragment ya lekgolo la dingwaga la bobedi C.E. le mo dikwalong tse dingwe tse dintsi tsa pele, mme le gone gareng ga dikwalo tse dingwe gape tse di ferang bobedi tsa ga Paulo tse di go Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46), e go kaiwang e le ya 200 C.E.
5. Ke eng se se supang gore lokwalo lono lo kwadilwe kwa Roma?
5 Lefelo le letlha le e kwadilweng ka lone di ka tlhomamisiwa ka tsela e e tshwanetseng. Ka nako ya fa lokwalo lono lo kwalwa, Paulo o ne a le legolegwa leo le neng le disitswe ke modisa wa mmusimogolo wa Roma, mme Bakeresete ba ne ba tlhagafetse mo tirong mo tikologong ya gagwe. O digela lokwalo lwa gagwe ka go romela ditumediso tsa baikanyegi ba ba mo ntlong ya ga Kaesare. Mabaka ano otlhe a supa gore lokwalo lono lo ne lwa romelwa go tswa kwa Roma.—Bafil. 1:7, 13, 14; 4:22; Dit. 28:30, 31.
6. Ke bosupi bofe jo bo kayang gore lokwalo lwa Bafilipi lo kwadilwe leng?
6 Mme lokwalo lono lo ne lwa kwalwa leng? Go bonala gore Paulo o ne a setse a na le nako e telele a ntse a le mo Roma gore dikgang le mabaka a gore o tshwaretsweng jaaka Mokeresete di bo di ile tsa anama go Badisa botlhe ba Mmusimogolo le go batho botlhe. Mme gape, nako e ne e ile ya nna gone ya gore Epaforodito a bo a ile a tla mo Filipi (mo e ka nnang sekgala sa dikilometara di le 1 000) a tla a tsholetse Paulo mpho, le nako ya gore dikgang tse di bolelang kaga bolwetsi jwa ga Epaforodito mo Roma di utlwalelwe gape mo Filipi, le gore mafoko a a supang khutsafalo a a tswang kwa Filipi a romelwe mo Roma. (Bafil. 2:25-30; 4:18) Ereka go tshwarwa ga ga Paulo ga ntlha mo Roma go ne ga diragala mo e ka nnang ka 59-61 C.E., go lebega a ka nna a bo a ile a kwala lokwalo lono mo e ka nnang ka 60 kana 61 C.E., ngwaga o le mongwe kana go feta morago ga leeto la gagwe la ntlha mo Roma.
7. (a) Ke popagano efe e e neng e le gone fa gare ga ga Paulo le Bafilipi, mme ke eng seo se neng sa mo tlhotlheletsa gore a kwale? (b) Bafilipi ke lokwalo lwa mofuta ofe?
7 Ditlhabi tsa pelegi tseo Paulo a neng a di utlwa fa a ne a belega bana bano mo Filipi ka lefoko la boammaaruri, lorato lo Bafilipi ba neng ba na nalo le dimpho tse di tlhokafalang tsa bopelontle tseo ba neng ba di fa Paulo gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone le fa a le mo mathateng, le masego ao Jehofa a neng a a mo goromeletsa fa a ne a simolola tiro ya gagwe ya borongwa mo Makedonia, ke dilo tseo di neng tsa nonotsha sebofo se se nonofileng sa lorato fa gare ga ga Paulo le bakaulengwe ba Filipi. Mme jaanong, mpho ya bone ya bopelonomi, le go batla go itse ga bone kaga botsogo jwa ga Epaforodito le kafa mafoko a a molemo a neng a tswelela ka gone mo Roma, go ne ga tlhotlheletsa Paulo go ba kwalela lokwalo lo lo gomotsang le lo lo tletseng mafoko a lorato a a fang kgothatso.
SEO SE LENG MO GO BAFILIPI
8. (a) Paulo o tlhalosa jang kafa a ikantseng ka gone le go rata bakaulengwe ba Bafilipi? (b) Paulo a reng kaga go latlhelwa ga gagwe mo kgolegelong, mme ke kgakololo efe e a e fang?
8 Go femela le go tsweledisa pele mafoko a a molemo (1:1-30). Paulo le Timotheo ba romela ditumediso, mme Paulo o leboga Modimo ka ntlha ya seabe se Bafilipi ba nnileng le sone mo mafokong a a molemo “e sale ka letsatsi ya ntlha, le go tla motlheñ oa gompiyeno.” O tlhomamisa sentle gore ba tla tsweledisa pele tiro ya bone e e molemo go ya go e digela, ka go bo ba tlhakanetse le ene mo bopelonoming jo bo sa tshwanelang, go akaretsa le “mo go hemeleñ Mahoko a a Molemō, le mo go a tlhōmamiseñ.” O ba tlhologeletswe ka lorato lo lo pepetletsang mme a re: “Ke lo rapèlèla mo, gore loratō loa lona lo totahalè bogolo bogolo . . . Gore lo kè lo dumalanè le dilō tse di molemō.” (1:5, 7, 9, 10) Paulo o batla gore ba itse gore ‘dilo tse di mo diragaletseng di diragaletse botswelelo pele jwa Mafoko a a Molemo,’ ka ntlha ya gore go latlhelwa ga gagwe mo kgolegelong go ile ga itsiwe ke batho botlhe le gore bakaulengwe ba ile ba fiwa kgothatso ya go bua lefoko la Modimo ba sena poifo. Lemororo Paulo a ka bona tuelo fa a ka swa gone jaanong, lefa go le jalo o itse gore, gore ba tle ba nne le botswelelo pele le boipelo, go tlhokafala segolobogolo gore a bo a santse a le teng. O ba gakolola gore ba itshware ka tsela e e tshwanelang mafoko a a molemo, gore lefa a ka tla kwa go bone kana nnyaa, a bo a ka utlwa gore ba ntse ba tsweletse ka go tlhabana ba le seoposengwe mme ba sa “boihisiwe mo go sepè ke baganetsi.”—1:12, 28.
9. Bafilipi ba ka nna le maikutlo a a tshwanang le a ga Keresete ka tsela efe?
9 Go nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga Keresete (2:1-30). Paulo o kgothaletsa Bafilipi gore ba nne boikokobetso, ‘ba sa tlhokomele dilo tse e leng tsa bone fela, fa e se go re, mongwe le mongwe a tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’ Ba tshwanetse go nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga Keresete Jesu, yoo, lemororo a ne a le mo setshwanong sa Modimo, a neng a itlhotlhora gore a tle a nne motho mme a ikokobetsa ka go bontsha kutlo le go ya fela kwa losong, mme jalo Modimo a mo goletsa le go mo naya leina le le fetang maina otlhe. Paulo o ba kgothatsa ka go re: “Lo itiheleñ polokō ka losi, ka poihō le ka thoromō.” “Dihañ dilō cotlhe ka mo go senañ diñōñōrègō le dikgañ,” mme ba ‘ngaparele thata mo lefokong la botshelo.’ (2:4, 12, 14, 16) O solofetse go romela Timotheo kwa go bone mme o tlhomamisa tota gore ene ka boene o tla tloga a tla mo bogautshwaneng. Mme gone jaanong, e le gore ba tle ba itumele gape, o ba romelela Epaforodito, yo bolwetsi jwa gagwe bo setseng bo fodile.
10. Paulo o ile a lekela kwa mokgeleng jang, mme o kgothatsa ba bangwe jang?
10 ‘Go lekela ka thata kwa mokgeleng’ (3:1–4:23). ‘Rona ba bogwera jwa mmatota,’ go bua Paulo, ‘re tshwanetse go itisa mo dintšeng, mo go ba ba rupisang.’ Fa go na le mongwe yo o ka ikgantshang kafa nameng, Paulo o a mo feta, mme botshelo jwa gagwe jaaka Mojuda yo o rupisitsweng le Mofarasai bo supela seo. Mme o kaile fa sotlhe seno e le malele ‘ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa gagwe.’ Ka tshiamo e e nnang gone ka ntlha ya tumelo, o solofela gore o tla ya “go hitlha mo go cogeñ ga bashwi.” (3:2, 3, 8, 11) Ka jalo, Paulo a re, “ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè sa pilecōgodimo ea Modimo mo go Keresete Yesu.” Ekete botlhe ba ba godileng ba ka nna le boikutlo jo bo tshwanang jwa tlhaloganyo. Go na le bao modimo wa bone e leng dimpa tsa bone, bao megopolo ya bone e leng mo dilong tse di mo lefatsheng, bao phelelo ya bone e leng tshenyego, mme, Paulo o a tiisetsa, “motse oa rona o kwa legodimoñ.”—3:13, 14, 20.
11. (a) Ke dilo dife tse di tshwanetseng go gopolwa le go dirwa? (b) Ke mafoko afe a Paulo a a buang go tlhalosa bopelontle jwa Bafilipi?
11 “Itumeleñ mo Moreneñ,” Paulo o kgothatsa jalo, ‘mme a boiphapaanyo jwa lona bo itsiwe mo bathong botlhe. Nnang lo gopole dilo tsotlhe tse di boammaaruri le tse di tshwanetseng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di rategang, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo, le dilo tsotlhe tse di nang le pako. Lo dire dilo tsotlhe tse lo di ithutileng, lwa ba lwa di amogela mo go nna, mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona.’ (4:4-9) Paulo o ipela segolobogolo go bo Bafilipi ba nna ba akantse thata ka ene, lemororo a na le nonofo ‘ka ene yo o nonotshang.’ O ba lebogela mpho ya bone thatathata. Go tloga fela mo nakong ya fa a ne a bolela mafoko a a molemo mo Makedonia, ba ile ba gaisa batho botlhe ka go aba. Mme jaanong, Modimo le ene o ne a tla ba fa ka botlalo se ba se “tlhōkañ, kaha lohumoñ loa ōna mo kgalaleloñ mo go Keresete Yesu.” (4:13, 19) O romela ditumediso tse di tswang kwa baitsheping botlhe, go akaretsa le a bantlo ya ga Kaesare.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
12. Fela jaaka bakaulengwe ba Bafilipi, ke jang rona gompieno re ka bonang go amogelwa ke Modimo mme re tlisetse bakaulengwe ba rona boitumelo?
12 Abo buka ya Bafilipi e le mosola jang ne mo go rona! Eleruri re eletsa ekete Jehofa o ka re amogela le go bona mo balebeding ba rona ba Bakeresete kgakololo e e tshwanang le e phuthego ya Filipi e neng ya e amogela mo go Paulo. Re ka e bona fa re ka latela sekao sa Bafilipi le kgothatso e e lorato ya ga Paulo. Fela jaaka Bafilipi, re tshwanetse go bontsha bopelontle, re amege ka go thusa bakaulengwe ba rona fa ba le mo mathateng, mme re nne le seabe mo go femeleng le mo go tlhomamiseng mafoko a a molemo. (1:3-7) Re tshwanetse go tswelela re ‘eme ka tlhomamo mo moyeng o le mongwe fela, re ntse re ganelela tumelo ya mafoko a a molemo ka moya o le mongwe fela,’ re phatsima jaaka “masedi” mo losikeng lo lo sokameng le lo lo logwadi. Fa re ntse re dira jaana le go nna re ntse re akantse ka dilo tse di tlotlegang segolo, re ka tlisetsa bakaulengwe ba rona boitumelo fela jaaka Bafilipi ba ne ba tlisetsa moaposetoloi Paulo boitumelo jo bogolo.—1:27; 2:15; 4:1, 8.
13. Re ka etsa Paulo mmogo ka ditsela dife?
13 “Lo nnè baetsi ba me mmōgō,” go bua jalo Paulo. Re mo etse ka tsela efe? Tsela e nngwe eo re ka dirang jalo ka yone ke go nna ba ba kgotsofetseng mo maemong lefa e ka nna afe. E ka ne Paulo a ne a na le letlotlo la dilo di le dintsi kana a le mo lehumeng, o ne a itlwaetsa go tsamaisanya le seemo kwantle ga ngongorego, gore a tle a tswelele a tlhagafetse ebile a itumetse mo bodiheding jwa Modimo. Batho botlhe ba tshwanetse go nna jaaka Paulo, mo go bontsheng lorato lo lo pepetletsang mo bakaulengweng ba ba ikanyegang. Abo a ile a tlhalosa bodihedi jwa ga Timotheo le Epaforodito ka tsela e e lorato le e e itumedisang jang ne! Mme ebile a bo a ne a ikutlwa a atamalane thata jang ne le bakaulengwe ba gagwe ba Bafilipi, bao a neng a ba bitsa “ba ba ratègañ, le ba ba tlhologelecweñ, boitumèlō yoa me, le serwalō sa me”!—3:17; 4:1, 11, 12; 2:19-30.
14. Ke kgakololo efe e e molemo eo lokwalo lwa Bafilipi lo e neelang mabapi le mokgele wa botshelo le Bogosi, mme lokwalo lono lo kwaletswe bomang segolobogolo?
14 Ke ka tsela efe e nngwe gape eo Paulo a ka ediwang ka yone? Ke ka go ‘lekela ka thata kwa sekaong’! Botlhe ba ba tlhomileng megopolo ya bone mo ‘dilong tsotlhe tse di tshwanetseng go tlotlwa’ ba na le kgatlhego e ntsi thata mo dithulaganyong tse di kgatlhisang thata tsa ga Jehofa kwa legodimong le mo lefatsheng, koo ‘diteme tsotlhe di tla bolelang fa Jesu Keresete e le Morena, kgalaletsong ya Modimo Rara.’ Kgakololo e e molemo e e mo go Bafilipi e kgothatsa botlhe ba ba solofetseng go bona botshelo jo bosakhutleng mo Bogosing jwa Modimo go gagamalela kwa mokgeleng oo. Lefa go ntse jalo, lokwalo lwa Bafilipi le kwaletswe thatathata botlhe ba ‘motse wa bone o leng kwa legodimong’ le bao ba letetseng ka tlhoafalo gore ba “bopègè yaka mmele oa kgalalèlō [wa ga Keresete].” ‘Ka go tlhokomologa dilo tse di kwa morago le go gagamalela kwa dilong tse di kwa pele,’ a botlhe bano ba etse moaposetoloi Paulo mo go ‘lekeleng ka thata kwa sekgeleng sa piletsogodimong,’ ebong boswa jwa bone jo bo molemo thata mo Bogosing jwa magodimo!—4:8; 2:10, 11; 3:13, 14, 20, 21.