LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 69 ts. 164-ts. 165 ser. 1
  • Gabariele o etela Marea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gabariele o etela Marea
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moengele o Etela Marea
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O Ne A Tlotlwa Pele Ga A Tsholwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o a Tlotlwa Pele ga a Tsholwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 69 ts. 164-ts. 165 ser. 1
Moengele Gabariele a bua le Marea

THUTO 69

Gabariele o Etela Marea

Moengele a bua le Josefa mo torong

Go ne go na le lekgarebe lengwe le le bidiwang Marea le le neng le nna mo motseng wa Nasaretha kwa Galalea, mme e le wa losika lwa ga Elisabetha. Marea o ne a tlile go nyalwa ke Josefa yo o neng a dira tiro ya go betla. Fa Elisabetha a na le dikgwedi di le thataro a imile, moengele Gabariele o ne a etela Marea. O ne a re: ‘Dumela Marea. Jehofa o go ratile thata.’ Marea o ne a sa tlhaloganye se moengele a se buang. Gabariele o ne a mo raya a re: ‘O tla ima o bo o tshola ngwana wa mosimane mme o mmitse Jesu. O tla nna Kgosi. Bogosi jwa gagwe bo tla nnela ruri.’

Marea o ne a mo raya a re: ‘Ke tla tshola ngwana jang ke ise ke tlhakanele dikobo?’ Gabariele o ne a mo raya a re: ‘Jehofa ga a palelwe ke sepe. Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena mme o tla tshola ngwana. Elisabetha wa losika lwa gago le ene o imile.’ Marea o ne a re: ‘Ke lelata la ga Jehofa. E kete nka diragalelwa ke se o se buileng.’

Josefa a nyala Marea a ntse a imile

Marea o ne a tlhatloga dithaba a etela Elisabetha. E rile a mo dumedisa, lesea le le mo mpeng ya ga Elisabetha le ne la tlola. E re ka Elisabetha a ne a tletse moya o o boitshepo, o ne a re: ‘Marea, Jehofa o go segofaditse. Ke itumelela go bo mmaagwe Morena wa me a nketetse.’ Marea o ne a re: ‘Ke baka Jehofa ka pelo ya me yotlhe.’ Marea o ne a nna le Elisabetha ka dikgwedi di le tharo a bo a boela kwa legaeng la gagwe kwa Nasaretha.

Fa Josefa a se na go utlwa gore Marea o imile, o ne a batla go kgaogana le ene. Mme Josefa o ne a lora moengele a mo raya a re: ‘O se ka wa tshaba go mo nyala. Ga a dira sepe se se phoso.’ Ka jalo, Josefa o ne a nyala Marea mme a mo tlisa mo ntlong ya gagwe.

“Jehofa o dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira kwa legodimong le mo lefatsheng.”​—Pesalema 135:6

Dipotso: Gabariele o ne a raya Marea a reng? Elisabetha le Marea ba ne ba ikutlwa jang ka dilo tse di ba diragaletseng?

Mathaio 1:18-25; Luke 1:26-56; Isaia 7:14; 9:7; Daniele 2:44; Bagalatia 4:4

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela