Kgaolo 9
Botshelo jwa ga Jesu jwa kwa Tshimologong a le mo Lapeng
MOTSE wa Nasaretha o Jesu a golelang mo go one, ke o mmotlana, o eseng wa botlhokwa. O mo gare ga naga e e dithaba mo kgaolong e e bidiwang Galalea, e seng kgakala le Mokgatšha wa Jeseriele o montle.
Fa Jesu a tlisiwa fano ke Josefa le Maria go tswa Egepeto, ka gongwe a le dingwaga tse pedi, go bonala e le ene ngwana fela yo Maria a nang nae. Mme ga go a tsaya lobaka. Fa nako e ntse e ya, go tsholwa Jakobe, Josefa, Simone, le Judase mme Maria le Josefa, ba tshola bana ba bangwe ba basetsanyana. Kgabagare Jesu o nna le bomonnawe ba basimane le bokgaitsadie, ba ka nna barataro.
Jesu o na le balosika ba bangwe gape. Re setse re itse kaga ntsalae yo motona eleng Johane, yo o nnang dimmaele tse dintsi kgakala le mo Judea. Mme yo o nnang gaufiufi mo Galalea ke Salome, yo go bonalang e le morwadiarraagwe Maria. Salome o nyetswe ke Sebede, jalo bana ba bone ba babedi ba basimane, ebong Jakobe le Johane, go raya gore ke bana ba ga morwadiarraagwe mmaabone Jesu. Ga re itse gore a fa Jesu a ne a gola, o ne a tshameka le basimane bano, mme moragonyana ba ne ba nna balekane ba ba atamalaneng.
Josefa o tshwanelwa ke go dira ka natla go tshedisa balelapa la gagwe le le golang. Ke mmetli. Josefa o godisa Jesu jaaka morwawe tota, jalo Jesu o bidiwa ‘morwa mmetli.’ Josefa o ruta Jesu go nna mmetli le ene, mme o ithuta sentle. Ke gone ka moo batho e reng morago ba rayang Jesu ba re, ‘Yono ke mmetli.’
Botshelo jwa balelapa la ga Josefa bo remeletse mo kobamelong ya ga Jehofa Modimo. Ka go boloka Molao wa Modimo, Josefa le Maria ba neela bana ba bone taelo ya semoya ‘fa ba dutse mo matlong a bone, fa ba tsamaya mo tseleng, fa ba rapame, le fa ba rapamologa.’ Go na le sinagoge mo Nasaretha, mme re ka tlhomamisega gore Josefa le ene o isa lelapa la gagwe koo ka metlha gore ba ye go rapela koo. Mme ga go na pelaelo epe gore ba bona boipelo jo bogolo mo maetong a ka metlha go ya tempeleng ya ga Jehofa mo Jerusalema. Mathaio 13:55, 56; 27:56; Mareko 15:40; 6:3; Duteronome 6:6-9.
▪ Jesu o ka nna a bo a na le bomonnawe le bokgaitsadie ba le kae, mme maina a bangwe ba bone ke afe?
▪ Bana ba ga morwadiarraagwe mmaabone Jesu ba bararo ba ba itsegeng thata ke bomang?
▪ Tiro ya boitshediso e kgabagare Jesu a e dirang ke efe?
▪ Josefa o ruta balelapa la gagwe jang e le selo sa botlhokwa?