LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 6
  • Ngwana Yo O Solofeditsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ngwana Yo O Solofeditsweng
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ngwana yo o Neng a Solofeditswe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 6

Kgaolo 6

Ngwana Yo O Solofeditsweng

MO BOEMONG jwa go boela kwa Nasaretha, Josefa le Maria ba nna mo Bethelehema. Mme fa Jesu a le malatsi a a herang bobedi ba a mo rupisa, jaaka Molao wa Modimo go Moshe o laola. Go bonala ebile e le mokgwa go raya ngwana wa mosimane leina mo letsatsing la bohera bobedi. Jalo ba raya ngwana wa bone leina ba re ke Jesu, jaaka moengele Gabariele a ne a laetse go le pelenyana.

Go feta lobaka lo e ka nnang lwa kgwedi; mme Jesu o malatsi a le 40. Jaanong batsadi ba gagwe ba mo isa kae? Kwa tempeleng e e kwa Jerusalema, eo e leng dikilometara di sekaenyana fela go tloga ko ba nnang teng. Go ya ka Molao wa Modimo go Moshe, malatsi a le 40 morago ga mmè a sena go tshola ngwana wa mosimane, o tlhokwa gore a ise tshupelo ya bointlafatso kwa tempeleng.

Seo ke se Maria a se dirang. O lere dinonyane di le pedi tse dipotlana jaaka tshupelo. Seno se senola sengwe kaga seemo sa itsholelo sa ga Josefa le Maria. Molao wa ga Moshe o supa gore phelehu e potlana, eo eleng tlhotlhwa e kgolo thata go na le dinonyane, e tshwanetse go ntshiwa. Mme fa mmè a ka se kgone seno, maeba a le mabedi kana maphoi a ne a tla bo a siame.

Mo tempeleng monnamogolo mongwe o tshola Jesu ka matsogo. Leina la gagwe ke Simeone. Modimo o mo senoletse gore ga a kitla a swa pele ga a ka bona Keresete kana Mesia, yo o solofeditsweng ke Jehofa. Fa Simeone a tla mo tempeleng mo letsatsing leno, moya o o boitshepo o mo kaela ngwana yo o tshotsweng ke Josefa le Maria.

Fa Simeone a ntse a tshotse Jesu o leboga Modimo, a re: “Morèna, yana u ka mma motlhanka oa gago a tsamaea ka kagishō yaka lehoko ya gago: Gonne matlhō a me a bonye poloko ea gago, E u e baakantseñ ha pele ga sehatlhōgō sa dichaba cotlhe; Lesedi ye le bonesañ Badichaba, le kgalalèlō ea Iseraela batho ba gago.”

Josefa le Maria ba gakgamala fa ba utlwa seno. Go tswa foo Simeone o a ba segofatsa a bo a raya Maria a re morwawe “o beecwe go wa le go coga gapè ga batho ba le bantsi mo go Iseraela” le gore bohutsana, jaaka tšhaka e e bogale, bo tla phololetsa moya wa gagwe.

Mo pakeng eno go na le moperofeti mongwe wa sesadi yo o dingwaga tse 84 yo o bidiwang Ana. Tota, ga a ke a tlhokafala mo tempeleng. Mo go lone lobaka loo o atamela gaufi a bo a simolola go leboga Modimo le go bua kaga Jesu go botlhe ba ba tla reetsang.

Abo ditiragalo tse di itumedisang tseno mo tempeleng di itumedisitse Josefa le Maria jang ne! Ruri, seno sotlhe se ba tiisetsa fela thata gore ngwana ke Ene yo o Solofeditsweng ke Modimo. Luke 2:21-38; Lefitiko 12:1-8.

▪ Go bonala gore e ne e le mokgwa go raya lesea la mosimanyana mo Iseraele leina leng?

▪ Ke eng se se neng se tlhokwa go mmè wa Moiseraela fa ngwana wa gagwe a ne a le malatsi a le 40 ka go gola, mme go diragatsa patlafalo eno go ne ga senola eng kaga seemo sa itsholelo sa ga Maria?

▪ Ke bomang ba ba neng ba lemoga Jesu gore ke mang mo pakeng eno, mme jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela