LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 29
  • Go Dira Ditiro tse di Molemo ka Sabata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Ditiro tse di Molemo ka Sabata
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Siame Gore Motho a Dire Ditiro Tse di Molemo ka Letsatsi la Sabata?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “Tsamaya O ye Go Tlhapa mo Mogobeng wa Siloame”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 29

Kgaolo 29

Go Dira Ditiro tse di Molemo ka Sabata

KE DIKGAKOLOGO tsa 31 C.E. Go setse go fetile dikgwedi di le mmalwa fa esale Jesu a ne a bua le mosadi kwa sedibeng mo Samaria fa a ne a le mo tseleng go tswa kwa Judea go ya Galilea.

Jaanong, morago ga go ruta ka bophara go kgabaganya Galilea, Jesu o ya Judea gape, koo o rutang gone mo matlung a thuto. Ka go farologana le selekanyo se segolwane seo Bibela e tlhalosang kaga bodihedi jwa ga Jesu jwa kwa Galilea ka sone, e bolela go le go nnye fela ka tiro ya gagwe kwa Judea mo nakong ya leeto leno le mo dikgweding tseo a di nnileng fano morago ga Tlolaganyo e e fetileng. Kwantle ga pelaelo bodihedi jwa gagwe ga bo a ka jwa amogelwa sentle mo Judea jaaka go ne go ntse kwa Galilea.

Ka bonakonyana fela Jesu o mo tseleng go ya motseng o mogolo wa Judea, eleng Jerusalema, go ya Tlolaganyong ya 31 C.E. Fano, gaufi le Kgoro ya motse ya Dinku, go na le lekadiba le le bidiwang Betheseda, moo balwetsi ba le bantsi, difofu, le batlhotsi ba tlang gone. Ba dumela gore batho ba ka fodisiwa ka go tsena mo metsing a lekadiba leno fa a kgoberwa.

Ke Sabata, mme Jesu o bona monna mongwe fa lekadibeng yo o nang le dingwaga di le 38 a ntse a lwala. Ereka a lemoga gore monna yono o na le lobaka lo loleele a ntse a lwala, Jesu o botsa a re: “A u rata go hōla?”

O araba Jesu ka go re, “Morèna, ga ke na motho opè eo ea reñ metse a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeñ: me ea tle e re ke sa nntse ke tla, moñwe a hologèle pele ga me.”

Jesu o mo raya a re: “Namologa, u tseè bolaō yoa gago, u tsa[m]aeè.” Fa a sena go rialo monna yono ka bofefo fela o a fola, o tsaya bolao jwa gagwe, mme o simolola go tsamaya!

Mme fa Bajuda ba bona monna yono, ba re: “Go sabata, ga goa lètlèlèlwa, go re, u ka tsaea bolaō yoa gago.”

Monna a ba araba a re: “Eo o mphodisitseñ ke èna eo u ntheileñ, a re, Tsaea bolaō yoa gago, u tsamaeè.”

Ba mmotsa ba re: “E mañ monna eo o gu reileñ, a re, Tsaea bolaō yoa gago, u tsamaeè?” Jesu o ne a ngwangwaetse ka ntlha ya bontsi jwa batho, mme motho yo o neng a fodisitswe o ne a sa itse leina la ga Jesu. Lefa go ntse jalo, moragonyana, Jesu le monna yoo ba kopana mo tempeleng, mme monna a lemoga gore ke mang yo o mo fodisitseng.

Jalo monna yo o fodisitsweng o kopana le Bajuda go ba bolelela gore ke Jesu yo o mo fodisitseng. Fa ba utlwa seno, Bajuda ba ya kwa go Jesu. Ba ela eng? A ke go utlwa gore o kgona go dira dilo tse di gakgamatsang jaana ka thata efe? Nnyaa. Me ke go ya go mmona molato ka ntlha ya gore o dira dilo tse di molemo tseno ka Sabata. Mme ba simolola le eleng go mmogisa! Luke 4:44; Yohane 5:1-16.

▪ E ka ne e le lobaka lo lo kanakang fa esale Jesu a etela Judea labofelo?

▪ Ke ka ntlhayang fa lekadiba la Betheseda le ne le tumile jaana?

▪ Ke kgakgamatso efe eo Jesu a e dirileng kwa lekadibeng, mme Bajuda ba ne ba itshwara jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela