A Tumelo ya Gago e go Tlhotlheletsa Gore o Dire Sengwe?
MODIREDI wa masole o ne a tlhomamisegile gore Jesu a ka kgona go fodisa bolwetse jwa motlhanka wa gagwe jwa go swa ditokololo. Mme gone modiredi yono wa masole ga a ka a laletsa Jesu mo legaeng la gagwe, gongwe e le ka gonne a ne a ikutlwa a sa tshwanelege kgotsa ka gonne e ne e le Moditšhaba. Go na le moo, modiredi yono o ne a romela banna ba ba godileng ba Bajuda gore ba bue le Jesu mme ba re: “Rra, ga ke monna yo o tshwanelwang ke gore wena o tsene kafa tlase ga borulelo jwa me, bua lefoko fela mme motlhanka wa me o tla fola.” Fa Jesu a lemoga gore modiredi wa masole o ne a dumela gore a ka kgona go fodisa le fa a le kgakala, Jesu o ne a raya boidiidi jo bo neng bo mo setse morago a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, ga ke ise ke bone tumelo e kgolo jaana mo go ope mo Iseraele.”—Mathaio 8:5-10; Luke 7:1-10.
Tiragalo eno e ka re thusa gore re tlhome mogopolo mo karolong nngwe ya botlhokwa ya tumelo. Tumelo ya boammaaruri ga e a ikemela ka nosi; e tshwanetse go tshegediwa ka ditiro. Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o ne a bolela jaana: “Tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule.” (Jakobe 2:17) Re tla kgona go tlhaloganya seno botoka fa re sekaseka sekai sa mmatota sa se se ka diregang fa tumelo ya rona e koafala.
Ka 1513 B.C.E., setšhaba sa Iseraele se ne sa golaganngwa le Jehofa Modimo ka kgolagano ya Molao. E re ka Moshe e ne e le motsereganyi wa kgolagano eo, o ne a fetisetsa lefoko la Modimo kwa go bomorwa Iseraele a re: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna . . . setšhaba se se boitshepo.” (Ekesodo 19:3-6) Ee, e le gore setšhaba sa Iseraele se nne se ntse se le boitshepo, go ne go ikaegile ka gore ba nne kutlo.
Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Bajuda ba ne ba simolola go gatelela thata botlhokwa jwa go ithuta ka Molao go na le go diragatsa melaometheo ya one. Mo bukeng ya gagwe ya The Life and Times of Jesus the Messiah, Alfred Edersheim o ne a kwala jaana: “[Borabi]—‘baeteledipele ba bagolo ba bodumedi’ ba ne ba sa bolo go swetsa ka gore go ithuta go ne go le botlhokwa thata go feta ditiro.”
Gone ke boammaaruri gore, Baiseraele ba bogologolo ba ne ba laetswe gore ba ithute ka tlhoafalo dilo tse Modimo a di tlhokang mo go bone. Modimo ka boene o ne a re: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:6, 7) Mme a go ne go na le nako e ka yone Jehofa a kileng a re go ithuta Molao go nne botlhokwa thata go feta go dira tumalanong le one kgotsa go dira se o se bolelang? Mma re boneng.
Go o Ithuta go Feta Selekanyo
Baiseraele ba ka tswa ba ne ba bona go utlwala gore ba gatelele thata kgang ya gore go ithuta Molao go ne go le botlhokwa thata ka gonne go ya ka ngwao nngwe ya Sejuda, go ne go dumelwa gore Modimo ka boene o ne a fetsa diura di le tharo letsatsi le letsatsi a ithuta Molao. Ka ntlha ya seno, re kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Bajuda bangwe ba ne ba ka nna ba re, ‘Fa e le gore Modimo o ithuta Molao ka dinako tsotlhe, a ga go utlwale gore dibopiwa tsa gagwe tsa mo lefatsheng le tsone di tshwarege thata ka go o ithuta?’
Ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., go tshwarega thata ga borabi ka go sekaseka le go tlhalosa Molao go ne go setse go sokamisitse tsela ya bone ya go akanya ka mo go feletseng. Jesu o ne a re: “Bakwadi le Bafarasai ba a bua mme ba bo ba sa dire. Ba bofa merwalo e e boima ba bo ba e pega mo magetleng a batho, mme bone ka bobone ga ba rate le go e sutisa ka monwana wa bone.” (Mathaio 23:2-4) Baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba imetsa batho fela ba ba tlwaelegileng ka melao le ditaelo tse dintsintsi, mme e re ka bone ka bobone e le baitimokanyi ba ne ba bona ditsela tse di neng di ka dira gore bone ba se ka ba boloka melao eo. Mo godimo ga moo, banna bano ba ba neng ba tlhomile mogopolo mo go ithuteng ka mo go tseneletseng ba ne ba “itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.”—Mathaio 23:16-24.
A bo e ne e le boitimokanyi jang ne gore fa bakwadi le Bafarasai ba ne ba batla go bontsha kafa ba siameng ka gone, ba ne ba feleletsa ba tlotse one Molao o ba neng ba bolela gore ba a o boloka! Dikganetsano tsa mafoko le tsa dikgannyana tse di sa reng sepe tse di kaga Molao tse ba nnileng le tsone mo makgolokgolong a dingwaga ga di a dira gore ba atamalane le Modimo. Ditlamorago tsa gone di ne di tshwana le go fapoga mo go bakiwang ke se moaposetoloi Paulo a se bitsang “dipuo tse di se nang mosola,” “dikganetso” le “kitso” e e seng yone. (1 Timotheo 6:20, 21) Le fa go ntse jalo, bothata jo bongwe jo bo masisi e ne e le matswela a a sa siamang a patlisiso eo e e sa feleng e nnileng le one mo go bone. Ga ba a ka ba felela ba na le mofuta wa tumelo o o neng o tla ba tlhotlheletsa gore ba dire ditiro tse di siameng.
Batho ba ba Nang le Kitso Mme ba Sena Tumelo
Eleruri tsela e baeteledipele ba bodumedi ba Sejuda ba neng ba akanya ka yone e ne e farologane thata le e Modimo a akanyang ka yone! Pelenyana fela ga Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng Moshe o ne a ba raya a re: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a ke a buang le lona ke lo tlhagisa gompieno, gore lo tle lo laele bomorwaalona gore ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao ono.” (Duteronome 32:46) Ka jalo ga go pelaelo gore batho ba Modimo ba ne ba sa tshwanela go nna fela baithuti ba Molao mme ba ne ba tshwanetse go nna badiri ba one.
Le fa go ntse jalo, gangwe le gape setšhaba sa Iseraele se ne se bontsha go se ikanyege mo go Jehofa. Go na le go dira mofuta wa ditiro tse di siameng, bomorwa Iseraele ga ba a ka ba “supa tumelo mo go ene le fa e le go reetsa lentswe la gagwe.” (Duteronome 9:23; Baatlhodi 2:15, 16; 2 Ditiragalo 24:18, 19; Jeremia 25:4-7) Kgabagare, Bajuda ba ne ba dira tiro ya go se ikanyege go di feta tsotlhe fa ba ne ba ganela gore Jesu ke Mesia. (Johane 19:14-16) Mme ka ntlha ya seo, Jehofa Modimo o ne a latlha Baiseraele mme a isa tlhokomelo ya gagwe kwa bathong ba ditšhaba.—Ditiro 13:46.
Ruri le rona re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra wela mo seraing se se tshwanang—re akanya gore re ka obamela Modimo ka megopolo e e tletseng kitso mme re se na tumelo. Ka mantswe a mangwe, re ka re go ithuta ga rona Baebele e tshwanetse go nna selo se se fetang fela go oketsa kitso ya rona. Kitso e e tlhomameng e tshwanetse go fitlhelela dipelo tsa rona e le gore e kgone go ama matshelo a rona ka tsela e e tla re solegelang molemo. A tota go a utlwala gore motho a ithute tsela ya go jala merogo mme le ka motlha a se kitla a jala? Gone o ka kgona go nna le kitso e e rileng ya go jala le go tlhokomela tshingwana mme ga o ka ke wa roba sepe fa o sa e dirise! Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba ithutang mo Baebeleng gore Modimo o batla eng ba tshwanetse go letla peo ya boammaaruri gore e fitlhelele dipelo tsa bone e le gore peo eo e kgone go tlhoga le go ba tlhotlheletsa gore ba dire sengwe.—Mathaio 13:3-9, 19-23.
“Nnang Badiri ba Lefoko”
Moaposetoloi o ne a re “tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) Mokgwa o ditiragalo tseno di diragalang ka one, go tloga ka nako ya fa re utlwa Lefoko la Modimo go fitlha fa re supa tumelo mo go Morwawe e bong Jesu Keresete, di dira gore re siamele go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ee, go tlhokega sengwe sa botlhokwa go na le fela gore re re, ‘Ke dumela mo Modimong le mo go Keresete.’
Jesu o ne a kgothatsa balatedi ba gagwe gore ba nne le tumelo e e tla ba tlhotlheletsang gore ba dire sengwe: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me.” (Johane 15:8) Moragonyana ga foo, morwarraagwe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe o ne a kwala jaana: “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.” (Jakobe 1:22) Ka jalo re ka itse jang gore re tshwanetse go dira eng? Jesu o ne a re bontsha ka tsela e a neng a bua ka yone le e a neng a dira ka yone gore ke eng se re tlhokang go se dira gore re kgone go kgatlha Modimo.
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira ka thata go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi le go galaletsa leina la ga Rraagwe. (Johane 17:4-8) O ne a dira seo ka tsela efe? Batho ba le bantsi ba ka gakologelwa dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira ka go fodisa ba ba lwalang le ba ba golafetseng. Mme Efangele ya ga Mathaio e re tlhalosetsa sentle tsela ya botlhokwatlhokwa e a neng a dira seo ka yone: “Jesu a bolola a etela metse yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi.” Ela tlhoko gore Jesu o ne a sa bue fela fa a bona nako le ditsala di le mmalwa le batho ba a ba tlwaetseng kgotsa le ba a neng a kopana le bone mo motseng. O ne a dira ka natla a dira sotlhe fela se a neng a ka se kgona gore a etele batho “mo Galalea yotlhe.”—Mathaio 4:23, 24; 9:35.
Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore le bone ba nne le seabe mo tirong ya go dira barutwa. Ruri o ne a ba tlhometse sekao se se molemo se ba neng ba ka se etsa. (1 Petere 2:21) Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.
Gone ke boammaaruri gore go nna le seabe mo tirong ya go rera ke tiro e e gwetlhang tota. Jesu ka boene o ne a re: “Bonang! Ke lo roma jaaka dikwanyana mo gare ga diphiri.” (Luke 10:3) Ka tlholego fela, fa re ganediwa re ikgogela morago gore re se ka ra utlwisiwa botlhoko go sa tlhokege. Seo ke sone se se neng sa direga mo bosigong jo Jesu a neng a golegwa ka jone. Baaposetoloi ba ne ba sia fa ba sena go fenngwa ke poifo. Moragonyana mo go jone bosigo joo, Petere o ne a itatola Jesu makgetlo a le mararo.—Mathaio 26:56, 69-75.
Mo godimo ga moo, o tla gakgamala go utlwa gore moaposetoloi Paulo o ne a re le ene o ne a kgaratlha gore a kgone go rera dikgang tse di molemo. O ne a kwalela phuthego ya Thesalonika jaana: ‘Re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.’—1 Bathesalonika 2:1, 2.
Paulo le baaposetoloi ka ene ba ne ba kgona go fenya poifo le fa e ka nna efe e ba neng ba na le yone ya go bua le ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo, ka jalo le wena o ka kgona. Jang? Selo sa botlhokwatlhokwa se o ka se dirang ke go ikaega ka Jehofa. Fa re na le tumelo e e feletseng mo go Jehofa, tumelo eo e tla re tlhotlheletsa gore re dire sengwe mme re tla kgona go dira thato ya gagwe.—Ditiro 4:17-20; 5:18, 27-29.
O Tla Bona Tuelo ya Ditiro Tsa Gago
Jehofa o bona matsapa a re a tsayang gore re kgone go mo direla. Ka sekai, o a itse fa re lwala kana re lapile. O kgona go lemoga gore re a ikobonya. Jehofa o a itse ka dinako tsotlhe fa re tshwenyegile ka ntlha ya mathata a madi kgotsa fa botsogo jwa rona kana maikutlo a rona a re tlhokisa boitumelo.—2 Ditiragalo 16:9; 1 Petere 3:12.
Jehofa o tshwanetse a bo a itumela jang fa tumelo ya rona e re tlhotlheletsa go dira sengwe go sa kgathalesege bosaitekanelang jwa rona kgotsa mathata a mangwe a re nang le one! Maikutlo a bopelotlhomogi a Jehofa a nang le one mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang ga se maikutlo fela a a sa reng sepe—o a bontshitse ka go ba naya tsholofetso. Modimo o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a kwale jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla.”—Bahebera 6:10.
O ka ikanya tsela e Baebele e tlhalosang Jehofa ka yone fa e re ke “Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene,” le fa e re ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Duteronome 32:4; Bahebera 11:6) Ka sekai, mosadi mongwe wa kwa California kwa U.S.A., o gakologelwa jaana: “Rre e ne e le modiredi wa nako e e tletseng ka dingwaga di le lesome pele a nna le lelapa. Ke ne ke kgatlhwa ke fa a ntlotlela maitemogelo a gagwe a kafa Jehofa a neng a mo tlamela ka gone mo bodireding. Gantsi o ne a dirisa madi a bofelo a a neng a na le one go reka lookwane gore a kgone go ya tshimong. Fa a tswa tshimong, gantsi o ne a fitlhela dijo di beilwe mo kgorong.”
Mo godimo ga go re thusa ka dilo tse re di tlhokang, “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe” o re nonotsha mo maikutlong le mo semoyeng. (2 Bakorintha 1:3) Mosupi mongwe yo o neng a itshokela diteko di le dintsi ka dingwagangwaga o ne a re, “Go ikaega ka Jehofa go dira gore o ikutlwe o kgotsofetse. Go go naya tshono ya gore o ikanye Jehofa mme o bone kafa a tla go thusang ka gone.” O ka atamela “Moutlwi wa thapelo” ka boikobo o tlhomamisegile gore o tla go thusa ka mathata a o nang le one.—Pesalema 65:2.
Badiri ba thobo ba semoya ba nna le ditshegofatso le maduo a le mantsi. (Mathaio 9:37, 38) Go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa go dirile gore bontsi jwa bone ba solegelwe molemo mo boitekanelong, mme le wena o ka bona melemo e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa le go feta ke gore go neela ba bangwe bosupi go re thusa go nonotsha kamano e e molemo e re nang le yone le Modimo.—Jakobe 2:23.
Nna o Dire Molemo
Tota go tla bo go le phoso gore mongwe wa batlhanka ba Modimo a swetse ka gore Jehofa o swabisiwa ke fa ka tsela nngwe bolwetse kana botsofe bo mo thibela go dira gotlhe mo a neng a ka rata go go dira mo bodireding. Go ntse fela jalo le ka ba ba sa kgoneng ka ntlha ya botsogo jo bo sa itekanelang, maikarabelo a lelapa kana maemo a mangwe.
Gakologelwa gore fa moaposetoloi Paulo a ne a ikutlwa a koafadiwa ke bolwetse kana sekgoreletsi se a neng a na le sone o ne a ‘rapela Morena gararo ka seno gore se tloge’ mo go ene. Go na le gore Jehofa a fodise Paulo gore a kgone go mo direla ka tsela e e oketsegileng, Modimo o ne a re: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” (2 Bakorintha 12:7-10) Ka jalo, go sa kgathalesege maemo le fa e ka nna afe a a thata a o ka tswang o itshoketse one, o ka tlhomamisega gore Rraago yo o kwa legodimong o anaanela maiteko otlhe a o a dirang go tswelela o dira ditiro tse a batlang o di dira.—Bahebera 13:15, 16.
Mmopi wa rona yo o lorato ga a tlhoke gore re dire go feta kafa re ka kgonang ka gone. O ipatlela fela gore re nne le mofuta wa tumelo e e ka re tlhotlheletsang go dira sengwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
A go ithuta Molao fela go ne go lekane?
[Ditshwantsho mo go tsebe 29]
Tumelo ya rona e tshwanetse go tshegediwa ke ditiro