Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya bo 4—Bibela le Dikwalo tse E Leng Karolo ya Yone
Kwa lefoko “Bibela” le simologileng gone; go bona dibuka tse tota eleng karolo ya Laeborari ya Bomodimo; go ganwa ga Apocrypha.
1, 2. (a) Lefoko la Segerika bi·bliʹa le kaya eng ka kakaretso? (b) Mafoko ano le a mangwe ao a amanang le one a dirisiwa jang mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika? (c) Lefoko “Bibela” le ne la tla jang mo puong ya Seesemane?
EREKA Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di bidiwa Bibela ka tlwaelo, go kgatlha tota go batlisisa gore lefoko “Bibela” le simolotse kae le gore le kaya eng. Le tserwe mo lefokong la Segerika bi·bliʹa, leo le kayang “dibukana.” Leno le lone le tserwe go biʹblos, lefoko le le tlhalosang karolo e e kafa teng ya sejalo sa koma, eleng seo “pampiri” e e kwalelang e neng e dirwa ka sone mo metlheng ya bogologolo. (Boemelakepe jwa Fonikia jwa Gebal, joo koma e neng e rekwa go tswa kwa Egepeto ka jone, Bagerika ba ne ba bo bitsa Byblos. Bona Yoshue 13:5, ntlhanyana e e kwa tlase e e go NW.) Dipolelo tse dingwe tse di farologaneng tse di kwadilweng mo mofuteng ono wa sekwalelo di ne tsa itsiwe ka lefoko bi·bliʹa. Ka gone mekwalo, memeno, dibuka, makwalo, kana dikwalo kana le eleng laeborari fela ya dibukana di ne tsa bidiwa bi·bliʹa.
2 Se se gakgamatsang ke gore lefoko “Bibela” ka bolone fela ga le fitlhelwe mo ditemaneng tsa Seesemane kana mo dithanolelong tsa dipuo tse dingwe tsa Dikwalo tse di Boitshepo. Lefa go ntse jalo, Dikwalo tsa Sehebera tse di neng di setse di phuthilwe ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. di ne di bidiwa ta bi·bliʹa ka puo ya Segerika. Moperofeti o ne a kwala jaana mo go Daniele 9:2: “Nna Daniela ka tlhaloganya ka dikwalō . . . ” Fano Septuagint e dirisitse biʹblois, eo go ya ka thutapuo e leng bontsi jwa biʹblos. Paulo o ne a kwala jaana mo go 2 Timotheo 4:13: “U re u tla u tlè . . . le dikwalō [ka Segerika, bi·bliʹa].” Mafoko a Segerika bi·bliʹon le biʹblos a le mo mekgweng e e farologaneng ya thutapuo, a tlhaga makgetlo a a fetang 40 mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika mme gantsi a ranolwa jaaka “mo(e)meno” kana “lo(di)kwalo.” Moragonyana bi·bliʹa e ne ya dirisiwa mo Selatining jaaka lefoko le le sa kaeng dilo tse dintsi, mme ka gone lefoko “Bibela” le ne la tsena mo puong ya Seesemane le tswa mo Selatining.
3. Bakwadi ba Bibela ba ne ba supa jang gore ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo?
3 Ke Lefoko la Modimo. Lemororo go ne ga dirisiwa banna ba ba farologaneng go le kwala ka tlhotlheletso mme ebile ba bangwe ba ne ba nna le seabe mo go le ranoleng go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha ba le ranolela mo dipuong tse di kwalwang tsa motlha wa gompieno, Bibela, totatota, ke Lefoko la Modimo, tshenolelo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e a e neileng batho. Bakwadi ba yone ba ba tlhotlheleditsweng ba ne ba e leba ka tsela eno, jaaka seo se supiwa ke go dirisa ga bone mafoko a a jaaka “se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa” (Dute. 8:3), “mahoko aotlhe a Yehofa o a buileñ” (Yosh. 24:27), “mahoko a ditaolō tsa ga Yehofa” (Esere 7:11), “molaō oa ga Yehofa” (Pes. 19:7), “lehoko ya ga Yehofa” (Isa. 38:4), ‘lefoko le le tswang mo molomong wa Modimo’ (Math. 4:4), le “lehoko ya Morèna” (1 Bathes. 4:15).
LAEBORARI YA BOMODIMO
4. Ke eng se se mo teng ga Bibela, mme ke mang yo a neng a rulaganyetsa seno?
4 Seo motho a se itseng gompieno jaaka Bibela tota ke makwalo a bogologolo a a tlhotlheleditsweng a bomodimo a a phuthilweng. Tseno di ne tsa tlhamiwa tsa bo tsa kwalwa ka lobaka lwa makgolo a dingwaga a le 16. Dikwalo tseno fa di kopane tsotlhe di dira seo Jerome a se tlhalosang sentle ka Selatini a re ke Bibliotheca Divina, kana Laeborari ya Bomodimo. Laeborari eno e na le kataloko, kana lenane la semolao la dikgatiso, le le nang fela le dibuka tseo di dumalanang le boikaelelo jwa laeborari eo kana tse di tsholwang fela ke laeborari eo. Dibuka tsotlhe tse di sa dumelwang go nna moo ga di akarediwe. Jehofa Modimo ke Ralaeborari yo Mogolo yo o tlhomang ditekanyetso tseo ka tsone go lekanngwang mekwalo e e tshwanetseng go akarediwa. Ka jalo Bibela e na le kataloko e e tlhomameng e e nang le dibuka di le 66, tsotlhe tse di nnileng gone ka moya o o kaelang wa Modimo o o boitshepo.
5. Lenane la Bibela ke eng, mme go bidiwa ga lone jaana go simolotse kae?
5 Dibuka tse di phuthilweng kana tse di mo lenaneng tse di amogelwang jaaka tsa konokono ebile e le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng gantsi di bitswa canon (karolo) ya Bibela. Kwa tshimologong go ne go dirisiwa lotlhaka (ka Sehebera, qa·nehʹ) jaaka lore lo lo lekanyang fa logong lo ne lo seyo. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa lefoko la Segerika ka·nonʹ a le dirisetsa ‘molao’ mmogo le ‘selekanyo sa sebaka’ seo e neng e le kabelo ya gagwe. (Bagal. 6:16, ntlhanyana e e kwa tlase e e go NW; 2 Bakor. 10:13) Ka jalo dibuka tse e leng karolo ya Dikwalo ke tseo di leng boammaaruri ebile di tlhotlheleditswe e le tse di ka dirisiwang jaaka baterepasa go bona gore tumelo, thuto le boitsholo, tse di siameng gore ke dife. Fa re dirisa dibuka tse di sa “tlhamalalang” setlhamalatsi, “kago” ya rona ga e kake ya nna ya boammaaruri, mme Motlhatlhobi yo Mogolo o tla e kaya e sa siama fa a tla go tlhatlhoba.
6. Ke mabaka afe a go ka lejwang ka one gore buka ke karolo ya Dikwalo?
6 Kafa go ka Bonwang Dibuka tseo E Leng Karolo ya Dikwalo ka gone. Ke ditshupo dife tsa bomodimo tseo di ileng tsa supa gore dibuka tse 66 tsa Bibela ke karolo ya Dikwalo? Sa ntlha, dibuka tseo di tshwanetse tsa bua ka dikgang tsa ga Jehofa tsa mo lefatsheng, go retolosetsa batho mo kobamelong ya gagwe le go ba tlhotlheletsa gore ba tlotle leina la gagwe le tiro ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe ka botlalo. Di tshwanetse tsa naya bosupi jwa gore di tlhotlheleditswe, ke gore, di kwadilwe ka moya o o boitshepo. (2 Pet. 1:21) Go na le go buelela botlhodi kana go obamela dibopiwa, di tshwanetse tsa kgothaletsa batho gore ba rate Modimo le gore ba mo direle. Ga go a tshwanela go nna le sepe mo go epe ya dikwalo seo se tla thulanang le go dumalana ga tsone mme go na le moo, buka nngwe le nngwe e tshwanetse go tshegetsa gore mokwadi wa tsone o mongwe ebong Jehofa Modimo, ka go dumalana le tse dingwe. Re tla lebelela gape gore mekwalo eno e neye bosupi jwa gore e tlhomame tota ka dikarolwana tsa yone tsotlhe. Mo godimo ga dilo tse di tlhokegang tseno tsa motheo, go na le ditshupo tse dingwe gape tse di kgethegileng mabapi le go tlhotlhelediwa, mme gape le tsa gore ke karolo ya Dikwalo, go ya ka seo se leng mo bukeng, mme tsotlhe tseno di ile tsa tlotliwa mo tshedimosetsong ya ketapele ya buka nngwe le nngwe ya dibuka tsa Bibela. Gape go na le maemo a mangwe a a kgethegileng a a amang Dikwalo tsa Sehebera le a mangwe a a amang Dikwalo tsa Segerika ao a re thusang go bona Dikwalo tseo e leng karolo ya Bibela.
DIKWALO TSA SEHEBERA
7. Lenane la dikwalo tsa Sehebera le ne la wediwa ka dikgato dife tse di latelelang, mme karolo epe fela e ntšha e ne e tshwanetse go dumalana le eng?
7 Ga go a tshwanela go akanngwa gore go amogelwa ga dibuka tseo di neng di bopa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng go ne ga leta go fitlhela fa lenane lotlhe la tsone la Sehebera le sena go wediwa mo lekgolong la botlhano B.C.E. Dikwalo tsa ga Moshe tseo a neng a di kwala a kaelwa ke moya wa Modimo di ne tsa amogelwa ke Baiseraele jaaka tse di tlhotlheleditsweng, tse di kwadilweng ke Modimo go tloga fela kwa tshimologong. Fa di setse di weditswe, Dibuka tse Tlhano di ne di dira lenane la nako eo. Dilo tse dingwe gape tse di neng di senola boikaelelo jwa ga Jehofa tseo batho ba neng ba di bona ka tlhotlheletso di ne di tshwanetse go tlhomagana sentle le go dumalana le melaometheo ya botlhokwa e e malebana le kobamelo ya boammaaruri jaaka e kwadilwe go Dibuka tse Tlhano. Re ne ra bona gore seno se boammaaruri fa re ne re sekaseka dibuka tse di farologaneng tsa Bibela, segolobogolo ka tseno di bua ka tlhamalalo fela ka setlhogo se segolo sa Bibela, go itshekisiwa ga leina la ga Jehofa le go golediwa ga bolaodi jwa gagwe ka Bogosi kafa tlase ga Keresete, Losika lo lo Solofeditsweng.
8. Ke eng se se supang fa dibuka tsa boperofeti e le karolo ya Bibela?
8 Dikwalo tsa Sehebera di tletse thatathata ka boperofeti. Jehofa o ne a re naya ka Moshe, motheo wa go bona fa boperofeti e le jwa boammaaruri, gore a tota bo tswa kwa Modimong kana nnyaa, mme seno se ne sa re thusa go tlhomamisa gore a buka epe fela ya boperofeti e ne e le karolo ya Dikwalo. (Dute. 13:1-3; 18:20-22) Fa re sekaseka buka nngwe le nngwe ya boperofeti ya Dikwalo tsa Sehebera mmogo le Bibela yotlhe le hisitori ya lefatshe re kgona go tlhomamisa kwantle ga pelaelo gore “lehoko” leo ba neng ba le bua e ne e le la ga Jehofa, le gore le ne la ‘tla kana la diragala,’ ka botlalo kana ka tsela e nnye kana ka bontlhanngwe fa le ne le bua ka dilo tse di tla diragalang mo isagweng, le gore le ne la retolosetsa batho mo Modimong. Boperofeti bo ka bolelwa gore ke jwa mmatota ebile bo tlhotlheleditswe fa bo dumalana le dilo tseno tse di tlhokegang.
9. Ke lebaka lefe la botlhokwa le le tshwanetseng go gakologelwa fa motho a sekaseka kgang ya lenane la Bibela?
9 Go tsopolwa ga tsone ke Jesu le go umakiwa ga tsone ke bakwadi ba bangwe ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go re naya tsela e e tlhamaletseng ya go bona fa tota dibuka tse dintsi tsa Dikwalo tsa Sehebera e le karolo ya Dikwalo, lemororo go sa nna jalo mo go tsone tsotlhe, ka sekai, mo dibukeng tsa ga Esethere le Moreri. Fa go sekasekiwa kgang ya go nna karolo ya Dikwalo he, go na le lebaka le lengwe le le botlhokwa thata leo le tshwanetseng go gakologelwa leo le amang dikwalo tsotlhe tse e leng karolo ya Bibela. Fela jaaka Jehofa a ne a tlhotlheletsa batho gore ba kwale dipolelo tsa gagwe tsa bomodimo go ba kaela, go ba aga, le go ba kgothatsa mo kobamelong le mo go mo direleng, ka gone go a utlwala gore Jehofa o tla laola le go kaela go phuthiwa ga dikwalo tse di tlhotlheleditsweng le go supa tota gore dikwalo tse e leng karolo ya Bibela ke dife. O tla dira seno gore go se nne le pelaelo ya gore Lefoko la gagwe la boammaaruri ke lefe le gore ke eng se e tla nnang tekanyetso e e tla nneleng ruri ya go bona kobamelo ya boammaaruri. Eleruri, tsela eno ke yone fela eo ka yone dibopiwa tse di mo lefatsheng di tla tswelelang di ‘tsalwa gape ka lefoko la Modimo’ le gore di kgone go supa tota gore “lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ.”—1 Pet. 1:23, 25.
10. Lenane la Dikwalo tsa Sehebera le ne la tlhomamisiwa leng?
10 Go Tlhomamisa Dikwalo tsa Sehebera. Dipolelo tsa Sejuda di kaya gore Esere ke ene a neng a simolola go phutha le go rulaganya Dikwalo tsa Sehebera, mme di bolela gore di ne tsa wediwa ke Nehemia. Esere o ne a tshwanela sentle go dira tiro eno, ereka e ne e le mongwe wa bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Bibela gape e le moperisiti, mokanoki, le yo o neng a kwalolola mekwalo e e boitshepo kafa molaong. (Esere 7:1-11) Ga go na lebaka la go belaela tlhaloso e e tlwaelegileng ya gore lenane la Dikwalo tsa Sehebera le ne le setse le tlhomamisitswe kwa bokhutlong jwa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.
11. Lenane le le tlwaelegileng la Sejuda le latelelanya Dikwalo tsa Sehebera jang?
11 Lemororo gompieno re na le dibuka di le 39 tsa Dikwalo tsa Sehebera; lenane le le tlwaelegileng la Sejuda le le akaretsang dibuka tse di tshwanang, le kaya gore di 24 ka palo. Metswedi e mengwe, e kopanya Ruthe le Baatlhodi le Dikhutsahalō le Yeremia e bo e bolela gore dibuka tseno di 22, lemororo e santse e na le mekwalo yotlhe e e leng karolo ya Dikwalo.a Seno se ne sa dira gore dibuka tse di tlhotlheleditsweng di lekane le palo ya ditlhaka tsa alefabete ya Sehebera. Lenane le le latelang ke la dibuka tse 24 tseo eleng karolo ya Dikwalo go ya ka dipolelo tsa Sejuda:
Molao (Dibuka tse Tlhano)
1. Genesise
2. Ekesodo
3. Lefitiko
4. Dipalō
5. Duteronome
Baperofeti
6. Yoshue
7. Baatlhodi
8. Samuele (wa Ntlha le wa Bobedi jaaka buka e le nngwe)
9. Dikgosi (wa Ntlha le wa Bobedi jaaka buka e le nngwe)
10. Isaia
11. Yeremia
12. Esekiele
13. Baperofeti Ba le Some le Bobedi (Hosea, Joele, Amose, Obadia, Jona, Mika, Nahume, Habakuke, Sefania Hagai, Sekaria, le Malaki, jaaka buka e le nngwe)
Mekwalo (Hagiographa)
14. Dipesalema
15. Diane
16. Yobe
17. Sehela sa Dihela
18. Ruthe
19. Dikhutsahalō
20. Moreri
21. Esethere
22. Daniele
23. Esere (Nehemia e ne e le buka e le nngwe le Esere)
24. Ditihalō (wa Ntlha le wa Bobedi jaaka buka e le nngwe)
12. Ke eng se sengwe gape se se tlhomamisang gore lenane la Sehebera le siame, mme le ne le felela ka mekwalo efe?
12 Seno e ne e le kataloko, kana lenane la dibuka, tseo Keresete Jesu le phuthego ya pele ya Bokeresete ba neng ba le amogela jaaka Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba ne ba tsopola tsone fela, ba simolola ditsopolo tsa bone ka mafoko a a reng “yaka go kwadilwe” ba tlhomamisa tota gore tseno e ne e le Lefoko la Modimo. (Bar. 15:9) Jesu fa a ne a bua ka Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse di neng di setse di kwadilwe ka nako ya bodihedi jwa gagwe, o ne a re ke dilo tseo di kwadilweng “mo molaoñ oa ga Moshe, le mo baperofetiñ, le mo dipesalemeñ.” (Luke 24:44) Fano “Dipesalema” jaaka buka ya ntlha ya Hagiographa, e dirisiwa go supa karolo eno yotlhe. Buka ya bofelo e e neng ya akarediwa mo lenaneng la Sehebera e ne e le ya ga Nehemia. Seo se supang gore seno se ne se kaelwa ke moya wa Modimo ke go bo buka eno e le yone fela e re kgonang go bala ka yone nako ya boperofeti jo bo tlhomologileng jwa ga Daniele jo bo buang ka gore go ne go tla nna lobaka lwa dibeke tse 69 tsa boperofeti go tloga ka “go thaèga ga go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema” go fitlha fa Mesia a tla. (Dan. 9:25; Neh. 2:1-8; 6:15) Buka ya Nehemia gape e re naya hisitori ya buka ya bofelo ya boperofeti, ya ga Malaki. Ga go kake ga belaelwa gore Malaki ke karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, ereka Jesu, Morwa Modimo a ne a e tsopola ka makgetlo a le mmalwa. (Math. 11:10, 14) Ereka go tsopolwa ka tsela e e tshwanang go tswa mo dibukeng tse dingwe tse dintsi tsa Sehebera, tsotlhe tseo di kwadilweng pele ga Nehemia le Malaki, bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ga ba tsopole epe ya mekwalo e go bolelwang gore ke dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse di kwadilweng morago ga nako ya ga Nehemia le Malaki go fitlha ka nako ya ga Keresete. Seno se tlhomamisa pono eo Bajuda kafa tlwaelong ba neng ba na nayo, gape le tumelo ya phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., gore lenane la Dikwalo tsa Sehebera le ne le felela ka dikwalo tsa ga Nehemia le Malaki.
DIBUKA TSA APOCRYPHA TSA DIKWALO TSA SEHEBERA
13. (a) Dibuka tsa Apocrypha ke eng? (b) Go ne ga tla jang gore Baroma Katoliki ba le tsenye mo lenaneng la bone?
13 Dibuka tsa Apocrypha ke eng? Tseno ke mekwalo eo bangwe ba e tsentseng mo Dibibeleng tse dingwe mme bangwe ba e gana ka gonne e ne e sena bosupi jwa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. Lefoko la Segerika a·poʹkry·phos le kaya dilo ‘tse di subilweng.’ (Mar. 4:22; Luke 8:17; Bakol. 2:3) Lereo leno le dirisediwa go bitsa dibuka tseo go kwadiwa ga tsone le motswedi wa tsone o belaelwang kana tseo lemororo di lejwa jaaka tse di mosola go ka ipalelwa ke motho ka namana, di senang bosupi jwa gore di tlhotlheleditswe. Dibuka tse di ntseng jalo di ne di bolokilwe kwa thoko mme di ne di sa balwe phatlalatsa, ke ka gone go nang le kgopolo ya gore di ne di ‘subilwe.’ Kwa Lekgotleng la Carthage, ka 397 C.E., go ne ga akantshiwa gore dibuka tse supa tsa Apocrypha di tsenngwe mo Dikwalong tsa Sehebera, mmogo le mafoko mangwe a go okeditsweng buka ya Esethere le Daniele ka one. Lefa go ntse jalo, Kereke ya Roma Katoliki ga e a ka ya dumela seo go fitlha ka 1546, kwa Lekgotleng la Trent, fa e ne e dumela go di tsenya mo katalokong ya bone ya dibuka tsa Bibela. Dikwalo tse go okeditsweng ka tsone tseno e ne e le Tobit, Judith, mafoko a a oketsang Esethere, Wisdom, Ecclesiasticus, Baruch, dikoketso tse tharo go Daniele, Maccabees wa Ntlha, le Maccabees wa Bobedi.
14. (a) Maccabees wa Ntlha o na le eng se se tshwaegang? (b) Ke metswedi efe e e neng e sa umake Apocrypha, mme ka ntlhayang?
14 Lemororo buka ya Maccabees wa Ntlha, go se tsela epe e ka yone e ka tsewang jaaka buka e e tlhotlheleditsweng, e na le tshedimosetso nngwe e e kgatlhang ya hisitori. E re naya pego kaga go lwela ga Bajuda kgololesego mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. ba eteletswe pele ke losika lwa boperesiti lwa ga Maccabees. Dibuka tse dingwe tsa Apocrypha di tletse ditlhamane le tumelabotlhodi gape di na le diphoso tse dintsi. Jesu kana bakwadi ba bangwe ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ga ba ise le ka motlha ba bo ba di umake kana ba di tsopole.
15, 16. Josephus le Jerome ba ne ba supa jang dibuka tseo e leng karolo ya Dikwalo?
15 Mo bukeng ya gagwe, Against Apion (I, 38-41 [8]), raditiragalo wa Mojuda Flavius Josephus, wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. o bolela gore dibuka tsotlhe tseo Bahebera ba neng ba di amogela di ne di le boitshepo. O ne a kwala jaana: “Ga re na diketekete tsa dibuka tseo di sa bueng selo se se tshwanang, tse di ganetsanang. Dibuka tsa rona, tseo di amogelwang, di pedi le someamabedi [seo se lekanang le 39 ya gompieno, jaaka go bontshitswe mo serapeng sa 11], mme di na le rekoto e e gaisang. Mo dibukeng tseno tse tlhano tsa tsone ke tsa ga Moshe, tse di nang le melao le hisitori ya morafe go tloga fa motho a ne a nna gone go fitlha kwa losong lwa yo a neng a re naya molao . . . Go tloga ka loso lwa ga Moshe go fitlha ka Aretaserese, yo a neng a tlhatlhama Serese kgosi ya Peresia, baperofeti ba ba neng ba tla fa morago ga Moshe ba ne ba kwala hisitori ya ditiragalo tsa metlha ya bone mo dibukeng di le some le boraro. Dibuka tse nnè tse di salang di na le dipako tsa Modimo le melawana ya botshelo jwa batho ya boitsholo.” Ka jalo Josephus o bontsha gore lenane la Dikwalo tsa Sehebera le ne le setse le tlhomamisitswe bogologolo pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.
16 Mokanoki wa Bibela Jerome, yo a neng a wetsa thanolelo ya Bibela ya Selatini ya Vulgate mo e ka nnang ka 405 C.E., o ne a tlhomame tota ka boemo jwa dibuka tsa Apocrypha. Morago ga go kwala lenane la dibuka tse di tlhotlheleditsweng, a bala go tshwana fela le Josephus, a bolela gore palo ya dibuka tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse 39 tsa Sehebera di 22, o ne a kwala mo ketapeleng ya dibuka tsa Samuele le Dikgosi mo go Vulgate jaana: “Ka gone go na le dibuka di le someamabedi le bobedi . . . Ketapele eno ya Dikwalo e ka dira jaaka mokgwa o o tllhomamisitsweng wa go leba dibuka tsotlhe tseo re di ranolang go tswa mo Sehebereng go ya mo Selatining; go re kgonisa go itse gore sengwe fela se se fetang seno re itse gore ke karolo ya apocrypha.”
DIKWALO TSA BOKERESETE TSA SEGERIKA
17. Kereke ya Roma Katoloki e bolela gore e na le boikarabelo bofe, mme ke mang tota yo a neng a setse a tlhomamisitse dibuka tseo di dirang lenane la Bibela?
17 Kereke ya Roma Katoliki e bolela fa e le yone e nang le tshwanelo ya go bolela dibuka tse di tshwanetseng go akarediwa mo lenaneng la Bibela, mme ba umaka Lekgotla la Carthage (397 C.E.), koo kataloko ya dibuka tseno e neng ya kwalwa gone. Lefa go ntse jalo, seo ga se boammaaruri ka gonne lenane la leo le akaretsang lenane la dibuka tseo di dirang Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le ne le setse le tlhomilwe ka nako eo, eseng ka molawana wa khansele, mme ka kaelo ya moya wa Modimo o o boitshepo—one moya oo o neng wa tlhotlheletsa go kwalwa ga dibuka tseno kwa tshimologong. Bosupi jwa batho ba bangwe ba ba kwalang dikataloko baa morago ba ba sa tlhotlhelediwang le bone bo botlhokwa fela ka gonne bo dumalana le lenane la Bibela, leo moya wa Modimo o le laetseng.
18. Ke dikonelo dife tsa botlhokwa tse di ka dirwang go tswa mo tšhateng e e supang dikataloko tsa pele tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika?
18 Bosupi jwa Dikataloko tsa Pele. Tšhate e e tsamaisanang le seno e senola dikataloko di sekae tsa lekgolo la bonè la dingwaga la Dikwalo tsa Bokeresete tsa letlha la pele ga khansele e e umakilweng fa godimo, tseo di dumalanang le lenane la rona la gompieno, mme tse dingwe di tlogela fela Tshenolō. Diefangele tse nnè, Ditihō, le makwalo a le 12 a ga moaposetoloi Paulo a ne a amogelwa ke botlhe pele ga bokhutlo jwa lekgolo la bobedi la dingwaga. Mekwalonyana e mengwe e sekae e ne e belaelwa mo dikarolong tse dingwe. Mme seno se ne se ntse jalo ka gonne mekwalo e e ntseng jalo e ne ya se ka ya phasaladiwa thata kwa tshimologong ka lebaka le kana le lengwe ka gone a tsaya lobaka gore a amogelwe jaaka karolo ya Dikwalo.
19. (a) Go ne ga bonwa lokwalonyana lofe lwa botlhokwa kwa Itale, mme ke la letlha lefe? (b) Le tlhalosa lenane le le neng le amogelwa nako eo jang?
19 Nngwe ya dikataloko tsa pele tse di kgatlhisang ke eo e neng ya bonwa ke L. A. Muratori kwa Laeboraring ya Ambrose, kwa Milan, kwa Itale, mme o ne a e phasalatsa ka 1740. Lemororo karolo ya yone ya kwa tshimologong e seyo, go umaka ga yone Luke jaaka Efangele ya boraro go supa gore e umakile Mathaio le Mareko pele. Letlha la Muratorian Fragment, e e kwadilweng ka Selatini, ke la karolo ya bofelo ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Ke lokwalonyana lo lo kgatlhang tota, jaaka karolwana e e latelang eno e e ranotsweng e supa jaana: “Buka ya boraro ya Efangele ke ya ga Luke. Luke, ngaka e e itsegeng thata, o ne a kwala ka leina la gagwe . . . Buka ya bonè ya Efangele ke ya ga Johane, mongwe wa barutwa. . . . Ka gone se se dumelwang ke badumedi ga se ikganetse, lemororo go tlhophilwe dintlha tse di farologaneng mo bukeng nngwe le nngwe ya Diefangele, ka gonne tsone [tsotlhe] di ne di kaelwa ke Moya o le mongwe di bua ka dilo tse di amanang le botsalo jwa ga Jesu, lorato, go tsoga ga gagwe mo baswing, metlotlo ya gagwe le barutwa, le go tla ga gagwe la bobedi, la ntlha a tla a sa tlotliwe ke ope, eleng seo se diragetseng, la bobedi a tla ka maatla a kgalalelo ya bogosi, seo se sa ntseng se tla diragala. Abo seno se gakgamatsa jang ne go bo Johane a umaka dilo tseno tse di mmalwa jaaka dikai mo makwalong a gagwe a boaposetoloi, a bua jaana ka boene: ‘dilo tse re di kwadileng ke tseo re di boneng ka matlho a rona, re di utlwileng ka ditsebe tsa rona, le tse diatla tsa rona di neng tsa di tshwara.’ Ka gone ga a ipolele fela gore o bone ka matlho mme gape gore o utlwile a bo a bua dilo tsotlhe tse di molemo tsa Morena, ka thulaganyo ya tsone. Mo godimo ga moo, ditiro tsotlhe tsa baaposetoloi di kwadilwe mo bukeng e le nngwe. Luke o di kwadile [jalo] a di kwalela Theofila yo o molemo go gaisa . . . Jaanong makwalo a boaposetoloi a ga Paulo one ka boone a tlhalosetsa ope fela yo o tla a tlhaloganyang ka phepafalo gore a tswa kae le lebaka la go bo a kwadilwe. La ntlha o ne a kwala ka boleele a kwalela Bakorintha gore ba tile dikgaogano le dithuto tse di kgatlhanong le boammaaruri, morago a kwalela Bagalatia [kgatlhanong] le go rupa, mme Baroma a ba kwalela ka thulaganyo ya Dikwalo, a bolela gape gore Keresete o botlhokwa mo go bone—eo nngwe le nngwe ya yone ba tlhokang go tlotla ka yone, ereka Moaposetoloi yo o segofaditsweng Paulo ka boene a latela sekao sa yo a neng a mo tlhatlhama ebong Johane, o ne a kwalela diphuthego tse supa a di bitsa ka maina a di latelanya jaana: “Bakorintha (lwa ntlha), Baefesia (lwa bobedi), Bafilipi (lwa boraro), Bakolosa (lwa bonè), Bagalatia (lwa botlhano), Bathesalonia (lwa borataro), Baroma (lwa bosupa). Lemororo a kwalela Bakorintha le Bathesalonia gabedi gore ba siamise diphoso, gore ke kereke e le nngwe e e gasameng le lefatshe lotlhe [?ke gore, ka go kwala gono ka makgetlo a le supa]; Johane le ene lemororo a kwalela diphuthego tse supa mo go Apokalipise, tota o bua le botlhe. Mme [ene o ne a kwala] lo longwe a lo kwalela Filemone ka boikutlo jo bo boteng le lorato, lo longwe a lo kwalela Tito, mme a kwalela Timotheo a le mabedi; [mme one] Kereke e a tshotse a le boitshepo ebile a tlotlega. . . . Mo godimo ga moo, lokwalo lwa boaposetoloi lwa ga Jude le a mabedi a a bidiwang ka leina la ga Johane a a balwa le one . . . Re amogela apokalipise ya ga Johane le ya ga Petere fela, eo [e e fa moragonyana] bangwe ba rona ba sa batleng gore e balwe mo kerekeng.”—The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge, 1956, Bol. VIII, tsebe 56.
20. (a) Go tlogelwa ga lokwalo lo longwe lwa ga Johane le lo longwe lwa ga Petere go tlhalosiwa jang? (b) Kataloko eno he e dumalana go le kana kang le kataloko ya motlha ono wa rona?
20 Re elatlhoko gore go ya kwa bokhutlong jwa Muratorian Fragment go umakiwa makwalo a le mabedi fela a boaposetoloi a ga Johane. Lefa go ntse jalo, mo ntlheng eno saetlopedia e e umakilweng fa godimo, mo tsebeng ya 55, e bolela gore makwalo a mabedi ano a boaposetoloi a ga Johane “e ka nna lwa bobedi le lwa boraro fela, ao mokwadi wa one a ipitsang fela a re ke ‘mogolwane.’ Ereka a ne a setse a kwadile la ntlha, lemororo e le malebana le Efangele ya Bonè, mme kwantle ga pelaelo go sa belaelwe gore ke a ga Johane, mokwadi fano o ne a ikutlwa gore a felele fela ka makwalo a mabedi a makhutshwane ano.” Motswedi ono o tswelela jaana mabapi le go sa umakeng ga one lokwalo lwa ntlha lwa ga Petere lwa boaposetoloi: “Phopholetso e totatota e ka dumelwang ke ya gore go latlhegile mafoko a le mmalwa fela, gongwe mola o le mongwe, oo mo go one I Petere le Apokalipisi ya ga Johane di neng tsa rewa maina ka gone fa di amogelwa.” Ka gone, go ya ka ntlha eo ya Muratorian Fragment, saetlopedia eno, e konela jaana mo go tsebe 56: “Tesetamente e Ntšha e lejwa totatota e dirilwe ke Diefangele tse nnè, Ditihō, Makwalo a le some le boraro a boaposetoloi a ga Paulo, Apokalipisi ya ga Johane, gongwe makwalo a mararo a gagwe a boaposetoloi, Jude, mme gongwe le I Petere, fa go ganediwa ga lokwalo lo longwe lwa makwalo a ga Petere go ne go ise go fenngwe.”
21. (a) Dikakgelo tsa ga Origen ka dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di kgatlha go le kana kang? (b) Bakwadi ba moragonyana ba ne ba dumela eng?
21 Mo e ka nnang ka ngwaga wa 230 C.E., mo Dikwalong tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng, Origen o ne a amogela dibuka tsa Bahebera le Yakobe, tseo ka bobedi jwa tsone di seng gone mo go Muratorian Fragment. Lemororo a supa gore bangwe ba ne ba belaela boleng jwa tsone jaaka karolo ya Dikwalo, seno le sone se bontsha gore ka nako eno, Dikwalo tse dintsi tsa Segerika di ne di setse di amogelwa jaaka karolo ya Dikwalo, e ne e le ba sekae fela bao ba neng ba belaela makwalo a a neng a sa itsege thata a boaposetoloi. Moragonyana, Athanasius, Jerome, le Augustine ba ne ba dumela dikonelo tsa manane a pelenyana ka go bolela gore tsone dibuka tse 27 tse re nang le tsone jaanong e ne e le karolo ya Dikwalo.b
22, 23. (a) Manane a dikataloko a a mo tšhateng a ne a tlhomiwa jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go ne go sena manane a a tshwanang le ao pele ga Muratorian Fragment?
22 Bontsi jwa dikataloko tse di mo tšhateng ke manane a a kgethegileng a a bontshang dibuka tse di amogelwang jaaka karolo ya Dikwalo. Tsa ga Irenaeus, Clement wa Alexandria, Tertullian, le Origen a konelwa ke ditsopolo tsa bone, tseo di supang kafa ba neng ba leba dikwalo tse go buiwang ka tsone ka gone. Tseno di tladiwa gape ka direkoto tsa raditiragalo wa pele Eusebius. Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo bakwadi bano ba sa umake mekwalo mengwe e e leng karolo ya Dikwalo ga go supe gore ga se karolo ya Dikwalo. Ke fela gore ga go a ka ga diragala gore ba e umake mo dikwalong tsa bone e le ka ntlha ya fa ba ne ba rata jalo kana ka ntlha ya dilo tseo ba neng ba bua ka tsone. Mme ke ka ntlhayang fa re sa bone manane a bogologolo a a tlhomameng a matlha a a kwa pelenyana ga Muratorian Fragment?
23 Kgang ya gore Bakeresete ba ka amogela dibuka dife e ne e seyo pele ga fa baganetsi ba ba tshwanang le Marcion ba nna gone mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Marcion o ne a itirela lenane la gagwe le le dumalanang le dithuto tsa gagwe, a tsaya fela mangwe a makwalo a ga moaposetoloi Paulo le mofuta mongwe o o phoso wa Efangele ya ga Luke. Seno mmogo le dibuka tse dintsi tsa Apocrypha tseo ka nako eo di neng di anama le lefatshe, ke tsone tseo di neng tsa dira gore bakwadi ba dikataloko ba neela go bolela dibuka tseo di ka amogelwang jaaka karolo ya Dikwalo.
24. (a) Mekwalo ya “Tesetamente e Ntšha” ya Apocrypha e ntse jang? (b) Bakanoki ba reng ka yone?
24 Mekwalo ya Apocrypha. Bosupi jo bo mo teng bo tlhomamisa ka phepafalo fela pharologanyo e e neng ya bonwa fa gare ga mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya Bokeresete le dibuka tseo e neng e se tsa boammaaruri kana di sa tlhotlhelediwa. Mekwalo ya Apocrypha ke ya boleng jo bo kwa tlase mme gantsi ke ya metshamekwane ebile ke ya bongwana. Gantsi e na le phoso.c Tlhokomela dipolelo tse di latelang tsa bakanoki kaga dibuka tseno tseo e seng karolo ya Dikwalo:
“Ga go na motho ope yo o neng a di tlogela a sa di akaretse mo Tesetamenteng e Ntšha: di itirile jalo ka botsone.”—M. R. James, The Apocryphal New Testament, ditsebe xi, xii.
“Se re se tlhokang fela ke go tshwantsha dibuka tsa rona tsa Tesetamente e Ntšha di feletse le dikgatiso tse dingwe tsa mofuta o o tshwanang go bona pharologano e tona e e fa gare ga tsone. Gantsi go bolelwa gore diefangele tse eseng karolo ya Dikwalo, totatota ke bosupi jo bo gaisang jwa tse eleng karolo ya Dikwalo.”— G. Milligan, The New Testament Documents, tsebe 228.
“Ga go mokwalo lefa o le mongwe o re neng re o boloketswe mo lobakeng lwa bogologolo lwa Kereke o o kwantle ga Tesetamente e Ntšha o go ka okediwang Dikwalo ka one gompieno.”—K. Aland, The Problem of the New Testament Canon, tsebe 24.
25. Ke dintlha dife kaga bakwadi ba ba farologaneng ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tseo di buelelang gore mekwalo eno e tlhotlheleditswe?
25 Bakwadi ba ba Tlhotlheleditsweng. Ntlha eno le yone e a kgatlha. Bakwadi botlhe ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ka tsela nngwe ba ne ba amana thata le setlhopha sa ntlha se se laolang sa phuthego ya Bokeresete, seo se neng se akaretsa baaposetoloi bao ba neng ba tlhophiwa ke Jesu ka boene. Mathaio, Johane, le Petere e ne e le bangwe ba baaposetoloi ba ntlhantlha ba ba 12, mme Paulo o ne a tlhophiwa moragonyana jaaka moaposetoloi mme o ne a sa balelwe jaaka mongwe wa ba ba 12.d Lemororo Paulo a ne a se gone fa moya o o boitshepo o ne o tshololwa ka mo go kgethegileng ka Pentekosete, Mathaio, Johane, le Petere ba ne ba le gone, mmogo le Jakobe le Jude mme gongwe le Mareko. (Dit. 1:13, 14) Petere o balela makwalo a ga Paulo ka mo go kgethegileng le “dikwalō tse diñwe.” (2 Pet. 3:15, 16) Mareko le Luke e ne e le ditsala tse di atamalaneng thata ebile ba pata Paulo le Petere mo maetong a bone. (Dit. 12:25; 1 Pet. 5:13; Bakol. 4:14; 2 Tim. 4:11) Moya o o boitshepo o ne o file bakwadi botlhe bano dinonofo tse di gakgamatsang, ka go o tshololelwa ka tsela e e kgethegileng jaaka ka Pentekosete le ka nako ya fa Paulo a ne a sokololwa (Dit. 9:17, 18) kana, kwantle ga pelaelo ka go bewa diatla ke baaposetoloi jaaka Luke. (Dit. 8:14-17) Dikwalo tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segerika di ne tsa wediwa go kwalwa ka nako ya dineo tse di kgethegileng tsa moya.
26. (a) Ke eng seo re se amogelang jaaka Lefoko la Modimo, mme ka ntlhayang? (b) Re tshwanetse go supa go anaanela ga rona Bibela jang?
26 Go dumela mo go Modimo mothatayotlhe yoo eleng ene Motlhotlheletsi le Mmoloki wa Lefoko la gagwe, go re dira gore re tshepe gore ke ene a neng a kaela go phuthiwa ga dikarolo tsa lone tse di farologaneng. Ka gone re amogela dibuka tse 27 tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika mmogo le tse 39 tsa Dikwalo tsa Sehebera jaaka Bibela e le nngwe, e e nang le Mokwadi a le mongwe, Jehofa Modimo. Lefoko la gagwe le le mo dibukeng tseno tse 66 ke mokaedi wa rona, mme go dumalana ga yone le go lekalekana ga yone go supa fa le feletse. A go bakwe Jehofa Modimo, Modiri wa buka eno e e ka se kang ya bapisiwa le epe! E ka re nonotsha tota ya bo ya tlhoma dinao tsa rona mo tseleng ya botshelo. A re e diriseng ka botlhale nako le nako fa re bona tshono ya gone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Encyclopaedia Judaica, 1973, Bol. 4, dikol. 826, 827.
b The Books and the Parchments, 1963, F. F. Bruce, tsebe 112.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 122-5.
d Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 129-30.
[Tšhate mo go tsebe 303]
Dikataloko Tse Di Tlhomologileng tsa Pele tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika
A - Amogelwa kwantle ga ngongorego jaaka e e dumalanang le Dikwalo ebile e le Karolo ya Dikwalo
D - E belaelwa mo dikarolong tse dingwe
DA - E belaelwa mo dikarolong tse dingwe, mme yo a neng a e
tsenya mo katalokong o e amogela e dumalana le Dikwalo ebile e le
Karolo ya Dikwalo
? - Bakanoki ga ba tlhomamisege ka go balwa ga temana kana kafa
buka e e umakilweng e lejwang ka gone
□ - Fa go senang sepe go supa gore buka eo e ne e sa dirisiwe
kana e sa umakiwe ke motswedi oo
Leina le Lefelo
Muratorian Irenaeus, Clement wa Tertullian,
Fragment, Asia Minor Alexandria Afrika Bokone
Itale
Letlha Le Le
Fa Gaufi C.E. 170 180 190 207
Mathaio A A A A
Mareko A A A A
Luke A A A A
Yohane A A A A
Ditihō A A A A
Baroma A A A A
1 Bakorintha A A A A
2 Bakorintha A A A A
Bagalatia A A A A
Baefesia A A A A
Bafilipi A A A A
Bakolosa A A A A
1 Bathesalonia A A A A
2 Bathesalonia A A A A
1 Timotheo A A A A
2 Timotheo A A A A
Tito A A A A
Filemone A A
Bahebera D DA DA
Yakobe ?
1 Petere A? A A A
2 Petere D? A
1 Yohane A A DA A
2 Yohane A A DA
3 Yohane A?
Yude A DA A
Tshenolō A A A
Leina le Lefelo
Origen, Eusebius, Cyril wa Lenane la,
Alexandria Palesetina Jerusalema Cheltenham
Afrika Bokone
Letlha Le Le 230 320 348 365
Fa Gaufi C.E.
Mathaio A A A A
Mareko A A A A
Luke A A A A
Yohane A A A A
Ditihō A A A A
Baroma A A A A
1 Bakorintha A A A A
2 Bakorintha A A A A
Bagalatia A A A A
Baefesia A A A A
Bafilipi A A A A
Bakolosa A A A A
1 Bathesalonia A A A A
2 Bathesalonia A A A A
1 Timotheo A A A A
2 Timotheo A A A A
Tito A A A A
Filemone A A A A
Bahebera DA DA A
Yakobe DA DA A
1 Petere A A A A
2 Petere DA DA A D
1 Yohane A A A A
2 Yohane DA DA A D
3 Yohane DA DA A D
Yude DA DA A
Tshenolō A DA A
Leina le Lefelo
Athanasius, Epiphanius, Gregory Amphilocius,
Alexandria Palesetina Nazianzus, Asia Minor
Asia Minor
Letlha Le Le Fa
Gaufi C.E. 367 368 370 370
Mathaio A A A A
Mareko A A A A
Luke A A A A
Yohane A A A A
Ditihō A A A A
Baroma A A A A
1 Bakorintha A A A A
2 Bakorintha A A A A
Bagalatia A A A A
Baefesia A A A A
Bafilipi A A A A
Bakolosa A A A A
1 Bathesalonia A A A A
2 Bathesalonia A A A A
1 Timotheo A A A A
2 Timotheo A A A A
Tito A A A A
Filemone A A A A
Bahebera A A A DA
Yakobe A A A A
1 Petere A A A A
2 Petere A A A D
1 Yohane A A A A
2 Yohane A A A D
3 Yohane A A A D
Yude A A A D
Tshenolō A DA D
Leina le Lefelo
Philaster, Jerome, Augustine, Lekgotla la
Itale Itale Afrika Boraro
Bokone la Carthage,
Afrika Bokone
Letlha Le Le Fa
Gaufi C.E. 383 394 397 397
Mathaio A A A A
Mareko A A A A
Luke A A A A
Yohane A A A A
Ditihō A A A A
Baroma A A A A
1 Bakorintha A A A A
2 Bakorintha A A A A
Bagalatia A A A A
Baefesia A A A A
Bafilipi A A A A
Bakolosa A A A A
1 Bathesalonia A A A A
2 Bathesalonia A A A A
1 Timotheo A A A A
2 Timotheo A A A A
Tito A A A A
Filemone A A A A
Bahebera DA DA A A
Yakobe A DA A A
1 Petere A A A A
2 Petere A DA A A
1 Yohane A A A A
2 Yohane A DA A A
3 Yohane A DA A A
Yude A DA A A
Tshenolō A DA A