LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 29 ts. 72-ts. 73 ser. 8
  • A go Siame Gore Motho a Dire Ditiro Tse di Molemo ka Letsatsi la Sabata?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Siame Gore Motho a Dire Ditiro Tse di Molemo ka Letsatsi la Sabata?
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Ditiro tse di Molemo ka Sabata
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “Tsamaya O ye Go Tlhapa mo Mogobeng wa Siloame”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 29 ts. 72-ts. 73 ser. 8
Jesu o bua le monna yo o lwalang kwa mogobeng wa Bethesatha

KGAOLO 29

A Go Siame Gore Motho A Dire Ditiro Tse Di Molemo Ka Letsatsi La Sabata?

JOHANE 5:1-16

  • JESU O RERA MO JUDEA

  • O FODISA MONNA YO O LWALANG KWA MOGOBENG

Jesu o dirile dilo tse dikgolo mo Galalea. Le fa go ntse jalo, fa a re “Ke tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le kwa metseng e mengwe,” o bontsha gore ga a a tlela go dira ditiro tse dikgolo mo Galalea fela. Ka jalo, o tswelela “a rera mo disinagogeng tsa Judea.” (Luke 4:43, 44) Seno se a utlwala ka gonne gone jaanong ke paka ya dikgakologo e bile go tloga go tshwarwa moletlo kwa Jerusalema.

Le fa gone Jesu a ile a dira ditiro tse dikgolo fa a ne a rera kwa Galalea, Diefangele ga di bue go le kalo ka tiro e a neng a e dira kwa Judea. Batho ba le bantsi mo motseng ono ga ba kgatlhegele molaetsa wa ga Jesu, le fa go ntse jalo, Jesu ga a emise go rerela batho ba bangwe le go ba direla dilo tse di molemo.

Jesu o tloga a ya kwa Judea kwa motseng wa Jerusalema, go ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo ya 31 C.E. Go a tlhanasela gaufi le Kgoro ya Dinku, ka gonne go na le mogobe o o bidiwang Bethesatha. Batho ba bantsi ba ba lwalang, ba ba foufetseng le ba ba tlhotsang, ba tla mo mogobeng ono. Goreng ba tla fano? Ka gonne batho ba dumela gore ba ka kgona go fola fa ba ka tsenngwa mo mogobeng ono fa metsi a fuduega.

Ke letsatsi la Sabata, Jesu o bona monna mongwe a ntse fa thoko ga mogobe; monna yono o na le dingwaga di le 38 a lwala. Jesu o mmotsa a re: “A o batla go fola?” Monna yono o mo araba a re: “Rra, ga ke na motho yo o ka ntsenyang mo mogobeng fa metsi a fuduega, mme fa ke sa ntse ke re ke a ya, motho yo mongwe o tsena pele ga me.”—Johane 5:6, 7.

Jesu o bua sengwe se se ka tswang se gakgamatsa monna yono le ba ba mo reeditseng. A re: “Ema! tsaya mmêtshê wa gago mme o tsamaye.” (Johane 5:8) Ka yone nako eo o ema ka dinao. O fodile, mme o tsaya mmêtshê wa gagwe a bo a tsamaya!

Bajuda ba bua le monna yo Jesu a mo fodisitseng

Go na le gore Bajuda ba itumelele kgakgamatso eno, ba raya monna yono ba re: “Ke Sabata, mme ga go ka fa molaong gore o kuke mmêtshê.” Monna yono o ba araba a re: “Ene yo o neng a mphodisa o ntheile a re, ‘Tsaya mmêtshê wa gago o tsamaye.’” (Johane 5:10, 11) Bajuda bano ba kgala motho yo o fodisitseng monna yono ka letsatsi la Sabata.

Ba mmotsa ba re: “Motho yoo ke mang yo o go reileng a re, ‘O tseye mme o tsamaye’?” Goreng ba mmotsa jalo? Ka gonne Jesu “o ne a tsene mo gare ga batho,” mme monna yono ga a itse leina la ga Jesu. (Johane 5:12, 13) O tla tloga a kopana le Jesu gape. Moragonyana o kopana le Jesu mo tempeleng, a bo a utlwa gore ke ene a mo fodisitseng kwa mogobeng.

Monna yo o fodisitsweng o kopana le Bajuda ba ba neng ba mmoditse gore o fodisitswe ke mang. O ba bolelela gore ke Jesu. Fa Bajuda ba utlwa seno ba ya kwa go Jesu. A ba ya kwa go ene go ya go mmotsa gore o tsaya kae maatla a go dira dikgakgamatso tseno? Nnyaa. Ba ya go mo tshwaya phoso ka gonne a dira dilo tse di molemo ka letsatsi la Sabata. Tota e bile ba simolola go mmogisa!

  • Goreng Jesu a ya kwa Judea, mme o sa ntse a dira eng?

  • Goreng batho ba ya kwa mogobeng o o bidiwang Bethesatha?

  • Jesu o dira kgakgamatso efe kwa mogobeng, mme Bajuda ba ikutlwa jang ka seo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela