LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 237-239
  • Buka ya Bibela ya bo 55—2 Timotheo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 55—2 Timotheo
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO TIMOTHEO WA BOBEDI
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Ke Eng Se se Ka re Thusang go Tshwara Lefoko la Boammaaruri Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Buka ya Bibela ya bo 54—1 Timotheo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Timotheo—“Ngwana wa Mmatota mo Tumelong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 237-239

Buka ya Bibela ya bo 55—2 Timotheo

Mokwadi: Paulo

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 65 C.E.

1. Go ne ga tsoga pogiso efe mo Roma mo e ka nnang ka 64 C.E., mme go bonala e ne ya bakiwa ke eng?

PAULO o ne a le legolegwa gape mo Roma. Lefa go ntse jalo, maemo a bogolelwa jono jwa bobedi e ne e le a a setlhogo go na le a ntlha. E ne e ka nna ka 65 C.E. Go ne go ile ga nna le molelo o o maswe mo Roma yotlhe ka July 64 C.E., o o neng o ile wa senya dikgaolo tse 10 tsa tse 14 tsa motsemogolo oo. Go ya ka raditiragalo wa Roma ebong Tacitus, Mmusimogolo Nero o ne a seka a kgona go “nyeletsa tumelo e e maswe ya gore molelo o o boitshegang oo o ne o tshubilwe ke ene. Ka baka leo, go nyeletsa pego eo, Nero o ne a tshwara balatofadiwa mme a bogisa setlhopha sengwe se se neng se ilwa ka baka la bomaswe jwa bone, bao ba neng ba bidiwa Bakeresete ke batho ba naga eo ka tlhokofatso e e setlhogo tota. . . . Go ne ga tshwarwa boidiidi jo bogolo jwa bone, ba sa tshwarelwe go bo ba ne ba ja motse oo ka molelo, mme e le ka gonne ba ne ba ilwa ke batho bao. Ba ne ba bolawa ka go sotliwa ka ditsela tse di farologaneng. Ba ne ba gagolakwa ke dintša ba sena go apesiwa matlalo a dibatana mme ba nyelela, kana ba ne ba kokotelwa mo difapaanong, kana ba latlhelwa mo dikgabong tsa molelo mme ba tuka, gore ba lale ba bonesitse jaaka dipone bosigo, morago ga letsatsi le sena go phirima. Nero o ne a letlelela gore digotlo tsa gagwe di dirisediwe tiro e e boitshegang eo . . . Batho bangwe ba ne ba ikutlwa ba ba tlhomogela pelo; ka gonne go ne go sa nna jaaka go ne go bonala, eleng gore ba ne ba senngwa ka go bo go ne go thusa batho ka sepe, mme ba ne ba senyediwa fela go kgotsofatsa bosetlhogo jwa monna a le mongwe fela.”a

2. Paulo o ne a kwala Timotheo wa Bobedi a le mo maemong afe, mme ke ka ntlhayang fa a bua ka kanaanelo kaga Onesiforo?

2 Paulo o ne a iphitlhela a le legolegwa gape mo Roma mo e neng e ka nna ka nako ya lekhubu leno la pogiso e e setlhogo. Ka nako eno o ne a golegilwe ka dikeetane. O ne a sa solofela go gololwa mme o ne a emetse katlholo ya bofelo le go bolawa. O ne a sa etelwe ke batho ba le kalo. Ebile tota, fa motho mongwe a ne a ka itshupa ka go sa iphitlhe fa e le Mokeresete o ne a ipaya mo kotsing ya go tshwarwa le go bolawa ka go tlhokofadiwa. Ka gone, Paulo o ne a ka kwala jaana a anaanela moeng wa gagwe yo o neng a tswa kwa Efeso a re: “A Morèna a utlwèlè ba ntlo ea ga Onesiforo botlhoko: gonne o nthusitse gantsi, me a se ka a tlhaywa ke ditlhoñ kaga ketane ea me; Me o rile a le mo Roma, a mpatla ka tlhōahalō, me a mpōna.” (2 Tim. 1:16, 17) Fa Paulo a ne a kwala a le mo moriting wa loso, o ipolela fa a le “moaposetoloi oa ga Keresete Yesu ka go rata ga Modimo, kaha poleloñ ea choloheco ea botshelō yo bo leñ mo go Keresete Yesu.” (1:1) Paulo o ne a itse gore o ne a tloga a ya go kopana le Keresete. O ne a ile a rera mo metseng e megolo e le mentsi ya lefatshe le le neng le itsiwe ka nako eo, go tswa kwa Jerusalema go ya kwa Roma, mme gongwe le eleng go ya fela kwa Spain. (Bar. 15:24, 28) O ne a dirile tiro ka boikanyegi go ya bokhutlong jwa yone.—2 Tim. 4:6-8.

3. Lokwalo lwa Timotheo wa Bobedi lo ne lwa kwalwa leng, mme lo solegetse Bakeresete molemo jang go kgabaganya dingwaga?

3 Lokwalo lono lo ka nna lwa bo lo ile lwa kwalwa mo e ka nnang ka 65 C.E., ka bokhutshwane fela pele ga go bolaelwa tumelo ga ga Paulo. Gongwe Timotheo o ne a santse a le mo Efeso, ka gonne Paulo o ne a ile a kgothaletsa Timotheo gore a nne koo. (1 Tim. 1:3) Jaanong, Paulo o mo kgothatsa gabedi gore a tle kwa go ene ka bofefo, mme o mo kopa gore a tle le Mareko, a bo a tle le kobo le memeno eo Paulo a neng a e tlogetse kwa Teroasa. (2 Tim. 4:9, 11, 13, 21) Ereka lokwalo lono lo ne lo kwadilwe ka paka e e diphatsa eno, lo ne lo tsholetse Timotheo kgothatso e e maatla, mme e nnile ya kgothatsa Bakeresete ba boammaaruri ka mo go nang le mosola mo dingwageng tsotlhe fa e sale ka nako eo.

4. Ke eng se se supang gore Timotheo wa Bobedi e boammaaruri ebile ke karolo ya Dikwalo?

4 Buka ya Timotheo wa Bobedi e boammaaruri ebile ke karolo ya Dikwalo ka mabaka a a setseng a boletswe kaga Timotheo wa Ntlha. E ne e dumelwa ebile e dirisiwa ke bakwadi ba ntlha le baakgedi, go akaretsa le Polycarp mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.

SEO SE LENG MO GO TIMOTHEO WA BOBEDI

5. Timotheo o na le tumelo ya mofuta ofe, mme lefa go le jalo ke eng se a tshwanetseng go nna a se dira?

5 “Tshegetsa sekaō sa mahoko a a tshedileñ” (1:1–3:17). Paulo o bolelela Timotheo gore ga a ke a mo lebala mo dithapelong tsa gagwe le gore o tlhologeletswe go mmona. O gakologelwa ‘tumelo e e senang boitimokanyo’ e Timotheo a nang nayo le e mmaagwemogolo Loise le mmaagwe Eunike ba neng ba na nayo pele. Timotheo o tshwanetse go kgotletsa jaaka ekete o kgotletsa molelo mpho e e mo go ene, ‘ka gonne Modimo o mo neile moya wa nonofo le lorato le wa mogopolo o o tlhomameng, eseng moya wa bogatlapa.’ A he a seka a tlhabisiwa ke ditlhong go supa le go boga bosula kaga mafoko a a molemo ka gonne bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo bo bontshitswe sentle ka go senolwa ga Mmoloki, Keresete Jesu. Timotheo o tshwanetse go “tshegetsa sekaō sa mahoko a a tshedileñ” ao a a utlwileng mo go Paulo, a a dibela jaaka selo se se molemo se a neilweng boikarabelo jwa sone.—1:5, 7, 13.

6. Paulo o ntsha kgakololo efe malebana le go ruta, mme Timotheo o ka nna modiri yo o amogelwang le selwana se se tlotlegang jang?

6 Timotheo o tshwanetse go neela “batho ba ba ikanyègañ, ba ba tla nonohañ le go di ruta ba bañwe” dilo tse a di ithutileng mo go Paulo. Timotheo o tshwanetse go itshupa fa a le motlhabani yo o molemo wa ga Keresete Jesu. Motlhabani ga a rate go itharaetsa ka kgwebo. Mo godimo ga moo, motho yo o newang sekgele kwa metshamekong o gaisana go ya ka melao. Timotheo o tshwanetse go akanyetsa mafoko a ga Paulo ka metlha, e le gore a tle a nne le temogo. Dilo tsa botlhokwa tse a tshwanetseng go di gakolola ba bangwe ke gore “Yesu Keresete . . . [o] cogile mo bashwiñ, e le oa losika loa ga Dafide” le gore batlhophiwa ba ba itshokang ba tla duelwa ka poloko le kgalalelo e e sa khutleng, ba busa mmogo le Keresete. Timotheo o tshwanetse go dira bojotlhe jwa gagwe go itshupa mo Modimong fa a le modiri, a bifela dipuo tse e seng tsa sepe tseo di sa tsamaisaneng le se se boitshepo, tse di ileng tsa anama jaaka ntho e e kekelang. Fela jaaka mo ntlong e kgolo selwana se se tlotlegang se kgaoganngwa le se se sa tlotlegeng, jalo Paulo o laya Timotheo gore a “tshabè dithatō tsa bokau, me [a] latèlè tshiamō, le tumèlō, le loratō, le kagishō, [a] na le ba ba bitsañ Morèna ka pelo e e itshekileñ.” Motlhanka wa Morena o tshwanetse go neneketsa batho botlhe, a itse go ruta, a laya ka bonolo.—2:2, 8, 22.

7. Ke ka ntlhayang fa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di tshwanetse go nna le mosola segolobogolo “mo metlheñ ea bohèlō”?

7 “Mo metlheñ ea bohèlō,” go tla nna le dipaka tse di thata go dirisana natso le batho ba ba itshupang fa tota ba sena poifomodimo e ba itshemang ba na nayo, “e le ba ba nntseñ ba ithuta, me ba sa nonoha gopè go hitlha mo kicoñ ea boamarure.” Mme Timotheo o ile a latela thuto ya ga Paulo ka kelotlhoko, botshelo jwa gagwe, le dipogiso tsa gagwe, tseo Morena a ileng a mo golola mo go tsone. O oketsa ka go re: “E, le botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō.” Lefa go ntse jalo, Timotheo o tshwanetse go tswelela a dira dilo tse a sa bolong go di ithuta go tswa bonyaneng jwa gagwe, e le dilo tse di ka kgonang go mo tlhalefisetsa polokong, ka gonne “lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile le mosola.”—3:1, 7, 12, 16, NW.

8. Paulo o kgothaletsa Timotheo go dira eng, mme ke eng se Paulo a se itumelelang thata mo ntlheng eno?

8 Go fetsa tirelo ka botlalo (4:1-22). Paulo o laela Timotheo go “rèra lehoko” ka potlako. (4:2) Go tla tla nako eo batho ba tla sekeng ba reetse thuto e e tshedileng mme ba sokologele kwa baruting ba maaka, mme a Timotheo ene a nne tekanyo mo dilong tsotlhe, ‘a dire tiro ya moefangele, a fetse tirelo ya gagwe ka botlalo.’ Ereka Paulo a lemoga fa loso lwa gagwe lo le gaufi, o itumelela gore o tlhabane ntwa e e molemo, gore o digetse sebaka sa tshiano ebile o bolokile tumelo. Jaanong o lebeletse tuelo, eleng “serwalō sa tshiamō” ka tshepo.—4:5, 8.

9. Paulo o bua ka tshepo efe e a nang nayo mo maatleng a Morena?

9 Paulo o kgothaletsa Timotheo gore a tle kwa go ene ka bonako mme ebile o mo neela ditaelo dingwe kaga mosepele oo. Fa Paulo a ne a iphemela lantlha mongwe le mongwe o ne a mo tlogela, mme Morena o ne a mo fa nonofo e le gore tiro ya go rera e tle e wediwe ka botlalo mo baditšhabeng. Ee, o tshepile gore Morena o tla mo golola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula a bo a mmoloke ka baka la Bogosi jwa Gagwe jwa selegodimo.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

10. (a) Ke molemo ofe o o kgethegileng o o gatelelwang mo ‘lokwalong longwe le longwe’ o o kaiwang mo go Timotheo wa Bobedi, mme Bakeresete ba tshwanetse go lekela go nna eng? (b) Ke tlhotlheletso efe e e tshwanetseng go tilwa, mme seno se ka dirwa jang? (c) Ke eng seo se santseng se tlhokega ka potlako?

10 “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile lo mosola.” (NW) Lo molemo mo go eng? Paulo o re bolelela mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi lo o lo kwalelang Timotheo a re: “Go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (3:16, 17) Ka gone, go gatelelwa molemo wa “go ruta” mo lokwalong lono. Batho botlhe ba ba ratang tshiamo gompieno ba tshwanetse go utlwa kgakololo e e botlhale ya lokwalo lono fa ba lekela go nna barutisi ba Lefoko le fa ba ntse ba dira bojotlhe jwa bone go nna badiri ba ba amogelwang ke Modimo, ba ‘dirisa lefoko la boammaaruri sentle.’ Jaaka kwa Efeso wa motlha wa ga Timotheo, jalo le mo motlheng ono wa segompieno, go na le bao ba itshunyatshunyang mo ‘dipotsong tsa bonyana le tse di senang kitso,’ bao ba “nntseñ ba ithuta, me ba sa nonoha gopè go hitlha mo kicoñ ea boamarure,” le bao ba ganang “thutō e e itekanetseñ” ba reetsa barutisi ba ba babanyang ditsebe tsa bone ka tsela e ba batlang ka yone ka baka la bogagapa jwa bone. (2:15, 23; 3:7; 4:3, 4) Gore motho a tile tlhotlheletso eno ya selefatshe e e leswefatsang, go tlhokega gore a ‘nne a tshegetse sekao sa mafoko a a tshedileng’ ka tumelo le lorato. Mo godimo ga moo, go tlhokega ka potlako gore batho ba ba oketsegileng ba ‘tshwanelege ka botlalo go ruta ba bangwe’ mo teng mmogo le ka kwa ntle ga phuthego, fela jaaka Timotheo, “motho oa Modimo.” Bao ba sikarang boikarabelo jono sentle ba itumela eletota, ba kgona go ‘tshwanelegela go ruta ka bonolo,’ ebile ba rera lefoko “ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta”!—1:13; 2:2, 24, 25; 4:2.

11. Ke kgakololo efe e basha ba e newang?

11 Jaaka Paulo a ile a tlhalosa, Timotheo o ne a sale a itse dikwalo tse di boitshepo “mo bonyaneñ” ka ntlha ya go bo Loise le Eunike ba ile ba mo ruta ka lorato. “Mo bonyaneñ” gape go kaya nako e go tshwanetsweng ga simololwa go ruta bana Bibela ka yone gompieno. Mme go tweng fa, mo dingwageng tsa moragonyana, molelo wa botlhaga wa kwa tshimologong o simolola go tima? Kgakololo ya ga Paulo ke gore molelo oo o tshwanetse go kgotlediwa gape ka moya wa “nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla,” go bolokilwe tumelo e e senang boitimokanyo. O ne a re “mo metlheñ ea bohèlō,” go tla nna le dipaka tse di thata, tse go tla bong go na le mathata a go sa utlweng ga thaka e tshesane le dithuto tsa maaka. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore batho ba basha segolobogolo, le ba bangwe botlhe, ba ‘boloke megopolo e e lekalekaneng mo dilong tsotlhe, ba bo ba wetse bodihedi jwa bone ka botlalo.’—3:15; 1:5-7; 3:1-5; 4:5.

12. (a) Paulo o ne a tlhokomedisa Losika lwa Bogosi jang, mme o ne a bua ka tsholofelo efe? (b) Batlhanka ba Modimo gompieno ba ka nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Paulo jang?

12 Go na le mosola go lwela sekgele seo. (2:3-7) Malebana le seno, Paulo o lebisa tlhokomelo go Losika lwa Bogosi, a re: “Gakologèlwa Yesu Keresete, ha a cogile mo bashwiñ, e le oa losika loa ga Dafide, kaha Mahokuñ a a Molemō.” Tsholofelo ya ga Paulo e ne e le go nnela mo kutlwanong ruri le Losika loo. Fa pelenyana o bua ka go bolawa ga gagwe mo go atamelang ka mafoko a phenyo a re: “Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō, se Morèna, moatlhodi oa tshiamō, o tla se nnaeañ mo tsatsiñ yeuō: me e señ nna nosi, e leñ le bōnè botlhe ba ba ratileñ go bōnatshèga ga gagwè.” (2:8; 4:8) Abo botlhe bao ba ka kgonang go gakologelwa tirelo ya bone ya boikanyegi eo ba e dirileng ka dingwaga di le dintsi tse di fetileng mme ba bua mafoko a a tshwanang ba itumela jang ne! Lefa go ntse jalo, seno se tlhoka gore re direle ka bothokgami jaanong, re rata go bonatshiwa ga ga Jesu Keresete, mme ebile re bontsha fa re na le tshepo e e tshwanang le e Paulo a neng a e bontsha fa a ne a kwala ka go re: “Morèna o tla nkgolola mo tihoñ ñwe le ñwe e e boshula, me o tla mpolokèla go nkisa bogosiñ yoa gagwè yoa selegodimo: eo kgalalèlō e ka kañ ea nna go èna ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. Amen.”—4:18.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a The Complete Works of Tacitus, 1942, e e kwadilweng ke Moses Hadas, ditsebe 380-1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela