Kgaolo 2
O Ne A Tlotlwa Pele Ga A Tsholwa
MORAGO ga moengele Gabariele a sena go bolelela kgarebana Maria gore o ne a tla tshola ngwana wa mosimane yo a tla nnang kgosi ya bosakhutleng, Maria o botsa ka go re, “Mo, go tla nna yañ, ka ke sa itse monna?”
“Mōea o o Boitshèpō o tla tla mo go wèna,” Gabariele o a tlhalosa, “le nonohō ea Mogodimodimo e tla gu chutihalèla: ke gōna le shōna seuō se se boitshèpō se u tla se bèlègañ, se tla bidiwa boitshèpō, Morwa Modimo.” Go thusa Maria go dumela molaetsa wa gagwe, Gabariele o a tswelela: “Elisabethe oa losika loa gago, le èna o ithwele ñwana oa mosimane mo bocoheñ yoa gagwè; me e, ke eōna kgwedi ea borataro mo go èna eo o na a bidiwa moopa. Ka gonne ga go na lehoko lepè ye le cwañ Modimoñ ye le tlhōkañ nonohō.”
Maria a dumela mafoko a a buiwang ke Gabariele. Mme o arabela jang? “Bōnañ, lelata ya Morèna,” a khutsa, “a go ntihalèlè yaka lehoko ya gago.”
Ka bofefo fela morago ga Gabariele a sena go tsamaya, Maria o a ipaakanya a bo a etela Elisabethe yo o nnang le monna wa gagwe Sakaria mo nageng e e dithaba ya Judea. Go tswa kwa legaeng la gaabo Maria kwa Nasaretha, mosepele ono ke o moleele wa gongwe malatsi a mararo kana a manè.
Fa Maria labofelo a goroga kwa ntlong ya ga Sakaria, o a tsena a bo a dumedisa. Ka nako eo fela, Elisabethe, o tlala ka moya o o boitshepo, mme a re go Maria: “U segō mo basadiñ, go bile go segō louñō loa sebopèlō sa gago. Me mo, go ncwèla kae, ha e bo yana mma Morèna oa me a ka tla mo go nna yana? Gonne, bōna, ea re lencwe ya tumedishō ea gago le tsèna hèla mo ditsebeñ tsa me, ñwana a tlola ka boitumèlō mo sebopeloñ sa me.”
Fa Maria a utlwa seno, o arabela ka tebogo a re: “Mōea oa me o bile o itumetse mo Modimoñ Mmoloki oa me. Gonne o lebile bobōtlanyana yoa lelata ya ōna; gonne, bōna yana ditshika cotlhe di tla mpitsa mosegōhadiwa. Gonne ōna o o leñ thata o ntihetse dilō tse dikgolo.” Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege molemo oo a o bontshiwang, Maria o lebisa tlotlo yotlhe go Modimo. “Leina ya ōna le boitshèpō,” o bolela yalo, “me boutlwèlō botlhoko yoa ōna bo mo go ba ba o boihañ mo tshikatshikeñ.”
Maria o tswelela ka go nna a baka Modimo ka pina ya boperofeti e e tlhotlheleditsweng, a re: “O shupile nonohō ka lecōgō ya ōna; o haladitse ba ba pelompe mo ditlhatlhanyoñ tsa dipelo tsa bōnè. O digile dikgōsana mo dituloñ tsa cōnè tsa bogosi; me o godisitse ba ba leñ babōtlana hèla. Ba ba bolawañ ke tlala o ba kgorisitse ka dilō tse di molemō; me bahumi o ba tsamaisitse ba iphotlhere hèla. O thusitse Iseraela motlhanka oa ōna, gore a gakologèlwè boutlwèlō botlhoko yoa ōna,—Yaka o buile le borra echo,—kaga Aberahame le losika loa gagwè ka bosakhutleñ.”
Maria o nna le Elisabethe mo e ka nnang ka dikgwedi tse tharo, mme kwantle ga pelaelo e nna thuso e kgolo mo dibekeng tseno tsa bofelo tsa go ima ga ga Elisabethe. Eleruri go a itumedisa gore basadi bano ba babedi ba ba ikanyegang, bao ka bobedi ba imileng ngwana ka thuso ya Modimo, ba bo ba le mmogo mo nakong eno e matshelo a bone a segofaditsweng mo go yone!
A o ile wa elatlhoko tlotlo e e neng ya neelwa Jesu le eleng pele ga a tsholwa? Elisabethe o ne a mmitsa “Morèna oa me,” mme ngwana wa gagwe yo o neng a ise a tsholwe o ne a tlola ka boitumelo fa Maria a ne a bonala. Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba bangwe ba ne ba nyatsa Maria le ngwana wa gagwe yo a neng a santse a tla tsholwa, jaaka re tla bona. Luke 1:26-56.
▪ Gabariele a reng go thusa Maria go tlhaloganya gore go tla tla jang gore a nne moimana?
▪ Jesu o ne a tlotlwa jang pele ga fa a tsholwa?
▪ Maria a reng mo pineng ya boperofeti a baka Modimo?
▪ Maria o nna le Elisabethe lobaka lo lo kana kang, mme ke ka ntlha yang fa go tshwanetse gore Maria a nne le Elisabethe mo nakong eno?