LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 13 ts. 28-29
  • Timotheo O ne A Batla go Thusa Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Timotheo O ne A Batla go Thusa Batho
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Timotheo—O ne A Ipaakantse e Bile a Ikemiseditse go Direla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Paulo le Timotheo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Timotheo—“Ngwana wa Mmatota mo Tumelong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 13 ts. 28-29
Timotheo yo mmotlana o ithuta mo go mmaagwe e bong Yunise le mmemogolo Loise

KAROLO 13

Timotheo O ne A Batla go Thusa Batho

Timotheo e ne e le lekawana le le neng le rata go thusa batho. O ne a ya kwa mafelong a le mantsi go ya go thusa ba bangwe. Ka ntlha ya seno, botshelo jwa gagwe bo ne bo itumedisa thata. A o ka rata go utlwa ka jone?—

Mmaagwe Timotheo le nkokoagwe ba ne ba mo ruta ka Jehofa

Timotheo o goletse kwa toropong nngwe e e bidiwang Lisetera. Fa a ne a sa ntse a le monnye, nkoko wa gagwe e bong Loise le mmaagwe e bong Yunise ba ne ba simolola go mo ruta ka Jehofa. Fa Timotheo a ntse a gola, o ne a batla go thusa ba bangwe gore ba ithute ka Jehofa.

Fa Timotheo a sa ntse a le mosha, Paulo o ne a mo kopa gore a tsamaye le ene go ya go rera kwa mafelong a mangwe. Timotheo o ne a re: ‘Go siame!’ O ne a batla go ya go thusa ba bangwe.

Timotheo o ne a tsamaya le Paulo go ya kwa toropong ya Thesalonika e e neng e le kwa Makedonia. Gore ba fitlhe koo, ba ne ba tshwanetse go tsamaya ka dinao sekgala se se telele, go tswa foo ba bo ba palama mokoro. Fa ba sena go goroga, ba ne ba thusa batho ba le bantsi go ithuta ka Jehofa. Mme go ne go na le batho bangwe ba ba neng ba galefile mme ba batla go ba utlwisa botlhoko. Ka jalo, Paulo le Timotheo ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya mme ba ye go rera kwa mafelong a mangwe.

Timotheo o tsamaya le moaposetoloi Paulo ka mokoro

Timotheo o ne a tshela botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgatlhang

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Paulo o ne a kopa Timotheo gore a boele kwa Thesalonika mme a ye go bona gore bakaulengwe ba ne ba tsogile jang. Go ne go tlhokega bopelokgale jo bogolo go boela kwa toropong e e kotsi eo! Mme Timotheo o ne a ya ka gonne o ne a tshwenyegile ka bakaulengwe ba koo. O ne a boela kwa go Paulo ka dikgang tse di itumedisang. Bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba ne ba dira sentle thata!

Timotheo o ne a bereka le Paulo ka dingwaga di le dintsi. Paulo o kile a kwala gore Timotheo ke ene motho yo a neng a siametse gore a ka mo roma go ya go thusa diphuthego. Timotheo a ne a rata Jehofa le batho.

A o rata batho mme o batla go ba thusa gore ba ithute ka Jehofa?— Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna le botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgatlhang fela jaaka Timotheo!

DIPOTSO:

  • Timotheo o goletse kae?

  • A Timotheo o ne a batla go tsamaya le Paulo? Ka ntlha yang?

  • Ke eng fa Timotheo a ne a boela kwa Thesalonika?

  • Wena o ka nna jang le botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgatlhang fela jaaka Timotheo?

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • 2 Timotheo 1:5; 3:15

  • Ditiro 16:1-5; 17:1-10

  • 1 Bathesalonika 3:2-7

  • Bafilipi 2:19-22

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela