LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 6 ts. 20-ts. 21 ser. 8
  • Ngwana yo o Neng a Solofeditswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ngwana yo o Neng a Solofeditswe
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ngwana Yo O Solofeditsweng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 6 ts. 20-ts. 21 ser. 8
Simeone o tshotse losea Jesu mme Josefa, Marea le moporofeti Ana ba mo lebile

KGAOLO 6

Ngwana Yo O Neng A Solofeditswe

LUKE 2:21-39

  • JESU O A RUPISIWA MME MORAGONYANA O ISIWA KWA TEMPELENG

Josefa le Marea ga ba boele kwa Nasaretha, go na le moo ba nna mo Bethelehema. Fela jaaka Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o laela, Jesu o a rupisiwa ka letsatsi la borobedi. (Lefitiko 12:2, 3) Gape go ne go tlwaelegile gore ngwana wa mosimane a tewe leina mo go lone letsatsi leo. Ka jalo, ba bitsa ngwana wa bone ba re ke Jesu, fela jaaka moengele Gabariele a ne a laetse.

Go setse go fetile kgwedi, e bile Jesu o na le malatsi a le 40 a tshotswe. Jaanong batsadi ba gagwe ba mo isa kwa tempeleng kwa Jerusalema, e e sekgalanyana go tswa kwa ba nnang teng. Molao wa ga Moshe o laela gore morago ga malatsi a le 40 fa mosadi a sena go tshola ngwana wa mosiamane, o tshwanetse go isa setlhabelo sa go iitshekisa kwa tempeleng.—Lefitiko 12:4-8.

Marea o dira seo. O ntsha setlhabelo ka maphoi a mannye a le mabedi. Seno se re bolelela sengwe ka itsholelo ya lelapa leno. Go ya ka Molao wa ga Moshe, motho o ne a tshwanetse go ntsha phelefu e potlana le lephoi kgotsa le leeba. Mme fa a sa kgone go ntsha phelefu, o ne a ka ntsha maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi. Ka jalo, Marea o ntsha setlhabelo ka maphoi a mabedi.

“NAKO YA GORE BA ITSHEKISIWE E NE YA GOROGA”

Josefa le Marea ba isa Jesu kwa tempeleng gore ba ntshe setlhabelo sa go itshekisiwa

Go ya ka Molao wa ga Moshe, fa basadi ba Baiseraele ba sena go belega, ba ne ba tsewa ba itshekologile ka nako e e rileng. Fa nako eo e wela, go ne go ntshiwa setlhabelo se se fisiwang gore ba itshekisiwe. Seno se ne se ba gopotsa gore ba fetiseditse botshelo jo bo sa itekanelang le boleo mo ngwaneng. Jesu ene o tshotswe a itekanetse e bile a le boitshepo. (Luke 1:35) Mme Marea le Josefa “ba ne ba mo isa” kwa tempeleng ‘gore ba ye go itshekisiwa’ fela jaaka Molao oo o ne o laela.—Luke 2:22.

Fa Josefa le Marea ba le kwa tempeleng, monna mongwe yo o godileng o tla kwa go bone. Leina la gagwe ke Simeone. Modimo o ne a mo senoletse gore pele ga a swa, o tla bona Keresete kgotsa Mesia yo o solofeditsweng. Mo letsatsing leno, moya o o boitshepo o dira gore Simeone a ye kwa tempeleng, mme o fitlhela Josefa le Marea ba na le losea lwa bone. Simeone o tsaya losea lono.

Fa Simeone a ntse a tshotse Jesu, o leboga Modimo a re: “Jaanong, Morena Molaodimogolo, o tlogela motlhanka wa gago a tsamaya ka kagiso go ya ka se o se buileng, ka gonne matlho a me a bone motho yo o tla mo dirisang go boloka batho, ene yo o mo rometseng gore a bonwe ke batho botlhe. Ke lesedi le le tla tlosang lesire le le mo ditšhabeng e bile ke kgalalelo ya batho ba gago ba Iseraele.”—Luke 2:29-32.

Josefa le Marea ba a gakgamala fa ba utlwa seno. Simeone o a ba segofatsa a bo a bolelela Marea gore ngwana wa gagwe “ke ene yo o tla dirang gore batho ba le bantsi mo Iseraele ba we kgotsa ba tsoge” le gore Marea o tla utlwa botlhoko jaaka e kete o tlhabiwa ka tšhaka e e bogale.—Luke 2:34.

Gape go na le mosadi mongwe yo o leng teng fano mo letsatsing leno. Ke Ana, moporofeti yo o nang le dingwaga di le 84. Tota e bile, ga a ke a tlhokega kwa tempeleng. Le ene o ya kwa go Josefa, Marea le losea lwa bone. Ana o leboga Modimo a bo a bua ka Jesu mo go botlhe ba ba tla reetsang.

Ruri Josefa le Marea ba itumeletse go bona ditiragalo tseno fa ba le kwa tempeleng! Di ba tlhomamisetsa gore ngwana wa bone ke Ene yo Modimo a Neng a mo Solofeditse.

  • Go ne go tlwaelegile gore ngwana wa mosimane wa Moiseraele a tewe leina leng?

  • Mmê o ne a tshwanetse go dira eng fa morwawe a na le malatsi a le 40, mme setlhabelo se Marea a ileng a se ntsha se senola eng ka maemo a gagwe a itsholelo?

  • Kwa tempeleng, ke bomang ba ba lemogang gore tota Jesu ke mang, mme ba bontsha seo jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela