Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya bo 9—Thutamarope le Rekoto E E Tlhotlheleditsweng
Go tlhatlhobisiwa ga dilo tse di bonweng morago ga go sena go ribololwa marope le ya direkoto tsa bogologolo tsa hisitori ya selefatshe tseo di tlhomamisang rekoto ya Bibela.
1. Ke eng se se kaiwang fa go twe (a) thutamarope ya Bibela? (b) dilo tsa bogologolo tse di dirilweng ka diatla?
THUTAMAROPE ya Bibela ke thuto kaga batho le ditiragalo tsa metlha ya Bibela ka dikwalo, didirisiwa, dikago, le dilo tse dingwe tsa bogologolo tse di fitlhelwang kafa tlase ga lefatshe. Go batliwa ga dilo tsa bogologolo, kana dilo tsa bogologolo tse di dirilweng ka diatla, kwa mafelong a bogologolo a Bibela go ile ga tlhoka tlhotlhomiso e kgolo le go epololwa ga namane e tona ya mmu. Selo sa bogologolo se se dirilweng ka diatla go tewa selo sepe fela seo se bontshang bonatla jwa motho le seo se nayang bosupi jwa ditiro tse batho ba neng ba di dira le botshelo jwa bone. Dilo tsa bogologolo tse di dirilweng ka diatla e ka nna ya nna dilo tse di tshwanang le dilwana tsa letsopa, marope a dikago, matlapanakwalelo a mmopa, mafoko a a kwadilweng ka go setwa, mekwalo e e nayang tshedimosetso, difikantswe, le ditiragalo tse di kwaletsweng mo letlapeng.
2. Thutamarope ya Bibela e na le mosola o o kana kang?
2 Fa lekgolo la bo 20 la dingwaga le simologa, jaanong thutamarope e ne e setse e le thuto e nngwe e e dirwang ka matsetseleko, e go neng go tsewa maeto go iwa kwa mafatsheng a Bibela go ya go batlisisa ao a neng a duelelwa ke diunibesethi tse dikgolo le dimusiamo tsa Yuropa le Amerika. Ka baka leo, baithutamarope ba ile ba bona tshedimosetso e kgolo eo e latlhelang lesedi mo tseleng e dilo di neng di dirwa ka yone mo metlheng ya Bibela. Ka dinako tse dingwe dilo tse di ileng tsa bonwa fa go ne go epololwa marope di ne tsa bontsha fa Bibela e le boammaaruri, di bontsha kafa e tlhomameng ka gone le mo dilong tse eseng tsa sepe fela.
THUTAMAROPE LE DIKWALO TSA SEHEBERA
3. Ke marope afe a bogologolo le direkoto tse di tlhomamisang gore kwa Babelona wa bogologolo go ne go na le ditora tsa ditempele tsa ditlhoa tse di metsu tse di nang le matlhatlaganyane?
3 Tora ya Babela. Go ya ka Bibela, Tora ya Babela e ne e le namane e tona ya kago. (Gen. 11:1-9) Ka mo go kgatlhisang, mo maropeng a fa go neng go na le Babelona wa bogologolo gone le a a mo tikologong baepamarope ba ile ba epolola ditempele tse e leng dikago tse di kwa godimo, kana ditora tsa tempele tse di nang le ditepisi, tse di tshwanang le dipiramite, go akaretsa le tempele e e sentsweng ya Etemenanki, eo e neng e le mo teng ga dipota tsa Babelona. Dipego tsa bogologolo tse di amanang le ditempele tseno gantsi di na le mafoko a a reng: “Setlhoa sa yone se tla fitlha kwa magodimong.” Go bolelwa fa Kgosi Nebukadenesare a ile a re, “Ke ile ka tlhatlosa setlhoa sa Tora eo e e matlhatlaganyane ya kwa Etemenanki mo setlhoa sa yone se neng sa fitlha kwa magodimong.” Mo letlapanakwalelong lengwe go bolelwa ka go wa ga nngwe ya ditempele tse dikgolo tseo ka mafoko a a reng: “Go agiwa ga tempele eno go ne ga kgopisa badimo. Ba ne ba lalaanya kago nngwe le nngwe mo bosigong bo le bongwefela. Ba ba gasagasetsa kwa mafatsheng a sele, mme ba dira gore ba bue dipuo tse di gakgamatsang. Ba ne ba kgoreletsa go tsweledisiwa ga yone.”a
4. Kwa Gihone go ne go bonwe dilo dife fa go epololwa marope, mme tseno di ka nna tsa nna le kamano efe le rekoto ya Bibela?
4 Dikgogometso tsa Metsi kwa Molatswaneng wa Gihone. Ka 1867 mo kgaolong ya Jerusalema, Charles Warren o ne a bona kgogometso ya metsi e e neng e tswa kwa Molatswaneng wa Gihone e bo e boela e tsena mo thoteng, e na le kgoro e go tlhatlogelwang ka yone kwa godimo kwa Motseng wa ga Dafide. Go lebega gore ke gone kafa banna ba ga Dafide ba neng ba kgona go tsena mo motseng oo ka gone lantlha. (2 Sam. 5:6-10) Dikgogometso tsotlhe tse di tswang kwa molatswaneng wa Gihone di ne tsa katololwa go simolola ka 1909 go ya go 1911. Kgogometso nngwe e kgolo, e e ka nnang boleele jwa dimetara di le 1,8, e ne ya epiwa sekgala sa dimetara di le 533 mo lejeng le le thata. E ne e tswa kwa Gihone go ya kwa Letangwaneng la Siloame mo Mokgatšheng wa Tyropoeon (mo teng ga motse oo) mme go lebega e le one o Hesekia a neng a o epa. Mafoko mangwe a a setilweng a a kwadilweng ka mokwalo wa bogologolo wa Sehebera a ne a fitlhelwa mo lobotaneng lwa kgogometso nngwe e tshesane. Bontlhabongwe jwa one a balega jaana: “Tsela eo e neng ya epiwa ka yone ke eno:—Fa [ . . . ] (ba ne) ba santse [ . . . ] se(di)lepe, mongwe le mongwe go morwarraagwe, lefa go ne go santse go na le dikubita di le tharo tse di neng di santse di tshwanetse go epiwa, [go ne ga utlwiwa] lentswe la monna mongwe a bitsa morwarraagwe, ka gonne leje leo le ne le le sephara kafa mojeng [le kafa molemeng]. Mme fa go ne go ntse go fatololwa kgogometso eo, banna ba ba epang ba ne ba remaka (lentswe leo), monna mongwe le mongwe a lebagane le mongwekaene, dilepe tsa bone di lebagane; mme metsi a elela go tswa kwa molatswaneng go ya kwa letangwaneng sekgala sa dikubita di le 1 200, mme go tswa fa godimo ga ditlhogo tsa banna bao go ya kwa lejeng leo e ne e le sekgala sa dikubita di le 100.” Abo ka nako eo e ne e le namane e tona ya boenjiniere jang ne!b—2 Dikg. 20:20; 2 Ditih. 32:30.
5. Kwa Karanaka go na le bosupi bofe kaga tlhaselo ya ga Shishake le maina a mafelo a Bibela?
5 Setshwantsho sa mo Loboteng sa go Fenya ga ga Shishake. Shishake, kgosi ya Egepeto, o umakiwa makgetlo a le supa mo Bibeleng. Ereka Kgosi Rehoboame a ne a tlogela molao wa ga Jehofa, Jehofa o ne a leseletsa Shishake gore a tlhasele Juda, ka 993 B.C.E., mme eseng go o senyetsa ruri. (1 Dikg. 14:25-28; 2 Ditih. 12:1-12) Go fitlha mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ne go lebega Bibela e le yone fela e e buang ka tlhaselo eno. Go tswa foo go ne ga bonwa mokwalotshedimosetso o mogolo wa ga Faro yo Bibela e mmitsang Shishake (Sheshonk I). Ono e ne e le o mogolo wa dimapo o o neng o kwaletswe mo lobotaneng go na le ditshwantsho kafa bokone jwa lobotana lwa tempele nngwe e kgolo ya Egepeto kwa Karanaka (Thebes wa bogologolo). Mo setshwantshong seno se segolo se se mo lobotaneng, go tshwantshitswe modimo wa Egepeto Amone, yo o tshotseng tšhaka e e tshwanang le sekele mo letsogong la moja. O tlisa magolegwa a a khinnweng a Palesetina a le 156 kwa go Faro Shishake, bao ba golegeletsweng mo seatleng sa gagwe sa molema ka megala. Legolegwa lengwe le lengwe le emela motsemogolo kana motse, oo leina la one le kwadilweng ka mokwalo wa dimapo. Gareng ga ao a santseng a balega le go lemotshega ke Rabitha, (Yosh. 19:20); Tanaaka, Bethe-sheana, le Megido (Yosh. 17:11); Shunema (Yosh. 19:18); Rehoba (Yosh. 19:28); Hafaraima (Yosh. 19:19); Gibeona (Yosh. 18:25); Bethe-horona (Yosh. 21:22); Aiyalona (Yosh. 21:24); Soko (Yosh. 15:35); le Arada (Yosh. 12:14). Mafoko a a kwadilweng ano gape a bua ka “Tshimo ya ga Aberame,” e le rekoto ya bogologolo ya Egepeto e go umakiwang Aberahame mo go yone.c
6, 7. Hisitori ya Lentswe la Moaba ke efe, mme e na le tshedimosetso efe malebana le go tlhabana ga Iseraele le Moaba?
6 Leje la Moaba. Ka 1868 morongwa mongwe wa Mojeremane F. A. Klein o ne a bona mafoko a bogologolo a a kwadilweng a a gakgamatsang kwa Dhiban (Dibon). Mafoko ano a ile a bidiwa Leje la Moaba. Mafoko ao a ne a kwalwa sesha, mme leje leo lone le ne la thubiwa ke Ba-Bedouin pele ga le ka tlosiwa. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dikapetlana tsa lone di ne tsa bonwa, mme leje leo jaanong le bolokilwe mo Louvre, kwa Paris, le sekaelo sa lone kwa British Museum, kwa Lontone. Pelepele le ne la tlhongwa kwa Dibon, mo Moaba, mme mo go lone go kwadilwe mafoko a ga Kgosi Mesha a go tsuologela Iseraele. (2 Dikg. 1:1; 3:4, 5) Bontlha bongwe jwa one a balega jaana: “Ke (nna) Mesha, morwa Kemoshe-[ . . . ], kgosi ya Moaba, Modibona . . . Fa e le ka Omeri, kgosi ya Iseraele, o ne a kokobetsa Moaba ka dingwaga di le dintsi (tota go raya malatsi), ka gonne Kemoshe [modimo wa Moaba] o ne a tenegetse lefatshe la gagwe. Mme morwa wa gagwe o ne a mo sala morago mme le ene o ne a re, ‘Ke tla kokobetsa Moaba.’ O ne a bua (jalo) ka nako ya motlha wa me, mme ke ile ka mo fenya le ba ntlo ya gagwe, fa Iseraele ene a nyeletse ka bosakhutleng! . . . Mme Kemoshe o ne a nthaya a re, ‘Tsamaya, o ye go tsaya Nebo go tswa kwa Iseraele!’ Jalo ka tsamaya go le bosigo mme ka tlhabana nae go simologa ka makuku a naka tsa kgomo go fitlhela ka nako ya sethoboloko, ka mo gapa ka ba ka ganyaola batho botlhe ba gone . . . Mme go tswa koo ke ne ka tsaya [dijana] tsa ga Yahweh, ka di gogagogaka fa pele ga ga Kemoshe.”d Tlhokomela gore mo seeleng sa bofelo go umakiwa leina la Modimo. Seno se ka bonwa mo setshwantshong se se bapileng le Lentswe la Moaba. Le ka sebopego sa Ditlhaka tse Nnè, kafa mojeng wa mafoko a a kwadilweng, mo tselaneng ya bo 18.
7 Lentswe la Moaba gape le umaka mafelo a a latelang a Bibela: Atarotha le Nebo (Dipa. 32:34, 38); Arenona, Aroera, Medeba, le Dibona (Yosh. 13:9); Bamotha-baala, Betha-baala-meona, Yahasa, le Kiriathaima (Yosh. 13:17-19); Besera (Yosh. 20:8), Horonaima (Isa. 15:5); le Bethe-dibalathaima le Keriotha (Yer. 48:22, 24). Ka jalo le tlhomamisa gore mafelo ano ke a a kileng a nna gone.
8. Bibela ya reng malebana le Senakaribe, mme diphatololo tsa ntlo ya gagwe ya segosi di senola eng?
8 Legwekakwalelo la ga Kgosi Senakaribe. Mo Bibeleng go kwadilwe ka matsetseleko a magolo ka tlhaselo ya Baasiria ba eteletswe pele ke Kgosi Senakaribe ka ngwaga wa 732 B.C.E. (2 Dikg. 18:13–19:37; 2 Ditih. 32:1-22; Isa. 36:1–37:38) E ne e le ka 1847 go ya go 1851 fa moithutamarope wa Moesemane A. H. Layard a ne a fatolola marope a ntlo e kgolo ya segosi ya ga Senakaribe kwa Ninife mo kgaolong ya Asiria wa bogologolo. Go ne ga fitlhelwa fa ntlo eo ya segosi e na le dikamore di le 70, makotswana a tsone a a bogodimo jo bo ka nnang dimetara di le 3 000 a na le ditshwantsho tse di gabilweng mo go one. Dipego tsa ngwaga le ngwaga tsa ga Senakaribe di ne di kwadilwe mo sekwalelong se se kgolokwe se se dirilweng ka mmopa kana magwekakwalelo. Kgatiso ya bofelo ya dipego tseno tsa ngwaga le ngwaga, tse go bonalang di kwadilwe ka bokhutshwane fela pele ga loso lwa gagwe, e kwadilwe mo go se se bidiwang Taylor Prism, e e bolokilweng kwa British Museum, mme Oriental Institute ya Yunibesithi ya Chicago e na le sekaelo se ebileng se le phepa se se mo legwekakwalelong leo le neng la bonwa gaufi le lefelo le go neng go le Ninife wa bogologolo, motsemogolo wa Mmusomogolo wa Assyria, mo go lone.
9. Ke eng se Senakaribe a se kwadileng, tumalanong le polelo ya Bibela, mme ke eng seo a sa se umakeng, mme ka ntlha yang?
9 Mo dipegong tseno tsa ngwaga le ngwaga, Senakaribe o kwadile mafoko a gagwe a boikgantsho a fa a ne a tlhasela Juda: “Fa e le ka Hesekia, Mojuda, o ne a se ka a inkokobeletsa, ke ne ka dikaganyetsa metse ya gagwe e e thata e le 46, dikago tse di thata tse di thekeleditsweng ka dithako le metse e e senang palo e mennye e e mo tikologong ya yone, mme ka (e) fenya ke dirisa mafologelelo a mmu a a katakilweng sentle, le dikepe tsa ntwa tse di nang le motsu tse (ka baka leo) di neng di atamediwa gaufi le dipota (mmogo le) go tlhasela ka masole a a tsamayang ka maoto, (ke dirisa) marumo a a epetsweng (fa fatshe), go betsa ka marago a ditlhobolo mmogo le go epolola marumo a bone a a epetsweng. (Go tswa mo go bone) ke ne ka gatelela batho ba ba 200 150, e le bannye le bagolo, banna le basadi, dipitse, dimmoulo, diesela, dikammela, dikgomo tse dikgolo le tse dinnye tse di senang palo, mme ka (di) tsaya jaaka thopo. Ene [Hesekia] ke ne ka mo dira legolegwa mo Jerusalema, kwa bonnong jwa gagwe jwa segosi, a tshwana le nonyane e e mo serubing. . . . Metsemegolo ya gagwe eo ke neng ke e thopile, ke ne ka e ntsha mo nageng ya gagwe mme ka e (fudusetsa) go Mitinti, kgosi ya Ashedoda, Padi, kgosi ya Ekerona, le Sillibel, kgosi ya Gasa. . . . Hesekia ka boene . . . moragonyana o ne a nthomela kwa Ninefe, motsemogolo wa me wa borena, ke tshotse ditalenta di le 30 tsa gouta, ditalenta di le 800 tsa selefera, majana a a tlhotlhwakgolo, majana a sekaselefera, dikidikwe tsa matlapa a mahibidu, malao (a a kgabisitsweng) ka dinaka tsa tlou, ditilo tsa nimedu (tse di kgabisitsweng) ka dinaka tsa tlou, matlalo a ditlou, dikgong tse dintsho, dikgong tse di dirang dibokoso (le) mefuta yotlhe ya letlotlo la dilo tsa botlhokwa, barweetsana (ba eleng) ba gagwe, bagadingwana ba gagwe, baopedi ba banna le ba basadi. O ne a romela morongwa (wa gagwe ka namana) go tlisa sehuba seno le go supa fa a inkobela jaaka lekgoba la me.”e Malebana le sehuba seno se Senakaribe a neng a pateletsa Hesekia go se ntsha, Bibela e tlhomamisa gore o ne a ntsha ditalenta di le 30 tsa gouda mme e umaka gore ditalenta tsa selefera tsone di ne di le 300 fela. Mo godimo ga moo, e bontsha gore e ne e le pele ga Senakaribe a tshosetsa go dikanyetsa Jerusalema. Mo pegong ya ga Senakaribe e e sokamisitsweng kaga hisitori ya Asiria, ka boomo fela ga a umake go fenngwa ga gagwe mo go botlhoko ga kwa Juda, fa moengele wa ga Jehofa a ne a bolaya masole a gagwe a le 185 000 mo bosigong bo le bongwefela fela, ka go rialo a mo pateletsa go tshabela kwa morago kwa Ninefe jaaka ntša e e iteilweng. Lefa go ntse jalo, rekoto eno ya boikgogomoso e e kwaletsweng mo Legwekakwalelong la ga Senakaribe e supa kafa Baasiria ba neng ba ya go tlhasela Juda ba le bantsi ka gone pele ga Jehofa a ba busetsa kwa morago fa ba sena go tshosetsa Jerusalema.—2 Dikg. 18:14; 19:35, 36.
10, 11. (a) Dikwalo tsa Lakisha ke eng, mme di supa eng? (b) Di tshegetsa dikwalo tsa ga Jeremia jang?
10 Dikwalo tsa Lakisha. Motse wa phemelo o o itsegeng thata wa Lakisha o umakiwa makgetlo a feta a le 20 mo Bibeleng. O ne o le sekgala sa dikilometara di le 44 kwa bophirima le borwabophirima jwa Jerusalema. Marope a one a epolotswe a le magolo fela thata. Ka 1935, mo ntlwaneng ya badisa e e neng e na le ditswalo tse pedi, go ne ga fitlhelwa dikapetlana di le 18, kana mabeana a letsopa a go kwadilweng mo go one (a mangwe a mararo a ne a bonwa ka 1938). Go ne ga fitlhelwa fa a ne e le dikwalo di le mmalwa tse di neng di kwadilwe ka ditlhaka tsa bogologolo tsa Sehebera. Mephutho e 21 eno jaanong e bidiwa Dikwalo tsa Lakisha. Lakisha e ne e le mongwe wa metse ya bofelo ya phemelo ya Juda eo e neng ya tlhaselwa ke Nebukadenesare, oo o neng wa felela e le leupa la marope fela go simolola ka 609 go ya go 607 B.C.E. Dikwalo tseno di bontsha gore metlha eno ke e e potlakileng. Go lebega e le dikwalo tse di kwadilweng go tswa kwa mathibelelong a bofelo a masole a Judea di kwalelwa Jaoshe, molaodi wa masole wa kwa Lakisha. Bontlha bongwe jwa lengwe la tseno (la palo ya IV) le balega jaana: “Ekete YHWH [Ditlhaka tse Nnè, “Jehofa”] o ka letlelela gore morena wa me jaanong a utlwe mafoko a a molemo. . . . re lebeletse ditshupo tsa molelo go tswa kwa Lakisha, go ya ka ditshupo tsotlhe tse morena wa me a di fang, ka gonne ga re kgone go bona Aseka.” Seno se tlhomamisa Yeremia 34:7 ka mo go kgatlhisang, eo e umakang Lakisha le Aseka jaaka metsemegolo e e thata ya bofelo. Go lebega lekwalo leno le supa gore ka nako eno Aseka o ne a ole. Leina la Modimo, le kwadilwe ka Ditlhaka tse Nnè, le tlhaga gangwe le gape mo dikwalong, le bontsha gore Bajuda ba ne ba dirisa leina Jehofa letsatsi le letsatsi ka nako eo.
11 Lekwalo le lengwe (la palo ya III) le simolola ka mafoko a a latelang: “Ekete YHWH [ke gore, Jehofa] o ka dira gore morena wa me a utlwe mafoko a kagiso! . . . Mme motlhanka wa gago o boleletswe gore, ‘Molaodi wa masole, Konia morwa Elenathane, o fologetse kwano tlase e le gore a tle a ye kwa Egepeto a bo a ye kwa go Hodavia morwa Ahija mme o rometse banna ba gagwe go ya go tsaya [dilo tse di tlhokwang] kwa go ene.’” Go lebega lekwalo leno le tlhomamisa gore Juda o ne a ya kwa Egepeto go ya go batla thuso, a tlola taolo ya ga Jehofa mme seo sa ba sa baka loso lwa gagwe. (Isa. 31:1; Yer. 46:25, 26) Maina a Elenathane le Hoshaia, ao a bonalang mo lekwalong leno lotlhe, a fitlhelwa gape mo go Yeremia 36:12 le Yeremia 42:1. Maina a mangwe a mararo ao a umakiwang mo dikwalong tseno a fitlhelwa gape mo bukeng ya Bibela ya Yeremia. Ke Gemaria, Neria, le Jaasania.—Yer. 32:12; 35:3; 36:10.f
12, 13. Ditiragalo tsa ga Nabonidase e tlhalosa eng, mme ke ka ntlha yang fa e le botlhokwa?
12 Ditiragalo tsa ga Nabonidase. Mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la bo 19 la dingwaga, e ne ya re fa go ntse go fatololwa gaufi le Bughdad ga fitlhelwa dikapetlana di le dintsi tsa mmopa le dikgolokwekwalelo tseo di neng tsa latlhela lesedi le lentsi mo ditiragalong tsa bogologolo tsa Babelona. Nngwe ya tseno e ne e le mokwalotshedimosetso o o botlhokwa fela thata o o bidiwang Ditiragalo tsa ga Nabonidase, o jaanong o leng mo British Museum. Kgosi Nabonidase wa Babelona e ne e le rraagwe mmusikaene, Beleshasare. O ne a tshela lobaka lo loleele go feta morwawe, yoo o neng a bolawa mo bosigong jo masole a ga Kurose wa Peresia a neng a gapa Babelona ka one, ka October 5, 539 B.C.E. (Dan. 5:30, 31) Ditiragalo tsa ga Nabonidase, eleng rekoto e mo go yone go kwadilweng letlha la go wa ga Babelona sentle, e thusa go tlhomamisa gore tiragalo eno e ne ya diragala leng. Mafoko a a latelang ke thanolo ya karolo e potlana ya Ditiragalo tsa ga Nabonidase: “Mo kgweding ya Tashritu [Tishri (September go ya go October)], fa Kurose a ne a tlhasela masole a Akkad mo Opis fa Tigris . . . ka letsatsi la bo 14, Sippar o ne a gapiwa kwantle ga tlhabano epe. Nabonidase o ne a tshaba. Letsatsi la bo 16 [October 11, 539 B.C.E., go ya ka khalendara ya ga Julius, kana October 5, go ya ka khalendara ya ga Gregory] Gobryas (Ugbaru), molaodi wa Gutium a na le masole a ga Kurose ba ne ba tsena mo Babelona kwantle ga go tlhabana le ope. Morago ga moo Nabonidase o ne a tshwarwa mo Babelona fa a ne a boa (koo). . . . Ka kgwedi ya Arahshamnu [Marchesvan (October go ya go November)], letsatsi la boraro [October 28, go ya ka khalendara ya ga Julius], Kurose o ne a tsena mo Babelona, ga alwa matlhare a matala fa pele ga gagwe—ga tlhongwa ‘Kagiso’ (sulmu) mo motseng oo. Kuruse o ne a romela ditumediso mo Babelona otlhe. Molaodi wa gagwe, ebong Gobryas, o ne a tlhoma (dikgosana) mo Babelona.”g
13 Go ka nna ga lemogiwa gore Dario wa Momeda ga a umakiwe mo tiragalong eno, mme go tla go fitlha fano, ga gona gope fa go bonalang Dario a umakiwa gone mo mekwalong epe e e seng ya Bibela, le gone ga a umakiwe mo hisitoring epe ya selefatshe pele ga motlha wa ga Josephus (ebong raditiragalo wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.). Ka jalo batho bangwe ba ile ba akantsha gore o ka nna a bo a le Gobryas yo o umakiwang mo polelong e e fa godimo. Lefa tshedimosetso e e leng gone kaga Gobryas e lebega e tshwana le e e buang ka Dario, ga go kake ga tsewa gore ke ene yo go buiwang ka ene foo tota.h Le gone, hisitori ya selefatshe e bolela ka tlhomamo gore Kurose ke ene yo o neng a di goga kwa pele mo phenyong ya Babelona le gore morago ga foo o ne a busa jaaka kgosi.
14. Ke eng se se kwadilweng mo Selennereng sa ga Kurose?
14 Selennere sa ga Kurose. Nako nngwe morago ga Kurose a sena go simolola go busa jaaka kgosi ya Bogosi jwa Lefatshe jwa Peresia, go fenya Babelona ga gagwe ka 539 B.C.E. go ne ga kwalwa mo selennereng sa mmopa. Mokwalotshedimosetso ono le one o bolokilwe mo British Museum. Karolo ya tshedimosetso e e ranotsweng e balega jaana: “Ke nna Kurose, kgosi ya lefatshe, kgosi e kgolo, kgosi e e tshwanetseng, kgosi ya Babelona, kgosi ya Sumere le Akkad, kgosi ya dikhutlo tse nnè (tsa lefatshe), . . . Ke ile ka busetsa go metse mengwe e e boitshepo [e mengwe ya yone e neng e boletswe ka maina pele] e e ka kwa moseja ga Tigris, eo mafelo a yone a kobamelo a neng a na le lobaka lo loleele a ntse a le marope, ditshwantsho tseo (di kileng) tsa bo di nna koo mme ka di tlhomela mafelo a kobamelo a leruri. (Gape) ke ne ka phutha baagi botlhe (ba pele) ba yone mme ka (ba) busetsa manno a bone.”i
15. Selennere sa ga Kurose e lemotsha eng kaga Kurose, mme seno se dumalana jang le Bibela?
15 Ka gone Selennere ya ga Kurose e itsise ka molao wa kgosi eo wa go busetsa batho ba ba tshwerweng kwa mafelong a ba neng ba tswa kwa go one. Tumalanong le seno, Kurose o ne a ntsha taolo ya gagwe ya gore Bajuda ba boele kwa Jerusalema ba bo ba age ntlo ya ga Jehofa gape koo. Ka mo go kgatlhisang, dingwaga di le 200 pele ga moo, Jehofa o ne a ile a bolela ka boperofeti gore Kurose e ne e le ene yo o neng a tla fenya Babelona a bo a busetse batho ba ga Jehofa kwa ga bone.—Isa. 44:28; 45:1; 2 Ditih. 36:23.
THUTAMAROPE LE DIKWALO TSA BOKERESETE TSA SEGERIKA
16. Thutamarope e sedimosa eng malebana le Dikwalo tsa Segerika?
16 Fela jaaka go ne ga nna ka Dikwalo tsa Sehebera, go ilwe ga bonwa dilo di le dintsi tse di kgatlhisang tse di dirilweng ka diatla ka baka la thutamarope tse di tshegetsang rekoto e e tlhotlheleditsweng e e mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.
17. Thutamarope e tshegetsa puisano ya ga Jesu kaga kgang ya lekgetho jang?
17 Ledi la Tshipi la Denarius le le Nang le Mafoko a a Kwadilweng ke Tiberio. Bibela e bontsha ka phepafalo gore Jesu o ne a dira bodihedi jwa gagwe ka nako ya fa go ne go busa Tiberio Kaesare. Bangwe ba baganetsi ba ga Jesu ba ne ba leka go mo thaisa ka go mmotsa ka kgang ya go duela Kaesare lekgetho. Pego eo e balega jaana: “Me èna, ka a itse boitimokanyō yoa bōnè, a ba raea, a re, Lo nthaèlèlañ? nteretseñ tushiliñ gore ke e bōnè. Me ba e lere. Me a ba raea, a re, Sechwanō se le sekwalō, ke tsa ga mañ? Ba mo raea, ba re, Tsa ga Kaesare. Yesu a ba raea, a re, Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo. Me ba mo gakgamalèla thata.” (Mar. 12:15-17) Baithutamarope ba bone ledi la tshipi la denarius la selefera le le nang le setshwantsho sa tlhogo ya ga Tiberio Kaesare! Le ne le dirisiwa mo e ka nnang ka 15 C.E. Seno se tsamaisana le nako e Tiberio a neng a busa jaaka mmusimogolo ka yone, e leng e e simologileng ka 14 C.E., mme se boa gape se tshegetsa rekoto e e bolelang gore bodihedi jwa ga Johane wa Mokolobetsi bo ne jwa simologa ka ngwaga wa bo 15 wa ga Tiberio, kana ka dikgakologo tsa 29 C.E.—Luke 3:1, 2.
18. Ke eng se se ileng sa bonwa malebana le Ponto Pilatwe?
18 Mokwalo wa ga Ponto Pilatwe. Selo sa ntlha se se ileng sa bonwa fa go ntse go epololwa marope se se neng se amanngwa le Ponto Pilatwe se ne sa bonwa ka 1961. Seno e ne e le kapetla ya lentswe e e kwa Kaesarea, eo mo go yone go neng go kwadilwe leina la ga Ponto Pilatwe ka Selatine.
19. Ke eng se se santseng se le teng kwa Athena, se se tlhomamisang seemo sa Ditihō 17:16-34?
19 Areopago. Paulo o ne a neela nngwe ya dipuo tsa gagwe tse di itsegeng thata tse di kwadilweng kwa Athena, Gerika, ka 50 C.E. (Dit. 17:16-34) Eno e ne e le nako ya fa Baathena bangwe ba ne ba tshwara Paulo ba bo ba mo isa kwa Areopago. Areopago, kana Hill of Ares (Mars’ Hill), ke leina la thaba e e senang ditlhare, e e tletseng matlapa, e e bogodimo jwa dimetara di le 113, go lebagana fela le bokonebophirima jwa Acropolis ya Athena. Ditepise tse di gabilweng mo majeng di fitlha kwa setlhoeng, koo go santseng go ka bonwa matlhakore a mararo a dibanka tse di seng borethe, tse di gabilweng mo majeng gone. Areopago e santse e le gone, e tlhomamisa lefelo le go kwadilweng mo Bibeleng gore Paulo o ne a fa puo ya gagwe e e sa lebalesegeng mo go lone.
20. Ke eng se Gogoropo ya ga Tito e tswelelang ka go se tlhomamisa, mme jang?
20 Gogoropo ya ga Tito. Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa ke Baroma ba eteletswepele ke Tito, ka 70 C.E. Mo ngwageng o o latelang, mo Roma, Tito o ne a dira moletlo wa go itumelela phenyo ya gagwe, a na le rraagwe, Mmusimogolo Vespasian. Go ne ga gwantisiwa magolegwa a Bajuda a a tlhophilweng a le makgolo a supa ba dirile mokolokolo wa phenyo. Merwalo ya dilo tse di thopilweng mo ntweng le yone e ne ya dikolosiwa go dirilwe mokolokolo ka yone, go akaretsa le dilo tsa botlhokwa tsa tempele. Tito ka boene o ne a nna mmusimogolo, a busa go simolola ka 79 go ya go 81 C.E., mme morago ga loso lwa gagwe go ne ga fediwa sefikantswe se segolo, eleng Gogoropo ya ga Tito, mme sa tshwaiwa divo Tito (go Tito yo o dirilweng modimo). Mokolokolo wa gagwe wa phenyo o tshwantshitswe e le setshwantsho se se kokomologileng, seo se gabilweng mo matlhakoreng oomabedi a mokgwatha wa gogoropo eo. Mo letlhakoreng le lengwe, go tshwantshitswe masole a Roma, a tshotse digai tse di senang metsu mme a rwesitswe serwalo sa dithunya, a tshotse fenitšhara e e boitshepo e e tswang kwa tempeleng ya Jerusalema. Seno se akaretsa le setlhomo sa dipone se se dikala di supa le tafole ya senkgwe se se boitshepo, eo go bonalang dinaka tse di boitshepo di seegilwe mo go yone. Setshwantsho se se mo letlhakoreng le lengwe la mokgwatha oo se bontsha Tito yo o fentseng a eme mo godimo ga kara ya ntwa e e gogwang ke dipitse tse nnè mme e kgweediwa ke mosadi yo o tshwantshetsang motsemogolo wa Roma.j Ngwaga le ngwaga diketekete tsa bajanala ba bona Gogoropo eno ya ga Tito ya phenyo, eo e santseng e le teng mo Roma jaaka bosupi jo bo sa buiweng ka molomo jo bo diragatsang boperofeti jwa ga Jesu le go diragadiwa ga katlholo ya ga Jehofa ka tsela e e botlhoko mo go Jerusalema wa motsuolodi.—Math. 23:37–24:2; Luke 19:43, 44; 21:20-24.
21. (a) Thutamarope e ile ya tsamaisana le mekwalo ya seatla e e ileng ya bonwa ka tsela efe? (b) Ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna najo malebana le thutamarope?
21 Fela jaaka mekwalo ya bogologolo e e kwadilweng ka seatla e e ileng ya bonwa e ile ya thusa gore tshedimosetso e e itshekileng, ya ntlha ya Bibela e busediwe, jalo go bonwa ga dilo tse dintsintsi tsa bogologolo tse di dirilweng ka diatla gantsi go ile ga bontsha gore dilo tse di kwadilweng mo tshedimosetsong ya Bibela ke tse eleng tsa boammaaruri go ya ka ditiragalo, tse matlha a tsone a dumelesegang, le tsa mafelo a boammaaruri, go ya go fitlha fela mo ntlheng e nnyennyane. Lefa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go fetsa ka gore thutamarope e dumalana le Bibela mo ntlheng nngwe le nngwe. Go tshwanetswe ga gakologelwa gore thutamarope ga se karolo e e boammaaruri ka metlha ya bokanoki. Dilo tse di bonweng fa go epololwa marope di phuthololwa ke batho, mme dingwe tsa diphuthololo tseno di ne tsa nna tsa fetoga gangwe le gape. Ka dinako tse dingwe thutamarope e ile ya leka go emanokeng boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ka tsela e e sa amogelesegeng. Mo godimo ga moo, jaaka go tlhalositswe ke Sir Frederic Kenyon yo o tlhokafetseng, yo o neng a le mokaedi le ralaeborari yo mogolo wa British Museum ka dingwaga tse dintsi, thutamarope e ile ya tlhalosa Bibela “ka tsela e e botlhale ka mo go oketsegileng ka go naya tshedimosetso e e tletseng kaga tshimologo ya yone le seemo sa go kwalwa ga yone.”k Mme tumelo e tshwanetse go thaiwa mo Bibeleng, eseng mo thutamaropeng.—Bar. 10:9; Baheb. 11:6.
22. Ke bosupi bofe jo bo tla sekasekiwang mo thutong e e latelang?
22 Bibela ka boyone e na le bosupi jo bo sa ikganetseng jwa gore eleruri ke “lehoko ya Modimo ye le tshedileñ, ye le nnetseñ rure” je le boammaaruri, jaaka re tla bona mo thutong e e latelang.—1 Pet. 1:23.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bible and Spade, 1938, S. L. Caiger, tsebe 29.
b Ancient Near Eastern Texts, 1974, J. B. Pritchard, tsebe 321; Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 941-2, 1104.
c Light From the Ancient Past, 1959, J. Finegan, ditsebe 91, 126.
d Ancient Near Eastern Texts, tsebe 320.
e Ancient Near Eastern Texts, tsebe 288.
f Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 151-2; Light From the Ancient Past, ditsebe 192-5.
g Ancient Near Eastern Texts, tsebe 306.
h Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 581-3.
i Ancient Near Eastern Texts, tsebe 316.
j Light From the Ancient Past, tsebe 329.
k The Bible and Archaeology, 1940, tsebe 279.
[Ditshwantsho mo go tsebe 333]
Leje la Moaba
Ditlhaka tse Nnè tse di godisitsweng, tseo di kwadilweng ka mokwalo wa bogologolo, mo moleng wa bo 18, kafa mojeng
[Setshwantsho mo go tsebe 334]
Legwekakwalelo la ga Kgosi Senakaribe
[Setshwantsho mo go tsebe 335]
Ditiragalo tsa ga Nabonidase
[Setshwantsho mo go tsebe 336]
Ledi la tshipi la denarius le le nang le mokwalo wa ga Tiberio
[Setshwantsho mo go tsebe 337]
Gogoropo ya ga Tito
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 337]
Bao ba Newang Tlotlo ya Ditshwantsho tsa Thuto ya bo 9 tse di rulagantsweng go ya ka ditsebe:
tsebe 333, Musée du Louvre, Paris;
tsebe 334, Bopelontle jwa Oriental Institute, University of Chicago;
tsebe 335, Bopelontle jwa Trustees of The British Museum;
tsebe 336, Bopelontle jwa Trustees of The British Museum.