LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 9 ts. 26-ts. 27 ser. 1
  • O Golela Kwa Nasaretha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Golela Kwa Nasaretha
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jwa ga Jesu jwa kwa Tshimologong a le mo Lapeng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O ne a Amogela Kaelo ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 9 ts. 26-ts. 27 ser. 1
Josefa o ruta Jesu tiro ya go betla

KGAOLO 9

O Golela Kwa Nasaretha

MATHAIO 13:55, 56 MAREKO 6:3

  • JOSEFA LE MAREA BA NNA LE BANA BA BANGWE

  • JESU O ITHUTA TIRO YA DIATLA

Jesu o golela kwa Nasaretha, e leng motse o monnye wa maemo a a kwa tlase. Motse ono o kwa bokone jwa Judea, kwa kgaolong e e dithaba e e bidiwang Galalea, kwa bophirima jwa letšha le legolo le le bidiwang Lewatle la Galalea.

Fa Josefa le Marea ba tswa kwa Egepeto ba tla go nna fano, gongwe Jesu a ka tswa a na le dingwaga di le pedi. Ka nako eno, go lebega Jesu e le ene fela ngwana wa bone. Mme moragonyana o nna le bomonnawe ba basimane—Jakobe, Josefa, Simone le Judase. Gape Josefa le Marea ba nna le bana ba basetsana. Jesu o na le bomonnawe ba ka nna barataro.

Jesu o na le masika a mangwe. Re setse re itse ka Elisabetha le morwawe e bong Johane. Ba nna kgakala kwa borwa jwa Judea. Go na le yo mongwe yo o nnang gaufi le bone mo Galalea. Ke Salome, yo go lebegang e le monnawe Marea, ka jalo ke mmangwanaagwe Jesu. Monna wa ga Salome ke Sebede. Go raya gore barwa ba bone e bong Jakobe le Johane, ke bontsalae Jesu ba ba atamalaneng thata le ene ka losika. Ga re itse gore a Jesu o ne a fetsa nako e ntsi le basimane bano fa ba ntse ba gola, mme gone ba ile ba nna ditsala tsa gagwe tse dikgolo e bile ba ne ba nna baaposetoloi ba gagwe.

Josefa o tshwanetse go bereka ka natla gore a tlamele lelapa la gagwe. Ke mmetli. O godisa Jesu jaaka ngwana wa gagwe, ke gone ka moo Jesu a bidiwang “morwa mmetli.” (Mathaio 13:55) Josefa o ruta Jesu tiro ya go betla, mme Jesu o dira tiro eno bontle. Tota e bile, moragonyana fa batho ba bua ka Jesu ba re: ‘Yono ke mmetli.’—Mareko 6:3.

Josefa le Marea ba ruta bana ba bone ka Modimo

Selo sa botlhokwa thata mo lelapeng la ga Josefa ke go direla Jehofa. Josefa le Marea ba ikobela taelo ya Modimo ya gore ba rute bana ba bone ka Modimo ‘fa ba le mo ntlong le fa ba tsamaya mo tseleng le fa ba rapama le fa ba tsoga.’ (Duteronome 6:6-9) Go na le sinagoge kwa Nasaretha. Ga go pelaelo gore Josefa o tsamaya le ba lelapa la gagwe ka metlha gore ba ye go obamela koo. Moragonyana Baebele e ne ya re Jesu o ne a ya kwa sinagogeng ka gonne ‘o ne a tlwaetse go dira jalo ka letsatsi la Sabata.’ (Luke 4:16) Gape lelapa leno le itumelela go ya kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema ka metlha.

  • Jesu o na le bomonnawe ba le kae?

  • Jesu o ithuta go dira tiro efe, mme ke eng fa a e dira?

  • Josefa o naya ba lelapa la gagwe thuto efe ya botlhokwa thata?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela