LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 25
  • Gatelang Pele go Fitlha kwa Mokgeleng!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gatelang Pele go Fitlha kwa Mokgeleng!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinonofo tsa Bokeresete Di A Bonala
  • Nnang Lo Gatela Pele go Fitlha kwa Mokgeleng
  • Buka ya Bibela ya bo 50—Bafilipi
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Nna o Tlhomile Matlho mo Tuelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Ga re Ineele”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 25

Gatelang Pele go Fitlha kwa Mokgeleng!

Dintlhakgolo go Tswa go Bafilipi

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a batla gore Bakeresete ba kwa Filipi ba gatele pele go fitlha kwa mokgeleng gore ba tle ba bone sekgele sa botshelo jo bosakhutleng. Ka gone, o ne a ba kwalela ka 60 kana ka 61 C.E., fa a ne a tshwerwe la ntlha kwa Roma. Lokwalo lwa gagwe lo ne lwa romelwa kwa phuthegong e a neng a e tlhomile dingwaga di ka nna lesome pele ga foo kwa Filipi, eleng motse o o neng o tlhomilwe ke Philip wa Macedon (rraagwe Alexander yo Mogolo). Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. e ne e setse e le motse oa Makedonia, e bile e le “ōna o mogolo oa kgaolō euō,” eo jaanong e leng karolo ya Gerika bokone le Yugoslavia borwa.—Ditihō 16:11, 12.

Badumedi ba kwa Filipi ba ne ba humanegile mme ba ne ba aba. Ba ne ba ile ba romelela Paulo sengwe seo a neng a ka ithusa ka sone ka makgetlonyana. (Bafilipi 4:14-17) Mme lokwalo lwa gagwe e ne e se fela lo lo ba lebogang. Lo ne lo ba kgothatsa, lo supa lorato, le go ba gakolola.

Dinonofo tsa Bokeresete Di A Bonala

Paulo o simolola lokwalo lwa gagwe ka go supa kafa a ratang badumedi ba Bafilipi ka gone. (1:1-30) O ne a leboga Jehofa ka seabe sa bone mo go tswelediseng mafoko a a molemo mme a rapelela gore lorato lwa bone lo gole. Paulo o ne a itumelela go bo go tsenngwa ga gagwe mo kgolegelong go ne ga ba dira gore ba nne “choshologō bogolo go bua lehoko ya Modimo ba sena poihō.” O ne a eletsa go nna le Keresete mme o ne a batla go ba thusa. Paulo gape o ne a batla gore ba tswelele ba “ganèlèla tumèlō ea Mahoko a a Molemō ka mōea o le moñwe hèla.”

Morago o ne a ba gakolola ka boikutlo le boitsholo. (2:1-30) Bafilipi ba ne ba kgothalediwa go kgatlhegela ba bangwe le go supa boikokobetso jaaka Keresete. Ba ne ba ‘bonala jaaka masedi mo lefatsheng’ mme ba ne ba kgothalediwa go nna ba “[“kgomaretse,” NW] lehoko ya botshelō ka lecōgō.” Paulo o ne a solofetse go ba romelela Timotheo mme o ne a ba solofetsa gore le ene o ne a tla ya kwa go bone ka bonako. Paulo o ne a roma motlhanka yo o boikanngo, Epaforodito kwa go bone go ba tlhomamisetsa kaga gagwe, ereka a ne a kile a lwala thata.

Nnang Lo Gatela Pele go Fitlha kwa Mokgeleng

Morago moaposetoloi o ne a bontsha Bafilipi gore ba tlhome tsholofelo ya bone mo go eng fa ba ntse ba gatela pele go fitlha kwa mokgeleng. (3:1-21) E tshwanetse go tlhongwa mo go Jesu Keresete, eseng mo nameng kana mo go rupeng jaaka ba bangwe ba ne ba dira. Paulo o ne a leba dilo tse a neng a ka tlotlomadiwa ka tsone tsa nama jaaka malele ka ntlha ya “molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna.” Moaposetoloi o ne a ‘lekela thata go tsaya sekgele sa piletsogodimo ya Modimo mo go Keresete Jesu’ mme a kgothaletsa Bafilipi gore ba nne le mogopolo o o tshwanang.

Bafilipi ba ne ba ka nna ba bolokile mokgele wa bone le go bona tuelo ya bone fa ba ne ba ka dirisa kgakololo e e konelang ya ga Paulo. (4:1-23) O ne a ba kgothaletsa gore ba itsise Modimo mathata a bone ka thapelo mme ba nne ba akantse ka dilo tse di siameng. Paulo o ne a ba akgolela gape go aba ga bone mme a konela ka go ba dumedisa le go ba eleletsa gore ekete boutlwelobotlhoko jo bo sa tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo ka nna le moya o ba neng ba o bontsha.

Lokwalo lwa ga Paulo lo lo yang kwa go Bafilipi lo rotloetsa go aba, lorato le boikokobetso. Lo kgothaletsa go ikanya Keresete le go rapela Modimo go tswa mo pelong. Mme mafoko a ga Paulo eleruri a thusa Basupi ba ga Jehofa go nna ba gatela pele go fitlha kwa mokgeleng gore ba tle ba bone tuelo ya botshelo jo bosakhutleng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kwa Mokgeleng: “Ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele,” Paulo o ne a kwala jalo, “ke lekèla ka thata . . . go tsaea sekgèlè sa pilecōgodimo ea Modimo mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 3:13, 14) Moaposetoloi o ne a gatela kwa pele jaaka motho yo o mo lobelong. Ga a ka a senya nako le maatla a lebile kwa morago mme o ne a gatela pele gore a fitlhe kwa mokgeleng wa gagwe—jaaka mosiani yo o gagamaletseng go tshela mola wa go wetsa. Mokgele wa ga Paulo le Bakeresete ba bangwe e ne e le go tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo fa ba sena go wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ba ikanyega mo Modimong. Go sa kgathalesege gore tsholofelo ya rona ke ya legodimo kana ya lefatshe, a re tsweleleng re boloka bothokgami mo go Jehofa mme re gagamaleleng kwa mokgeleng jaaka Basupi ba gagwe.—2 Timotheo 4:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela