Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya bo 8—Melemo ya “New World Translation”
Tshekatsheko ya puo ya yone ya segompieno, go sa ikganetse ga yone, go ranola madiri ga yone ka kelotlhoko, le go tlhalosa ga yone Lefoko la Modimo ka maatla.
1. (a) New World Translation e baakanya tshekamelo efe, mme jang? (b) Ka Seesemane, ke ka ntlhayang fa go dirisiwa Jehofa go na le Yahweh kana leina la mofuta o mongwe?
MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana go ile ga gatisiwa dithanolo di le mmalwa tsa Bibela tsa segompieno tse di thusitseng barati ba Lefoko la Modimo fela thata go tlhaloganya mekwalo ya ntlha ka bofefo. Lefa go ntse jalo, dithanolo di le dintsi di ntshitse leina la Modimo mo rekotong e e boitshepo. Mo letlhakoreng le lengwe, New World Translation e tlotla ebile e tseela kwa godimo leina le le tlotlegang la Modimo Mogodimodimo ka go le busetsa mo le tshwanetseng go nna gone mo ditemaneng. Jaanong leina leno le bonala mo mafelong a le 6 973 mo karolong ya Dikwalo tsa Sehebera, mmogo le mo mafelong a le 237 mo karolong ya Dikwalo tsa Segerika, se e leng mafelo a le 7 210 fa a sobokanngwa otlhe. Bakanoki ba Bahebera ka kakaretso ba rata go dirisa mofuta wa Yahweh, mme mo nakong eno ga go na ope yo o itseng kafa totatota le tshwanetseng go bidiwa ka gone. Ka jalo, mofuta wa Selatine wa Jehofa ke one o o ntseng o dirisiwa ka gonne o sale o ntse o dirisiwa ka makgolokgolo a dingwaga mme ebile ke thanolo e e dumelwang ke batho ka kakaretso ya Seesemane ya Ditlhaka tse Nnè, kana leina la Sehebera le le ditlhaka di nnè la יהוה. Mokanoki mongwe wa Mohebera R. H. Pfeiffer o ne a lemotsha jaana: “Lefa go ka tlhola go tulweng kaga go sa tlhomamisegeng ga gore le ne le bidiwa jang bogologolo, ‘Jehofa’ ke thanolo e e tshwanetseng ya Setswana ya Yahweh mme ebile go tshwanetse ga nna jalo ka metlha.”a
2. (a) A go kile ga diragala pele gore leina la Modimo le busediwe mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika? (b) Ka go dira jalo go tlosiwa pelaelo efe?
2 New World Translation ga se yone phetolelo ya ntlha go busetsa leina la Modimo mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. Go simolola mo e ka nnang ka lekgolo la bo 14 la dingwaga go ya pele, baranodi ba le bantsi ba ile ba ikutlwa ba patelesega go busetsa leina la Modimo mo tshedimosetsong eo, segolobogolo mo mafelong ao bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba tsopolang mo tshedimosetsong ya Dikwalo tsa Sehebera eo go nang le leina la Modimo mo go yone. Diphetolelo di le dintsi tsa puo ya segompieno tsa barongwa, go akaretsa le tsa Seafrika, Se-Asia, Se-Amerika, le diphetolelo tsa setlhaketlhake sa Pacific tsa Dikwalo tsa Segerika, di dirisa leina Jehofa ka mo go atologileng, fela jaaka go ntse ka diphetolelo dingwe tsa dipuo tsa Yuropa. Gongwe le gongwe kwa leina la Modimo le ranolwang gone, ga go sa tlhola go na le pelaelo epe ya gore “morèna” yo go buiwang ka ene ke ofe. Ke Morena wa legodimo le lefatshe, ebong Jehofa, yo leina la gagwe le itshepisiwang ka go nna e le lone fela ebile le tlhomologile mo go New World Translation of the Holy Scriptures.b
3. New World Translation e thusa go tlhalosa maatla, go kgabisiwa ga puo, le se se kaiwang ke mekwalo ya ntlha ka go dira jang?
3 New World Translation e itshepisa leina la ga Jehofa gape ka mo go oketsegileng ka go tlhalosa Dikwalo tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng ka puo e e phepa, e e tlhaloganyesegang sentle eo e dirang gore mmadi a tlhaloganye ka phepafalo seo se tlhalosiwang. E dirisa puo e e motlhofo, ya segompieno, e dirile gore thanolo e e mo go yone e nne ka tsela e e tshwanang ka mo go ka kgonegang ka gone, e tlhalosa tiragalo le seemo tse di kaiwang ke madiri a Sehebera le a Segerika ka tsepamo, mme e farologanya gareng ga bontsi le bongwefela fa e dirisa leina “you” (wena, lona, ka Setswana) le fa e dirisa modirisotaelo fa tshedimosetso e sa tlhaloseng seo gone. Mo ditseleng tseno le tse dingwe, New World Translation e lemotsha maatla, botswerere, le se se neng se tlhalosiwa ke mekwalo ya ntlha ka puo ya segompieno, ka mo e ka kgonang ka gone.
E RANOTSWE KA PUO YA SEGOMPIENO
4. (a) Moranodi mongwe wa Bibela wa pele o ne a tlhalosa boikaelelo bofe jo bo tlotlegang? (b) Fa nako e ntse e tsamaya ke eng se se ileng sa tlhokega?
4 Dithanolo tsa Bibela tsa bogologolo di na le mafoko a a sa tlholeng a dirisiwa a e leng a lekgolo la bo 16 le la bo 17 la dingwaga. Lefa a sa tlhole a tlhaloganngwa jaanong, ka nako eo a ne a tlhaloganngwa kwantle ga bothata bope. Ka sekai, monna mongwe yo o neng a berekana thata le go a kwala mo Bibeleng ya Seesemane e ne e le William Tyndale, yo go bolelwang fa a ne a raya mongwe wa batho ba ba neng ba ganetsana nae ka bodumedi a re: ‘Fa Modimo o ka ntshegetsa ke santse ke tshela, mo dingwageng tse di seng kae ke tla dira gore le mosimanyana yo o tshwarang mogoma a kgone go itse Dikwalo go go gaisa.’ Thanolo ya ga Tyndale ya Dikwalo tsa Segerika e ne e le motlhofo mo mosimane yo o tshwarang mogoma a neng a ka kgona go e tlhaloganya ka nako ya gagwe. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa mafoko ao a neng a a dirisa jaanong ke a bogologolo a a dirisiwang ka dinako tse di rileng, mo jaanong ‘mosimanyana yo o tshwarang mogoma’ a sa kakeng a tlhola a kgona go tlhaloganya ka botlalo tlhaloso ya mafoko a mantsi a a mo go King James le diphetolelo tse dingwe tsa bogologolo tsa Bibela. Ka gone, go ile ga tlhokega gore go ntshiwe puo e e utlwalang jaaka ya bogologolo le gore Bibela e boe e nne ya puo e e tlwaelegileng ya batho fela mo Bibeleng.
5. Bibela e tshwanetse go bonala ka puo ya mofuta ofe, mme ka ntlhayang?
5 Go ne ga dirisiwa puo ya batho ba ba tlwaelegileng fela fa go ne go kwalwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ne ba se ka ba dirisa Segerika sa bogologolo sa batlhalefi ba ba tshwanang le Plato. Ba ne ba dirisa Segerika se se neng se buiwa letsatsi le letsatsi, eleng Sekoine, kana Segerika se se tlwaelegileng. Ka gone, Dikwalo tsa Segerika, fela jaaka Dikwalo tsa Sehebera tse di neng di le teng pele ga tsone, di ne tsa kwalwa ka puo e e neng e buiwa ke batho ba le bantsi. Ka gone, go botlhokwa fela thata gore dithanolo tsa Dikwalo tsa ntlha le tsone e bo e le tsa puo e e buiwang ke batho ka bontsi, e le gore e tle e tlhaloganngwe kwantle ga bothata bope. New World Translation e dirisa puo e e phepa, e e tlhalosang sentle ya segompieno, mme e seng puo ya segologolo ya makgolo a mararo kana a manè a a fetileng ka lone lebaka leno, e le gore babadi ba tle ba kgone go itse se tota Bibela e se bolelang.
6. Tshwantsha mosola wa go dirisa mafoko a bosheng go na le mafoko a bogologolo?
6 Go naya lesedi mo goreng puo ya Seesemane e fetogile ka selekanyo se se kana kang go tswa lekgolong la bo 17 go ya go la bo 20 la dingwaga, elatlhoko dipapiso tse di latelang gareng ga King James Version le New World Translation. “Suffered” mo go King James Version e kwadilwe ka go re “allowed” mo go New World Translation (Gen. 31:7), “was bolled” e kwadilwe ka go re “had flower buds” (Ekes. 9:31), “spoilers” e kwadilwe ka go re “pillagers” (Baatlh. 2:14), “ear his ground” e kwadilwe ka go re “do his plowing” (1 Sam. 8:12), “when thou prayest” e kwadilwe ka go re “when you pray” (Math. 6:6), “sick of the palsy” e kwadilwe ka go re “paralytic” (Mar. 2:3), “quickeneth” e kwadilwe ka go re “makes . . . alive” (Bar. 4:17), “shambles” e kwadilwe ka go re “meat market” (1 Bakor. 10:25), “letteth” e kwadilwe ka go re “acting as a restraint” (2 Bathes. 2:7), jalo le jalo. Ka baka leno go ka anaanelwa mosola wa go bo New World Translation e dirisa mafoko a bosheng go na le a a sa tlholeng a dirisiwa.
THANOLO E E DIRILWENG KA TSELA E E TSHWANANG
7. New World Translation e dira thanolo ka tsela e e tshwanang jang?
7 Mo go New World Translation go dirilwe boiteko jotlhe gore go ranolwe ka tsela e e tshwanang. Lefoko lengwe le lengwe la Sehebera kana la Segerika, le na le lefoko le le lengwe fela la Seesemane, mme leno le dirisitswe ka tsela e e tshwanang go ya kafa seane kana kgang e letlelelang ka gone go naya tlhaloso e e tletseng ya Seesemane. Ka sekai, lefoko la Sehebera neʹphesh le ranolwa ka tsela e e tshwanang go twe “soul” [ka Seesemane]. Lefoko la tlhaloso e e tshwanang la Segerika, ebong psy·kheʹ, le ranolwa “soul” gongwe le gongwe fa le tlhagang gone.
8. (a) Naya dikai tsa mafoko a a bediwang homographs. (b) Go dirilwe jang ka mafoko ano fa go ranolwa?
8 Mo mafelong a mangwe go ile ga tsoga bothata fa go ranolwa mafoko a a bediwang homographs. Ano ke mafoko a puo ya ntlha ao a peletiwang ka tsela e e tshwanang mme totatota a na le ditlhaloso tse di farologaneng. Ka gone, go nna le kgwetlho ya gore lefoko leo le tlhalosiwe ka tshwanelo fa go ranolwa. Ka Setswana go na le madumatshwano a a tshwanang le “mabele” le “mabele” le “bonya”, le “bonya”, ao a peletiwang ka tsela e e tshwanang mme e le mafoko a a farologaneng gotlhelele. Sekai se sengwe sa Bibela ke lefoko la Sehebera la rav, leo le rayang mafoko a a nang le medi e e farologaneng gotlhelele, mme ka jalo ano a ranolwa ka tsela e e farologaneng mo go New World Translation. Gantsi lefoko la rav le raya “bontsi,” jaaka mo go Ekesodo 5:5. Lefa go ntse jalo, lefoko rav leo le dirisiwang mo diretong, jaaka mo go “Rabeshake” (Seheb., Rav-sha·qehʹ) mo go 2 Dikgosi 18:17, le raya “kgosi,” jaaka fa le ranolwa go twe “[kgosi, NW] oa baopahadiwi ba gagwè” mo go Daniele 1:3. (Bona le Yeremia 39:3, ntlhanyana e e kwa tlase e e go NW.) Lefoko rav, leo le tshwanang le leo, le raya “mohudi wa bora,” seo eleng lebaka la kafa le ranotsweng ka gone mo go Yeremia 50:29. Baranodi ba ile ba farologanya mafoko ano a a peletiwang ka go tshwana ba ikaegile ka batlhalefelamafoko ba ba tshwanang le L. Koehler le W. Baumgartner.
9. Moakgedi mongwe wa Sehebera le Segerika o ile a baka New World Translation jang?
9 Malebana le go tshwana mono, elatlhoko se moakgedi mongwe wa Sehebera le Segerika Alexander Thomson a neng a se bua morago ga a sena go tlhatlhobisa New World Translation of the Christian Greek Scriptures: “Ka phepafalo thanolo eno e dirilwe ke bakanoki ba ba ditswerere le ba ba botlhale, bao ba ileng ba ikaelela gore ba tla tlhalosa tshedimosetso ya Segerika ka boammaaruri go ya kafa puo ya Seesemane e kgonang go tlhalosa ka gone. Boikaelelo jwa phetolelo eno ke go dira gore lefoko lengwe le lengwe le legolo la Segerika le nne le lefoko le le lengwe fela la Seesemane, le go leka go tlhamalala kafa go ka kgonegang ka gone. . . . Lefoko le ka gale le ranolwang go twe ‘siamisa’ ka kakaretso le ranolwa sentlentle go twe ‘bolela tshiamo.’ . . . Lefoko la Sefapaano le ranotswe go twe ‘kota ya tlhokofatso’ seo eleng tokafatso e nngwe . . . Luke 23:43 e ranolwa sentle, go twe ‘Ammaaruri ke ya go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.’ Seno ke tokafatso e kgolo fela thata ya kafa diphetolelo ka bontsi di balegang ka gone.” Ene motlhatlhobisi yoo o ne a akgela jaana, a bua ka thanolo ya Dikwalo tsa Sehebera: “Go na le mosola fela thata go nna le New World Version. E tlhalosa ka botlalo le ka tsela e e keteng dilo ke gone di diragalang, ebile e dira gore mmadi a akanye a bo a ithute. Ga se buka ya Batshwayadiphoso ba Maemo a a kwa Godimo, mme ke ya bakanoki bao ba tlotlang Modimo le Lefoko la Gagwe.”—The Differentiator, April 1952, ditsebe 52-7, le June 1954, tsebe 136.
10. Tshwantsha kafa go sa ikganetseng ga New World Translation go tlotlomatsang boammaaruri jwa Bibela ka gone.
10 Ka baka la go bo New World Translation e ranotswe ka tsela e e tshwanang e ile ya fenya mo dipuisanong di le dintsi tsa Bibela tse di raraaneng mo tshimong. Ka sekai, mo dingwageng dingwe tse di fetileng, setlhopha sengwe sa batho ba ba akanyetsang dilo mo New York ba ne ba kopa Mokgatlho wa Watch Tower gore o romele dibui di le pedi go tla go bua le setlhopha sa bone kaga dikgang tsa Bibela, mme kopo ya bone ya dumelwa. Banna ba ba rutegileng bano ba ne ba dumela mo molaomotheong mongwe o mogolo wa Selatine, o o reng falsum in uno falsum in toto, o o rayang gore kgang e go supegileng gore e phoso mo ntlheng e le nngwe fela e phoso fela yotlhe. Fa puisano e ntse e tsweletse, monna mongwe o ne a tlhasela Basupi ba ga Jehofa kaga kgang ya gore a Bibela e a ikanyega. O ne a kopa gore bareetsi ba balelwe Genesise 1:3, mme go ne ga dirwa jalo, e balwa mo go New World Translation: “Mme Modimo wa tswelela ka go re: ‘A go nne lesedi.’ Mme ga nna lesedi.” Morago a batla gore go balwe Genesise 1:14, a tiile moko, mme eno le yone e ne ya balwa mo go New World Translation: “Mme Modimo wa tswelela ka go re: ‘A go nne masedi mo phuthologong ya magodimo.’” “Ema gone fela foo,” a rialo, “ke eng se o se balang? Bibela ya me ya re Modimo o ne wa dira lesedi mo letsatsing la ntlha, le mo letsatsing la bonè gape, mme seo ga se tsamaisane.” Lemororo a ne a iphaka fa a itse Sehebera, go ne ga tshwanelwa gore a lemotshiwe gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “lesedi” mo go temana 3 e ne e le ʼohr, fa lefoko le le mo go temana 14 lone e ne e le le le farologaneng, ereka e ne e le ma·ʼohrʹ, leo le rayang masedi, kana motswedi wa lesedi. Monna yo o rutegileng yoo o ne a nna fa fatshe a fentswe.c Ereka New World Translation e e ikanyegang e sa etle e ikganetsa e ne ya fenya mo ntlheng eo, ka e ne ya tshegetsa Bibela fa e le e e ikanyegang ebile e na le mosola.
GO RANOLA MADIRI KA KELOTLHOKO
11. Ke karolo efe e e molemolemo ya Dikwalo tsa ntlha e e santseng e le gone mo go New World Translation? Jang?
11 New World Translation e tlhalosa tlhaloganyo ya se se dirwang ke madiri a Segerika le a Sehebera ka kelotlhoko e kgolo. Ka go dira jalo, New World Translation e leka gore e nne e e kgatlhisang ka mo go kgethegileng, e tlhaloganyesege motlhofo, e nne maatla, le gore e tlhalose ka tsela e dikwalo tsa puo ya ntlha di neng di dira ka yone. Ka gone go ile ga tlhokega gore go dirisiwe madirimathusi mo Seesemaneng go tlhalosa se tota e leng seemo sa tiro ka kelotlhoko. Ka baka la maatla a madiri a tsone, Dikwalo tsa ntlha di tlhalosa tiragalo ka tsela e e kgatlhisang le e e utlwalang sentle.
12. (a) Tsela nngwe e Sehebera se farologanang ka gone le dipuo tsa Bophirima ke efe? (b) Tlhalosa maemo a mabedi a lediri la Sehebera.
12 Lediri la Sehebera ga le na “dipaka” ka tsela eo lereo “paka” le dirisiwang ka yone mo dipuong tsa kwa Bophirima ka bontsi. Mo Seesemaneng, madiri segolobogolo a dirisiwa go ya ka paka, kana ka nako: gore ke nako e e fetileng, ya jaanong, le e e tlang. Mo letlhakoreng le lengwe, lediri la Sehebera le ka nna la dirisiwa go supa seemo sa tiro, ke gore, tiro e lebiwa e ka ne e feletse (seemo sa pakapheti) kana e sa felela (seemo sa paka e e sa fetang). Maemo ano a lediri la Sehebera a ka nna a dirisiwa go supa ditiro tsa nako e e fetileng kana tsa nako e e tlang, kgang e le yone e e atlholang gore ke nako efe. Ka sekai, seemo se se itekanetseng, kana se se feletseng, sa lediri ka tlwaelo fela se tlhalosa ditiro tsa nako e e fetileng, mme gape se dirisiwa go buiwa ka tiragalo e e tlang jaaka ekete e setse e diragetse mme e le tiragalo ya nako e e fetileng, go supa gore go tlhomamisega gore e tlile go diragala kana gore go patelesega gore e diragale.
13. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go elatlhoko seemo sa lediri la Sehebera ka tshwanelo gore go tlhaloganngwe Genesise 2:2, 3 sentle?
13 Go botlhokwa fela thata gore go tlhalosiwe seemo sa lediri la Sehebera mo Seesemaneng sentle; eseng jalo, tlhaloso e ka nna ya latlhega mme ga bolelwa ntlha e e farologaneng gotlhelele. Go bona sekai seno, akanyetsa mafoko a lediri a a mo go Genesise 2:2, 3. Mo dithanolong tse dintsi, go dirisiwa mafoko a a tshwanang le ‘a ikhutsa,’ ‘a lesa tiro,’ ‘o ne a lesitse tiro,’ ‘go tswa foo a ikhutsa,’ ‘Modimo wa ikhutsa,’ le ‘o ne a ikhuditse,’ di bua ka go ikhutsa ga Modimo mo letsatsing la bosupa. Go ya ka mafoko ano motho o ka nna a digela ka gore go ikhutsa ga Modimo ka letsatsi la bosupa go ne go fedile mo nakong e e fetileng. Mme elatlhoko kafa New World Translation e bontshang se se tlhalosiwang ke madiri ao a dirisitsweng mo tshetleng e e mo go Genesise 2:2, 3 ka gone: “Mme ka letsatsi la bosupa Modimo o ne wa digela tiro ya one eo o neng o e dirile, mme wa simolola go ikhutsa mo letsatsing la bosupa mo ditirong tsotlhe tsa gagwe tse a neng a di dirile. Mme Modimo wa simolola go segofatsa letsatsi la bosupa mme wa le itshepisa, ka gonne a ne a ntse a ikhuditse mo go lone mo ditirong tsotlhe tsa gagwe tse Modimo o neng o di tlhodile ka boikaelelo jwa go di dira.” Mafoko a a mo temaneng ya 2 a a reng “a simolola go ikhutsa” ke lediri la Sehebera le le tlhalosang tiro e tswelelang kana e e sa felelang ka gone le naya kgopolo ya tiro e e sa felang kana e e tswelelang. Mokgwa wa go kwala “a simolola go ikhutsa” o a dumalana le seo se bolelwang mo go Bahebera 4:4-7. Mo letlhakoreng le lengwe, lediri le le mo go Genesise 2:3 le mo seemong sa pakapheti, mme gore le dumalane le temana 2 le Bahebera 4:4-7, le ranolwa go twe “o ne a ntse a ikhuditse.”
14. Fa New World Translation e tila pono e e phoso ya go golaganngwa ga waw le lefoko, e leka go dirang ka madiri a Sehebera?
14 Lengwe la mabaka a go bo go nna le diphoso fa go ranolwa mefuta e e farologaneng ya madiri a Sehebera ke thuto ya thutapuo e gompieno e bidiwang go golaganngwa ga waw le lefoko. Waw (ו) ke leamanyi la Sehebera leo tota le rayang “le.” Ga le ke le ema le le nosi mme ka metlha le tshwaraganngwa le lefoko le lengwe, gantsi le lediri la Sehebera, e le gore le bope lefoko le le lengwe fela. Batho bangwe ba ne ba ntse ba bolela gore go amana mono ga one go na le maatla a go fetolela lediri go tswa seemong se sengwe go ya go se sengwe, ke gore, go tswa go pakapheti go ya go paka e e sa fetang (jaaka go ile ga dirwa mo dithanolong di le dintsi, go akaretsa le tsa motlha wa segompieno, mo go Genesise 2:2, 3) kana go tswa go pakapheti go ya go paka e e sa fetang, mme le gompieno ba santse ba bua jalo. Gape phelelo eno e ile ya bidiwa “maatlaphetodi a waw.” Go sa dirisiweng ka tshwanelo mono ga mofuta wa lediri go ile ga baka tlhakatlhakano e kgolo le go sa ranolweng sentle ga tshedimosetso ya Sehebera. New World Translation ga e tseye tsia lebaka la gore tlhaka ya waw e ka kgona go fetola seemo sa lediri. Go na le moo, mo go yone go dirwa boiteko jwa go supa maatla a a tshwanetseng le a a tlhomologileng a lediri la Sehebera, ka go dira jalo go bolokiwa seo se neng se tlhalosiwa ke mokwalo wa ntlha ka tsepamo.d
15. (a) Madiri a Segerika a ranotswe ka kelotlhoko go le kana kang? (b) Tshwantsha mosola wa go tlhalosa kgopolo ya tsweletso sentle.
15 Madiri a Segerika le one a ranotswe ka kelotlhoko. Mo Segerikeng dipaka tsa lediri ga di tlhalose nako ya tiragalo kana seemo fela mme di tlhalosa gape le mofuta wa tiro eo, gore a ke ya nakwana fela, ke e e simologang, ke e e tswelelang, ke e e boelelang, kana e weditswe. Go tlhokomela tlhaloganyo ya go nna jalo ya mefuta ya madiri a Segerika go tla dira gore thanolo e nne e e tsepameng e e tlhalosang maatla a tiragalo e e tlhalosiwang ka botlalo. Ka sekai, go supa gore kgang ke e e tswelelang fa lediri la Segerika le supang jalo ga go tlhalose seemo jaaka se ntse fela mme gape go dira gore tao le kgakololo e nne tse di maatla go feta. Ka sekai, go tswelela ka go sa dumele ga Bafarasai le Basadukai go tlhalosiwa sentle ke mafoko a ga Jesu a a reng: “Losika lo lo bosula lwa boaka lo nna lo ntse lo batla sesupo.” Mme gore batho ba tlhoka go tswelela ba dira dilo tse di siameng go tlhalosiwa sentle ke mafoko a ga Jesu a a reng: “‘Nnang lo rate baba ba lona.” “Mme, nnang lo batle bogosi pele.” “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo batle, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.”—Math. 16:4, NW; 5:44, NW; 6:33, NW; 7:7, NW.
16. Fa go tsewa tsia paka ya Segerika ya aorist, kakgelo ya ga Johane malebana le “boleo” e tlhalosiwa sentle jang mo go 1 Yohane 2:1?
16 Segerika se na le paka e e sa tlwaelegang e e bidiwang aorist, seo se rayang tiro ya nako e e rileng, kana ya nakwana. Madiri a a leng a aorist a ka nna a ranolwa ka ditsela tse di farologaneng, go ya ka kgang e a tlhagang mo go yone. Tsela nngwe eo a dirisiwang ka yone ke go tlhalosa tiragalo e le nngwe fela ya mofuta o o rileng, lemororo e sa amane ka gope le nako epe e e rileng. Sekai sa go nna jalo se fitlhelwa mo go 1 Yohane 2:1, koo diphetolelo di le dintsi di tlhalosang lediri “boleo” ka tsela e e supang go tswelela ka go dira boleo, fa New World Translation yone e balega ka go re, “go leofa,” ke gore, go dira boleo gangwe fela. Seno se naya tlhaloso e e tshwanetseng ya gore fa Mokeresete a ka leofa, o na le Jesu Keresete, yo o ntseng jaaka mmueledi, kana mothusi, go Rraarona wa selegodimo. Ka gone, 1 Yohane 2:1 ga e ganetsane le go atlholelwa ‘go tlwaela go dira boleo’ jaaka go fitlhelwa mo go 1 Yohane 3:6-8 le 5:18, mme yone e bapisa seo fela.e
17. Kwantle ga go bontsha gore ke tiro e e tswelelang, paka e e sa felelang ya Segerika e ka nna ya tlhalosa eng? Naya sekai.
17 Paka e e supang go sa felela ya Segerika e ka tlhalosa eseng fela tiro e e tswelelang mme e ka tlhalosa gape le tiro eo e neng ya batlwa go dirwa mme ya se ka ya fitlhelelwa. Elatlhoko kafa Bahebera 11:17 e balegang ka gone mo go King James Version: “Ka tumelo, Aberahame fa a ne a lekwa, o ne a isa Isake setlhabelo.” Mo Segerikeng lediri “o ne a isa” le farologana ka popego mo makgetlong a mabedi ano. Lekgetlo la ntlha le mo pakaphething (paka e e weditsweng), fa mo go la bobedi le le mo popegong ya pakapheto e e sa felang (paka e e fetileng e e ntseng e tswelela). New World Translation, fa e tlhokomela dipaka tse di farologaneng tseo e ranola temana eno jaana: “Aberahame, fa a ne a lekwa, go ne ga tshwana jaaka ekete o ne a isitse Isake setlhabelo, mme monna yoo . . . o ne a leka go isa morwawe yo o tshotsweng a le esi setlhabelo.” Ka gone tlhaloganyo ya gore lediri la ntlha le ne le weditswe e ne ya sala, fa pakapheto e e sa welang ya lediri la bobedi e supa gore tiro eo e ne e ikaeletswe go dirwa kana e ne ya lekwa go dirwa mme ya se ka ya wediwa.—Gen. 22:9-14.
18. Go elatlhoko seo se dirwang ke dikarolo tse dingwe tsa puo go feletse ka eng? Naya sekai.
18 Go nna kelotlhoko kaga tiriso ya dikarolo tse dingwe tsa puo, tse di tshwanang le dikgang tsa maina, go ile ga phepafatsa se go neng go lebega e le go ikganetsa. Ka sekai, mo go Ditihō 9:7, fa dithanolo di le mmalwa di bolela boitemogelo jo bo gakgamatsang jwa ga Saulo fa a le mo tseleng a ya kwa Damaseko, di bolela gore batho ba a neng a tsamaya le bone ‘ba ne ba utlwa lentswe’ mme ba se ka ba bona ope. Go tswa foo, mo go Ditihō 22:9, fa Paulo a bolelang tiragalo eno gone, tsone dithanolo tseo di balega ka gore lemororo ba ne ba bona lesedi, ‘ba ne ba se ka ba utlwa lentswe.’ Lefa go ntse jalo, mo lekgetlong la ntlha, lefoko la Segerika le le rayang “lencwe” ke le le bontshang motswedi, mme mo lekgetlong la bobedi, ke le le bontshang sedirwa, jaaka mo go Ditihō 9:4. Ke ka ntlhayang fa go na le pharologanyo? Mo dithanolong tse di fa godimo tsa mo Seesemaneng ga go a bontshiwa epe, lefa go le jalo Segerika sone, ka go dirisa leina la mofuta o sele, se supa se se farologaneng. Banna bao ba ne ba utlwa “lencwe” tota mme ba se ka ba le utlwa ka tsela eo Paulo a neng a le utlwa ka yone, ke gore, ba ne ba se ka ba utlwa mafoko le go a tlhaloganya. Ka gone, ka New World Translation e lemoga gore mo go Ditihō 9:7 go dirisitswe motswedi, e balega ka go re banna bao ba neng ba na nae “eleruri ba ne ba utlwa modumo wa lentswe, mme ba se ka ba bona motho ope.”
GO BONTSHIWA GA “YOU” YO O KAYANG BONTSI
19, 20. (a) Ke eng se New World Translation e se dirileng malebana le mefuta ya maina a a boitshepo, mme ka ntlhayang? (b) Tshwantsha kafa “you,” (NW) yo o rayang motho a le mongwe fela a ka farologanngwang ka gone le yo o rayang ba feta a le mongwe fela.
19 Mafoko a bogologolo a Seesemane a a kayang motho yo go buiwang nae a le mongwe fela, “thee,” “thou,” le “thy,” a santse a le teng le mo dithanolong tse dingwe tsa segompieno mo mabakeng a go buiwang ka Modimo gone. Lefa go ntse jalo, mo dipuong tse Bibela e kwadilweng ka tsone, go ne go sena leemedi lepe le le kgethegileng la motho le le dirisitsweng fa go ne go buiwa ka Modimo, mme go ne go dirisiwa leemedi le le tshwanang fa motho a ne a bua le mogagabo. Jalo New World Translation ga e a dirisa ditiriso tseno tse di supang boitshepo mme e dirisa “you” yo o dirisiwang ka tlwaelo fa go tlotliwa mo maemong otlhe. Go farologanya “you” yo o supang bontsi jwa batho ba go buiwang nabo le madiri ao ntsifatso ya one e sa bonaleng sentle mo Seesemaneng, mafoko ao a gatisiwa otlhe ka ditlhaka tse dikgolo tse di ngotlilweng. Gantsi go a thusa go itse gore a temana e e rileng ya Dikwalo e lebisitse go “you” e raya motho a le mongwe fela, kana go “YOU” e raya setlhopha sa batho, phuthego.
20 Ka sekai, mo go Baroma 11:13 Paulo o bua le batho ba le bantsi a re: “Ke bua le lona ba lo [YOU, ka Sekgoa] leng batho ba merafe.” Mme mo temaneng ya bo 17 Segerika se fetola “you” yo o rayang motho a le mongwe fela, mme o dirisiwa a lebisitswe ka tlhamalalo go motho: “Lefa go ntse jalo, fa dingwe tsa dikala di ne di ka rojwa mme wena [you] . . . wa lomelelwa mo teng . . . ”
NEW WORLD TRANSLATION KA DIPUO TSE DINGWE
21. (a) Go diragetse jang gore batho ba ba oketsegang ba lefatshe ba ipelele melemo ya New World Translation? (b) Palo yotlhe ya dikaelo tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower ka 1989 tsa New World Translation ke bokae?
21 Ka 1961 go ne ga itsisiwe gore Mokgatlho wa Watch Tower o ne o simolola go ranolela New World Translation mo dipuong tse thataro tseo di buiwang ke batho ba le bantsi, eleng, Se-Dutch, Sefora, Sejeremane, Sentariana, Sepotokise, le Sepanishe. Tiro eno ya go ranola e ne ya newa baranodi ba ba ditswerere ba ba ineetseng, botlhe e le ba ba dirang mmogo kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, New York. Ba ne ba le komiti e kgolo ya merafeyotlhe ba dira ba kaelwa ke batho ba ba dinatla. Matswela a ntlha a thanolo eno a ne a bonala ka July 1963, kwa Kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya “Mafoko a a Molemo A A sa Khutleng” kwa Milwaukee, Wisconsin, kwa U.S.A. fa go ne go gololwa New World Translation of the Christian Greek Scriptures ka nako e le nngwe fela ka dipuo tse thataro tse di fa godimo. Jaanong baagi ba lefatshe bao ba buang dipuo di sele kwantle ga Seesemane ba ne ba ka simolola go ipelela mesola ya thanolo eno ya segompieno. Fa esale ka nako eo, tiro ya go ranola e ne ya nna ya tswelela, mo e leng gore ka 1989 New World Translation of the Holy Scriptures e ne e setse e le gone ka dipuo di le 11, mme go setse go gatisitswe dikaelo di feta 56 000 000.f
MALEBO A SEDIRISIWA SE SE MAATLA
22, 23. Thanolo eno ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng e solegela Bakeresete molemo ka ditsela dife tse di tlhomologileng?
22 Eleruri New World Translation ke sedirisiwa se se maatla sa go supa gore “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile lo mosola.” Go ya ka dintlha tse go tlotlilweng ka tsone mo thutong eno, re ka anaanela gore ke ya bonnete ebile e ya ikanyega le gore e ka naya boipelo jwa mmatota go bao ba batlang go utlwa Modimo o bua le batho ka tsela e e tlhotlheletsang ka puo ya segompieno, e e tshelang. Puo e e dirisitsweng mo go New World Translation e tlhotlheletsa semoyeng tota, mme e lemotsha mmadi mafoko a a tlhalosang sentle a a dirisitsweng mo Dikwalong tsa ntlha tse di tlhotlheleditsweng fela ka bonako. Ga re sa tlhole re tlhoka go bala le go boeletsa go bala ditemana go tlhaloganya ditshetla tse di sa utlwaleng sentle. E tlhalosa ka maatla le ka mo go phepafetseng fela fa e balwa lantlha.
23 New World Translation of the Holy Scriptures ke thanolo e e ikanyegang ya Lefoko la Modimo, “chaka ea Mōea.” Ka jalo, eleruri ke sebetsa se se sekeng se fosa mo ntweng ya semoya ya Mokeresete, ke thuso mo go ‘digeng dithuto tse di nwetseng tsa maaka le ditlhaloso tse di tsosiwang kgatlhanong le kitso ya Modimo.’ Abo e re kgonisa go bolela dilo tse di mosola le tse di agang ka kutlwisiso e e botoka jang ne, dilo tse di itumedisang tse di amanang le Bogosi jwa Modimo jwa tshiamo—ee, “ditihō tse dikgolo tsa Modimo”!—Baef. 6:17; 2 Bakor. 10:4, 5; Dit. 2:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Introduction to the Old Testament, Robert H. Pfeiffer, 1952, tsebe 94.
b Kingdom Interlinear Translation, Tokololo ya 1985, ditsebe 1133-8.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 528.
d Reference Bible, appendix 3C, “Hebrew Verbs Indicating Continuous or Progressive Action.”
e Insight on the Scriptures, Bol. 1, page 1008.
f Dikgatiso tse di feletseng di phasaladitswe ka Se-Denmark, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Sentariana, Sejapane, Sepotokise, le Sepanishe (le tse e leng karolo fela ka Se-Finland le Se-Sweden).