Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Moaposetoloi Paulo o ne a raya eng fa a ne a re o ne a ‘[lebala, NW] dilo tse di kwa morago, a gagamalela kwa dilong tse di kwa pele’? (Bafilipi 3:13) A go a kgonega gore motho a ka itebatsa sengwe ka bomo?
Nnyaa, gantsi re ka se kgone go ntsha sengwe ka bomo fela mo mogopolong wa rona. Ntlha ke gore, re lebala dilo tse dintsi tseo re batlang go di gakologelwa mme re gakologelwa dilo tse dintsi tseo re neng re tla rata go di lebala. Mme jaanong he, Paulo o ne a raya eng fa a ne a kwala mafoko a a mo go Bafilipi 3:13? Kgang ya gagwe ka kakaretso e tla re thusa gore re kgone go tlhaloganya.
Mo go Bafilipi kgaolo 3, Paulo o tlhalosa lebaka la gore a bo a na “le go ikanya . . . le mo go yone nama.” O ne a bua ka go tlhoka molato ga gagwe ga Bojuta le go tlhoafalela Molao ga gagwe—dilo tseo di ka bong di ne di mo diretse melemo e mentsi mo setšhabeng sa Baiseraele. (Bafilipi 3:4-6; Ditiro 22:3-5) Lefa go ntse jalo, o ne a gana melemo eo, a e kwala gore ke lefela, jaaka fa e ne e le lone. Ka ntlha yang? Gonne o ne a bone sengwe se se botoka e leng—“molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu.”—Bafilipi 3:7, 8.
Mokgele o mogolo wa ga Paulo e ne e se go fitlha mo maemong a lefatshe leno, mme ene ele go fitlha “mo go tsogeng ga baswi.” (Bafilipi 3:11, 12) Ka jalo, o ne a kwala jaana a re: “Ke [lebala] dilo tse di kwa morago, ke gagamalela kwa dilong tse di kwa pele. Ke lekela ka thata kwa sekaong, ke ya go tsaya sekgele sa piletsogodimo ya Modimo mo go Keresete Jesu.” (Bafilipi 3:13, 14) Fa Paulo a ne a re o ne a “[lebala] dilo tse di kwa morago,” o ne a sa reye gore ka tsela nngwe o ne a phimotse “dilo tse di kwa morago” mo mogopolong wa gagwe. Tota o ne a santse a di gakologelwa sentle, gonne o ne a bile a di bala. Kwa ntle ga moo, mo Segerikeng sa bogologolo o dirisitse lediri le le bontshang gore tiro eo e santse e tswelela, ga e ise e fele. A re “lebala” e seng “lebetse.”
Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano e le “lebala” (e·pi·lan·thaʹno·mai) le na le bokao jo bo farologaneng, jo bongwe ke “go se amege ka” kana go “tlhokomologa.” Go ya ka Exegetical Dictionary of the New Testament (e e kwadilweng ke Horst Balz le Gerhard Schneider), seno ke sone se tlhaloso “[go lebala]” e se rayang mo go Bafilipi 3:13. Paulo o ne a sa akanye thata ka dilo tse a di tlogetseng. O ne a ithutile go di leba e le dilo tse dinnyennyane fela. Di ne di tshwana fela le “malele fela” fa di tshwantshiwa le tsholofelo ya selegodimo.—Bafilipi 3:8.
Mafoko a ga Paulo a ka dira ka tsela e e ntseng jang gompieno? Jaaka Paulo, Mokeresete o ka nna a bo a ile a intsha setlhabelo gore a direle Modimo. A ka nna a bo a ile a tlogela botshelo jwa gagwe jo bo manobonobo gore a dire tirelo ya nako e e tletseng. Kana gongwe a ka nna a bo a tswa kwa lelapeng le le ikemetseng sentle mme ba bo ba kgaotsa go mo tlamela ka madi ka ntlha ya go bo ba sa rate boammaaruri. Go itima dilo mo go ntseng jalo go lebosega fela thata, mme ga se selo seo ba tshwanetseng go amega thata ka sone. Mokeresete o a “lebala,” o tlogela go akanya thata ka “dilo tse di kwa morago” ka ntlha ya isagwe e e molemolemo e a e lebeletseng.—Luke 9:62.
Gongwe molaomotheo ono o o mo mafokong a ga Paulo o ka nna wa dirisiwa ka tsela nngwe. Go tweng fa Mokeresete a kile a nna le boitshwaro jo bo sa siamang pele a ithuta ka Modimo? (Bakolosa 3:5-7) Kana gongwe morago ga go nna Mokeresete, a bo a dira boleo jo bo masisi mme a bo a kgalemelwa ke phuthego. (2 Bakorinthe 7:8-13; Jakobe 5:15-20) Fa e le gore o ikwatlhaile eleruri e bile o fetotse le metsamao ya gagwe, e nna motho yo o ‘tlhapisitsweng.’ (1 Bakorinthe 6:9-11) Se se diragetseng se fetile. O ka nna a seka a lebala ka mmatota seo a se dirileng—mme tota go ka nna botlhale fa a ka ithuta ka seo se diragetseng e le gore a seka a tlhola a dira boleo joo gape. Lefa go ntse jalo o ‘lebala’ ka kgopolo ya gore ga a nnele go tswelela a ntse a inyatsa. (Bapisa Isaia 65:17.) Ka ntlha ya go bo a itshwaretswe mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, o leka go se tshwenyege ka dilo tse di fetileng.
Mo go Bafilipi 3:13, 14, Paulo o itlhalosa e le motabogi yo o mo lebelong, yo o ‘gagamalelang’ go fitlha kwa mokgeleng. Motabogi o leba kwa pele eseng kwa morago. Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete o tshwanetse go leba masego a a kwa pele eseng dilo tse di setseng kwa morago. Paulo le ene o ne a re: “Fa lo le maikutlo a sele mo selong sengwe, le sone Modimo o tlaa se lo senolela.” (Bafilipi 3:15) Ka gone, rapela Modimo gore a go thuse o kgone go tlhagolela ntlha eno. Tlatsa mogopolo wa gago ka dikgopolo tsa Modimo tse di bonwang mo Baebeleng. (Bafilipi 4:6-9) Tlhatlhanya ka tsela eo Jehofa a go ratang ka yone le ka masego ao o a bonang ka ntlha ya gone. (1 Johane 4:9, 10, 17-19) Ka jalo, ka moya o o boitshepo, Jehofa o tla go thusa gore o seka wa tshwenyega ka dilo tse o di tlogetseng. Go na le moo, jaaka Paulo, o tla leba kwa pele kwa isagweng e e molemolemo.—Bafilipi 3:17.