Kgaolo 8
Go Falola Mo Sereng
JOSEFA o tsosa Maria go mmolelela mafoko a a tshwanetseng go tseelwa kgato ka potlako. Moengele wa ga Jehofa o sa tswa go bonala fa go ene, a mo raya a re: “Tloga u tseè ñwanyana le mmagwè, me u tshabèlè kwa Egepeto, u bo u nnè gōna go tlo go tsamaeè ke gu itsise: gonne Herode o tla batla ñwanyana go mmolaea.”
Ka bofefo, ba tshaba ka boraro jwa bone. Mme ke yone nako eo Herode a ileng a lemoga gore balepadinaledi ba mo tsieditse mme ba tlogile mo nageng eo. Gakologelwa gore, ba ne ba tshwanetse go mmegela, fa ba sena go bona Jesu. Herode o gaketse. Jalo ka boiteko jwa go bolaya Jesu, o ntsha ditaolo tsa gore go bolawe basimanyana botlhe mo Bethelehema le mo tikologong ya yone ba ba leng dingwaga tse pedi le kwa tlase. O bala dingwaga jaana ka ntlha ya tshedimosetso eo a e boneng pelenyana mo balepadinaleding bao ba neng ba tswa kwa Botlhaba.
Go bolawa ga basimanyana botlhe ke sengwe se se tsitsibanyang go se bona! Masole a ga Herode a tlhasela matlo ka go tlhomagana. Mme fa ba fitlhela mosimanyana, ba mo phamola mo matsogong a ga mmaagwe. Ga re itse gore ba ka ne ba bolaile masea a le kae, mme selelo se segolo le go bokolela ga bommaabo di diragatsa boperofeti jwa Bibela jwa moperofeti wa Modimo ebong Jeremia.
Mo lobakeng lono, Josefa le lelapa la gagwe ba fitlhile mo Egepeto ka pabalesego, mme jaanong ba nna koo. Mme mo bosigong bongwe moengele wa ga Jehofa o bonala kwa go Josefa gape ka toro. “Tloga u tsee ñwanyana le mmagwè,” moengele yoo o bolela jalo, “me u eè lehatshiñ ya Iseraela: gonne ba ba kileñ ba batla ñwanyana go mmolaea ba shule.” Jalo tiragatsong ya polelelo pele e nngwe ya Bibela e e reng Morwa Modimo o tla bidiwa mo Egepeto, lelapa leno le boela kwa gae.
Go bonala fa Josefa a ikaelela go nna mo Judea, koo ba neng ba nna teng mo toropong ya Bethelehema pele ga ba tshabela kwa Egepeto. Mme o utlwalela gore morwa yo o boikepo wa ga Herode ebong Arekelao jaanong ke kgosi mo Judea, mme mo torong e nngwe gape Jehofa o mo tlhagisa ka kotsi eo. Jalo Josefa le lelapa la gagwe ba ya kwa bokone go ya go nna mo motseng wa Nasaretha mo Galalea. Jesu o golela mo bathong bano, a le kgakala le boremelelo jwa bodumedi jwa Sejuda. Mathaio 2:13-23; Yeremia 31:15; Hosea 11:1.
▪ Fa balepadinaledi ba sa boe, ke selo sefe sa bosetlhogo seo Kgosi Herode a se dirang, mme Jesu o ne a sirelediwa jang?
▪ Fa a boa kwa Egepeto, ke ka ntlha yang fa Josefa a ya go nna gape kwa Bethelehema?
▪ Ke dipolelelopele dife tsa Bibela tse di neng tsa diragadiwa mo lobakeng lono lwa nako?