LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 36
  • Tumelo e Kgolo ya Molaodi wa Masole

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo e Kgolo ya Molaodi wa Masole
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modiredi wa Masole o Bontsha Tumelo e Kgolo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A Tumelo ya Gago e go Tlhotlheletsa Gore o Dire Sengwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2010
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 36

Kgaolo 36

Tumelo e Kgolo ya Molaodi wa Masole

JESU o fitlhile mo e ka nnang bogare jwa bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa, fa a rera Thero ya gagwe ya mo Thabeng. Seno se raya gore o saletswe ke mo e ka nnang ngwaga le dikgwedi di robabongwe fela gore a fetse tiro ya gagwe mo lefatsheng.

Jaanong Jesu o tsena mo motseng wa Kaperenama, oo go bonalang e le boremelelo jwa ditiro tsa gagwe. Fano bagolwane ba Bajuda ba mo kopa sengwe. Ba romilwe ke molaodi wa masole a Roma wa Moditšhaba, monna wa lotso lo e seng lwa Bajuda.

Motlhanka wa molaodi yono wa masole yo o rategang thata o lwala thatathata mo a leng gaufi le go swa, mme o batla gore Jesu a fodise motlhanka wa gagwe. Bajuda ba rapelela molaodi wa masole mo go ene ka tlhoafalo ba re: “Ke motho eo o chwanetseñ ha u ka mo dihèla yalo,” ba rialo, “Gonne o rata morahe oa rona, e bile èna ka esi o re agetse ntlo ea thutō.”

Kwantle ga go okaoka, Jesu o tsamaya le banna bao. Lefa go ntse jalo, fa ba le gaufi, molaodi wa masole o roma ditsala tsa gagwe gore di re: “Morèna, u se ka ua itapisa; ka go bo ga kea chwanèla ha u ka tsèna kwano tlhatse ga ditlhomeshō tsa me: Ke gōna ke ikaileñ le gōna ha ke sa chwanèla go ea koñ go wèna.”

A bo seno e le mafoko a boikokobetso a molaodi wa masole yo kafa mekgweng o tlwaetseng go laola batho ba bangwe! Mme gongwe o tshwanetse a bo a akanya ka Jesu, a lemoga gore ngwao e iletsa Mojuda go tsalana le ba eseng Bajuda. Fela jaaka Petere a ne a re: “Le lona ka losi loa itse yaka e le mo go sa letlèlèlèlwañ motho eo e leñ Moyuda ha a ka ikōpanya le moñwe oa morahe o sele.”

Gongwe ka go bo molaodi wa masole a ne a sa batle gore Jesu a tsene mo mathateng ka ntlha ya go tlola ngwao eno, o laela ditsala tsa gagwe go mo kopa ba re: “Bua lehoko hèla, me motlhanka oa me o tla hodisiwa. Gonne le nna ke monna eo ke beilweñ mo taoloñ, ke bile ke na le batlhabani ba mo taoloñ ea me: me ke rèe moñwe, ke re, Tsamaea, me a tsamaee; ke rèe eo moñwe, ke re, Ntlo, me a tle; le motlhanka oa me, Diha se, me a se dihe.”

Ebu, fa Jesu a utlwa seno, o kgatlhega fela thata. “Kea lo raea,” a rialo, “Ga ke e se nke ke bone tumèlō e kgolo yana, Nya, leha e le mo Iseraela.” Morago ga fa Jesu a sena go fodisa motlhanka wa molaodi wa masole, o sola sebaka molemo go bolela ka moo batho ba e seng Bajuda ba tla newang masego ao a latlhilweng ke Bajuda ba ba senang tumelo ka gone.

“Batho ba le bantsi,” Jesu a rialo, “ba tla cwa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, me ba tla dula le Aberahame, le Isake, le Yakobe, mo bogosiñ yoa legodimo: Me bana ba bogosi ba tla lèlèkèlwa kwa lehihiñ ye le kwa ntlè: go tla nna selelō le go huranya mènō gōna.”

‘Bana ba bogosi ba ba tla kobelwang kwa ntle kwa lefifing le lentsho’ ke Bajuda ba tlholego ba ba sa amogeleng tshono ya go busa le Keresete e e ileng ya neelwa bone pele. Aberahame, Isake, le Jakobe ba emela thulaganyo ya Bogosi jwa Modimo. Ka gone Jesu o bolela ka moo Baditšhaba ba tla amogelwang mo tafoleng ya bolegodimo, jaaka go ka tualo, “mo bogosiñ yoa legodimo.” Luke 7:1-10; Mathaio 8:5-13; Ditihō 10:28.

▪ Ke eng fa Bajuda ba ne ba rapelela molaodi wa masole wa Moditšhaba?

▪ Ke eng se se ka neng se dirile gore molaodi wa masole a bo a ile a kopa gore Jesu a seka a tsena mo ntlong ya gagwe?

▪ Jesu o ne a raya eng ka mafoko a gagwe a bofelo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela