Timotheo—“Ngwana wa Mmatota mo Tumelong”
TIMOTHEO o ne a le mmotlana thata fa moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a ne a mo tlhopha gore mo pate mo maetong a gagwe. Seno se ne se simolola botsala jo bo neng bo tla tswelela ka dingwaga tse di ka nnang 15. Kamano eno e ne ya gola thata jaana mo gare ga banna ba babedi bano mo e leng gore Paulo o ne a ka bitsa Timotheo “ngwanake yo o rategang le yo o boikanngo mo Moreneng,” le “ngwana wa mmatota mo tumelong.”—1 Bakorintha 4:17; 1 Timotheo 1:2.
Ke eng se se malebana le botho jwa ga Timotheo se se ileng sa dira gore Paulo a mo rate jaana? Go tlile jang gore Timotheo a nne tsala e e botlhokwa jaana? Mme ke dithuto dife tse di botlhokwa tse re ka di ithutang mo pegong e e tlhotlheleditsweng ka ditiro tsa ga Timotheo?
Go Tlhophiwa ke Paulo
Moaposetoloi yono Paulo o ne a bona morutwa yo mosha Timotheo fa a ne a etetse kwa Lisetera (e leng Turkey ya motlha wa rona) mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa mo e ka nnang ka 50 C.E. Timotheo yo o ka tswang a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo tsa bolesome kana mo tshimologong ya dingwaga tsa bo20, o ne a buiwa molemo ke Bakeresete ba kwa Lisetera le ba kwa Ikonio. (Ditiro 16:1-3) O ne a diragatsa se leina la gagwe le neng le se kaya, “Yo o Tlotlang Modimo.” Timotheo o ne a rutilwe Dikwalo tse di Boitshepo go tswa bongwaneng ke mmaagwemogolo Loise le mmaagwe e bong Yunise. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Gongwe ba ile ba amogela Bokeresete ka nako ya loeto lwa ntlha lwa ga Paulo kwa motseng wa bone dingwaga di sekaenyana pele ga moo. Jaanong, ka moya o o boitshepo, polelelopele nngwe e supa se isagwe ya ga Timotheo e tla nnang sone. (1 Timotheo 1:18) Go dumalana le kaelo eo, Paulo le banna ba bagolwane ba phuthego ba ne ba baya lekawana leno diatla, ka go dira jalo ba mo tlhaolela tirelo e e kgethegileng mme moaposetoloi yono a mo tlhopha gore a mo pate mo tirong ya borongwa.—1 Timotheo 4:14; 2 Timotheo 1:6.
E re ka rraagwe e ne e le Mogerika yo o sa dumeleng, Timotheo o ne a sa rupisiwa. Le gale, e ne e se patlafalo ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, go tlosa sekgopi mo Bajudeng bao ba neng ba ya go ba etela, Timotheo o ne a ineela go dirwa selo se se botlhoko seno.—Ditiro 16:3.
A pele ga moo Timotheo o ne a tsewa e le Mojuda? Bakanoki bangwe ba bolela gore go ya ka dibuka dingwe tsa borabi, “boemo jwa ngwana yo o tlileng ka lenyalo la batho ba maemo a a farologaneng bo ne bo tsewa go ya ka se mmagwe a neng a le sone, e seng rragwe.” Se se rayang gore “mosadi wa Mojuda o tshola bana ba Bajuda.” Le fa go ntse jalo, mokwadi Shaye Cohen o belaela gore a tota “molao o o ntseng jalo wa borabi o ne o setse o dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.” le gore a o ne o latelwa ke Bajuda ba kwa Asia Minor. Morago ga go sekaseka bosupi jwa hisitori, o ne a swetsa gore fa banna ba Baditšhaba ba nyala basadi ba Baiseraele, “bana ba manyalo ano ba ne ba tsewa e le Baiseraele fela fa lelapa le ne le nna mo gare ga Baiseraele. Bana ba ne ba wela kafa letlhakoreng la mmaabone fa ba ne ba nna mo nageng ya mmaabone. Fa mosadi wa Moiseraele a fudugela kwa lefatsheng le sele go ya go nna le monna wa gagwe wa Moditšhaba, bana ba gagwe ba ne ba tsewa e le Baditšhaba.” Le fa go ntse jalo, go bo Timotheo a ne a na le batsadi ba merafe e e farologaneng go tshwanetse ga bo go ile ga mo thusa thata mo tirong ya go rera. O ne a se kitla a nna le bothata jwa go tlwaelana le Bajuda kana le Baditšhaba, gongwe e bile go ne go mo thusa go fenya bothata jwa go se utlwane jo bo neng bo le fa gare ga bone.
Loeto lwa ga Paulo kwa Lisetera lo ne lo tshwaya nako e e botlhokwa thata mo botshelong jwa ga Timotheo. Go ikemisetsa ga lekawana leno go latela kaelo ya moya o o boitshepo le go dirisana ka boikokobetso le bagolwane ba Bakeresete go ile ga dira gore a bone masego le ditshiamelo tse dikgolo tsa tirelo. Le fa Timotheo a ka tswa a ile a lemoga seo ka nako eo kana nnyaa, ka kaelo ya ga Paulo moragonyana o ne a tla dirisediwa ditiro tse di botlhokwa tsa puso ya Modimo, di dira gore a ye kgakala le legae kwa Roma, motsemoshate wa mmusomogolo.
Timotheo O ne A Etleetsa Dilo Tse di Direlwang Bogosi
Ga re na pego e e feletseng ka ditiro tsa ga Timotheo, mme o ile a tsamaya thata go etleetsa dilo tse di direlwang Bogosi. Loeto lwa ga Timotheo lwa ntlha le Paulo le Silase ka 50 C.E. lo ile lwa dira gore a ralale Asia Minor le go ela kwa Yuropa. Fa a le koo o ne a nna le seabe mo letsholong la go rera kwa Filipi, Thesalonika le Berea. Fa kganetso e sena go dira gore Paulo a ye Athena, Timotheo le Silase ba ne ba sala kwa Berea gore ba tlhokomele setlhopha sa barutwa se se neng se tlhomilwe koo. (Ditiro 16:6–17:14) Moragonyana, Paulo o ne a roma Timotheo kwa Thesalonika go ya go nonotsha phuthego e ntšha koo. Timotheo o ne a lere dikgang tse di itumedisang ka kgatelopele ya phuthego eno fa a ne a kopana le Paulo kwa Korintha.—Ditiro 18:5; 1 Bathesalonika 3:1-7.
Dikwalo ga di tlhalose gore Timotheo o ne a nna nako e kana kang le Bakorintha. (2 Bakorintha 1:19) Le fa go ntse jalo, gongwe mo e ka nnang ka 55 C.E., Paulo o ne a akanya ka go mo romela gape kwa go bone ka gonne o ne a amogetse dikgang tse di sa itumediseng ka boemo jwa bone. (1 Bakorintha 4:17; 16:10) Moragonyana, Timotheo a na le Eraseto o ne a romiwa go tswa kwa Efeso go ya Makedonia. Mme fa Paulo a kwalela Baroma go tswa kwa Korintha, Timotheo o ne a na le ene gape.—Ditiro 19:22; Baroma 16:21.
Timotheo le ba bangwe ba ne ba tswa kwa Korintha le Paulo fa a ne a ya Jerusalema, mme ba ne ba pata moaposetoloi yono go fitlha kwa Teroase. Ga go itsiwe gore a Timotheo o ne a tswelela a ya Jerusalema. Mme le fa go ntse jalo, o umakiwa mo matsenong a makwalo a mararo a Paulo a neng a a kwala a le kwa Roma mo e ka nnang ka 60-61 C.E.a (Ditiro 20:4; Bafilipi 1:1; Bakolosa 1:1; Filemone 1) Paulo o ne a ikemiseditse go roma Timotheo go tloga kwa Roma go ya Filipi. (Bafilipi 2:19) Fa Paulo a sena go gololwa kwa kgolegelong, Timotheo o ne a sala kwa Efeso ka kaelo ya moaposetoloi yono.—1 Timotheo 1:3.
E re ka go tsaya loeto mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne go se motlhofo e bile go se monate, go iketleeletsa ga ga Timotheo go tsaya maeto a mantsi jaana ka ntlha ya diphuthego ke selo se se akgolwang tota. (Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1996, tsebe 29, lebokoso.) Akanya fela ka nngwe ya maeto a a neng a tla a tsaya le seo seno se re se rutang ka Timotheo.
Tshedimosetso ka Botho Jwa ga Timotheo
Timotheo o ne a na le Paulo kwa Roma fa moaposetoloi yo o tswaletsweng kwa kgolegelong a ne a kwalela Bakeresete ba ba bogisiwang ba kwa Filipi a re: “Ke solofetse mo Moreneng Jesu go roma Timotheo kwa go lona mo bogautshwaneng, gore ke tle ke nne moya o o thamileng fa ke tla go itse kaga dilo tse di malebang le lona. Gonne ga ke na ope o sele wa tshekamelo e e tshwanang le ya gagwe yo o tla tlhokomelang ka mmatota dilo tse di malebang le lona. Gonne ba bangwe botlhe ba senka melemo ya bone, e seng ya ga Keresete Jesu. Mme lo itse bosupi jo a neng a bo naya kaga gagwe, gore jaaka ngwana le rraagwe o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.”—Bafilipi 1:1, 13, 28-30; 2:19-22.
Mafoko ao a ne a gatelela kafa Timotheo a neng a amegile ka teng ka badumedikaene. Ntle le fa a ne a tsamaya ka mokoro, loeto lo lo ntseng jalo lo ne lo tsaya motsamao wa malatsi a le 40 ka dinao go tloga kwa Roma go ya Filipi, le go kgabaganya Lewatle la Adriatic, go tswa foo o bo o tsaya malatsi a le 40 gape go boela kwa Roma. Timotheo o ne a ikemiseditse go dira dilo tseo tsotlhe gore a tle a direle bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe.
Le mororo Timotheo a ne a tsamaya thata, ka dinako tse dingwe o ne a sa itekanela mo mmeleng. Go bonala fa a ne a na le bothata bongwe jwa mala mme o ne a na le “makgetlo a go bobola gangwe le gape.” (1 Timotheo 5:23) Le fa go ntse jalo, o ne a dira gotlhe mo a ka go kgonang ka ntlha ya dikgang tse di molemo. Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a na le kamano e e gaufi jaana le ene!
Ka kaelo ya moaposetoloi le ka ntlha ya maitemogelo a ba nnileng le one mmogo, go bonala fa Timotheo a ile a nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Paulo. Ka jalo, Paulo o ne a ka mo raya a re: “O latetse thuto ya me sentlentle, tsela ya me ya botshelo, boikaelelo jwa me, tumelo ya me, go itshwara ka bopelotelele ga me, lorato lwa me, boitshoko jwa me, dipogiso tsa me, dipogo tsa me, mofuta wa dilo tse di neng tsa ntiragalela kwa Antioka, kwa Ikonio, kwa Lisetera, mofuta wa dipogiso tse ke di itshoketseng.” Timotheo o ne a lela le Paulo, a le mo dithapelong tsa gagwe mme a dira mmogo le ene go etlesetsa dilo tse di direlwang Bogosi.—2 Timotheo 1:3, 4; 3:10, 11.
Paulo o ile a kgothatsa Timotheo gore a se ka a letla ‘motho ope go lebelela bosha jwa gagwe kwa tlase.’ Se se ka tswa se supa gore ka tsela nngwe Timotheo o ne a le ditlhong, a etsaetsega go dirisa thata ya gagwe. (1 Timotheo 4:12; 1 Bakorintha 16:10, 11) Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go ikemela, mme Paulo o ne a ka mo roma a tlhatswegile pelo gore a ye go dira ditiro dingwe tsa maikarabelo. (1 Bathesalonika 3:1, 2) Fa Paulo a lemoga gore go tlhokega bolebedi jo bo nonofileng jwa puso ya Modimo kwa phuthegong ya Efeso, o ne a kgothaletsa Timotheo gore a nne koo gore a “laole bangwe gore ba se ka ba ruta thuto ya motheo e sele.” (1 Timotheo 1:3) Le fa go ntse jalo, le mororo Timotheo a ne a na le maikarabelo a mantsi, o ne a le boingotlo. Mme go sa kgathalesege ditlhong tse a ka tswang a ne a na le tsone, o ne a le pelokgale. Ka sekai, o ne a ya kwa Roma go ya go thusa Paulo, yo o neng a sekisediwa tumelo ya gagwe. Tota e bile, Timotheo ka boene o kile a nna nakwana mo kgolegelong, gongwe e le ka mabaka a a tshwanang.—Bahebera 13:23.
Kwantle ga pelaelo, Timotheo o ile a ithuta mo gontsi mo go Paulo. Tsela e moaposetoloi a neng a tseela modirimmogokaene yono kwa godimo ka teng go supiwa ke lebaka la go bo a ile a mo kwalela makwalo a mabedi a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a a mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mo e ka nnang ka 65 C.E., fa Paulo a ne a lemoga gore o tla tloga a nna moswelatumelo, o ile a boa gape a bitsa Timotheo. (2 Timotheo 4:6, 9) Gore a Timotheo o ile a kgona go bona Paulo pele ga moaposetoloi yono a bolawa, Dikwalo ga di tlhalose.
Dira Gore o Kgone go Dirisiwa!
Go na le mo gontsi mo re ka go ithutang mo sekaong se sentle sa ga Timotheo. O ile a solegelwa molemo thata ka go tsalana le Paulo, a gola a sa tlhole a le mosha yo o ditlhong mme a nna molebedi. Makawana a Bakeresete a ka solegelwa molemo thata ka go nna le botsalano jo bo ntseng jalo gompieno. Mme fa ba dira tirelo ya ga Jehofa tsela ya bone ya botshelo, ba tla nna le tiro e ntsi e e mosola e ba ka e dirang. (1 Bakorintha 15:58) Ba ka nna ba nna babulatsela, kana baboledi ba nako e e tletseng, kwa diphuthegong tse ba leng kwa go tsone, kana ba ka nna ba direla kwa go tlhokegang baboledi ba bantsi ba Bogosi gone. Gare ga dilo tse dintsi tse ba ka di dirang ke tiro ya borongwa kwa dinageng tse dingwe kana go direla kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower kana kwa go nngwe ya makala a yone. Mme gone, Bakeresete botlhe ba ka bontsha moya o o tshwanang le wa ga Timotheo, ka go direla Jehofa ka peloyotlhe.
A o batla go tswelela pele o gola semoyeng, gore o thuse mo phuthegong ya ga Jehofa ka tsela le fa e le efe e a bonang go tshwanela? Fa go ntse jalo dira se Timotheo a neng a se dira. Go ya ka mo go kgonegang ka teng, dira gore o kgone go dirisiwa. Ke mang yo o itseng gore o tla bona ditshiamelo dife tsa tirelo mo nakong e e tlang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Timotheo o umakiwa gape mo makwalong a mangwe a manè a ga Paulo.—Baroma 16:21; 2 Bakorintha 1:1; 1 Bathesalonika 1:1; 2 Bathesalonika 1:1.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
“Ga ke na ope o sele wa tshekamelo e e tshwanang le ya gagwe”