KGAOLO 8
Ba Tshaba Mmusi Yo O Bosula
LELAPA LA GAABO JESU LE TSHABELA KWA EGEPETO
JOSEFA O FUDUSETSA LELAPA LA GAGWE KWA NASARETHA
Josefa o tsosa Marea gore a mmolelele dikgang tse di potlakileng. Moengele wa ga Jehofa o sa tswa go iponatsha mo go ene mo torong a re: “Tsamaya, o ye go tsaya ngwana le mmaagwe mme o tshabele kwa Egepeto, mme o nne koo go fitlha ke go laela gore o dire eng, ka gonne Herode o tloga a tswa letsholo la go batla ngwana yono yo mmotlana gore a mmolaye.”—Mathaio 2:13.
Mo go jone bosigo joo, Josefa, Marea le morwaabone ba a tshaba. Ba dira jalo ka bonako, ka gonne Herode o lemogile gore balepadinaledi ba mo tsieditse. O ne a ba boleletse gore fa ba sena go bona ngwana, ba mo itsise. Mme ba tsamaile ba sa mmolelela. Ka jalo, Herode o galefile fela thata. E re ka a sa ntse a batla go bolaya Jesu, o ntsha taelo ya gore basimane botlhe mo Bethelehema le dikgaolo tsotlhe tsa yone ba ba nang le dingwaga di le pedi go ya kwa tlase, ba bolawe. O bolaya bana ba dingwaga tseno a akantse ka se balepadinaledi ba kwa Botlhaba ba mmoleletseng sone.
Go bolawa ga bana bano ke selo se se bosula tota! Ga re itse gore go ne ga bolawa bana ba le kae, mme selelo se se botlhoko sa bommaabone, se diragatsa boporofeti jwa Baebele jo moporofeti Jeremia a ileng a bo bua.—Jeremia 31:15.
Fa dilo tseno di ntse di direga, Josefa le ba lelapa la gagwe ba tshabetse kwa Egepeto kwa ba tswelelang ba nna gone. Mme bosigo bongwe moengele wa ga Jehofa o iponatsha gape mo go Josefa mo torong, a re: “Tsamaya, o ye go tsaya ngwana le mmaagwe mme o ye kwa lefatsheng la Iseraele, ka gonne ba ba neng ba batla go bolaya ngwana yono yo mmotlana ba sule.” (Mathaio 2:20) Ka jalo, Josefa o swetsa ka gore lelapa la gagwe le ka boela kwa gaabo. Seno se diragatsa boporofeti jo bongwe jwa Baebele jo bo reng Morwa Modimo o ntshiwa kwa Egepeto.—Hosea 11:1.
Go bonala Josefa a batla gore lelapa la gagwe le nne mo Judea, gongwe gaufi le motse wa Bethelehema, kwa ba neng ba nna gone pele ga ba tshabela kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, o utlwa gore morwa Herode e bong Arekelao ke ene jaanong a busang mo Judea. Modimo o tlhagisa Josefa mo torong e nngwe gore botshelo jwa gagwe bo mo kotsing. Ka jalo, Josefa le ba lelapa la gagwe ba ya kwa bokone ba bo ba nna mo motseng wa Nasaretha o o mo kgaolong ya Galalea, kgakala le Jerusalema. Jesu o golela mo lefelong leno, mme seno se diragatsa boporofeti jo bongwe gape jo bo reng: “O tla bidiwa Monasaretha.”—Mathaio 2:23.