Monna Yo O Rutegileng
“BA GA echo, a lo ko lo lebeñ go bidiwa ga lona, yaka go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ, go se bantsi ba ba nonohileñ, go se bantsi ba ba tlotlègañ, ba ba bidicweñ.” (1 Bakorintha 1:26) Go na le kotsi e e nnang gone fa motho a nwelelela thata mo botlhaleng jwa selefatshe kana a nna le maemo a a kwa godimo mo setšhabeng, fela jaaka mafoko ano a bontsha. Dilo tse di ntseng jalo di ka kgoreletsa motho gore a amogele mafoko a a molemo.—Diane 16:5; Mareko 10:25.
Lefa go le jalo, mo motlheng wa ga Paulo bangwe ba bao ba neng ba le botlhale kafa nameng ba ne ba amogela boammaaruri, mme mongwe wa bano e ne e le Paulo ka namana. Paulo e ne e le moreri yo o matlhagatlhaga, o ne a rutegile sentle ebile go lebega a ne a tswa mo lelapeng la maemo a a kwa godimo. Ka gone o ne a bontsha gore batho ba ba atlanegetsweng ke dilo mo lefatsheng leno ba ka kgona go direla Jehofa fa fela ba le dipelodintle. Ba ka kgona le e leng go dirisa dikgono tsa bone tsa boitshediso mo tirelong ya ga Jehofa.—Luke 16:9.
Motho wa kwa Tareso
Paulo o ne a tsalelwa kwa Tareso, “motse o o señ mmōtlana,” jaaka a ne a o tlhalosa moragonyana. (Ditihō 21:39) Gongwe ke gone koo a neng a ithuta dipuo gone—segolobogolo kitso ya puo ya Segerika—eo e neng ya mo solegela molemo thata mo tirong ya gagwe ya borongwa. Botshelo jwa kwa Tareso bo ka ne bo ile jwa dira gore Paulo a se tlwaelane fela le ditsela tsa Sejuda mme gape a tlwaelane le ngwao ya Baditšhaba, e le boitemogelo jo a neng a bo dirisa mo dingwageng tse di neng tsa latela moragonyana e le moaposetoloi mo merafeng. O ne a itse tsela e a ka ba tlhalosetsang boammaaruri ka yone e le gore ba kgone go tlhaloganya. (1 Bakorintha 9:21) Ka sekai, akanya ka puo ya gagwe e a neng a e neela Baathena e e kwadilweng mo go Ditihō kgaolo 17. Mo go yone, o ne a kopanya ka botswerere ditshupiso tsa bodumedi jwa Baathena le e leng tsopolo nngwe e e neng e tswa go nngwe ya maboko a bone mme a di gokaganya le puo ya gagwe ya boammaaruri.
Monni wa kwa Roma
Paulo o ne a na le tshiamelo e nngwe gape ya selefatshe. E ne e le monni wa kwa Roma, mme le yone gape o ne a e dirisa go tsweledisa pele mafoko a a molemo. Kwa Filipi, ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba itewa le go tsenngwa mo kgolegelong kwantle ga tsheko. E ne e se selo se se kafa molaong go se dira mo mothong yo e leng monni wa Roma, mme fa Paulo a ne a tlhokomedisa babusi lebaka leno, ba ne ba mo letla gore a name a ntse pele le go rerela phuthego pele a ka ya kwa lefelong le le latelang.—Ditihō 16:37-40.
Moragonyana, fa a ne a itlhagisa fa pele ga Mmusi Feseto, Paulo o ne a dirisa tshiamelo ya go bo e le monni wa Roma go kuela kgetsi ya gagwe go Kaesare. Ka gone, o ne a femela mafoko a a molemo fa pele ga mmusi yo mogolo wa Mmusomogolo wa Roma.—Ditihō 25:11, 12; Bafilipi 1:7.
Paulo o ne a rutiwa ka tsela e e molemo tota eo moragonyana e neng ya itshupa e le botlhokwa. Go lebega fa rraagwe a ne a mo ruta go dira ditente. Ka thuso ya seno, o ne a kgona go itshedisa fa a ne a tlhaelelwa ke madi a ntse a le mo bodiheding. (Ditihō 18:1-3) Gape o ne a rutiwa thata ka bodumedi. O ne a godisiwa e le ‘Mofarasai, morwa wa Bafarasai.’ (Ditihō 23:6) Eleruri, o ne a ithuta fa dinaong tsa ga Gamaliele, yo e neng e le mongwe wa barutisi ba Bajuda ba ba neng ba itsege thata. (Ditihō 22:3) Thuto e e ntseng jalo, gongwe e le e gompieno e ka bapisiwang le thuto ya boleng jo bo kwa godimo, ya yunibesiti, e ka ne e kaya gore gongwe batho ba lelapa la ga bone e ne e le ba maemo a a kwa godimo tota.
Go Nna le Pono E E Siameng
Tsela e Paulo a neng a godisitswe ka yone le e a neng a rutilwe ka yone e ne e ka dira gore a atlege thata mo isagweng mo bathong ba Sejuda. O ka bo a ile a kgona go atlega. Lefa go ntse jalo, erile fela fa a sena go amogela gore Jesu e ne e le Mesia, mekgele ya ga Paulo e ne ya fetoga. Fa a ne a kwalela Bafilipi, o ne a ba bontsha melemo mengwe ya selefatshe e a neng a na le yone mo nakong e e fetileng mme o ne a re: “Dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse ka ntlha ea ga Keresete. E, rure, ke kaea dilō cotlhe di ntatlhegetse, ka ntlha ea molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna oa me.”—Bafilipi 3:7, 8.
Monna yono yo o rutegileng o ne a se ka a eletsa seo a ka tswang a ka bo a ile a kgona go se dira ka thuto ya gagwe ya selefatshe; le gone o ne a se ka a eletsa go dirisa ‘thutego ya gagwe e kgolo’ go gatelela ba bangwe. (Ditihō 26:24; 1 Bakorintha 2:1-4) Go na le moo, ka go bontsha tumelo e e tletseng mo go Jehofa Modimo, o ne a bua jaana ka ditebelelo tse a neng a na le tsone pele, a re: “Ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè sa pilecōgodimo ea Modimo mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 3:13, 14) Paulo o ne a tsaya dilo tsa semoya di le botlhokwa.
Lefa go le jalo, Paulo o ne a dirisa thuto eo a neng a na le yone pele mo tirelong ya ga Jehofa. O ne a bua go tswa go se a se itemogetseng ka namana, fa a ne a bua jaana ka Bajuda, “Ke shupa kaga bōnè ha ba na le tlhōahalō kaga Modimo.” (Baroma 10:2) Eleruri o ne a tlhoafetse mo Modimong le mo Dikwalong, jaaka Mofarasai. Morago ga gore Paulo a nne Mokeresete, tlhoafalo ya gagwe e ne ya tlhotlhelediwa ke kitso ya boammaaruri, ebile o ne a kgona go dirisa thuto e a neng a na le yone pele ka boikaelelo jo bo siameng. Ka sekai, mo bukeng ya Bahebera o ne a dirisa kitso e kgolo e a neng a na le yone kaga hisitori ya Baiseraele le kobamelo ya kwa tempeleng gore a bontshe botlhokwa jwa thulaganyo ya Bokeresete.
Gompieno gape bangwe ba bao le bone ba leng botlhale ka tsela ya senama le bone ba arabela go mafoko a a molemo. Batho ba ba nang le thutego tse di farologaneng, mmogo le bao ba dirang ditiro tsa porofeshene le tsa diatla, ba ile ba amogela boammaaruri mme ba dirisa thutego e ba nang le yone mo tirelong ya ga Jehofa. Lefa go le jalo, Bakeresete ga ba a ka ba tlodisa matlho ntlha ya gore thutego e e botlhokwa ke ya semoya, go sa kgathalesege gore thutego ya bone ya boitshediso ke efe. Tseno ke “dilō tse di molemō” ka gonne di ka re isa kwa botshelong jo bosakhutleng.—Bafilipi 1:10.