LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 100 ts. 232-ts. 233 ser. 2
  • Paulo le Timotheo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Paulo le Timotheo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Timotheo—O ne A Ipaakantse e Bile a Ikemiseditse go Direla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Timotheo O ne A Batla go Thusa Batho
    Ruta Bana ba Gago
  • Timotheo—“Ngwana wa Mmatota mo Tumelong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 100 ts. 232-ts. 233 ser. 2
Paulo, Silase le Timotheo

THUTO 100

Paulo le Timotheo

Yunise, Loise le Timotheo a le mmotlana

Timotheo e ne e le mosha wa phuthego ya kwa Lisetera. Rraagwe e ne e le Mogerika mme mmaagwe e le Mojuda. Mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba mo ruta ka Jehofa go tloga ka nako ya fa a sa le monnye.

Lekgetlo la bobedi fa Paulo a etetse Lisetera go ya go rera dikgang tse di molemo, o ne a lemoga gore Timotheo o rata bakaulengwe ba gagwe thata e bile o rata go ba thusa. Paulo o ne a kopa Timotheo gore a tsamaye le ene. Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a thusa Timotheo gore a itse go rera le go ruta batho dikgang tse di molemo.

Moya o o boitshepo o ne o kaela Paulo le Timotheo mo tirong ya bone. Bosigo bongwe, Paulo o ne a lora monna mongwe wa kwa Makedonia a mo kopa gore a ye go ba thusa. Ka jalo, Paulo, Timotheo, Silase le Luke ba ne ba ya go rera koo le go simolola diphuthego.

Batho ba le bantsi ba kwa toropong ya Thesalonika kwa Makedonia, ba ne ba nna Bakeresete. Mme Bajuda bangwe ba ne ba fufegela Paulo le ditsala tsa gagwe. Ba ne ba isa Paulo le ditsala tsa gagwe kwa dikgosing tsa motse ba goa ba re: ‘Banna bano ba kgatlhanong le puso ya Roma!’ Paulo le Timotheo ba ne ba siela kwa Berea bosigo ka gonne batho ba ne ba batla go ba bolaya.

Batho ba kwa Berea ba ne ba kgatlhegela go ithuta Baebele e bile Bagerika le Bajuda ba koo ba ne ba nna Bakeresete. Paulo o ne a tshaba kwa Athena fa Bajuda bangwe ba kwa Thesalonika ba ne ba mo bakela mathata. Mme Timotheo le Silase ba ne ba sala kwa Berea ba thusa bakaulengwe ba koo. Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a kopa Timotheo gore a boele gape kwa Thesalonika go ya go thusa bakaulengwe ba ba neng ba bogisiwa. Mme moragonyana, o ne a mo kopa gore a etele diphuthego di le dintsi le go di kgothatsa.

Moaposetoloi Paulo a golegetswe mo motlhokomeding mo ntlong nngwe mme a bolelela Timotheo gore a kwale eng mo lekwalong

Paulo o ne a raya Timotheo a re: ‘Batho ba ba batlang go direla Jehofa ba tla bogisiwa.’ Timotheo o ne a bogisiwa le go tsenngwa mo kgolegelong ka gonne o ne a direla Modimo. O ne a itumelela seo ka gonne e ne e le tshono ya go bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa.

Paulo o ne a raya bakaulengwe ba kwa Filipi a re: ‘Ke romela Timotheo kwa go lona. O tla lo ruta Dikwalo le go lo bontsha gore lo dire tiro ya go rera jang.’ Paulo o ne a tshepa Timotheo. E ne e le ditsala e bile ba ne ba feditse dingwaga di le dintsi ba direla Modimo mmogo.

“Ga go na ope yo nka mo romelang yo o tshwanang le ene yo ruri a tla lo thusang ka dilo tse lo di tlhokang. Ba bangwe botlhe ba ikakanyetsa ba le bosi mme ga ba dire dilo tse Jesu Keresete a di batlang.”​—Bafilipi 2:20, 21

Dipotso: Timotheo e ne e le mang? Goreng Paulo le Timotheo e ne e le ditsala tse dikgolo jaana?

Ditiro 16:1-12; 17:1-15; Bafilipi 2:19-22; 2 Timotheo 1:1-5; 3:12, 14, 15; Bahebera 13:23

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela